LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 7/15 ts. 15-20
  • Lo Nne lo Tshele Jaaka Bana ba Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lo Nne lo Tshele Jaaka Bana ba Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Abo Lorato lwa Modimo lo Logolo Jang ne!
  • Dira Tshiamo
  • Boloka Molao wa Modimo
  • Lorato “ka Tihō le ka Boamarure”
  • Dipelo Tseo di sa Re Atlholeng
  • Itiseng!
  • Ka Metlha lo Bontsheng Lorato le Tumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Buka ya Bibela ya bo 62—1 Yohane
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Lo Nne lo Tsamaye mo Leseding la Bomodimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Moaposetoloi O Tlhabantshanya le Botenegi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 7/15 ts. 15-20

Lo Nne lo Tshele Jaaka Bana ba Modimo

“Eo o sa diheñ tshiamō ga se oa Modimo, le èna eo o sa rateñ mogagabō.”​—1 YOHANE 3:10.

1, 2. Fa re ntse re tswelapele ka go ithuta ga rona Johane wa Ntlha, re tla sekaseka kgakololo efe ya ga moaposetoloi yoo?

JEHOFA o na le lelapa la lobopo lotlhe, mme jaanong batho bangwe ke bontlhanngwe jwa lone. Ke bana ba Modimo. Mme ba farologana le tla bangwe jang?

2 Mo lekwalong la gagwe la ntlha le le tlhotlheleditsweng ke Modimo, moaposetoloi Johane o kgetholola batho bano bao ba ratiwang segolo. Gape o neela kgakololo eo e ba thusang go tswela pele ba tshela jaaka bana ba Modimo. Mme seo a se bolelang se tla solegela basupi botlhe ba ba ineetseng ba ga Jehofa molemo.

Abo Lorato lwa Modimo lo Logolo Jang ne!

3. Bangwe ba dirilwe “bana ba Modimo” jang, mme lefatshe le ba leba jang?

3 Johane o tlhagisa tsholofelo ya Bakeresete ba ba tloditsweng (Bala 1 Yohane 3:1-3.) Abo Jehofa o ile fa bontsha lorato lo logolo jang ne ka go ba tshola jaaka barwa ba semoya, a ba dira “bana ba Modimo”! (Baroma 5:8-10) Moya wa bone wa bomodimo, maitlhomo, le ditsholofelo “lehatshe”​—mokgatlho wa batho ba ba sa siamang ga le na tsone. Mokgatlho o o ntseng jalo wa selefatshe wa batho o ila Keresete le balatedi ba gagwe mme ka gone Rara le ene o a ba ila. (Yohane 15:17-25) Jalo lefatshe le ka ne le itse batlodiwa jaaka batho mme e seng jaaka bana ba Modimo ka gonne ga le “itse” Jehofa.​—1 Bakorintha 2:14.

4. Mongwe le mongwe yo o nang le tsholofelo ya botshelo jwa selegodimo o tshwanetse go dirang?

4 Gone jaanong jaana, batlodiwa ke bana ba Modimo. Johane o bolela gore, “me ga go ese go bōnatshiwe kaha re tla nnañ ka gōna” morago ga ba sena go swa ka boikanyegi le go tsosediwa kwa botshelong jwa selegodimo ka mebele ya semoya. (Bafilipi 3:20, 21) Lefa go ntse jalo, fa Modimo a “bōnatshiwa,” ba tla “chwana naè” mme ba tla “mmōna hèla yaka a nntse,” jaaka “Morèna . . . èna Mōea.” (2 Bakorintha 3:17, 18) Mongwe le mongwe yo o nang le “cholohèlō” eno ya botshelo jwa selegodimo o tshwanetse go tlhotlhelediwa go iitshekisa “hèla yaka èna [Jehofa] a le boitshèpō.” Lemororo batlodiwa ga jaanong ba sa itekanela, ba tshwanetse go bo ba tshela matshelo a a itshekileng a a dumalanang le tsholofelo ya bone ya go bona Modimo o o itshekileng, o o boitshepo mo sebakeng sa selegodimo.​—Pesalema 99:5, 9; 2 Bakorintha 7:1.

Dira Tshiamo

5, 6. Mongwe le mongwe yo o dirang boleo o dirang go ya ka pono ya Modimo, mme mo ntlheng eno, go diragalang ka bao ba nnelang ruri “mo go” Jesu Keresete?

5 Go tshela jaaka bana ba Modimo gape go kaya go dira se se siameng. (Bala 1 Yohane 3:4, 5.) “Moñwe le moñwe eo o dihañ boleo o diha boiphèhèrō mo molaoñ” go ya ka pono ya ga Jehofa, yoo moleofi a tlolang melao ya gagwe. (Isaia 33:22; Yakobe 4:12) “Boleo” jotlhe “ke boiphèhèrō mo molaoñ,” go tlola melao ya Modimo. Go dira boleo go farologane le moya wa Bokeresete, mme re lebogela go bo Jesu Keresete a “bōnatshicwe” jaaka motho “gore a tlosè boleo.” Ereka “mo go èna ga go na boleo,” o ne a kgona go neela Modimo setlhabelo se le sengwe se se feletseng se se kgotsofatsang sa tetlanyo ya dibe.​—Isaia 53:11, 12; Bahebera 7:26-28; 1 Petere 2:22-25.

6 “Leha e le mañ eo o nnèlañ rure mo go èna [Morwa] ga a leohe.” (Bala 1 Yohane 3:6.) Ereka re sa itekanela, re ka nna ra dira boleo ka dinako dingwe. Mme go leofa ga se mokgwa wa bao ba nnelang ruri mo go Morwa mme ka gone ba nnela ruri mo go Rara. Bao ba dirang boleo ga ba “bōna” Jesu ka leitlho la tumelo; kana gone gore ba ba tlwaetseng go leofa bao ba ba jaaka batenegi ba “itse” le go tsaya Keresete jaaka “Kwana ea Modimo” e e letlanyang maleo.​—Yohane 1:36.

7, 8. Go ya ka 1 Yohane 3:7, 8, motho yo o dirang sebe ka boomo ke wa ga mang, mme Morwa Modimo o “bōnatshedicwe” go dirang mo ntlheng eno?

7 Johane o tlhagisa kgatlhanong le go timediwa. (Bala 1 Yohane 3:7, 8.) “A motho opè a seka a lo gōgèla timeloñ,” moaposetoloi o bolela jalo, a oketsa ka gore: “Eo o dihañ tshiamō [ka go boloka molao wa Modimo] o tshiamō, hèla yaka le èna (Jesu Keresete) a le tshiamō.” Go nna baleofi ga rona go re thibela go nna le tshiamo eo e lekanang le ya Motlhoma-Sekao yo Mogolo. Mme ka bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa ga Jehofa, balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu jaanong ba ka tswelapele ba tshela jaaka bana ba Modimo.

8 Yo o dirang boleo ka boomo “ke eo oo ra diabolo,” yo o sa bolong go leofa go tloga “mo tshimologoñ” ya tsela ya gagwe ya go tsuologela Jehofa. Mme Morwa Modimo “o bōnatshedicwe” “gore a senye ditihō” tsa ga Satane tsa go godisa boleo le boikepo. Seno se akareletsa go senya diphelelo tsa loso lwa ga Adame ka seletlanyo sa dibe ka Keresete le go tsosiwa ga bao ba leng mo Sheol (Hades), gammogo le go thubaganya tlhogo ya ga Satane. (Genesise 3:15; 1 Bakorintha 15:26) Gone jaanong, a re, masalela a a tloditsweng le “boidiidi yo bogolo,” ipabaleleng mo go direng boleo le tshiamololo.

Boloka Molao wa Modimo

9. Mokeresete yo o tloditsweng ka moya “ga a dihe sebe” go ya ka kgopolo efe, mme ke ka ntlhayang fa seno se ntse jalo?

9 Morago ga moo Johane o farologanya bana ba Modimo mo go ba ga Diabolo. (Bala 1 Yohane 3:9-12.) Mongwe le mongwe yo o “tsecweñ ke Modimo ga a dihe boleo bopè,” kana a bo dira tlwaelo. “Peo” ya ga Jehofa, kana moya o o boitshepo o naya motho ‘tsalo e ntšha’ ya tsholofelo ya selegodimo, o nnela ruri mo mothong kwantle ga fa a nna kgatlhanong mme ka gone a ‘utlwisa’ moya oo ‘botlhoko,’ mo eleng gore Modimo oa o tlosa. (1 Petere 1:3, 4, 18, 19, 23; Baefesia 4:30) Gore Mokeresete yo o tloditsweng ka moya a nnele mongwe wa bana ba Modimo ruri, “ga a dihè boleo bopè.” Jaaka “sebopiwa se sesha” se se nang le “motho eo mosha,” o lwa le boleo. O “halola mo seboduñ se se mo lehatshiñ ka dithatō tsa batho,” mme go tlwaela go dira phoso ga go yo mo pelong ya gagwe.​—2 Bakorintha 5:16, 17; Bakolosa 3:5-11; 2 Petere 1:4.

10. Tsela e le nngwe ya go farologanya bana ba Modimo mo go ba ga Diabolo ke efe?

10 Tsela nngwe ya go farologanya bana ba Modimo mo go ba ga Diabolo ke eno: “Eo o sa diheñ tshiamō ga se oa Modimo.” Tshiamololo e tlhaola bana ba ga Diabolo mo eleng gore “ga ba robale, ba ese ba dihè bosenyi pele; borōkō mo go bōnè ga bo eō, ha ba sa diga bañwe,” seo eleng se batenegi ba neng ba tla rata go se dira mo Bakereseteng ba ba ikanyegang.​—Diane 4:14-16.

11. (a) Tsela e nngwe gape ya o kgetholola bao eseng bana ba Modimo ke efe? (b) Go akanyetsa tsela ya ga Kaene go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go dirang?

11 Go feta moo, “le èna [ga se wa Modimo] eo o sa rateñ mogagabō.” Tota, “taecō” eo re e utlwileng “mo tshimologoñ” ya matshelo a rona jaaka Basupi ba ga Jehofa ke ya gore “re ratane.” (Yohane 13:34) Jalo ga re a “nna yaka Kaene,” yo o bontshitseng gore e ne e le “oa eo o boshula” ka ‘go bolaya monnawe’ setlhogo jaaka mmolai ebong Satane. (Genesise 4:2-10; Yohane 8:44) Kaene o ne a bolaya Abele “go bo ditihō tsa gagwè di ne di le boshula, me tsa ga monnawè di le tshiamō.” Kwantle ga pelaelo, fa re akanyetsa tsela ya ga Kaene go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go itisa mo go tlhoeng bakaulengwe ba rona ba semoya ka mo go tshwanang.

Lorato “ka Tihō le ka Boamarure”

12. Re itse jang “ha re ne re le mo loshuñ, re ile go tsèna mo botsheloñ,” mme seno se kayang?

12 Fa e le gore re ka tshwana le Kaene, re tla bo re sule semoyeng. (Bala 1 Yohane 3:13-15.) O ne a ila monnawe thata mo eleng gore o ne a mmolaya, mme ga re gakgamadiwe ke go bo lefatshe le re ila ka mo go tshwanang, gonne Jesu o boleletse seno pele. (Mareko 13:13) Mme “rea itse [kana, re solofela] ha re ne re le mo loshuñ [lwa semoya], re ile go tsèna mo botsheloñ [jo bo sa khutleng] ka go bo re rata bakauleñwe,” Basupi ka rona ba ga Jehofa. Ka ntlha ya lorato loo lwa bokaulengwe, lo patilwe ke tumelo mo go Keresete, ga re tlhole re ‘sule’ ka ntlha ya ditlolo le maleo, mme Modimo o re tsholeditse go tswa mo katlholong ya Gagwe, mme re ntshitswe mo losong lwa semoya, ka go newa tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. (Yohane 5:24; Baefesia 2:1-7) Batenegi bao ba senang lorato ga ba na tsholofelo e e ntseng jalo, gonne “eo o sa rateñ o nntse mo loshuñ [lwa semoya] hèla.”

13. Fa re ila mokaulengwe wa rona, ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go rapelela seno?

13 Tota, “eo o ilañ mogagabō ke mmolai.” Go ka seke go dirwe loso lwa mmatota (jaaka Kaene a ne a bolaya Abele ka ntlha ya lefufa le letlhoo), mme yo o ilang yo mongwe o tla rata gore mokaulengwe wa gagwe wa semoya a seka a tshela. Ereka Jehofa a itse pelo, yo o ilang yo mongwe o nna a atlhotswe. (Diane 21:2; bapisa Mathaio 5:21, 22.) Ga go na “mmolai” ope yo o ntseng jalo yo o sa ikwatlhaeng, kana yo o ilang modumedi ka ene, “eo botshelō yo bo sa khutleñ bo nntseñ mo go èna.” Jalo fa re ila Mosupi ka rona lefa e ka nna ope, mo sephiring, a ga re a tshwanela go rapelela thuso ya ga Jehofa gore e fetole moya wa rona gore e nne wa lorato lwa bokaulengwe?

14. Ke go ya bokgakaleng bofe go ikuelang mo go rona gore re bontshe lorato lwa bokaulengwe?

14 Gore re tswele pele re tshela jaaka bana ba Modimo, re tshwanetse go bontsha lorato lwa bokaulengwe ka lefoko le ka ditiro. (Bala 1 Yohane 3:16-18.) Seno se tshwanetse go kgonagala, gonne “loratō re le itse ka gōna mo, ka [Jesu Keresete] a inetse mo loshuñ [kana a neetse “botshelō” jwa gagwe] ka ntlha ea rona.” Ereka Jesu a bontshitse lorato go ya bokgakaleng joo, re tshwanetse go bontsha lorato lo lo ntseng jalo lwa melao-metheo (Segerika, a·gaʹpe) mo badumeding ka rona. Ka sekai, ka dinako tsa pogiso “re chwanetse go inèla mo loshuñ ka ntlha ea ba ga rona,” le eleng jaaka Periseka le Akwila ba ne ba “baea dithamō tsa bōnè ha hatshe, gore ba mpoloke [moaposetoloi Paulo].”​—Baroma 16:3, 4; Yohane 15:12, 13.

15. Fa mokaulengwe mongwe a tlhoka mme re na le “dilō tsa lehatshe” leno, ke eng seo lorato lo se tlhokang mo go rona?

15 Gore re ntshetse bakaulengwe ba rona matshelo a rona, re tshwanetse go ikemisetsa go dira dilo tseo di sa batleng go le gontsi mo go bone. Gongwe re na le “dilō tsa lehatshe”​—madi, dijo, diaparo, jalo le jalo, tseo di neelwang ke lefatshe. Gongwe re ka ‘bona’ mokaulengwe a tlhoka, eseng re bona seno ka nako nngwe fela mme re bona boemo. Boemo jwa gagwe bo ka baka gore re ‘tlhomoge pelo.’ Mme gotweng fa re “ikitsa” ka go letlelela bogagapa go tlosa boikaelelo jwa rona jwa go mo thusa? Ana “loratō loa bomodimo” lo ka nnela ruri jang mo go rona? Ga go a lekana fela go bua ka lorato lwa bokaulengwe. Jaaka bana ba Modimo, re tshwanetse go le bontsha “ka tihō le boamarure.” Ka sekai, fa mokaulengwe a bolailwe ke tlala, o tlhoka dijo, eseng mafoko fela.​—Yakobe 2:14-17.

Dipelo Tseo di sa Re Atlholeng

16. (a) Modimo o “heta pelo tsa rona” jang? (b) Go ya ka Johane, ke ka ntlhayang fa Jehofa a araba dithapelo tsa rona?

16 Morago ga moo Johane o supa ditlhomamisetso tsa gore re bana ba ga Jehofa. (Bala 1 Yohane 3:19-24.) “Re tla itse ha re le ba boamarure” mme re se makgoba a tsietso ya botenegi “ka gōna mo”​—lebaka la go bo re bontsha lorato lwa bokaulengwe. Ka gone “re icholohetsa pelo” fa pele ga Modimo. (Pesalema 119:11) Fa dipelo tsa rona di re atlhola, gongwe ka gonne re ikutlwa gore ga re a bontsha baobamedi ka rona lorato lo lo lekaneng, gakologelwa fa “Modimo o le mogolo go heta dipelo tsa rona, me o itse dilō cotlhe.” O kutlwelo-botlhoko ka gonne o itse ‘go rata bakaulengwe ga rona go go senang boitemokanyo,’ go lwa ga rona le boleo, le maiteko a rona a go tshela ka tsela eo e mo itumedisang (1 Petere 1:22; Pesalema 103:10-14) “Ha pelo tsa rona di sa re nyatse” gonne go na le ditiro tseo di supang lorato lwa bokaulengwe, mme re sena molato wa maleo ape a a fitlhegileng “re na le botlhōka poihō le Modimo” ka thapelo. (Pesalema 19:12) Mme o araba dithapelo tsa rona “ka re bolokile ditaolō tsa ona, re bile re diha dilō tse di kgatlhañ mo matlhoñ a ōna.”

17. “Taolō” ya Modimo e akareletsa ditaolo dife tse pedi?

17 Fa re batla gore dithapelo tsa rona di arabiwe, re tshwanetse go boloka “taolō” ya Modimo eo e akareletsang dipatlafalo tse pedi tseno: (1) Re tshwanetse go nna le tumelo mo “ineñ” la ga Jesu, re amogela thekololo le go amogela taolo ya gagwe e a e neilweng ke Modimo. (Bafilipi 2:9-11) (2) Gape re tshwanetse go bo re “ratana” fela jaaka Jesu a laetse (Yohane 15:12, 17) Kwantle ga pelaelo, ope yo o nang le tumelo mo leineng la ga Keresete o tshwanetse go rata ba bangwe botlhe bao ba bontshang tumelo e e ntseng jalo.

18. Re itse jang gore Jehofa o “nnela rure mo go rona”?

18 Motho yo o bolokang ditaolo tsa Modimo “o nnèla rure mo go ōna,” o utlwana le Jehofa. (Bapisa Yohane 17:20, 21) Mme re “itse” jang gore Modimo o “nnetse rure mo go rona”? Re itse seno “ka Mōea [o o boitshepo] o o o re neileñ.” Go nna le moya o o boitshepo wa Modimo le go kgona go bontsha maungo a one, go akareletsa le lorato lwa bokaulengwe, go supa gore re utlwana le Jehofa.​—Bagalatia 5:22, 23.

Itiseng!

19, 20. Ke ka ntlhayang fa re ‘tlhomamisa mewa, mme Johane o baakanyetsa ka thuso efe mo ntlheng eno?

19 Morago ga moo Johane o bontsha ka moo re ka itisang ka gone. (Bala 1 Yohane 4:1.) Ga re a tshwanela go dumela moya mongwe le mongwe, mme re tshwanetse gore re “tlhomamisè meōea, bo ke ea Modimo.” Ka ntlhayang? “Ka baperofeti ba le bantsi ba e señ bōnè ba tswetse mo lehatshiñ.” Bobotlana bangwe ba baruti ba ba tsietsang bano ba ne ba kgarakgatshega ka nako eo, ba kopanela le diphuthego tse di farologaneng, mme ba senka go “itshadisa barutwa moragō.” (Ditihō 20:29, 30; 2 Yohane 7) Jalo bao ba ikanyegang ba ne ba tshwanetse go itisa.

20 Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba “lemoga meōea,” mpho e e gakgamatsang ya maatla a a dirang a Modimo ao ka phepafalo a neng a ba kgonisa go tlhomamisa fa mewa e ne e tswa go Jehofa. (1 Bakorintha 12:4, 10) Mme tlhagiso ya ga Johane e lebega e dira mo Bakereseteng ka kakaretso mme e mosola gompieno fa batenegi ba leka go bodisa tumelo ya Basupi ba ga Jehofa. Lemororo mpho ya moya ya ‘go lemoga mewa’ e fetile, mafoko a ga Johane a neela tsela ya go tlhomamisa fa baruti ba tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo kana ke ditlhotlheletso tsa badimona.

21. Ke tsela efe e nngwe ya go tlhomamisa “meōea”?

21 A o ke o tlhokomele tsela e nngwe ya go tlhomamisa. (Bala 1 Yohane 4:2, 3.) “Mōea moñwe le moñwe o o ipolèlañ gore, Yesu Keresete o tsile mo nameñ, ko ōna oa Modimo.” Re dumela gore Jesu o kile a tshela jaaka motho ebile ke Morwa Modimo, mme tumelo ya rona e re tlhotlheletsa go ruta ba bangwe dinnete tse di ntseng jalo. (Mathaio 3:16, 17; 17:5; 20:28; 28:19, 20) “Me mōea moñwe le moñwe o o sa ipoleleñ Yesu, ga se oa Modimo.” Go na le moo, “ke ōna mōea oa moganetsa Keresete” o o kgatlhanong le Keresete ebile o le kgatlhanong le dithuto tsa Dikwalo ka ga gagwe. Kwantle ga pelaelo, Johane le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba ile ba tlhagisa gore “mōea wa moganetsa Keresete o ne o tla.” (2 Bakorintha 11:3, 4; 2 Petere 2:1) Ereka baruti ba maaka ka nako eo ba ne ba tshosetsa Bakeresete ba boammaaruri, Johane o ne a ka re, “o setse o le mo lehatshiñ.”

22. Tsela e nngwe gape ya go tlhomamisa “meōea” ke efe?

22 Tsela e nngwe ya go tlhomamisa “meōea” ke go ela bao ba e reetsang tlhoko. (Bala 1 Yohane 4:4-6.) Jaaka batlhanka ba ga Jehofa, re “hentse” baruti ba ba maaka, ka go fenya maiteko a bone a go re kgaoganya le boammaaruri jwa Modimo. Phenyo eno ya semoya e ile ya kgonagala ka go bo Modimo, o o ‘nang’ le Bakeresete ba ba ikanyegang, “a le mogolo go heta eo [Diabolo] o mo lehatshiñ,” kana mokgatlho wa batho o o sa siamang. (2 Bakorintha 4:4) Ereka batenegi e le ba “lehatshe” mme ba na le moya wa lone o o boikepo, ‘ba bua jaaka ba lefatshe, mme lefatshe le ba utlwe.’ Ereka re na le moya wa ga Jehofa, re ka lemoga sebopego sa “dipolelo tse di tlhotlheleditsweng” (NW) tse eseng tsa semoya mme ka gone ra ganana le tsone.

23. Ke bomang bao ba re reetsang le go lemoga gore re gogiwa ke moya wa Modimo?

23 Mme re itse gore “re ba Modimo” ka gonne “eo o itseñ Modimo oa re utlwa.” Ba seka-dinku ba lemoga gore re ruta boammaaruri jo bo thailweng mo Lefokong la Modimo. (Bapisa Yohane 10:4, 5, 16, 26, 27.) Tota, “eo o señ oa Modimo ga a re utlwe.” Baperofeti, kana baruti, ba maaka ba ne ba sa reetse Johane kana ba bangwe bao e neng e le ‘ba Modimo’ ebile ba neela tao eo e utlwalang semoyeng. Jalo “rea itse mōea oa boamarure, le mōea oa timèlō ka gōna moo.” Rona bao re bopang lelapa la baobamedi ba ga Jehofa re bua “puō e e itshekileñ” ya boammaaruri jwa Dikwalo eo e baakanyediwang ka phuthego ya Modimo. (Sefania 3:9) Mme go tswa mo go seo re se bolelang, go phepafetse mo go ba seka-dinku gore re gogiwa ke moya o o boitshepo wa Modimo.

24. Ke eng seo se latelang seo Johane a tla re se tlhalosetsang?

24 Go tla go fitlha mo ntlheng eno, Johane o ile a tlhoma dipatlafalo dingwe tsa konokono tseo re tshwanetseng go di fitlhelela gore re tswele pele re tshela jaaka bana ba Modimo. Morago ga moo o tla bontsha lebaka la go bo re tshwanetse go bontsha lorato le tumelo ka metlha.

O Araba Jang?

◻ Bangwe ba dirwa “bana ba Modimo” jang?

◻ Re ka farologanya jang bana ba Modimo mo go ba ga Diabolo?

◻ Go akanyetsa tsela ya ga Kaene go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go dirang?

◻ Re tshwanetse go bontsha lorato lwa bokaulengwe go ya bokgakaleng bofe?

◻ “Meōea” e ka tlhomamisiwa jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Go akanyetsa tsela ya ga Kaene go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go itisa mo go ileng ope wa bakaulengwe ba rona

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Baobamedi ba ga Jehofa ba bua “puō e e itshekileñ” ya boammaaruri jwa Dikwalo eo e baakanyediwang ke phuthego ya Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela