Ka Metlha lo Bontsheng Lorato le Tumelo
“Eo o nnetseñ rure mo loratoñ o nnetse rure mo Modimoñ.” “Me e ke eōna phenyo e e henyañ lehatshe, eboñ tumèlō ea rona.”—1 YOHANE 4:16; 5:4.
1, 2. Ke dinonofo dife tseo segolo-bogolo di otlelelwang mo go 1 Yohane 4:7-5:21?
JEHOFA ke mothofatso ya lorato, mme bao ba eletsang go mo itumedisa ba tshwanetse go bontsha nonofo eno ya bomodimo. Moaposetoloi Johane o phepafatsa seno mo karolong ya bofelo ya lekwalo la gagwe la ntlha le le tlhotlheleditsweng.
2 Bakeresete ba boammaaruri gape ba tshwanetse go bontsha tumelo. Ke fela ka tsela eno ba ka fenyang lefatshe mme ba nnela ruri ba bolokesegile ba amogelwa ke Jehofa. Fa re ntse re ithuta karolo ya bofelo ya lekwalo la ga Johane, he, a re sekasekeng ka thapelo botlhokwa jwa go bontsha lorato le tumelo.
‘A Re Rataneng’
3, 4. Go bontsha lorato go na le kamano efe le go itse Modimo ga rona?
3 Johane o otlelela botlhokwa jwa lorato. (Bala 1 Yohane 4:7, 8.) “Baratwa” ba Bakeresete ba kgothalediwa go ‘ratana, ka gonne lorato ke selo sa Modimo,’ Jehofa ke Motswedi wa lone. “Moñwe le moñwe eo o ratañ o tsecwe ke Modimo [jaaka motho yo o tsetsweng ka moya] o bile o itse Modimo,” o tlwaelane le dinonofo tsa ga Jehofa le maikaelelo a gagwe, le ka moo a bontshang lorato ka gone. Gompieno ‘go itse Modimo’ gono go ile ga bonwa gape le ke “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” tsa ga Keresete.
4 Go itse Modimo go kaya go anaanela dinonofo tsa gagwe eletota, go mo rata ka bojotlhe, le go mo ngaparela jaaka Molaodi wa rona. Mme “eo o sa rateñ ga a itse Modimo.” Bao ba sa bontsheng lorato lwa Bokeresete ga ba “itse Modimo; gonne Modimo o loratō.” Ee, lorato ke nonofo e kgolo ya ga Jehofa, eo e bonalang mo dipaakanyetsong tsa gagwe tsa semoya le tse di bonalang tsa setho.
5. Bosupi jo bogolo go gaisa jwa gore “Modimo o loratō” ke bofe?
5 Seo se umakiwang morago ga moo ke bosupi jo bogolo go gaisa jwa gore “Modimo o loratō.” (Bala 1 Yohane 4:9, 10.) Johane o bolela gore: “Loratō loa Modimo lo bōnatshedicwe rona [jaaka baleofi bao ba tshwanelwang ke loso] ka gōna mo, ka Modimo o romile Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi mo lehatshiñ gore re tshelè ka èna.” Jesu ke “Morwa . . . eo o tsecweñ a le esi” wa ga Jehofa ka gonne ke ene fela yo Modimo o mmopileng ka tlhamalalo. (Yohane 1:1-3, 14; Bakolosa 1:13-16) Mme Jesu ‘o ne a romelwa mo lefatsheng leno’ ka go fetoga motho, go diragatsa bodihedi jwa gagwe phatlalatsa, mme morago ga moo a swa loso lwa setlhabelo. (Yohane 11:27; 12:46) ‘Go bona botshelo jo bo sa khutleng ka ene,’ go sa kgathalesege gore ke kwa legodimong kana mo lefatsheng, go tlhoka tumelo mo setlhabelong sa gagwe sa thekololo.
6. Lefa re ne re sa le baleofi bao ba sa rateng Modimo, o ne a dirang?
6 Re ne re santse re le baleofi bao ba neng ba sa rate Modimo ‘fa a ne a re rata, mme a roma Morwa ona go tla a nna seletlanyo se se ntsheditsweng dibe tsa rona.’ Setlhabelo sa ga Keresete se re kgonisitse gore re fitlhelele go busediwa mo dikamanong tse di siameng le Modimo. (Baroma 3:24, 25; Bahebera 2:17) A o anaanela pontsho eno e kgolo go gaisa ya lorato lo lo sa tshwanelang la Rraarona wa selegodimo?
7. (a) Ereka re se kake ra re re rata Jehofa ka go bo re kile ra mmona, re ka bontsha jang gore re a mo rata? (b) Go bontsha ga rona lorato lwa bokaulengwe go supa eng?
7 Lorato lwa Modimo mo go rona lo tshwanetse go ama boikutlo jwa rona ka ba bangwe. (Bala 1 Yohane 4:11-13.) Ereka a re ratile lefa re ne re le baleofi, “le rona re chwanetse go ratana.” Mo gare ga batho, “ga go motho opè eo o kileñ a bōna Modimo ka motlha opè.” Jalo ga re kake ra re re rata Jehofa ka gonne re kile ra mmona ka motlha ope. (Ekesodo 33:20; Yohane 1:18; 4:24) Lefa go ntse jalo, ka go bontsha lorato re bontsha gore re rata Motswedi wa nonofo eno. Lorato lwa rona lwa bokaulengwe lo supa gore “Modimo o nnetse rure mo go rona, loratō loa ōna lo dihilwe boitekanèlō,” kana lo bonala ka botlalo, mo go rona. Mme re itse gore “re nnetse rure mo” go Jehofa “ka o re abetse Mōea oa ōna.” Go bontsha ga rona lorato lwa bokaulengwe go supa gore moya wa ga Jehofa o dira mo go rona, gonne lorato ke lengwe la maungo a one. (Bagalatia 5:22, 23) Seno se bontsha gore re itse Modimo ebile o a re amogela.
8. Bosupi jo bongwe jo bo leng gone jwa gore re ‘mo Modimong’ ke bofe?
8 Go na le bosupi jo bo oketsegileng jwa gore ‘Modimo o ntse’ mo go rona. (Bala 1 Yohane 4:14-16a.) Fa Johane a sena go “shupa” seo Jesu a se dirileng mo lefatsheng le ka moo a bogetseng setho ka gone, o ne a ‘supa gore Rara o rometse Morwae jaaka Mmoloki wa lefatshe’ wa setho se se leofileng. (Yohane 4:42; 12:47) Go feta moo, ‘Modimo o nnetse ruri mo go rona le rona mo go ona’ fa re ipolela go tswa mo pelong gore Jesu ke Morwawe. Seno se tlhoka go bontsha tumelo le go neela bosupi phatlalatsa gore Jesu ke Morwa Modimo. (Yohane 3:36; Baroma 10:10) Tsholofelo ya rona go “loratō lo Modimo o re ratileñ ka lōna” e neela bosupi jo bo oketsegileng jwa gore go sa kgathalesege gore re ba masalela a a tloditsweng kana ba “dinku di sele,” re na le kutlwano le Jehofa.
9. (a) Go rata Modimo go ka ‘dirwa boitekanelo’ ka mogopolo ofe, mme seno se ka ama kamano ya rona le ba bangwe jang? (b) Lorato lo lo ‘itekanetseng’ lo godisang?
9 Morago ga moo Johane o bontsha gore lorato lo ka “dihwa boitekanèlō.” (Bala 1 Yohane 4:16b, 17.) Re gakololwa gore “Modimo o loratō.” Ka gonne re ‘nnela ruri mo loratong,’ re bontsha loungo lono lwa moya wa ga Jehofa, re ‘nnela ruri mo Modimong.’ Fa lorato lwa ga Jehofa lo ‘dirilwe boitekanelo mo go rona,’ lo bonala ka botlalo mo go ene, re tla rata badumedi ka rona. (Bapisa 1Jo 4 temana 12.) Lorato lo lo ‘itekanetseng’ gape lo godisa “botlhōka poihō” mo Modimong fa re rapela jaanong le mo “tsatsiñ ya tshèkō” leo le amanang le go nna gone ga ga Keresete. Bao ba bontshang lorato lo lo ntseng jalo ka gone ga ba na lebaka lepe la go boifa gore katlholo ya Modimo e tla nna botlhoko. Fa re bontsha lorato, ka tsela eo fela “yaka [Jesu] a nntse, le rona re nntse hèla yalo mo lehatshiñ yeno.” Ee, re tshwana le ene mo go ipeleleng go amogelwa jaaka bana ba Modimo mo lefatsheng leno la setho seo se tlhoboganeng le Modimo.
10. Bao lorato lo dirilweng “boitekañelō” mo go bone ga ba diragalelwe ke eng?
10 Bao lorato lwa Modimo lo ‘dirilweng boitekanelo’ mo go bone ga ba na poifo eo e kgoreletsang thapelo. (Bala 1 Yohane 4:18, 19.) “Poihō e na le pecō” eo e tla re thibelang go atamela Jehofa ka tshosologo. Jalo fa re na le poifo e e ntseng jalo, ‘ga re a dirwa boitekanelo mo loratong.’ Mme fa re ‘dirilwe boitekanelo mo loratong,’ nonofo eno e tlatsa dipelo tsa rona, e re tlhotlheletsa go dira thato ya Modimo, mme e re tlhotlheletsa go nna gaufi le Rraarona wa selegodimo ka thapelo. Kwantle ga pelaelo re na le lebaka la go rata Jehofa le go mo rapela, gonne jaaka Johane a bolela, ‘rea rata, ka go bo Modimo a re ratile pele.
11. Ke ka ntlhayang fa go utlwala gore re obamela taolo e e reng “Eo o ratañ Modimo, a a ratè le mogagabō”?
11 Tota gone, ga go a lekana go bolela fela gore re rata Modimo. (Bala 1 Yohane 4:20, 21.) Ope yo o reng, “Ke rata Modimo” mme a ila mokaulengwe wa gagwe wa semoya “o maaka.” Ereka re ka kgona go bona mokaulengwe wa rona le go bona mekgwa ya gagwe ya bomodimo, go mmontsha lorato go tshwanetse ga nna motlhofo go feta go rata Modimo o o sa bonaleng. Eleruri, “eo o sa rateñ mogagabō eo o mmōnañ ka matlhō, ga a kake a rata Modimo o a e señ a o bone.” Jalo go a utlwala gore re utlwe “taolō” eno: “Eo o ratañ Modimo, a a ratè le mogagabō.”
Ke Bomang Bao ba Fenyang Lefatshe?
12. Ereka re rata Modimo, re tla lebelelwa gore re nne le lorato lofe gape?
12 Morago ga moo Johane o bontsha seo tota go rata Modimo go se kayang. (Bala 1 Yohane 5:1-5.) Santlha, moaposetoloi yono o tlhalosa gore “leha e le mañ eo o dumelañ ha Yesu e le Keresete” (Mesia, kana Motlodiwa wa ga Jehofa) “o tsecwe ke Modimo,” kana o tloditswe ka moya ke Jehofa. Go feta moo, mongwe le mongwe yo o ratang Motlotsi, ebong Jehofa, o rata ope o sele yo o “tsecweñ ke èna.” Ee, bana botlhe ba Modimo ba ba tloditsweng ba a mo rata mme ba lebeletswe gore ba ratane. Lorato lo lo ntseng jalo lwa bokaulengwe gape lo tlhaola “boidiidi yo bogolo jwa “dinku di sele” tseo di nang le ditsholofelo tsa mo lefatsheng.—Yohane 10:16; Tshenolō 7:9.
13. (a) Ke ka ntlhayang fa ditaolo tsa Modimo di sa “tlhokohatse” mo go rona? (b) Re ‘fenya lefatshe’ jang?
13 ‘Re itse gore re rata bana ba Modimo fa re rata Modimo ebile re boloka ditaolo tsa gagwe.’ Tota, ‘lorato lwa Modimo lo kaya gore re boloke ditaolo tsa gagwe.’ Ereka re rata Modimo le tshiamo, re itumelela go boloka ditaolo tsa gagwe. Johane o bolela gore ga di “tlhokohatse” mo go rona “gonne señwe le señwe se se tsecweñ ke Modimo se henya lehatshe.” “Señwe le señwe” se ka kaya maatla ao a neelwang ke Modimo a ‘go fenya lefatshe,’ kana go fenya mokgatlho wa batho o o sa siamang ka dithaelo tsa one tsa go tlola ditaolo tsa ga Jehofa. (Yohane 16:33) “Phenyo e e henyañ lehatshe” ke “tumèlō ea rona” mo Modimong, mo Lefokong la gagwe le mo go Morwawe. Fa re ‘dumela gore Jesu ke Morwa Modimo,’ re ‘fenya lefatshe’ ka go ganana le go akanya ga lone go go phoso le ditsela tsa lone tse di sa siamang, le ka go boloka ditaolo tsa Modimo.
14. (a) Jesu o tlile ka ‘metsi’ jang? (b) Keresete o ne a bontshiwa jang gore ke Morwa Modimo “ka madi”? (c) Moya o o boitshepo o ‘supetse’ Keresete jang?
14 Ereka tumelo mo go Jesu e le botlhokwa jaana gore re nne ‘bafenyi ba lefatshe,’ Johane o tlhagisa bosupi jo bo neetsweng kaga Keresete ke “bararo ba ba shupañ.” (Bala 1 Yohane 5:6-8.) Santlha Johane o bontsha gore Jesu ‘o tsile ka metsi.’ Fa Jesu a ne a kolobediwa mo metsing go bontsha go itlhagisa ga gagwe go Modimo, Jehofa o ne a bolela gore: “Eo ke Morwaake eo o ratègañ, eo ke itumèlañ thata mo go èna.” (Mathaio 3:17) Gape Keresete o ne a bontshiwa fa e le Morwa Modimo “ka madi” ao a a tsholotseng ka loso lwa gagwe jaaka thekololo. (1 Timotheo 2:5, 6) Go feta moo, Johane o bolela gore, “Mōea [o o boitshepo] ko ōna o o shupañ, ka Mōea ko ōna boamarure.” Go fologela ga moya mo go Jesu ka nako eo a neng a kolobediwa ka yone go ne ga mo supa fa e le Morwa Modimo. (Mathaio 3:16; Yohane 1:29-34) Moya wa ga Jehofa o ne wa kgonisa Jesu go diragatsa thomo ya gagwe le go dira ditiro tse dikgolo. (Yohane 10:37, 38; Ditihō 10:38) Modimo o ne a baka lefifi le le sa tlwaelegang, thoromo ya lefatshe, le go gagoga ga letsela la tempele ka moya fa Jesu a ne a swa, mme morago ga moo Modimo o ne a mo tsosa ka one moya o o tshwanang.—Mathaio 27:45-54.
15. “Bararo ba ba shupañ” ke bafe?
15 Ka gone “go bararo ba ba shupañ” lebaka la gore Jesu ke Morwa Modimo. Bone ke (1) moya o o boitshepo, (2) metsi ao Jesu a neng a kolobediwa ka one le seo a neng a se emela (go itlhagisa ga gagwe go Jehofa), le (3) madi ao a a tsholotseng ka loso jaaka thekololo. Ba bararo bano “ba shupèla goñwe” mo go neeleng bosupi jwa gore Jesu ke Morwa Modimo, yoo re tshwanetseng go nna le tumelo ya boammaaruri mo go ene gore re amogele botshelo jo bo sa khutleng.—Bapisa Duteronome 19:15.
Bosupi jo bo Neelwang ke Modimo
16. Jehofa o supile malebana le Jesu jang?
16 Modimo ka boone o ile wa neela bosupi malebana le Morwawe. (Bala 1 Yohane 5:9-12.) “Ha re amogèla (jaaka boammaaruri) chupō ea batho [ba ba sa itekanelang] [jaaka re tlwaetse go dira mo motlotlong le kwa kgotla-tshekelong], chupō ea Modimo e kgolo bogolo.” (Yohane 8:17, 18) Ereka ‘Modimo o se kake oa aka,’ re ka ikanya ‘bosupi joo a bo neetseng malebana le Morwawe’ ka botlalo. Mme Jehofa o boletse gore Jesu Keresete ke Morwawe. (Tito 1:2; Mathaio 3:17; 17:5) Go feta moo, Modimo ke ene o neng a tlhotlheletsa “bararo ba ba shupañ,” ke gore, moya wa Gagwe o o boitshepo, metsi a Jesu a kolobeditsweng mo go one, le madi a a tsholotsweng a ga Keresete.
17. Poloko e kgonagala ka tsela efe fela?
17 “Eo o dumèlañ mo go Morwa Modimo, o na le chupō mo teñ ga gagwè,” kana “mo go ene,” ka gonne bosupi jotlhe bo mo tlhatswa pelo gore Jesu ke Morwa Modimo. Mme “eo o sa dumeleñ Modimo” jaaka mosupi yo o ikanyegang malebana le Morwa wa gagwe o dira gore Jehofa a lebege e le moaki. Tota gone, selekanyo sa bosupi jo bo neetsweng ke “go re, Modimo o re neile botshelō yo bo sa khutleñ, me botshelō youō bo mo go Morwa ōna.” Poloko ya botshelo jo bo sa khutleng e kgonagala fela ka go dumela mo go Jesu jaaka Morwa Modimo. (Yohane 11:25, 26; 14:6; 17:1-3) Jalo “eo o nañ le Morwa” ka go dumela mo go ene o na le mpho e e sa tshwanelang ya botshelo jo bo sa khutleng (Yohane 20:31) Mme “botshelō youō” ga bo kitla bo ipelelwa ke ope yo o tlhaelang tumelo mo go Jesu jaaka Morwa Modimo.
Thapelo e a Dira!
18. Ke ka ntlhayang fa Johane a kwadile “dilō tse”?
18 Morago ga moo Johane o neela boikaelelo jwa konokono jwa lekwalo la gagwe le go tlotla ka thapelo. (Bala 1 Yohane 5:13-15.) O kwadile “dilō tse” gore go itsiwe ‘gore re na le botshelo jo bo sa khutleng.’ Re tlhatswegile pelo ka seno jaaka bao ba dumelang mo “ineñ” la Morwa Modimo. (Bapisa 1 Yohane 3:23.) Mme batenegi, bao eseng ba rona, ga ba kake ba senya tumelo eo.—1 Yohane 2:18, 19.
19. (a) Go ya ka 1 Yohane 5:14, 15, re na le “botlhōka poihō” bofe go Modimo? (b) Dingwe tsa dilo tseo re ka di rapelelang ka tshwanelo ke dife?
19 Re na le “botlhōka poihō” mo Modimong, kana “tshosologo,” ya gore go sa kgathalesege seo re se kopang ka thapelo “kaha go rateñ ga ōna, oa re utlwa.” Re rapelela dilo tse di ntseng jaaka go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa, moya wa gagwe, botlhale jwa bomodimo, le go gololwa mo go yo o bosula (Mathaio 6:9, 13; Luke 11:13; Yakobe 1:5-8) Mme “re itse ha re chotse ditōpō tse re di lopileñ mo go ōna,” “eo u utlwañ thapèlō.”—Pesalema 65:2.
20, 21. (a) “Boleo yo bo sa iseñ loshuñ” ke bofe? (b) Ke ka ntlhayang fa go le phoso go rapela malebana le “boleo yo bo isañ loshuñ”?
20 Morago ga moo Johane o bua ka thapelo le mefuta e mebedi ya boleo. (Bala 1 Yohane 5:16, 17.) “Boleo yo bo sa iseñ loshuñ” ga se jwa ka boomo, mme go tla bo go se phoso go rapelela gore modiraphoso yo o ikotlhayang a itshwarelwe (Ditihō 2:36-38; 3:19; Yakobe 5:13-18) Mme go tla bo go le phoso go rapela malebana le “boleo yo bo isañ loshuñ” ka gonne boleo jono ke jwa ka boomo jo bo kgatlhanong le moya o o boitshepo, joo go sa kgonagaleng gore bo itshwarelwa (Mathaio 12:22-32; Bahebera 6:4-6; 10:26-31) Baleofi ba ba ntseng jalo ba ya Gehenna, ba itemogela tshenyego e e sa khutleng mo ‘losong lwa bobedi.’ (Tshenolō 21:8; Mathaio 23:15) Jalo lefa Jehofa e le ene Moatlhodi wa bofelo, ga re itsenye mo kotsing ya go mo galefisa ka go rapelela moleofi fa bosupi bo bontsha gore o molato wa “boleo yo bo isañ loshuñ” jwa ka boomo.
21 Jalo, “ha motho moñwe [segolo-bogolo mogolwane yo o tloditsweng ka moya] a bōna mogagabō a diha boleo boñwe, e se yo bo isañ loshuñ [“losho loa bobedi”], o tla lōpa, me Modimo o tla mo [moleofi] naea botshelō,” a mmoloka mo go nyeleletsweng ruri. Tota gone, “tshiamololō eotlhe ke boleo,” kana go fosa letshwao malebana le ditekanyetso tse di siameng tsa Modimo. “Me go na le boleo yo bo sa iseñ loshuñ” ka gonne bo nna gone ka ntlha ya bosaitekanelang jwa rona, re a ikotlhaya, mme boleo joo bo bipiwa ka setlhabelo sa ga Keresete.
Dintlha-Kgolo tsa Lekwalo la ga Johane
22. Ke mang yo a sa ‘ameng’ Mokeresete yo o ikanyegang, mme motho yo o ntseng jalo a ka rapelela eng ka tsholofelo?
22 Jaanong Johane o sobokanya dintlha tsa konokono tse di mo lekwalong la gagwe. (Bala 1 Yohane 5:18-21.) Mongwe le mongwe “eo o tsecweñ ke Modimo” jaaka Mokeresete yo o tloditsweng ka moya “ga a leohe.” Jesu Keresete, “eo o tsecweñ ke Modimo” ka moya o o boitshepo, “o a mo tlhokomela, mme yo o bosula [Satane], ga a mo ame.” (NW) Mokeresete yo o ntseng jalo ke yo o tloditsweng yo o ikanyegang a ka rapela a na le tsholofelo gore a gololwe mo go yo o bosula mme a ka falola kgobalo ya semoya mo ‘metswing e e molelo’ ya ga Satane “ka thèbè ea tumèlō.”—Mathaio 6:13; Baefesia 6:16.
23. ‘Lefatshe le namaletse fa tlase ga yo o bosula’ jang?
23 Ereka batlodiwa ba na le bosupi jwa gore ke barwa ba semoya ba ga Jehofa, ba ka nna ba re, “re a itse ha re le ba Modimo.” Lebaka la go bo ba na le tumelo mo go Keresete le go bo ba sa dire sebe le supa gore ke bana ba Modimo bao Satane a sa kgoneng go ba ‘ama.’ “Me lehatshe yeotlhe (mokgatlho wa batho ba ba sa siamang) le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula,” ebong Satane Diabolo. (Baefesia 2:1, 2; Tshenolō 12:9) Lefatshe le ineela mo tlhotlheletsong e e bosula ya ga Satane le go laolwa ke yone, ga le dire boiteko bope jwa go kgaogana le yone gore le dire thato ya Modimo.
24. Jesu o “re neile tlhaloganyo” go ya bokgakaleng bofe?
24 Baruti bangwe ba maaka ba ne ba bolela gore Keresete o ne a sa tla mo nameng. (2 Yohane 7) Mme bosupi jo bo tlhalositsweng mo lekwalong leno bo kgonisa Johane gore a re, “Re itse ha Morwa Modimo a tsile.” (1 Yohane 1:1-4; 5:5-8) Mo godimo ga moo, Jesu o “re neile tlhaloganyo” gore “re itse èna eo o leñ boamarure,” go tlhaloganya Modimo goo go gatelang pele. (Mathaio 11:27) Jalo “re mo go ena (Jehofa Modimo) yo o boammaaruri, ka Morwa ona Jesu Keresete.”—Bapisa Yohane 17:20, 21.
25. Jaaka Bakeresete, re ka dirisa jang kgakololo e e go 1 Yohane 5:21?
25 Bao ba leng mo kutlwanong le Modimo wa boammaaruri, Jehofa, go sa kgathalesege gore ke ba masalela a a tloditsweng kana ba “dinku di sele,” ba batla go mo itumedisa ka tsela nngwe le nngwe. Mme dithaelo tsa go kopanela mo kobamelong ya medimo ya disetwa di ne di le teng mo lekgolong la ntlha la dingwaga, le eleng jaaka di ntse gompieno. Jalo Johane o konela lekwalo la gagwe ka mo go opang kgomo lonaka ka kgakololo e e tshwanang le ya rre a re: “Banyana ba me, ikeheñ mo medimoñ ea disètwa.” Jaaka Bakeresete, ga re obamele ditshwantsho (Ekesodo 20:4-6) Gape re itse gore go tla bo go le phoso go ipaya, go baya menate, kana go baya sepe se sele mo boemong jwa Modimo. (2 Timotheo 3:1, 2, 4) Mme go ineela ga rona mo go ene go iletsa go obamela ga rona “sebatana” sa sepolotiki le “sechwanchō” sa sone. (Tshenolō 13:14-18; 14:9-12) Jalo ka tebelelo ya go itumedisa Rrarona wa selegodimo le go amogela mpho ya gagwe ya botshelo jo bo sa khutleng, a re ititieng sehuba go tila kobamelo yotlhe ya medimo ya disetwa, le ka motlha re seka ra e letlelela gore e senye kamano ya rona e e botlhokwa-tlhokwa le Jehofa ka Jesu Keresete.
Thuso ya Rona e e Nnelang Ruri
26. Dikarolo dingwe tsa botlhokwa tsa Yohane wa Ntlha ke dife?
26 Lekwalo la ntlha le le tlhotlheleditsweng la ga Johane le ne la thusa Bakeresete ba pele go kgaogana le kobamelo ya medimo ya disetwa. Le ne la ba kgonisa go fenya maaka a batenegi, mme le dira boikaelelo jo bo tshwanang le gompieno. Ka sekai, le supa gore Jesu Keresete o ne a tshela jaaka motho a bo a swa jaaka “seletlanyō” sa dibe. Lekwalo leno le kgetholola “moganetsa Keresete” mme le farologanya bana ba Modimo mo go ba ga Diabolo. Le bontsha ka moo go ka tlhomamisiwang “meōea” ka gone go bona fa e le ya ga Jehofa. Go feta moo, Mafoko a ga Johane a re tlhatswa pelo gore “Modimo o loratō,” gore tumelo ya boammaaruri e fenya lefatshe, le gore Jehofa o utlwa dithapelo tsa Basupi ba gagwe ba ba ikanyegang.
27. Lekwalo la ntlha la ga Yohane le le tlhotlheleditsweng le ka re thusa ka ditsela dife?
27 Fa re lebane le dithaelo tsa lefatshe, abo go le botlhale jang ne go gakologelwa tlhagiso ya ga Johane kgatlhanong le go rata lefatshe! Fa diphaapang tsa botho di imela kamano ya rona le badumedi ka rona ba ba rileng, mafoko a ga moaposetoloi yono a ka re gakolola gore re ka itshupa re le ba ba ratang Modimo ka go bontsha lorato lwa bokaulengwe. Ka thuso ya bomodimo le ka go dira kgakololo ya ga Johane, re ka tila go dira boleo le go boloka tumelo eo e fenyang lefatshe. Jalo a re bontsheng go lebogela ga rona lekwalo leno le le tlhotlheleditsweng fa re ntse re tsamaya mo leseding la bomodimo, re tswela pele re tshela jaaka bana ba Modimo, mme ka gale re bontsha lorato le tumelo go galaletsa Rraarona wa selegodimo, ebong Jehofa.
O Ne O Tla Arabela Jang?
◻ Fa re rata Jehofa, seno se tshwanetse go ama kamano ya rona le badumedi ka rona jang?
◻ Re ka ‘fenya lefatshe’ jang?
◻ “Bararo ba ba shupañ” malebana le Morwa Modimo ke bafe?
◻ Malebana le thapelo ke “botlhōka poihō” bofe joo re ka nnang le jone?
◻ Johane wa Ntlha o ka re thusa ka ditsela dife?
[Mafoko a a mo go tsebe 22]
Ereka Jehofa a re ratile lefa re ne re sa le baleofi, ‘re tshwanetse go ratana’
[Mafoko a a mo go tsebe 23]
Tumelo ya rona mo Modimong, mo Lefokong la gagwe, le mo go Morwawe yo o tsetsweng a le esi e re kgonisa go ‘fenya lefatshe’
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Moya o o boitshepo, metsi a Jesu a kolobeditsweng ka one, madi a gagwe a a tsholotsweng, le Jehofa ka boene ba supela gore Jesu Keresete ke Morwa Modimo