LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 9/1 ts. 7-11
  • Go Tshegediwa ke ‘Nonofo e e Bogolo Thata’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tshegediwa ke ‘Nonofo e e Bogolo Thata’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dingwaga tsa Ntlha tsa Sekolo mo Lebanon
  • Go Tla mo United States
  • Thuso Go Tswa Go Jehofa
  • Dipeo tsa Boammaaruri Di Jadilwe
  • A Ke Ne Ke Ka Intsha Setlhabelo Seo?
  • Go Ithuta Boammaaruri jo bo Oketsegileng
  • Go Tshegediwa ke ‘Nonofo e e Bogolo Thata’
  • Go Abalana Boammaaruri
  • Go Atamelana Le Modimo Go Ile ga Nthusa Go Emelana Le Mathata A Me
    Tsogang!—1993
  • Go Godisetsa Bana ba le Robedi mo Ditseleng tsa ga Jehofa Go ne Go Itumedisa Mme go se Bonolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Baebele e Fetola Matshelo a Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Ke ne Ka Bona Kgomotso Tota Jaaka Motlholagadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 9/1 ts. 7-11

Go Tshegediwa ke ‘Nonofo e e Bogolo Thata’

Jaaka go boletse Sadie Lewis Haddad

“O GO kgonne jang?” Ke a ga ke bodiwa jalo. Ke kgona eng? Go godisa bana ba roba bongwe, ba bofelo ba supa ke le nosi. Mme mo go ba ba tshelang ba ba robang bobedi gompieno, ba supa ba sale e nna batlhanka ba ba ineetseng, ba ba ikanyegang ba ga Jehofa Modimo.

Fa ke leba kwa morago, ke lemoga gore go bo ke kgonne go godisetsa bana ba me mo boammaaruring jwa Modimo go ne go sa dirwe ka nonofo ya me fela. Seo se ne se ka seke se kgonagale. Eleruri e ne e le ka thuso ya ga Jehofa. Jaaka 2 Bakorintha 4:7 e bontsha, bao ele ruri ba batlang go direla Modimo le go dira thato ya gagwe ba ka nna le ‘nonofo e e bogolo thata’ e e tswang Modimong ka moya wa gagwe o o boitshepo.

Mme seo se ne sa tla jang gore ke godise bontsi jwa banake ke le nosi? Ke ne ka itse Jehofa le maikaelelo a gagwe jang? E reng ke le nankolele go se go ne ne botshelo jwa me.

Dingwaga tsa Ntlha tsa Sekolo mo Lebanon

Ke ne ka tsalelwa mo Lebanon dingwaga tse 90 tse di fetileng, ka 1892. Ntate e ne e le moruti wa Greek Orthodox, fela jaaka rraagwe a ne a ntse. Keletso ya pelo ya ga ntate e ne e le gore bobotlana mongwe wa barwa ba gagwe e nne moruti, a tsamaya mo dikgatong tsa gagwe. Mme ga go ope wa bone yo o neng a eletsa go latela tsela ya gagwe ya boruti.

Ntate o ne a itumololwa ke selo se fela thata. Lefa go ntse jalo, fa e le gore ke thato ya ga Jehofa yo “o cosañ bashwi,” ntate o tla tsoga mo baswing ka nako ya tsogo fa Modimo o tlhoma Paradaise ya Gagwe ya “lehatshe ye lesha.” (2 Bakorintha 1:9; 2 Petere 3:13) He ke tla kgona go bolelela ntate gore lefa ope wa barwa ba gagwe a seka a nna modihedi wa Modimo, morwadie Sadie, le bontsi jwa bana ba gagwe le ditlogolwana ba ne ba nna badihedi ba ga Jehofa!

Gotlhelele ga ke ise ke ko ke itse mmè, ereka a ne a tlhokafala ke le dingwaga tse tharo. Lefa go le jalo, ka kopo ya gagwe, ntate o ne a nkisa kwa “boarding school” koo baitetli ba Lutere ba Jeremane ba neng ba nthuta dipuo tsa Searabia le Sejeremane. Ke ne ka rutwa go rata Jesu mme ka rutwa go se kae fela ka Modimo le maikaelelo a gagwe.

Lefa go le jalo keletso ya me e ne e le go nna moitetli le go ya legodimong. Mme ga ke ise ke ko ke nne moitetli ka go bo e ne ya re ke fetsa sekolo ke ne ka tshwanelwa ke go boela gae go tlhokomela ntate pele ga loso lwa gagwe. Fa a sena go swa bonkgonne ba ne ba fiwa boikarabelo jwa go sala ba ntlhokometse, jaaka e ne e le tlwaelo kwa Lebanon mo metlheng eo. Ba ne ba ikutlwa gore go ne go ntshiametse thata gore ke nyalwe, mme ba ne ba mpatlela monna. Ke ne ke sena boikgethelo mo ntlheng eno. Ka jalo ka 1909, fa ke ne ke le dingwaga tse 17 fela, ke ne ka nyalwa.

Go Tla mo United States

Ka 1910 monna wa me le nna re ne ra tlogela Lebanon mme ra tla mo United States. Kgabagare re ne ra nna mo polaseng ya raese mo Texas. Mme jaaka dingwaga di ne di ntse di ikela re ne ra nna le bana ba roba bongwe.

Mme legale lenyalo la me le ne la seka la tsamaya sentle. Tota, ka 1935 monna wa me o ne a ntlogela, fa ngwana wa rona wa boroba bongwe a ne a le dingwaga di le tharo. Lefa morwadiake yo motona le morwa ba ne ba setse ba nyetswe le go nyala, mathata a bone a ne a ntse a lebagane le nna. Mme jaanong ke ne ke tshwanelwa ke go tlhokomela ba bangwe ba ba supang ka bonna.

Ngwaga e e tlang re ne ra rekisa sengwe le sengwe seo re neng re ka se kgona, kwantle fela go bontlhanngwe jwa setsha, mme ra hirisa ntlo nngwe mo Beaumont, Texas. Bontsinyana jwa banake ba simolola go bereka mme ba thusa mo ditshenyegelong tsa lelapa. Seo ruri e ne e le thuso e kgolo mo go nna.

Thuso Go Tswa Go Jehofa

Lefa go ntse jalo, thuso e kgolo thata e ne ya tswa go Modimo. Morago koo ka 1917, fa re ne re sa ntse re nna mo polaseng, ke ne ka simolola go tlwaelana le Jehofa le maikaelelo a gagwe mme ka simolola go retologela go ene go bona thuso.

Go tswa nakong ya ke sa ntse ke le mosetsanyana ke ne ka nna le tshisimogo mo Modimong, mme jaanong ke ne ke batla go itse mo go oketsegileng ka ga gagwe. Seo se neng sa nneela boikutlo jwa potlako go feta e ne e le Ntwa e Kgolo, jaaka e ne e bidiwa ka nako eo, e e neng ya tlhagoga ka 1914. Nkgonne kwa Beirut, Lebanon, o ne a nkwalela a mpolelela kaga maemo a a maswe thata mo ntlheng eo ya lefatshe ka nako ya ntwa. Bontsi jwa losika lwa me bo ne jwa swa ke tlala.

Nkgonne o ne a bolela gore o ne a patelesega go rekisa ntlo ya gagwe le dithoto e le fela gore a tle a bone se a ka se jang, mme kwantle go seo, o ne a lwala fela thata. O ne a nkopa gore ka tswee-tswee ke mo romelele madi gore a reke dijo. Ka jalo kwantle go tiego ka romela madi. Mme ke ne ka itsisiwe ka poso gore nkgonne o ne a swa ka lone letsatsi le madi a gorogileng. Ke sa ntse ke ntse ke na le lokwalo loo lo lo tlhomolang pelo.

Maitemogelo ano a ne a nthusa selo sa pele go bona tiragatso ya Mathaio 24:7, mme seno se ne sa ntlhofofaletsa go amogela boammaaruri fa ke ne ke bo supegediwa.

Dipeo tsa Boammaaruri Di Jadilwe

Dipeo tsa boammaaruri di ne tsa simolola go jalwa mo pelong ya me ka 1917. Ka ngwaga oo modihedi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa o ne a tla kwa lapeng la me. O ne a nkopa go dira peeletso ya makasine wa Tora Ya Tebelo ka puo ya Searabia. Ke ne ka bala tokololo eo ya ntlha mo tsebeng nngwe le nngwe. Fa e sale go tswa foo ke ne ka bala tokololo nngwe le nngwe ke dirisa Bibela, seo se ileng sa nna motswedi wa tumelo ya me le go ikanya mo go Jehofa.

Kgabagare ke ne ka ithuta go bala Sekgoa sentle mo ke neng ka kgona go fetola peeletso ya me go nna ka Sekgoa. Lebaka le le golo la se ke gore ke ne ke batla banake ba bala dimakasine le bone gape.

Monna wa me o ne a se kgatlhanong le dilo tse ke neng ke di ithuta mme o ne a sa batle ke bala mo go kalo-kalo. Ka jalo fa ke ne ke bala bosigo, morago ga go fetsa ditiro tsotlhe tsa ntlo ebile bana ba ile go robala, ke ne ke lotlela kamore e ke neng ke balela mo go yone le go thiba diphatlha tseo lesedi le neng le ka tlhagelela ka tsone. Ka tsela eno ke ne ka kgona go tswelela ke bala.

A Ke Ne Ke Ka Intsha Setlhabelo Seo?

Dingwaga tsa iphetela. Ke ne ka tswelela ka go bala le go ithuta mo go oketsegileng kaga Modimo. Ka jalo ka 1935, morago ga gore monna wa me a tsamae, ke ne ka lalelediwa go ya kwa thutong e e neng e neelwa ke Basupi ba ga Jehofa mo ntlong ya sekolo gaufi le polase ya rona. Polelo e ne e akaretsa boikitsiso ka Aberahame a ntsha morwawe Isake setlhabelo.

Selo se le sengwe seo se neng sa ntshwenya thata fa ke ne ke le Molutere e ne e le gore ke ka ntlha yang fa Modimo o ne wa kopa Aberahame go ntsha morwawe yo o esi setlhabelo. Ereka ke ne ke le mmabana ba ba herang bongwe jaanong, se se ne sa ntshwenya le eleng go feta. Ke ne ka ikutlwa ke ka se leke go dira jalo!

Lefa go le jalo, morago ga go utlwa tlhaloso ya teng kwa thutong eno, ke ne ka utlwisisa gore tumelo ya boammaaruri tota e raya eng, le gore e ne ya kgonisa Aberahame jang go dira seno. O ne a tlhomamisega gore Modimo o o tsosang baswi o ne gape o ka tsosa ngwana wa gagwe. (Bahebera 11:17-19) Ke ne ka lemoga gore o ke mofuta wa tumelo e ke tlhokanang le yone gore ke tle ke thulane le mathata a a neng a tla nna teng mo isagweng. Mme ke ne ke tla godisa bana ba me jang ka tsela e e tshwanetseng le go ba neela mofuta wa tumelo e Aberahame a neng a na le yone? Dithapelo tsa me tsa ka metlha go Modimo e ne e le gore ke dire jalo.

Go Ithuta Boammaaruri jo bo Oketsegileng

Dibeke di sekae fela pele re fudugela kwa motse-mogolo ka 1936, Basupi ba ne ba nketela gape mme ba tshameka rekoto ya puo ya mookamedi wa Watchtower Society, J. F. Rutherford. E ne e le kaga bomosola jwa kitso ya boammaaruri. E ne ya supela gore kitso ya boammaaruri e botlhokwa-tlhokwa, ereka Jesu a rile kitso ya Modimo le Keresete e ne e tla gogela kwa botshelong jo bo sa khutleng. (Yohane 17:3) Basupi ba ne ba ntaleletsa gape go ya dipokanong tsa bone. Ka jalo morago ga go fudugela kwa motseng mogolo, mongwe wa barwadi ba me le nna re ne ra bona kwa dipokano di tshwarelwang teng mme ra ya.

Pokano ya ntlha ya rona e ne e le monate mo eleng gore ke ne ka botsa Basupi kwa bofelong gore a ba ne ba na le sekolo sa Sontaga seo banake ba neng ba ka se tsena. Ke ne ke batla ba ithuta dilo tse di gakgamatsang tse ke neng ke di ithuta. Legale, Basupi ba ne ba mpolelela gore ba ne ba sena dikolo tsa Sontaga mme mo boemong jwa moo ba tla a tla kwa lapeng la me beke le beke le go re ruta Bibela. Ke ne ka botsa: “E lopa bokae?” Mme ba ne ba araba ka gore: “Sepe. Ke mahala.” Seo se ne se nkgakgamatse thata!

Pele ga Basupi ba ne ba ka tla kwa thutong eo ya ntlha, ke ne ka rapela Jehofa. Ka tlhoafalo ke ne ka mo kopa gore a nthuse ka banake, le gore le bone ba tle ba ithute Bibela le rona. Ka mo go itumedisang, botlhe ba ne ba kopanela mo thutong, le eleng morwadiake yo motona le bana ba gagwe.

Beke nngwe le nngwe re ne re kgatlhiwa thata ke go ithuta boammaaruri jo bosha kaga Bogosi jwa Modimo le puso ya jone godimo ga Paradaise ya lefatshe e e tlang. Re ne gape ra ithuta ka botlhokwa jwa leina la Modimo, Jehofa. (Pesalema 83:18) Seo ke sengwe seo ke neng ke ise ke ke ke se utlwe le ka motlha mo sekolong sa Lutere kwa Lebanon.

Go Tshegediwa ke ‘Nonofo e e Bogolo Thata’

Ke ne ka ithuta gape gore Jehofa ke Modimo o o tshegetsang batlhanka ba gagwe fa ba ikaega ka ene. Fa boammaaruri joo ka botlalo bo ne bo fitlhelela pelo ya me, ke ka bolela ka boammaaruri gore ga ke ise ke ko ke tshwenyege gope gore dilo di tla nna jang. Ke ne ka ikanya ka botlalo mo go Jehofa, legale ke dira karolo ya me, ke tlhomamisega gore o tla lere ‘nonofo e e bogolo thata.’

Fa nako e ntse e ya, ikanyo eno e ne ya tsala maungo. Morago ga thuto ya legae ya Bibela e e tsereng ngwaga ke ne ka kolobediwa, ka 1937. Fa nako e ntse e ya, barwadiake botlhe ba ba supang le bone ba ne ba kolobediwa. Abo ke ne ka leboga Jehofa jang ne ka lesego leo!

Mme he ga tla teko e e botlhoko. E ne e le eo e neng e tla ntlhoka gore ke itsheege ka Jehofa ka botlalo go bona nonofo. Seno se ne se ama morwaake yo mmotlana. Lefa a ne a ithuta Bibela ka lobakanyana, o ne a seka a tsaya kgato e e tlhomameng ya boammaaruri. Lefa go ntse jalo, o ne a bo tlotla le go re tshegetsa mo go bo saleng morago. Mme he jaanong a lwala, mme ya re ka 1968 a swa.

Loso lwa morwaake e ne ya nna botlhoko jo bogolo thata thata mo botshelong jwa me. Ke ne ke mo rata tota, fela jaaka ke dira ka banake botlhe. Ke ka bolela sentle-bontle gore fa e ne e se Jehofa go nthusa, ke ne ke ka se itshokele botlhoko jo bo ntseng jalo. Kgomotso e kgolo e ne ya baakanyediwa gape ke temogo ya gore ke tla mmona gape mo tsogong ya selefatshe.

Go Abalana Boammaaruri

Fa e sale ke ithuta boammaaruri, ke ne ka nna le kgololesego ya mogopolo le kagiso ya pelo tse ke neng ke sena tsone pele. Ke ne ka lemoga gape gore, ke ne ke sa tlhole ke eletsa go nna moitetli le go ya legodimong mme ke ne ke batla go tshela mo Paradaiseng eo ya selefatshe tlase ga Puso ya Bogosi jwa Modimo. Seno e ne e le tsholofelo e ntle thata mo e leng gore ke ne ke eletsa thata-thata gore ke e abalane le ba bangwe. Mme go kgabaganya dingwaga, ke ne ka dira jalo, ke ne ka nna le maitemogelo a a gakgamatsang a le mantsi.

Le eleng mo dingwageng tse—mo e ka nnang 91 jaanong—ke sa ntse ke batla go nna le seabe mo go boleleleng ba bangwe mafoko a a molemo a Bogosi. Go boammaaruri, ga ke sa tlhole ke kgona go tsamaya jaaka ke ne ke dira pele, mme barwadiake ba nthusa tota mo go se. Ba mpega mo koloing mme ba ntetla go tsena mo ntlong e le nngwe ka molaetsa wa Bogosi, mme ba mpusetse gape kwa koloing go ikhutsa ka lobakanyana mme ke ba letela jaaka ba tswelela le tiro ya bone ya go rera.

Mme ebile, mongwe wa barwadiake le nna re tsamaisa thuto ya Bibela ya beke le beke le basadi bagolo ba le bane. Seno se nthusa go boloka boammaaruri jo bo gakgamatsang kaga Jehofa le maikaelelo a gagwe di le phepa mo mogopolong wa me.

Ke na le dingwaga tse 45 jaanong ke ntse ke le motlhanka wa Modimo yo o kolobeditsweng. A ke lapisegile ka ntlha ya gore Thulaganyo e Ntšha ga e ise e tle? Legale, mo mmeleng gone ke a lapa. Mme abo e le boipelo mo nakong e go bona kgolo ya phuthego ya ga Jehofa e e bonalang go tswa masomeng a sekae a dikete ka 1937, fa ke ne ke kolobediwa, go feta 2 400 000 ka 1982!

Gareng ga bagalaletsi bao ba ga Jehofa ke banake ba supa ba ba tshelang mo go ba ba robang bobedi ebile le mo e batlileng e nna bana-banake botlhe le ditlogolwana. Ke na gape le morwadiake, Rose Peloyan, yoo, ene le monna wa gagwe, ba sentseng dingwaga tse di fetang 25 mo tirelong ya nako e e tletseng kwa ntlong-kgolo kwa Watchtower Society kwa Brooklyn. Aitsane, ke na le eleng setlogolwana le monna wa gagwe bao le bone gape ba direlang koo!

Go kgabaganya dingwaga tse tsotlhe, ga go ise go ke go nne le pelaelo mo tlhaloganyong ya me gore ke ka bo ke ne ka palelwa mo go maswe mo go lekeng go godisa lelapa la me go direla Modimo fa e le gore ke ne ke ka go dira ka nonofo e e leng ya me. Mme Jehofa o solofeditse gore ga a ka ke a swabisa batlhanka ba gagwe. Mo boemong jwa moo, o tla ba thusa go fitlhelela thato ya gagwe ka go ba fa ‘nonofo e e bogolo thata ka moya wa gagwe o o boitshepo. Ke itemogetse thuso eo ka masome a dingwaga a mantsi. Jaanong ke lebeletse pele go bona nonofo ya mmele mo Paradaiseng le go direla Jehofa ka bosaeng kae.—Pesalema 94:17-19.

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 8]

Monna wa me o ne a ntlogela ka 1935 fa ngwana wa rona wa boroba bongwe a ne a le dingwaga tse tharo

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 9]

Fa e sale 1917 ke badile sekaelo sengwe le sengwe sa Tora Ya Tebelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela