LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 6/1 ts. 28-31
  • Ke Lebogela Tshegetso ya ga Jehofa ya Ka Metlha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Lebogela Tshegetso ya ga Jehofa ya Ka Metlha
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgwedi Tse Thataro Tse Di Sa Itumediseng
  • Letsatsi Le Le Itumedisang Go A Feta Otlhe mo Botshelong jwa Me
  • Go Itumela mo Bodiheding
  • Ke Nna Ke Le Nosi
  • Ke Leboga Tshegetso ya Modimo
  • Jehofa O Nneile Nonofo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Go Nna le Boipelo Le fa Ke Golafetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Ke Tla ‘Palama Fela Jaaka Kgama e Tonanyana’
    Tsogang!—2006
  • Go Atamelana Le Modimo Go Ile ga Nthusa Go Emelana Le Mathata A Me
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 6/1 ts. 28-31

Ke Lebogela Tshegetso ya ga Jehofa ya Ka Metlha

JAAKA FA GO BOLETSE SHARON GASKINS

LEFATSHE la paradaise! Ke ne ke ipona ke tlolaka mo tlhageng, ke leleka dirurubele, ke tshameka le ditawana. Go ne go bonala go le monate tota! Mme go ne go na le dipelaelo. Gantsi tsholofelo ya me e ne e felela ka go itlhoboga!

Go ya bogologolong jo nka bo gakologelwang, esale ke ntse ke le mo setulong sa maotwana. Fa esale ke tsholwa, ke ile ka palelwa ke go itumelela dilo tse di itumelelwang ke bana ka ntlha ya bolwetsi jwa cerebral palsy jo e leng bolwetsi jwa tlhaloganyo jo bo bakang bogole mo ditokololong tsa mmele le mo puong. Bana ba bangwe ba ne ba tshameka ka disekeite le ka dibaesekele, mme nna ke ne ke dula ke le nosi, ke palelwa le ke go tsamaya. Ka jalo fa Mmè a ne a nkisa kwa bathong ba ba farologaneng ba ba fodisang ka go rapelela, re ne re nna re solofetse ka tlhoafalo gore go tla diragala kgakgamatso. Lefa go ntse jalo, nako le nako o ne a mpusa ka sone se se ntlisitseng. Go ne go nkgoba marapo, mme abo e ne e le selo se se hutsafatsang jang mo go ene ruri!

Ereka a ne a eletsa go nna le tsholofelo ya boammaaruri, mmè o ne a simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa mo masimologong a 1964. Ka nako eo ke ne ke le dingwaga di le thataro le sephatlo.

Go ne go itumedisa go ithuta gore go kile ga bo go na le paradaise e ntle mo lefatsheng leno. Ka maswabi, motho wa ntlha ebong Adame o ne a e latlha, mme ke ne ke eletsa go nna le katamalano e a neng a na le yone le Modimo. Go ne go ka nna jang go nna le kamano le Modimo? Kana go tshela ka nako ya fa Morwa wa gagwe a ne a le mo lefatsheng? Gape ke ne ke a tle ke akanye ka isagwe ka nako ya fa go tla bo go na le Paradaise. Le eleng ka yone nako eo ya fa ke ne ke santse ke le mmotlana, go ne go setse go phepafetse mo go nna gore re bone boammaaruri.

Mmè o ne a simolola go isa lelapa la gaetsho kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Dipokano tsa bone di ne di farologane tota le seo re neng re se bone kwa dikerekeng! Ke ne ka amiwa maikutlo thata ke batho le tikologo ya bone.

Kwa tshimologong, go ya Holong ya Bogosi e ne e le bothata mo go mmè. Kwantle ga me, go ne go na le bana ba bararo ba ba botlana, mme re ne re sena koloi. Re ne re tle re tsamaye ka tekisi fa mmè a kgona go e duelela. Ke santse ke gakologelwa ka fa a neng a tshwara bothata ka teng ka Sontaga nngwe. Go ne go sa bonale tekisi epe. Mme ka bonakonyana morago ga moo, re sa lebelela go ne ga tla monna mongwe a kgweetsa teraka ya gagwe mme a re pega. Re ne ra fitlha thari kwa pokanong, lefa go ntse jalo, re ne ra nna teng. Abo re ne ra leboga Jehofa jang ne!

Go ise go ye kae bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba rategang ba semoya ba ba neng ba na le dikoloi ba ne ba refosana ka lorato go re pega. Kgothatso ya ga Mmè ya gore le ka motlha re se ka ra fosiwa ke dipokano fa e se fela fa re lwala tota e ne ya gatisa mo tlhaloganyong ya me ke sa le mmotlana gore go botlhokwa gore ‘re phuthege mmogo.’ (Bahebera 10:24, 25) Ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke seo a se ithutileng, mmè o ne a neela botshelo jwa gagwe go Jehofa mme a kolobediwa ka 1965.

Ka nako eo ke ne ke setse ke godile ka mo go lekaneng mo ke neng ke kgona go tlhaloganya dipokano ka botlalo le go feta. Kwa Phuthegong ya Cypress Hills kwa Brooklyn, kwa New York, go ne go na le Baesemane, bantsho, Ba-Hispanic le ba bangwe bao ba neng ba le mmogo mo kobamelong. Go ne go bonala go tshwanetse tota gore batho ba ba boifang Modimo ba tshele ka bokaulengwe jwa boammaaruri jaana.—Pesalema 133:1.

Mmè o ne a nthuta go baakanyetsa dipokano. Seno ga se a ka sa nna bothata mo tlhaloganyong, mme e ne ya nna bothata mo mmeleng. Bolwetsi jwa cerebral palsy bo dira gore dilo tse di sa reng sepe e nne ditiro tse dikgolo fela thata. Ke ne ke sa kgone mme le jaanong ke santse ke sa kgone go thalela mola o o tlhamaletseng gore ke tle ke kgone go ka tshwaya dikarabo mo dibukeng tsa rona tsa Bibela. Lefa go ntse jalo, ka go nna ke ithuta, go thalela ga me go ile ga tokafala.

Mogopolo wa me o ne o tletse ka dilo tseo ke neng ke batla go di bua. Mme fa mafoko a tswa mo molomong wa me a ne a tlhakatlhakana. Go ne go tlhokega gore ke ritibale gore ditshika tsa me di se ka tsa gagamala. Ke ne ke tshwanela gape go baya mogopolo mo go bitseng lefoko lengwe le lengwe ka tsela e e phepafetseng ka mo go ka kgonegang ka teng. Ke ne ke betwa ke pelo fa kakgelo ya me e sa tswe ka tsela e ke neng ke batlile gore e nne ka yone kana fa ke ne ke itse gore batho ba ne ba sa tlhaloganye mafoko a me. Lefa go ntse jalo, erile fa ba sena go ntlwaela, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba kgona go tlhaloganya puo ya me botoka. Lefa go ntse jalo, ke santse ke a tle ke nne le bothata jono.

Dikgwedi Tse Thataro Tse Di Sa Itumediseng

Fa ke ne ke na le dingwaga di le robedi, go ne ga nna le dikgwedi di le thataro tseo di ileng tsa nkama go fitlha le gompieno. Go sa kgathalesege kalafi ya mmele, ya go dira, le ya puo eo ke neng ke setse ke e bone, dingaka di ne tsa nthomela kwa kokelong nngwe e e thapisang digole kwa West Haverstraw kwa New York. Nna le mmè re ne re hutsafetse. Dingwaga pelenyana ga moo, ka nako ya fa dingaka ka phoso di ne di bolela gore go ya ka ditlhatlhobo tsa bone ga ke tseye sentle mo tlhaloganyong o ne a ba bolelela gore a ka se ka a nkisa kwa kokelong ya ditsenwa. Ka jalo go kgaogana le nna le eleng ka nakonyana e khutshwane go ne go le thata mo go ene. Lefa go ntse jalo o ne a lemoga gore, e le gore ke tle ke tshele botshelo jo bo siameng ke sa ikaega ka ene le rre ke ne ke tla tshwanela gore ke kgone go itirela dilo di le dintsi ka mo go ka kgonegang ka gone.

Lefelo le ke ne ke le kwa go lone le ne le siame, mme lefa go ntse jalo, ke ne ke ikutlwa ke latlhegile. Go lela le go tenega mo go feteletseng go ne ga supa sentle gore ke ikutlwa jang ka lefelo leo. Batsadi ba me ba ne ba sa kgone go tsaya loeto lwa sebaka sa diura tse tharo ka bese go tla go nketela ka metlha segolobogolo ka go bo Mmè a ne a imile ngwana wa gagwe wa botlhano. E ne e re fa ba ne ba tshwanetse go tsamaya ke ne ke utlwa botlhoko thata mo e leng gore ngaka e ne ya ba bolelela gore ba se ka ba tlhola ba nketela kgapetsakgapetsa. Ke ne ke letlelelwa go ya gae gabedi fela.

Dingaka di ile tsa nthuta go tsamaya ka diikokotlelo le ditshipi tse di bokete tsa go tsamaya. Di ne di utlwala di le boima jwa go ka nkgomola leoto. Lefa go ntse jalo boima jwa tsone bo ne bo nthusa gore ke kgone go itsetsepela le gore ke se ka ka wa. Seno e ne e le kgato ya ntlha go nthusa gore kgabagare ke kgone go itsamaisa ke le nosi kwantle ga diikokotlelo.

Go kgabetlelela dijo, go bofa ditalama—sengwe le sengwe fela seo se neng se tlhoka gore ke dirise menwana—se ne se le boima kana ke ne ke sa kgone go se dira gotlhelele. Mme lefa go ntse jalo ke ile ka ithuta go ijesa le go ikapesa go ya bokgakaleng jo bo rileng. Seno se ile sa nthusa moragonyana mo tirelong ya me go Modimo.

Morago ga fa ke sena go thapisiwa ke ne ka boela gae gape. Mmè o ne a dira gore ke dirise dilo tse dintšha tse ke di ithutileng. Go dira seno e ne e le kgwetlho mo maikutlong ka gore le mororo ke ne ke rata go itirela dilo, go di dira go ne go mpetisa pelo, go senya nako ebile go ntapisa. Aitsane, go ikapesa fa ke ya dipokanong go ne go ntsaya diura di le pedi!

E ne ya re re fudugela mo setarateng se se lebaganeng le Holo ya Bogosi, ke ne ke itsamaisa ka bonna. Ke ne ke fentse tota!

Letsatsi Le Le Itumedisang Go A Feta Otlhe mo Botshelong jwa Me

Mmè o ne a tlhomamisa gore lelapa le bona dijo tse di lekaneng tsa semoya. O ne a ithuta le nna mme a tlhomamisa gore ke bala tokololo nngwe le nngwe ya makwalopaka a rona eleng Tora ya Tebelo le Tsogang! Re ne re tshwanetse go baakanyetsa dipokano le go nna teng kwa go tsone. Lefa ke ne ke tsenya kitso eno mo mogopolong wa me le mo pelong ya me, ke ne ke ise ke akanye ka masisi go neela botshelo jwa me go Jehofa le go bontsha seno ka go kolobediwa mo metsing. Mmè o ne a nthusa gore ke lemoge gore le mororo ke ne ke le segole, Modimo o ne a nteba ke ikarabelela bomoya jwa me. Ke ne ke sa tshwanela go lebelela gore ke tla falolela mo lefatsheng le lesha fela ka ntlha ya gagwe ke ikaegile gotlhelele ka ene.

Ke ne ke rata Modimo, mme boemo jwa me bo ne bo dira gore ke farologane le batho ba bangwe—selo se se utlwisang botlhoko thata mo mothong wa dingwaga tsa bolesome. Go ne go le thata go amogela ditlhaelo tse ke neng ke na le tsone. Gantsi ke ne ke tle ke tlale bogale mme ke ne ke tshwanetse go laola seno pele ga kolobetso. (Bagalatia 5:19, 20) Mme go tweng fa e le gore ga ke kgone go tshela tumalanong le boineelo jwa me mo go Jehofa?

Mogolwane mongwe wa phuthego o ne a bua le nna a kopilwe ke mmè. O ne a nopola potso e moperofeti Elija a ileng a e botsa Baiseraele jaana: “Lo tla akabala ha gare ga maik[u]tlo a le mabedi ka lobaka lo lo kaee?” (1 Dikgosi 18:21) Go ne go phepafetse gore Jehofa o ne a sa itumelele go akabala ga me.

Ke ne ka tsoga semoyeng mme ka rapela Jehofa ka tlhoafalo gore a nthuse gore ke tle ke iketleeletse go neela botshelo jwa me go ene. Kgaitsadi mongwe mo phuthegong o ne a ithuta le nna. O ne a le mmotlana mo go nna mme ebile o ne a swetswe ke mmaagwe a sa le mmotlana. Mme lefa go ntse jalo, o ne a ineela go Modimo a sa le mmotlana.

Kgabagare ke ile ka dira tshwetso ke na le dingwaga di le 17. Ke ne ke batla go direla Jehofa ka gotlhe mo ke neng ke ka go kgona. August 9, 1974—letsatsi leo ke kolobeditsweng ka lone—e ne ya nna letsatsi le le itumedisang go a gaisa otlhe mo botshelong jwa me.

Go Itumela mo Bodiheding

Go nna le seabe mo bodiheding go ne ga nna le dikgoreletsi tsa sekathaba. Kgwetlho e kgolo go di feta tsotlhe e ne e le go dira gore batho ba ntlhaloganye. Ke ne ke bua ka tsela e e utlwalang ka mo ke neng ke ka kgona ka teng. Morago ga moo, fa e le gore go a tlhokega motho yo ke tsamayang le ene mo bodiheding jwa tshimo o ne a tle a boeletse gape dikakgelo tsa me le mong wa ntlo. Ba bangwe ba ne ba sa arabele sentle, ba tsaya gore Basupi ba ntirisa ka tsela e e sa tshwanelang. Mme go rera ke tshwanelo ya me ebile ke eletsa ka pelo yotlhe go dira jalo.

Go tsamaya ka ntlo le ntlo mo seterateng se le sengwe fela go ka lapisa tota. Matlo a le mantsi ao re neelang bosupi mo go one a na le disetepisi mme seno se dira gore ke se ka ka fitlha kwa go ona. Mo marigeng diseterata tse di tletseng dikgapetla tsa metse di dira gore ke palelwe ke go dira tiro ya ntlo le ntlo gotlhelele. (Ditihō 20:20) Lefa go ntse jalo, bakaulengwe ba semoya ba ile ba thusa thata, mme Jehofa o ne a ntshegofatsa ka setulo sa maotwana se se tsamayang ka motšhini seo se dirang gore tirelo e nne motlhofo thata.

Fa nako e ntse e ya ke ne ka simolola go neela bosupi ka makwalo. Go kwala makwalo ka letsogo go ne go se kitla go thusa sepe ka gonne batho ba le bantsi ga ba kgone go bala mokwalo wa me. Ka jalo motšhini wa go tlanya wa motlakase e ne ya nna one mokwaledi wa me. Go tlanya ga me go bonya thata ka gore matsogo a me ga a kgone go dirisana sentle. Bontlhanngwe jwa nako ke e dirisa go leka go tlanya tlhaka e le nngwe mme ke tlanye esele. Go ka ntsaya ura kana go feta go tlanya tsebe e le nngwe fela.

Le mororo ke sena maatla gangwe le gape ke direla jaaka mmulatsela yo o thusang ke senya diura di le 60 kana go feta mo bodiheding kgwedi nngwe le nngwe. Go dira seno ke tlhoka go nna le thulaganyo e e siameng, go dira boiteko jo bo oketsegileng le go tshegediwa ke badumedi mmogo. Moya wa bone wa bobulatsela wa nkgothatsa. Mmè le ene o ne a ntlhomela sekao ka go direla jaaka mmulatsela wa ka metlha kana yo o thusang lefa a ne a lebane le mathata, botsogo jo bo bokoa le kgwetlho ya go godisa bana ba le supa mo lelapeng le le kgaoganeng ka bodumedi.

Ke Nna Ke Le Nosi

Ka nako ya fa ke le dingwaga di le 24, ke ne ka dira tshwetso ya go fuduga gore ke ye go nna ke le nosi. Go fudugela ga me kwa karolong ya Bensonhurst ya Brooklyn e nnile tshegofatso. Phuthego ya Marlboro e ne e kitlane jaaka lelapa. Abo go ne go nnonotsha jang ne mo tumelong go nna le bone! Lefa go ne go na le dikoloi di le pedi kana tharo fela mo phuthegong, bakaulengwe ba semoya ba ne ba nkisa kwa dipokanong tsotlhe. Lefa go ntse jalo ga ke a ka ka nna nako e telele koo.

Ereka ke ne ke ikutlwa ke paletswe gotlhelele ke ne ka boela kwa lelapeng la gaetsho mme ka tshwenyega thata mo maikutlong ka sebaka sa dingwaga di le tharo. Ke ne ka boa ka simolola go galefa mo go feteletseng. Morago ga moo ke ne ka tlelwa ke megopolo ya go ipolaya mme ke ile ka leka ka makgetlo a le mmalwa go dira jalo. Ka dinako tsotlhe ke ne ke nna ke tshogile gore ke tla swa. Lefa go ntse jalo ke ne ka ikaega ka Modimo mme ka mo solofetsa gore ke tla bontsha kanaanelo mo mphong ya gagwe ya botshelo. Bagolwane ba ne ba nkgomotsa le go nkgakolola. Seno mmogo le thapelo, go ithuta ka namana le go nna pelotelele ga ba lelapa la gaetsho mmogo le thuso nngwe ya kalafi, di ne tsa nthusa gore ke kgone go akanya sentle.

Jehofa ka lorato o ne a dirisa Tora ya Tebelo go nneela botlhale malebana le go tshwenyega mo maikutlong. Ee, o amega ka batho ba gagwe mme o tlhaloganya tsela eo ba ikutlwang ka yone. (1 Petere 5:6, 7) Fa nako e ntse e ya, go tshwenyega thata mo maikutlong go ne ga kokobala. Go setse go fetile dingwaga tse lesome, mme Jehofa o santse a nthusa go fenya go betwa ke pelo le go tshwenyega mo maikutlong. Ka dinako tse dingwe ke gatelelwa ke boikutlo jwa gore ga ke motho wa sepe. Lefa go ntse jalo, thapelo, thuto ya Bibela, mmogo le lelapa la semoya ke tsone di nthusang go emelana le tseno tsotlhe.

Morago ga gore ke senke lefelo le lengwe leo nka nnang mo go lone mme ke sa atlege, ka ntlha ya go itlhoboga ke ne ka swetsa ka gore ke tla nna le ba lelapa la gaetsho botshelo jwa me jotlhe. Mme Jehofa o ne a araba dithapelo tsa me. Ke ile ka bona bonno kwa karolong ya Bedford-Stuyvesant ya Brooklyn. Kwa bofelong jwa selemo sa 1984 ke ne ka fudugela teng, mme ke santse ke nna teng fa e sa le ka nako eo.

Maloko a a nang le lorato thata a Phuthego ya Lafayette ba ne ba tle ba mpege ka bopelontle go ya dipokanong. Selo se ke santseng ke se gakologelwa sentle ke Thuto ya ntlha ya Buka ya Phuthego e ke neng ka e ya ke le koo. E ne e tshwarelwa mo boalong jwa bonè—mme go ne go sena setlhatlosi! Ke ne ka kgona go tlhatloga le go fologa disetepisi tseo fela ka thuso ya ga Jehofa. Fa nako e ntse e ya ke ne ka newa lefelo le ke kgonang go fitlha bonolo kwa go lone. Mme gone jaanong Jehofa o ntshegofaditse ka tshiamelo ya gore Thuto ya Buka ya Phuthego e nne mo legaeng la me.

Go rena moya o montle wa bobulatsela mo phuthegong eno. Ka nako ya fa ke ne ke fitlha mo go yone go ne go na le babulatsela ba ba ka nnang 30, mme bangwe ba bone ba ne ba ntlhokomela ka tsela e e kgethegileng. Moya oo wa tlhoafalo o ne wa ntlhotlheletsa gore kgapetsakgapetsa ke nne mmulatsela yo o thusang.

Ka April 1989 Diphuthego tsa Lafayette le Pratt di ne tsa aga Holo ya Bogosi e ntšha mo seterateng se le sengwe le seo ke nnang mo go sone. Seno se ile sa direga ka nako e e tshwanetseng ka gore ke ne ka koafala gape mo mmeleng mme go tsamaya ke bothata gape. Lefa go ntse jalo, ka thuso ya sethuuthu sa me le bakaulengwe le bokgaitsadi ba semoya go ya dipokanong le go boa e nna selo se se itumedisang. Abo ke anaanela thuso eo e e lorato jang ne!

Ke Leboga Tshegetso ya Modimo

Le mororo maoto a me a le bokoa, pelo ya me yone e tlhomame. Go nna le thutego e e molemo go dirile gore botshelo bo nne motlhofonyana, lefa go ntse jalo ke ile ka tshegediwa ke Modimo. Ka dinako tse dingwe ke ne ke sa itse gore ke tla bona kae dijo tse dingwe tsa go ja, mme Jehofa o ne a ntshegetsa mme o nnile Mothusi yo o ikanyegang. Tota ke rata mafoko a a bolelang jaana a ga Dafide: “Nkile ka ne ke le lekau, me yana ke cohetse; leha go nntse yalo, ga ke e se nke ke bone mosiami a latlhilwe, leha e le bana ba gagwè ba lègalègèla diyō.”—Pesalema 37:23-25.

Mo makgetlong a le mantsi Jehofa o ne a nthusa gore ke kgone go boloka boemo jo bo siameng jwa Dikwalo ka go gana madi ka nako ya fa ke ariwa. (Ditihō 15:28, 29) Bosheng jaana rre o ne a tlhokafala. Go latlhegelwa ke mongwe yo ke neng ke atamalane thata jaana le ene go ne ga nkhutsafatsa tota. Ke maatla a a tswang kwa go Jehofa fela a a ileng a nthusa go ka lebana le seno le diteko tse dingwe.

Botsogo jwa me bo ka nna jwa tswelela pele bo koafala, mme lefa go ntse jalo tsholofelo ya me mo Modimong le kamano ya me le ene ke tsone phemelo ya me. Abo ke itumela jang go bo ke le mo gare ga batho ba ga Jehofa le go bo a ntshegetsa ka metlha!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela