LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 9/1 ts. 7-10
  • Go Ikimolola Mokgweleo wa Tirisa-badimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ikimolola Mokgweleo wa Tirisa-badimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botshelo Jwa Me Jwa Pele
  • Bokopano jwa Ntlha
  • Ditlhaselo tse di Nonofileng
  • Go Senka Kalafi
  • “Se ke Bokhutlo jwa Gago”
  • Go Kgaratlha ga Bofelo
  • Jaaka Kago ya Phemelo
  • Go Tsaya Boemo Jwa Me
  • Go Tswa Bohutsaneng go ya Boitumelong
  • Sengwe Seo Se Leng Maswe Thata go Phala AIDS
    Tsogang!—1990
  • Ke Lebogela Tshegetso ya ga Jehofa ya Ka Metlha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Ikgolola mo Tlhotlheletsong ya Badimona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Go Tshegediwa ke ‘Nonofo e e Bogolo Thata’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 9/1 ts. 7-10

Go Ikimolola Mokgweleo wa Tirisa-badimo

BOSULA bo ne jwa wela lelapa la rona fa ke ne ke le mosetsanyana wa dingwaga tse 14. Ka nako eo, mmolai mongwe yo o setlhogo o ne a simolola go fedisa losika lwa rona. Babolaiwa ba ntlha ba gagwe e ne ya nna bana ba ga nkgonne wa mosadi​—botlhe ka boroba-bongwe jwa bone. Go tswa foo o ne a bolaya monna wa gagwe. Ka bofefo moragonyana fela, o ne a bolaya mongwe wa bonnake ba basetsana. Bokgaitsadiake ba bangwe ba le bane le bonnake ba basetsana ba ne ba latela, go fitlhela go sala nna le mmè fela. Ke ne ke tshogile tota!

Mo dingwageng tse di neng tsa latela, ke ne ke e ja, ke bereka, le go robala ke le mo poifong tsatsi le letsatsi. Ke ne ka ipotsa jaana: ‘O tla tlhasela leng? Mme ke mang yo o tla bolaiwang​—mmè kana nna?’

Botshelo Jwa Me Jwa Pele

Go go thusa go tlhaloganya se se neng sa diragala moragonyana, e re ke go bolelele ka bonnyennyane jwa me. Ka 1917, ke ne ka tsalwa jaaka leloko la lotso lwa Paramaccaner lwa Maamerika a Mantsho a Naga mo setlhaketlhakeng sengwe mo Nokeng ya Maroni kwa Suriname. Borremogologolwane e ne e le ba-den lowenengre, kana makgoba a a tshabileng, ba ba neng ba tshabela mo sekgweng go tshela botshelo jo bo bokete mme ba gololesegile. Legale, e ne e le botshelo jo bo gololesegileng mo bokgobeng jwa batho mme bo sa gololesega mo badimoneng.

Botshelo jwa letsatsi le letsatsi mo motseng wa rona bo ne bo laolwa ke badimona le kobamelo ya bagologolwane Go lowa ba bangwe le go tlisetsa bangwe-ka-bone bolwetsi le loso, bangwe ba ne ba dirisa wisi, molemo wa Setswana, kana ba dirisa thuso ya koenoe (e e bidiwang go twe kuu nuu), motshwenyi. Go ne go dumelwa go re batshwenyi bano e ne e le batho bao ba neng ba sotliwa ke leloko lengwe la lelapa. Morago ga loso lwa bone, go ne go twe ba boela kwa lapeng go ipusolosetsa Lefa go ntse jalo, tota batshwenyi bano ke badimona ba ba bosula ba ba dirang gore batho ba ba obamele ka kgang.

Jaaka leloko la Evangelical Brother Community, e leng kereke ya Porosetanta, ke ne ka ithuta sengwe gape kaga Modimo. Lemororo ke ne ke le mo lefifing kaga go mo obamela, sekgwa se se kitlanyeng se se ntikologileng e ne e le bosupi jo bontsi jwa gore ke Motlamedi yo o molemo. ‘Ke batla go obamela Modimo o o molemo eseng moya o o bosula o o bogisang,’ ke ne ka akanya jalo. Ke ne ke itse gore batshwenyi bano ba ipelela go bogisa batho ba ba sa ikaelelang go ba obamela go fitlhela losong.

Akanya ka mo ke ileng ka utlwa botlhoko ka teng go lemoga gore baba ba lapa la rona ba ne ba re romeletse koenoe. Ke ne ke na le dingwaga di le 14 fa a simolola tiro ya gagwe e e bolayang. Dingwaga di le masome a mabedi le borataro moragonyana, go ne go setse mmè le nna fela.

Bokopano jwa Ntlha

Mmè e ne e le modiri yo o senatla. Letsatsi lengwe, fa a ya kwa masimong a gagwe, o ne a itewa ke sengwe a ba a wela fa fatshe mme a palelwa ke go tsoga. Koenoe o ne a ikgethetse mmè. Botsogo jwa gagwe bo ne jwa koafala mme o ne a swa mohama. O ne a tlhoka thuso​—thuso ya me. Me ke ne ka iphitlhela ke le fa gare ga go rata mmè le go boifa ledimona le le neng le le mo go ene. Lefa go ntse jalo, mo ditlhaselong tsa koenoe, mmè yo o tlhomolang pelo o ne a lela ka go utlwa botlhoko mo e leng gore ke ne ka palelwa ke go go itshokela mme ka baya tlhogo ya gagwe mo diropeng tsa me go mo gomotsa. O ne a gomotsega, mme ke ne ka utlwa “mabogo” a gatelela mmele wa me.

Fa ke ne ke batla go sia, mmè o ne a lela gape. Ka gone ka ntlha ya gagwe ke ne ka nna mme ka itshokela go kopana ga me ga ntlha mo go boifisang le mmolai yono. Ke ne ke na le dingwaga di le 40.

Ditlhaselo tse di Nonofileng

Mmè o ne a swa. Malatsi a le mararo fela moragonyana, ke ne ka utlwa lentswe lengwe le le bonolo le re: “Lintina, Lintina, a ga o nkutlwe? Ke a go bitsa.” Eo e ne e le tshimologo ya bohutsana jo bogolo mo eleng gore ke ne ka eletsa go swa ka bofefo.

Lantlha ledimona le ne le ntshwenya fela fa ke ya go robala. Fa ke santse ke otsela, lentswe le ne le ntsosa, le bua ka mafelo a diphuphu le loso. Go latlhegelwa ke boroko go ne ga nkoafatsa, lemororo ke ne ka tswelela go tlhokomela bana ba me.

Moragonyana ledimona le ne la oketsa ditlhaselo tsa lona. Ka dinako di le mmalwa ke ne ke ikutlwa jaaka ekete o ne a nkgama. Lemororo ke ile ka leka go sia, ke ne ke ka seke ka ntlha ya gore morwalo o o bokete o ne o utlwala o gatelela mmele wa me. Ke ne ke batla go gowa mme ke ne ke ka seke ke kgone go ntsha lentswe. Mme lefa go le jalo, ke ne ka gana go obamela montlhasedi.

Fa ke tokafala mo tlhaselong nngwe le nngwe, ke ne ka tswelela go lema, ke lema cassaua le letlhaka la sukiri mme ke di rekisa kwa marekisetsong mo motseng mongwe o monnyennyane o o fa thoko ga lewatle. Go ne ga nna motlhofo go dira botshelo, mme go ne go santse go na le pogisego e kgolo thata kwa pele.

Go Senka Kalafi

Letsatsi lengwe ke ne ka utlwa lentswe le le bolelelang-pele la ledimona le re: “Ke tla dira gore mpa ya gago e tshwane le kgwele.” Moragonyana, go ne ga nna le sengwe se se thata mo mpeng ya me se se neng sa gola go fitlhelela ke lebega ekete ke ithwele. Ka go tshoga thata ke ne ka ipotsa jaana: ‘A Modimo, Mmopi, o ka nthusa go tlosa koenoe eno? A o ka romela moya o o maatla o o molemo go mo koba?’ Go batla go itse kaga seno ke ne ka ya kwa go bonoeman, ngaka ya Setswana.

Ngaka ya ntlha ya Setswana e ne ya nneela tapoes, kana dipheko tse di kobang meya e e maswe, mme ke ne ka sala ke ntse ke budulogile fela. Ka boikaelelo jwa go senka kalafi, ke ne ka etela bo-boenoeman botlhe​—kwantle ga matswela ape. Mo gare ga diketelo tseo, ke ne ka tswelela go lema e le gore ke tle ke bone madi go reka bojalwa, mofine le mofine o mosweu, le diaparo tsa letheka go duela dingaka tsa Setswana. Ka dinako di le dintsi ba ne ba gakolola jaana: “Ikobele koenoe. Mo kope jaaka morena wa gago. Mo obamele mme o tla go tlogela.” Mme ke ne ke ka khubamela jang moya o o mpogisang le o o neng o batla go mpolaya? Ke ne ke ka seke ke dire jalo.

Lefa go ntse jalo, ka go itlhoboga ke ne ka dira sengwe le sengwe se dingaka tsa Setswana di neng di mpolelela gore ke se dire. Mongwe wa bone o ne a nkalafa dikgwedi di le tlhano. O ne a ntlhapisa ka ditlhare mme a gamolela matute a ditlhare tse di farologaneng di le 11 mo matlhong a me​—“go a phepafatsa,” o ne a rialo jaaka ke gowa ke utlwa botlhoko. Mme kwa bokhutlong jwa kalafi eo ke ne ka boela kwa gae ke sena madi, ke sotlegile, ebile ke lwala go gaisa le eleng pele.

“Se ke Bokhutlo jwa Gago”

Mongwe wa bomorwaake, yo o nnang kwa Netherlands, o ne a nthomelela madi gore ke tswelele-pele go batla thuso. Ka gone ke ne ka ya kwa ngakeng nngwe ya melemo mo motseng-mogolo. Morago ga tlhatlhobo, o ne a re: “Ga ke kake ka kgona go go thusa. Tsamaya o ye go bona bonoeman.” Ka gone ke ne ka lekeletsa mongwe yo o dirisang badimo yo o tswang kwa India Botlhaba​—mme gape go ne ga seka ga thusa sepe. Ke ne ka boela kwa gae mme ka felela kwa motseng-mogolo, kwa ke neng ka fitlha kwa ntlong ya mongwe wa bomorwadiake. Ke ne ka heta ka palelwa koo​—ke sena madi ebile ke lwala. Kwantle ga matswela, ke ne ke feditse dingwaga di le 17 e bile ke dirisitse di-guilder tse 15 000 (R16 600) ke batla kalafi. Ke ne ke na le dingwaga di le 57.

Gape, ledimona le ne la tshosetsa jaana: “Ke fetsa ka wena. Seno ke bokhutlo jwa gago.”

“Mme ga o Modimo, ga o Jesu,” ke ne ka gowa jalo.

“Le eleng Modimo o ka seke o nkemise,” ledimona la araba jalo. “Malatsi a gago a badilwe.”

Go Kgaratlha ga Bofelo

Go ne ga feta dibeke di sekae. Meena, mosadi mongwe wa moagelani yo o neng e le modihedi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a botsa morwadiake gore ke tsogile jang mme o ne a re: “Mmaago o ka thusiwa mme eleng ka Bibela fela.” Ka go utlwa puisano eo, ke ne ka ya kwa go bone. Lefa go ntse jalo, pele ga ke fitlha kwa go bone ke ne ka latlhelwa ke sengwe fa fatshe. Meena o ne a tla a itlhaganetse mme a re: “Ledimona leo ga le kitla le go tlogela. Mongwe fela yo o ka go thusang ke Jehofa, eseng ope gape.” Go tswa foo o ne a rapela Jehofa Modimo le nna mme a simolola go nketela. Mme fa a ntse a nketela, ditlhaselo tsa ledimona di ne tsa nna maswe thata. Mo bosigong, mmele wa me o ne o tshikhinyega thata mo eleng gore go ne go sena ope yo o neng a ka robala mo ntlong. Ke ne ka emisa go ja mme ka dinako tse dingwe ke ne ke latlhegelwa ke tlhaloganyo.

Boemo jwa me bo ne jwa nna maswe mo e leng gore bomorwaake ba ne ba tswa kwa teng ga lefatshe go tla go ntsaya go nkisa kwa motseng go ya go swela gone. Ereka ke ne ke le bokoa thata go ka tsamaya, ke ne ka gana. Mme fa ke ne ke utlwa loso le atamela, ke ne ka bitsa Mosupi yoo gore ke mo laele. Meena one a tlhalosa go tswa mo Bibeleng gore le eleng fa ke sule, go ne go santse go na le tsholofelo ya tsogo.

“Tsogo? O raya eng?”

“Modimo o ka go tsosa go tla go tshela mo Paradaiseng,” o ne a araba jalo. A bo e nnile lesedi la tsholofelo jang ne!

Mme mo go jone bosigo joo ledimona le ne la ntshwara. Mo torong, ke ne ke lebega ke bona koenoe a setswe morago ke boidiidi jwa batho. O ne a sotla a re: “O akanya gore o tla bona tsogo.” Mme boidiidi jwa batho bo ne jwa tshega thata. Mme go tswa foo ke ne ka dira sengwe se ke neng ke ise ke ke ke se dire pele. Ke ne ka gowa ka re: “Jehofa! Jehofa!” Seo ke sone se ke neng ke itse go se bua. Mme ledimona le ne la tsamaya!

Bomorwaake ba ne ba tla gape mme ba nkopa jaana: “Mmè, se swele mo toropong. Re lese re go ise kwa motseng wa ga eno.” Ke ne ka gana, ereka ke ne ke batla go ithuta mo go oketsegileng ka ga Jehofa. “Go siame, gongwe ke tla nna ke e swa fela,” ke ne ka ba bolelela jalo, “mme bobotlana ke tla bo ke diretse Mmopi.”

Jaaka Kago ya Phemelo

Meena le Basupi ba bangwe ba ne ba tswelela ka go nketela. Ba ne ba nthuta go rapela Jehofa. Mo gare ga dilo tse dingwe, ba ne ba mpolelela ka kgang e e fa gare ga ga Jehofa le Satane le ka moo Diabolo a neng a tlisetsa Jobe pogo le go mo dira gore a itatole Modimo ka teng. Go ithuta kaga dilo tseno go ne ga nonotsha go tlhatswega pelo ga me go re ke seka ka ba ka obamela ledimona. Basupi bao ba ne ba bala lekwalo le le neng la nna la mma-moratwa mo go nna le le reng: “Leina ya ga Yehofa ke kagō e e godileñ e e thata: mosiami o sianèla mo go eōna, me a bolokège.”​—Diane 18:10.

Ka bonya ka bonya thata ya me e ne ya mpoela. Fa morwaake a ne a bowa, ke ne ka mmolelela gore a eme ka kwantle. Ke ne ka apara mme ka tšhobela bolausu jwa me mo seketeng sa me go bontsha gore go boduloga dimpa go ne go setse go ile. Mme he ka tswela ka kwantle.

“A yo ke mmè Lintina?” Morwaake o ne a gowa jalo.

“Ee, ke nna​—ke leboga Jehofa, Modimo wa me!”

Go Tsaya Boemo Jwa Me

Go tswa fela ka nako eo ke neng ke ka kgona go tsamaya-tsamaya, ke ne ka ya kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Koo ke ne ka amogela kgothatso e ntsi mo ditsaleng mo e leng gore ga ke ise nke ke emise go nna gone mo dipokanong. Dikgwedi di se dintsi moragonyana, ke ne ka tsamaya le Basupi mo tirong ya go rera ya phatlalatsa. Ka bokhutshwane morago ga foo, ke ne ka kolobediwa mme ka nna motlhanka wa ga Jehofa, Mofalotsi wa me yo o lorato. Ke ne ke na le dingwaga di le 58.

Lefa gontse jalo, go ne go santse go tshwanetswe go dirwa sengwe. Dingwaga pelenyana, mo ntlong ya me ya bojang kwa motseng, ke ne ke agile aletare eo ke neng ke isetsa bagologolwane ditlhabelo mo go yone. Gore ke nne phepa semoyeng, ke ne ke tshwanetse go e senya. Ke ne ka kopa thuso mo go Jehofa, ereka kgato ya me e ne e ka tsosa kgaruru mo baaging ba motse. Ke ne ka fitlha kwa ntlong ya me mme ka bula lebati, mongwe o ne a gala a re: “Pingos!” (Dikolobe tsa naga!) Go ne go feta serapa go ralala setlhaketlhake mme tsa itatlhela mo nokeng di thuma go tshelela ka kwa moseja. Ka bofefo, bagolo le bannye ba ne ba tlogela motse go inaakanya le letsomo le le motlhofo leno. Ka go itumela, ke ne ka khubama le go lebogela Jehofa tiragalo eno. Ka bofefo ke ne ka gogela aletara kwantle, ka tshela parafine mo go yone mme ka e tshuba. Aletara e ne ya šha ya ba ya felela pele ga boidiidi bo boa. Legale, ba ne ba lemoga, mme go ne go ka seke go diriwe sepe ka ga yone. Ka gone, ke ne ka boela kwa motse-mogolong ka kagiso ya mogopolo.

Go Tswa Bohutsaneng go ya Boitumelong

Ke ne ka tlelwa ke masego a mantsi. Morwaake kwa Netherlands o ne a sa dumele dipolelo tse a neng a di utlwa kaga me mme o ne a palama sefofane se se yang Suriname go tla go iponela ka matlho. O ne a itumetse thata go mpona ke tsogile sentle mo e leng gore o ne a nthekela ntlo e ntle mo motse-mogolong, kwa ke nnang teng jaanong. A bo ke ile ka itemogelela phetogo e kgolo jang ne​—go tswa mo lekgobeng le le humanegileng la badimona go ya kwa motlhankeng yo o tlhometsweng sentle wa ga Jehofa!

Dingwaga di le lesome le bongwe morago ga ke kolobediwa, ke na le eleng lebaka le legolo la go leboga. Ka go tlhotlhelediwa ke masego a mantsi a ke a amogetseng, bongwanake ba le bararo le mokgwenyana le bone ba ne ba kgatlhegela boammaaruri jwa Bibela mme kwa bofelong ba ne ba neela matshelo a bone go Jehofa Modimo. Mme gangwe le gape, ke ne ka bolela maitemogelo a me kaga bodimona fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba tsamaile le nna kwa dithutong tsa Bibela tse di tlhokang kgothatso ya go intsha mo badimoneng. Ka tsela e e ntseng jalo le eleng dingwaga tse di bosula tseo di ile tsa nna mosola mo tirong ya go rera ya Bogosi.

Ke tlhoka mafoko a a tshwanetseng a go leboga Jehofa, Modimo wa me. Ruri, ke ile ka bona letsogo la gagwe le le maatla mo boemong jwa me. Ruri, Jehofa o ile a nna molemo mo go nna!​—Bapisa Pesalema 18:17-19.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Ka go tswa mo tirisa-badimong, Lintina van Geenen o ne a ithuta gore “Ieina ya ga Yehofa ke kagō e e thata”

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Suriname lefelo le le gaufi le lotshitshi lwa lewatle koo batho ba le bantsi ba leng mo botshwarong jwa tirisa-badimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela