LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 9/1 ts. 4-6
  • Tirisa-badimo—Modimo o e Leba Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tirisa-badimo—Modimo o e Leba Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Laola ka Bola, Letshwenyo, le Loso
  • Tirisa-badimo le “Ditihō tsa Nama”
  • Tirisa-Badimo E Gogela kwa Losong
  • Beetsa Tlhagiso ya ga Isaia
  • Melemo e e Nnetseng Ruri
  • Tirisa-badimo—Ke ka Ntlhayang fa Kgatlhegelo ya Yone e Gola?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ke Eng fa Tirisabadimo e Kgatlhegelwa Thata?
    Tsogang!—2000
  • Ganana Le Masomosomo A Meya E E Boikepo
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Lebaka La go Bo o Tshwanetse go Tila Tirisabadimo
    Tsogang!—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 9/1 ts. 4-6

Tirisa-badimo​—Modimo o e Leba Jang?

“GO RATA le go ila dilo tse di tshwanang, ke sone se se dirang botsala jo bo nonoñleng,” go ne ga rialo ra-hisitori wa Moroma ebong Sallust. Ruri, tsala ke motho yo o tshwanang le wena ka ditsela di le dintsi, motho yo o ka mo ikanyang. Ka mo go tshwanang, Modimo o re leba jaaka ditsala mme o re letlelela go atamela gautshwane le ene fa re rata dilo tse a di ratang le go ila dilo tse a di ilang. Seno se raya gore re gogelwa kwa dinonofong tsa Modimo tse di tshwanang le lorato, kagiso, bonolo, le molemo, le gore re dira maiteko a boammaaruri go etsa dikarolo tseno mo matshelong a rona.​—Bagalatia 5:22, 23.

Go bona gore a tirisa-badimo e amogelwa ke Modimo, sa ntlha, re ka nna ra go tlhokomela maungo a yone. (Mathaio 7:11, 18) A e re thusa go tlhagolela dinonofo tse di ikuelang tsa bomodimo? Gore re bone seno, a re akanyetseng dikao di le pedi tsa mmatota.

Go Laola ka Bola, Letshwenyo, le Loso

Asamaja Amelia, mosadi mongwe mo Suriname wa dingwaga tsa bogare, o ne a na le dingwaga di le 17 fa a ne a kopana la ntlha le tiriso ya ditaola, mofuta mongwe wa tirisabadimo. Ereka dipolelelo-pele tsa gagwe di ne di nna boammaaruri mme ba a neng a ba laola ba solegelwa molemo mo kgakololong ya gagwe, o ne a tlotlwa thata ke batho ba ga bone. (Bapisa Ditihō 16:16.) Mme o ne a tshwenngwa ke selo se le sengwefela.

“Meya e e neng e bua ka nna e ne e le bonolo mo go bao ba neng ba batla thuso,” o ne a rialo, “mme ka nako e e tshwanang e ne e dira gore botshelo jwa me bo sulafale. Morago ga go laola nako le nako, ke ne ke ikutlwa ke iteiwa ebile ke sa kgone go itshikhinya. Fa bosigo bo tla, ke ne ke solofela go ikhutsa, mme meya e ne e sa ntlogele. E ne e tswelela go ntshwenya, e bua le nna mme e ntlhora boroko. Mme dilo tse e neng e di bua!” O a fegelwa a ba a leba fa fatshe, a tshikhinya tlhogo ya gagwe ka kilo. “E rata thata go bua ka tsa dikobo mme e mpateletsa gore e robale le nna. Go ne go hutsafatsa. Ke ne ke nyetswe. Ke ne ke sa batle go sa ikanyege mme ke ne ka e bolelela jalo. Go ne ga seka ga thusa sepe. Gangwefela maatla a a sa bonaleng a ne a mphenya, a ntshwara a ba a ntlapisa, a ba a ntoma. Ke ne ka ikutlwa ke latlhegile.”

‘Meya e kgothaletsa boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong? Seno ga se kake sa ba sa diragala!’ O ka nna wa khutsa jalo. A meya eo e maswe go le kalo?

“E maswe le eleng go feta!” Ga rialo Izaak, yo o umakilweng pelenyana “Bosigo bongwe re ne ra bidiwa go thusa mosadi mongwe yo o neng a tshwenngwa ke moya. Moeteledipele wa setlhopha​—yo o dirisang moya o o maatla bogolo​—o ne a leka go koba moya. Letsatsi lotlhe re ne ra kopa moya wa gagwe go thusa. Re ne re bina le go letsa meropa, mme ka bonya ka bonya mosadi o ne a tokafala. O ne a laela moya wa gagwe go tswa, mme go ne ga nna jalo. ‘Re fentse,’ ga rialo moeteledipele ka boitumelo. Go tswa foo ra nna fatshe le go ikhutsa.”

Mabogo a ga Izaak a a kgarakgatshegang a ema go le gonnye ka boikaelelo. Go tswa foo o tswelela jaana: “Gotlhe go ne go lebega go siame ka lobakanyana, mme ka bofefo selelo se ne sa senya tidimalo. Re ne ra sianela kwa ntlong eo se neng se tswa kwa go yone mme ra fitlhela mosadi wa moeteledipele O ne a lela selelo se se botlhoko. Mo teng ga ntlo, re ne ra fitlhela morwadie yo mmotlana​—tlhogo ya gagwe e lebile kwa morago! Maatla mangwe a ne a mo sokile le go roba molala wa gagwe, a mmolaya jaaka koko​—jaaka go ne go lebega, e le go ipusolosetsa ga moya o o ntshitsweng. Selo se se maswe tota! Meya eo ke babolai ba ba ipedisiwang ke bosetlhogo.”

Tirisa-badimo le “Ditihō tsa Nama”

Bomaswe, boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong, le polao​—jaaka go kopanwe le tsone mo maitemogelong a mabedi ano le tirisabadimo—​ke diphelelo tseo di ganetsanang sentle le botho jwa Modimo. Mme seno se re thusa go lemoga gore meya eo ke bomang. E ka nna ya itira jaaka ekete ke barongwa ba Modimo, mme ditiro tsa yone tse di bosula le tsa polao di ba dira gore e nne baetsi ba mmaba wa Modimo le mmolai wa bogologolo wa ntlha mo hisitoring, Satane Diabolo. (Yohane 8:44) Ke moeteledi-pele wa bone. Ke bathusi ba gagwe​—baengele ba ba bosula, kana badimona.​—Luke 11:15-20.

Mme o ka nna wa botsa: ‘A diphelelo tseno tsa bosatane di bonala mo tirisa-badimong fela ka sewelo? A mme tirisa-badimo jaaka sekaelo e ka nkopanya le meya e e siameng e e tla thusang go nkatametsa gautshwane le Modimo?’ Nnyaa, Bibela e tlhomaganya “boloi” le “ditihō tsa nama” tse dingwe tse di kgatlhanong thata le dinonofo tsa Bokeresete.​—Bagalatia 5:19-21.

Mo go Tshenolō 21:8 “baloi” (“ba ba buisanang le badimo,” The Living Bible) di beiwa nio setlhopheng se le sengwefela le “ba ba sa dumeleñ, le ba ba mashwè le babolai, le bagokahadi . . . le ba ba dihèlañ medimo ea disètwa, le baaki botlhe.” Jehofa o leba batho ba ba akang ka boomo jang, bagokahadi, babolai, le ba ba dirisang tirisa-badimo? O tlhoile ditiro tsa bone!​—Diane 6:16-19.

Ka gone, go inaakanya le tirisa-badimo ke go rata se Jehofa Modimo a se tlhoileng. Go tshwana le go itatola Jehofa, go nna mo letlhakoreng la ga Satane, go ema mmaba yo mogolo wa Modimo le bathusi ba gagwe nokeng. Jaanong akanya ka seno: A o ka atamalana le motho yo o mo letlhakoreng la baba ba gago? Ruri o ka seke o dire jalo. Mo boemong jwa moo, o ka nna kgakala le motho wa go nna jalo. Se se phepafetseng, he, re ka solofela karabelo e e tshwanang mo go Jehofa Modimo. Diane 15:29 ya riana, “Yehofa o kgakala le baikepi.”​—Bona gape le Pesalema 5:4.

Tirisa-Badimo E Gogela kwa Losong

Go itsenya mo tirisa-badimong gape go tshosetsa botshelo. Modimo o ne a go leba go tshwanetswe ke katlholo e kgolo mo bathong ba gagwe ba Iseraele wa bogologolo. (Lefitiko 20:27; Duteronome 18:9-12) Ka gone ga go a tshwanela go re gakgamatsa fa badirisa-badimo “[ba se] ketla ba rua bogosi yoa Modimo.” (Bagalatia 5:20, 21) Mo boemong jwa moo, “kabèlō ea bōnè e tla nna mo bodibeñ yo bo shañ ka molelō le sulefura,” mo go rayang “losho loa bobedi,” kana tshenyo ya bosakhutleng. (Tshenolō 21:8) Ke boammaaruri, gompieno dingwe tsa dikereke tsa La-Bodumedi di ka nna tsa amogela tirisa-badimo, mme pono ya Bibela ga e ya fetoga.

Go tweng fa o setse o tsere dikgato tsa ntlha go tsena mo tirisa-badimong? Ka gone o tla bo o dira sentle go ema ka bofefo le go boela kwa morago. Latela kgakololo e e tlhotlheleditsweng ke Modimo e moperofeti wa Modimo Isaia a neng a e neela Baiseraela ba bogologolo. Seemo sa bone se tshwana le sa batho bao ba gompieno ba ba tsenelelang mo ditirong tse di bosula mme ba akanya gore ba obamela Modimo ka nako e e tshwanang. Ka ntlha ya moo, go na le thuto e e botlhokwa thata mo maitemogelong a bone. Ke thuto efe?

Beetsa Tlhagiso ya ga Isaia

Kgaolo ya ntlha ya Isaia e bontsha gore Baiseraele ba ne ba “latlhile Yehofa” mme ba “boetse kwa moragō.” (Isa 1 Temana ya 4) Lemororo ba ne ba itomolotse, ba ne ba tswelela-pele go isa ditlhabelo, ba tshegetsa meletlo ya bodumedi, le go rapela. Mme e se mo go thusang sepe! Ereka ba ne ba tlhaela keletso ya mo teng ya go itumedisa Mmopi wa bone, Jehofa o ne a re: “Ke tla lo ipipela matlhō; E, e tla re lo diha merapèlō e le mentsi, ga nketla ke utlwa.” Baiseraele bao ba ne ba mo tsogologetse ka go dira ditiro tse di seng phepa, le eleng go ya bokgakaleng jwa ‘go tladika diatla tsa bone ka madi.’​—Isa 1 Ditemana 11-15.

Jehofa o ne a ka ba amogela gape mo maemong afe? Elatlhoko dipatlafalo tse di neng tsa buiwa mo go Isaia 1:16. A re: “Tlhapañ, lo intlahatsè.” Ka gone fa re tsaya kgakololo eo ka masisi, re tla emisa kana re tlogela ditiro tse di seng phepa, go akareletsa tirisa-badimo, nngwe ya “ditihō tsa nama.” Ereka re itse gore mogopolo o o bosula o o e laolang ke wa ga Satane Diabolo, re tla e tlhoa.

Ka gone re tshwanetse go tlosa dilo tsotlhe tse di dirisediwang tirisa-badimo. Izaak o ne a dira jalo. A re: “Letsatsi lengwe ke ne ka phuthela dilo tsotlhe tsa me tsa tirisa-badimo fa pele ga ntlo ya me, ka phamola selepe, ka di rema tsa sala di le manathoganyane. Moagelani wa me o ne a goa a re ke tla ikotlhaela se ke se dirileng. Fa a ntse a goa, ke ne ka tshela parafine mo manathoganyaneng ao mme ka a tshuba otlhe fela. Go ne ga seka ga sala sepe.”

Moo e ne e le dingwaga di le 28 tse di fetileng. A mme Izaak o ne a ikotlhaela tiro ya gagwe? Ga go a ka ga nna jalo. Gompieno, o direla Jehofa ka boitumelo jaaka modihedi wa Mokeresete mo go nngwe ya diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa.

Isaia 1:17 e neela kgakololo e e oketsegileng jaana: “Ithuteñ go diha sentlè.” Seno se batla gore go ithutiwe Lefoko la Modimo, Bibela, e le gore go tle go bonwe “mo e leñ go rata ga Modimo, mo go molemō, le mo go lebosègañ, le mo go itekanetseñ.” (Baroma 12:2) Mme ka go dirisa kitso e ntšha e e bonweng eo go tla isa kwa masegong a a lapolosang. Ke sone seo Asamaja a se boneng.

Go sa kgathalesege kganetso e e setlhogo e e tswang mo go ba losika le baagelani, Asamaja o ne a ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa ka bopelokgale mme moragonyana fela a intsha mo tirisa-badimong. Mme o ne a ineela mo go Jehofa le go kolobediwa mo kopanong nngwe. Jaanong, mo e ka nnang dingwaga di le 12 moragonyana, a riana ka tebogo: “Fa e sale ke kolobediwa, ga ke ise nke ke tshwenngwe ke meya.” Mme o gakologelwa jaana ka monyenyo: “Mo bosigong fa ke sena go kolobediwa, ke ne ka thulamela thata ebile ke sa tshwenngwe ke sepe mo e leng gore ke ne ka tsena morago mo thulaganyong e e latelang ya moso.”

Melemo e e Nnetseng Ruri

Gompieno, ka bobedi Izaak le Asamaja ba ka bua go tswa pelong le mopesalema Asafe jaana: “Me mo go nna go molemō go atamela Modimo.” (Pesalema 73:28) Ka boammaaruri, go atamela Jehofa go ba tliseditse melemo e e bonalang le ya boikutlo. Mme mo godimo ga tsotlhe, go ba neetse kagiso ya mo teng le kamano e e gautshwane le Jehofa.

Masego a a ntseng jalo a feta kgakala botlhoko le kgaratlho e e batlegang go ikimolola mokgweleo wa tirirsa-badimo. Lefa go le jalo, go gololesega e ka nna selo se se molemo thata. Lintina van Geenen, mosadi mongwe mo Suriname, o ne a nna le boitemogelo joo. Jaanong re tla bona ka moo a ileng a kgaratlha ka dingwaga ka teng mme kwa bofelong a atlega.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Asamaja Amelia o a bolela: “Meya...ene ya sulafatsa botshelo jwa me. . . . Mme dilo tse e neng e di bua!”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela