LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 7/15 ts. 10-15
  • Lo Nne lo Tsamaye mo Leseding la Bomodimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lo Nne lo Tsamaye mo Leseding la Bomodimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bolekane jo bo Lereng Boipelo
  • “Modimo ke Lesedi”
  • Motheo wa Seletlanyo
  • Obamela Modimo o bo o Bontshe Lorato
  • Motheo wa Tsholofelo
  • Lorato Loo Re sa Tshwanelang go Nna le Lone
  • Ithibeng mo Boteneging
  • Go Rutiwa ke Jehofa Modimo
  • Nnang Lo Tsamayeng mo Leseding le mo Loratong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Buka ya Bibela ya bo 62—1 Yohane
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Ka Metlha lo Bontsheng Lorato le Tumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ganana le Botenegi, Ngaparela Boammaaruri!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 7/15 ts. 10-15

Lo Nne lo Tsamaye mo Leseding la Bomodimo

Ka nako eo setlhogo seno le tse pedi tseo di se latelang di ithutiwang mo phuthegong ka yone, motshwari wa tsone o tshwanetse go dira gore dikarolo tseo di tlhagang tsa Yohane wa Ntlha di balwe fa nako e letla

“Modimo ke Lesedi.”​—1 YOHANE 1:5.

1, 2. Yohane wa Ntlha e kwadilwe leng gone kae, mme e dira mo go bomang?

BASUPI BA GA JEHOFA ba lebogela lesedi la bomodimo mme ba ikaeletse go nna ba tsamaya mo go lone. Lefa go ntse jalo, go dira jalo ga go motlhofo ka gonne le eleng barutwa ba pele ba ga Jesu Keresete ba ne ba lebanwe ke botenegi. Mme baaposetoloi ba ga Jesu ba ba ikanyegang ba ne ba kganela go anama ga jone, mme mongwe yo o neng a ‘bo kganela’ e ne e le moaposetoloi Johane. (2 Bathesalonia 2:1-12, NW) Jaaka monna yo o tsofetseng thata yo o neng a nna mo Efeso kana gaufi le yone mo e ka nnang ka 98 C.E., o ne a kwala lekwalo la gagwe la ntlha leo le tlhotlheleditsweng ke Modimo. Kgakololo ya lone e ne ya thusa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga go nna ba tsamaya mo leseding la bomodimo. Mme go tweng ka rona?

2 Mafoko a ga Johane a ntse a le mosola ka mo go tshwanang go Bakeresete ba lekgolo la bo-20 la dingwaga. Jalo ka nako eo o ithutang setlhogo seno le tse pedi tseo di se latelang o le esi, tlhomamisega gore o bale dikarolo tsotlhe tseo di tlhagang tsa lekwalo la gagwe la ntlha le le tlhotlheleditsweng jaaka di sekasekiwa. Mo lekwalong la ga moaposetoloi le mo dikakgelong tsa rona mo go lone, maemedi a a ntseng jaaka “re” le “rona” segolo-bogolo a lebisa go balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu. Mme melao-metheo ya konokono eo e amanang le tshiamo, lorato, tumelo, le tse dingwe gape, e dira le mo Bakereseteng bao ba nang le ditsholofelo tsa mo lefatsheng.

Bolekane jo bo Lereng Boipelo

3. Ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore Morwa Modimo o ne a tshela, a boga, a bo a swa jaaka motho, mme ke ka ntlhayang fa a bidiwa “Lehoko ya Botshelō”?

3 Santlha Johane o bua kaga “bolekane” jo bo ipedisang (Bala 1 Yohane 1:1–4.) Jesu, ebong “Lehoko ya Botshelō,” o ne a na le Jehofa “mo tshimologoñ” jaaka sebopiwa sa ntlha sa Modimo, yoo ‘dilo tsotlhe di bopilweng’ ka ene. (Bakolosa 1:15, 16) Batenegi bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba iphaka gore ga ba na boleo mme ba ne ba gana boemo jwa ga Keresete jo bo tshwanetseng mo thulaganyong ya bomodimo. Mme baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba mo utlwa a bua, ba mmogela ka kelotlhoko, le go mo ama. Ba ne ba itse gore maatla a Modimo a ne a dira ka ene. Jalo go ne go na le bosupi jo bo bonweng ka matlho jwa gore e ne e le Morwa Modimo yo o neng a kile a tshela, a boga, le go swa jaaka motho. Ke “Lehoko ya Botshelō” ka gonne “botshelō [jo bo sa khutleng] yoa bōnatshèga” ka Jesu, yoo Modimo o baakanyeditseng thekololo ka ene.​—Baroma 6:23; 2 Timotheo 1:9, 10.

4. “Bolekane” joo batlodiwa ba nang le jone bo kayang?

4 Seo baaposetoloi ba buileng le go kwala ka sone, ba ne ba ‘supela’ motho yo o senang boleo ebong Jesu Keresete. Johane ‘o ne a kwala’ dilo tse di ntseng jalo gore batlodiwa ba ke ba bone “bolekane” le bajaboswa ba bangwe ba Bogosi, le Rre, mmogo le Morwawe. “Bolekane” jono bo kaya kutlwano ebile bo baka boipelo jo bogolo. (Pesalema 133:1-3; Yohane 17:20, 21) Batenegi bao ba ilang balekane ba pele mo tirelong ya ga Jehofa ga ba tlhole ba na le bolekane jo bo ntseng jalo le Modimo mmogo le Keresete.

“Modimo ke Lesedi”

5. Ke “taeco” efe eo baaposetoloi ba neng ba e amogela go tswa mo go Jesu, mme e ama boitshwaro jwa Basupi ba ga Jehofa jang?

5 Morago ga moo go ne ga begiwa “taecō” eo baaposetoloi ba e amogetseng go tswa go Jesu. (Bala 1 Yohane 1:5–7.) Ke eno: “Modimo ke lesedi me ga go na lehihi lepè [ga go na sepe se se sa itshekang, se se boitshwaro jo bo sa siamang, se se seng boammaaruri, kana se se bosula] mo go ōna.” Jalo Basupi ba ga Jehofa ba tila mekgwa yotlhe ya boleo eo e amanang le lefifi. (Yobe 24:14-16; Yohane 3:19-21; Baroma 13:11-14; 2 Bakorintha 6:14; 1 Bathesalonia 5:6-9) Ereka batenegi bangwe ba ne ba sa dumele gore go na le ditiro tsa boleo, ba ne ba le mo lefifing la semoya. Ba ne ba iphaka gore ba na le kitso nngwe ya sephiri, mme Modimo ke lesedi, eseng sephiri sepe sa lefifi. O neela lesedi la semoya go basupi ba ba ikanyegang fela.​—Mathaio 5:14-16; 1 Petere 2:9.

6. Fa re ‘dira boammaaruri ,’ re nna le tshegofatso efe?

6 Fa re bolela gore re na le “bolekane” bongwe le Modimo “me [re] tsamaea mo lehihiñ,” re tshela botshelo jwa boleo, re a “aka, me ga re dihe boamarure,” kana go tshela tumalanong le jone. Mme fa re latela tsela eo e dumalanang le boammaaruri, re mo leseding, jaaka Modimo a ntse. Re na le “bolekane” le Bakeresete ka rona, bao ba kitlaneng botlhe ka thuto, tebego ya semoya, tiro ya go dira barutwa, le dikarolo tse dingwe tsa kobamelo e e itshekileng.

7. Ke ka ntlhayang fa madi a ga Jesu a ka ‘re tlhatswa dibe tsotlhe’?

7 Go farologana le batenegi bangwe ba pele, rona bao re ‘tsamayang mo leseding’ re itsise gore sebe ga se phepa. Madi a ga Jesu “a re tlhapisa mo boleuñ yotlhe” ka gonne ga re baleofi ba ka boomo. (Mathaio 12:31, 32) Ruri, re a leboga go bo Modimo a bontsha kutlwelobotlhoko le eleng go Bakeresete bao ba dirang phoso mme ba ikotlhaya.​—Pesalema 103:8-14; Mika 7:18, 19.

Motheo wa Seletlanyo

8, 9. (a) Jehofa o tla re itshwarela mo motheong ofe? (b) Malebana le boleo, batenegi bangwe ba ne ba reng, mme ke ka ntlhayang fa ba ne ba le phoso?

8 Morago ga moo Johane o tlhagisa motheo wa go tlhatswiwa mo sebeng. (Bala 1 Yohane 1:8–2:2.) Fa re re, “Ga re na boleo bopè,” re ganetsa lebaka la gore batho botlhe ba ba sa itekanelang ba leofile, mme “boamarure ga boeō mo go rona.” (Baroma 5:12) Mme Modimo o “boikañō” mme o a re itshwarela “ha re ipolèla dibe tsa rona” mo go ene re na le boikutlo jwa go ikotlhaya jo bo re tlhotlheletsang go latlha go dira phoso. (Diane 28:13) Modimo o ne a bolela jaana ka bao ba leng mo kgolaganong e ntšha: “Boleo yoa bōnè ga nketla ke tlhōla ke bo gakologèlwa gopè.” (Yeremia 31:31-34; Bahebera 8:7-12) Ka go ba itshwarela, oa ikanyega mo tsholofetsong eo.

9 Go feta moo, Modimo o “tshiamō,” ka gale o ngaparela ditekanyetso tsa gagwe tsa tshiamo. O kgotsofaditse tshiamo ka thekololo mme a ka ‘itshwarela maleo a rona le go re tlhatswa tshiamololo yotlhe’ fa re ipolela maleo a rona re na le tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu. (Bahebera 9:11-15) Mesia o tlositse maleo ka loso lwa gagwe, le eleng fela jaaka podi eo e sikereng maleo e ne e romelwa kwa nageng ka Letsatsi la Tetlanyo ya Dibe. (Lefitiko 16:20-22; Isaia 53:5, 8, 11, 12; 1 Petere 2:24) Batenegi bangwe ba ne ba bolela gore, “Ga re na boleo bopè,” ka gone ‘ba dira Jehofa moaki.’ Mme ‘Modimo ga o kake wa aka,’ mme Lefoko la gagwe le bontsha gore batho botlhe ba ba sa itekanelang ba leofile. (Tito 1:2; Moreri 7:20; Baroma 3:23) Aitsane, go bolela gore “ga re na boleo bopè” go ne go tla kaya gore lefoko la Modimo ga le yo “mo go rona,” ga le yo mo dipelong tsa rona!​—Bapisa Bahebera 8:10.

10. Jesu ke “seletlanyō” ka tsela efe?

10 Johane o kwala “dilō tse” kaga boleo, boitshwarelo, le go tlhatswiwa e le gore re seka ra dira boleo. Mafoko a gagwe a tshwanetse go re tlhotlheletsa go leka ka natla gore re seka ra leofa. (1 Bakorintha 15:34) Mme fa re dira “sebe” mme re ikotlhaya, re na le “Mmueledi kwa go Rara”​—“eboñ mosiami Yesu Keresete,” yoo a buelelang tsela ya rona mo Modimong. (Bahebera 7:26; bapisa Yohane 17:9, 15, 20.) Jesu ke “seletlanyō.” Loso lwa gagwe lo ne lwa diragatsa tshiamo mme lwa dira gore go kgonagale gore Modimo a bontshe bopelotlhomogi le go tlosa molato wa sebe mo kgetseng ya Baiseraele ba semoya le ‘wa lefatshe lotlhe,’ go akareletsa le “boidiidi yo bogolo.” (Baroma 6:23; Bagalatia 6:16; Tshenolō 7:4-14.) Abo re anaanela setlhabelo seo jang ne!

Obamela Modimo o bo o Bontshe Lorato

11. Re itse ka bosupi bofe gore re “mo” Modimong?

11 Gore re nne re tsamaya mo leseding la bomodimo, re tshwanetse go utlwa Jehofa. (Bala 1 Yohane 2:3-6.) Re lemoga “ha re . . . itse” Modimo, re mo tlhaloganya mmogo le dinonofo tsa gagwe, fa “re boloka ditaolō tsa gagwè.” Ope yo o bolelang gore o itse Jehofa mme a palelwa ke go mo utlwa “o maaka.” Kafa letlhakoreng le lengwe, “loratō loa Modimo lo dihilwe boitekanèlō,” kana gore lo felele, fa re utlwa lefoko la gagwe. “Ke gōna” ka bosupi jono jwa go utlwa Modimo le go mo rata, re itse gore re “mo go èna.” Mme re patelesega go tsamaya jaaka Morwawe a dirile, mo tirong ya go dira barutwa, mo dikamanong tsa rona le ba bangwe, jalo le jalo.

12. Ke “taolō [efe] e kgologolo” eo Bakeresete ba nang le yone, mme gape e “ncha” jang?

12 Lorato lwa bokaulengwe gape lo botlhokwa. (Bala 1 Yohane 2:7, 8.) Johane o kwala “taolō e kgologolo” eo ba ba ikanyegang ba neng ba nnile le yone “mo tshimologoñ” ya matshelo a bone jaaka Bakeresete. E “kgologolo” ka gonne Jesu o ne a e neetse dingwaga pelenyana ga moo fa a ne a bolelela balatedi ha gagwe gore ba ‘ratane fela jaaka a ba ratile.’ (Yohane 13:34) Lefa go ntse jalo gape e “ncha” ka gonne e feta lorato lwa boagelani lo lo batliwang ke Molao mme lo batla boikemisetso jwa gore motho a neele botshelo jwa gagwe mo boemong jwa badumedi ka ene. (Lefitiko 19:18; Yohane 15:12, 13) Ereka lorato lwa rona lwa go intsha setlhabelo lo supa gore go dumalana le “taolō e ncha” eno go ‘boammaaruri mo kgannyeng ya ga Keresete gammogo le mo go ya rona, lefifi le a feta mme lesedi la boammaaruri le setse le phatsima’ mo go rona.

13. Go ya ka 1 Yohane 2:9-11, ke bomang bao ba leng “mo lesediñ” mme ke bomang bao ba seng mo go lone?

13 Lefa go ntse jalo, tota ke bomang bao ba leng “mo lesediñ”? (Bala 1 Yohane 2:9-11.) Mme kana, “eo o reñ o mo lesediñ, me a ila mogagabō,” o mo lefifing la semoya “le gompiyeno.” Mme “eo o ratañ mogagabō o ntse mo lesediñ,” mme mo go ene ga go na “kgopishō epè.” Lefoko la Segerika fano le akantsha serai sa dijo tse di raelang phologolo mme le kaya sengwe seo se ka tlisang go wela mo sebeng. Tota, motho yo o ipolelang gore ke Mokeresete a ila mokaulengwe wa gagwe “ga a itse kwa o eañ gōna, gonne lehihi le mo houhaditse matlhō.” (Mathaio 13:13-15) A tlhagiso eno e tla go tlhotlheletsa gore o tile lefifi la semoya ka go gana go letlelela diphapaano tsa botho, maaka a batenegi, kana sepe se sele gore se senye lorato lwa lona lwa bokaulengwe?

Motheo wa Tsholofelo

14. Ke bomang bao eleng “banyana” le “borrabana” bao Johane a buang le bone?

14 Morago ga moo Johane o bontsha tsholofelo mo “banyaneñ [ba basha],” kwantle ga pelaelo a kaya phuthego yotlhe. (Bala 1 Yohane 2:12-14.) Maleo a rona a itshwaretswe ‘ka ntlha ya leina la ga Keresete,’ ka gonne ke ka ene fela Modimo a dirileng gore poloko e kgonagale. (Ditihō 4:12) Batlodiwa “ba itse Rara” ka gonne o ba tloditse ka moya wa gagwe. Ba bangwe ke “borrabana”​—gongwe ba tsofetse go se kae, ba na le maitemogelo go se kae, ebile ke badumedi bao ba gatetseng pele semoyeng. Ba itse Jesu, yo o neng a le gone “mo tshimologoñ” ka gonne Modimo a mmopile pele ga dilo tse dingwe tsotlhe.

15. (a) Ke bomang bao eleng “makau” ao Johane a buang le one, mme a “hentse eo o boshula” jang? (b) Neela sekai sa ka moo re ka ‘fenyang’ Satane ka gone gompieno.

15 “Makau” ao Johane a buang le one a ka ne a le masha go se kae, e le Bakeresete ba ba senang boitemogelo go le kalo. Ba “hentse eo o boshula,” ebong Satane ka go sa ineele mo “maanoñ” a gagwe. (2 Bakorintha 2:11) Ka sekai, seno se ne se tla akareletsa go tila boitloso-bodutu jo bo seng phepa, mmino wa lefatshe, le dibuka tse di tsosang keletso-dikobo, tseo di ka gogolang melao-metheo ya Bokeresete mme tsa felela ka go wela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa kafa dikobong. “Makau” a fentse Satane ka gonne a le”thata” semoyeng mme “lehoko ya Modimo” le nnetse ruri mo go one. Ekete re ka tshwana le bone ka go amogela dipaakanyetso tsa Modimo tsa semoya, re ganana le botenegi, mme re tswelapele go tsamaya amo leseding la bomodimo.

Lorato Loo Re sa Tshwanelang go Nna le Lone

16. Ke lorato lofe loo re tshwanetseng go nna le lone, mme ke eng seo se neng se tla re diragalela fa re ne re na le maikutlo le ditelekiso tsa lefatshe?

16 Go sa kgathalesege gore re Bakeresete ba basha kana ba ba godileng, go na le lorato loo re sa tshwanelang go nna le lone. (Bala 1 Yohane 2:15-17.) Ga re a tshwanela go ‘rata lefatshe kana sepe se se mo go lone.’ Go na le moo, re tshwanetse go ithiba mo go mathiweng ke go bola ga mokgatlho wa batho o o sa siamang mme ga re a tshwanela go hema “mōea” wa lone, kana re tlhotlhelediwe ke boikutlo jwa lone jo bo tlwaelegileng jwa boleo. (Baefesia 2:1, 2; Yakobe 1:27) Fa e le gore re ne re ka nna le maikutlo le ditelekiso tsa lefatshe, “loratō loa Rara” lo ne lo se kitla lo nna mo go rona. (Yakobe 4:4) Seo tota ke sengwe seo se ka akanyediwang ka thapelo, a ga go jalo?

17. Bakeresete ga baa tshwanela go kgotsofatsa dikeletso dife tsa lefatshe?

17 “Cotlhe tse di mo lehatshiñ” ga se tsa Modimo. Seno se akareletsa “thatō ea nama,” eo go e kgotsofatsa go kayang go kgotsofatsa dikeletso tsa boleo tseo di ntseng jaaka dikeletso tsa tlhakanelo dikobo e e sa siamang. (1 Bakorintha 6:15-20; Bagalatia 5:19-21) Gape seo se tshwanetseng go tilwa ke go ineela go “kgatlhegō ea matlhō.” Loungo leo le neng le lebega le eletsega leo le neng le ileditswe le ne la gadisa Efa, mme go lebelela Bathesheba fa a ne a tlhapa ga ga Dafide go ile ga gogela kwa sebeng se se masisi. (Genesise 3:6; 2 Samuele 11:2-17) Ka gone, gore re nne re tsamaye mo leseding la bomodimo re tshwanetse go tila boitloso-bodutu jo bo sa siamang le dilo tse dingwe tseo di ikuelang mo dikeletsong tsa rona tsa boleo le tseo di leswefatsang pelo.​—Diane 2:10-22; 4:20-27.

18. Ke ka ntlhayang fa “mabela a botshelō” a sena mosola, mme a palelwa ke go tlisang?

18 Gape seo e leng sa lefatshe ke “mabela a botshelō.” Motho yo o mabela a ka nna a belafala ka khumo ya gagwe, otoropo ya gagwe, jalo le jalo, tseo tsotlhe di ka latlhegang. “Mabela [a gagwe] a botshelō” a ka nna a kgatlha batho bangwe mme a tlisa go bakiwa ga nakwana mme eseng tshegofatso ya bomodimo.​—Mathaio 6:2, 5, 16, 19-21; Yakobe 4:16.

19. Ke eng seo se tla diragalelang lefatshe leno, mme ntlha eno e tshwanetse go re ama jang?

19 Gakologelwang gore “lehatshe le a heta” mme le tla nyelediwa. (2 Petere 3:6) Dikeletso le ditsholofetso tsa lone di tla nyelela le lone, jaaka go tla diragala ka batho ba ba le ratang. Johane o bolela jaana, “Me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.” Jalo a re nneng re lebeleleng botshelo jo bo sa khutleng ka ‘go ikgaoganya le dithato tsa lefatshe’ le ka go tswelela re tsamaya mo leseding la bomodimo.​—Tito 2:11-14.

Ithibeng mo Boteneging

20. Bao ba leng ‘kgatlhanong le Keresete’ ba ne ba bidiwang, mme go tlhaga ga bone go supile gore ke eng seo se neng se tlhagile?

20 Jaanong Johane o tlhagisa ka baganetsa Keresete. (Bala 1 Yohane 2:18, 19.) O gakolola badumedi ka ene gore ba ne ba “utlwa” go tswa mo baaposetoloing “ha moganetsa Keresete a tla.” Go tlhaga ga “baganetsa Keresete” ba le bantsi go ne ga supa gore e ne e le “nakō ya bohèlō,” karolo ya bofelo ya lobaka lwa baaposetoloi. Lemororo bao ba leng ‘kgatlhanong le Keresete’ ba ne ba bopa “moganetsa Keresete” yo o dikarolo dintsi, baganetsa Keresete ba bantsi ka bongwe ba ne ba itshema jaaka ekete ba obamela Modimo mme “e ne e se ba rona” mme ba ne ba latlha Bokeresete jwa boammaaruri. Re a itumela go bo go tsamaya kana go lelekiwa ga batho ba ba ntseng jalo gompieno go thibela go bola ga phuthego.

21. Ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba ‘na le kitso,’ mme ba itse “boamarure” bofe?

21 Maikutlo a batenegi a ganwa ke Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba ba ikanyegang. Ereka “tloco e e cwañ mo Moitshepiñ,” ebong Jehofa, e ba thusa go tlhaloganya Lefoko la gagwe, ‘botlhe ba na le kitso.’ (Bala 1 Yohane 2:20, 21.) Kwantle ga pelaelo ba itse “boamarure” jo bo amanang le Jesu Keresete, lefa batenegi bone ba na le dikgopolo tse di phoso ka ene. Ereka ‘boammaaruri bo sena maaka,’ botlhe bao ba ratang Jehofa ba gana dikgopolo tse di ntseng jalo tsa maaka le bao ba di tshegetsang

22. C. T. Russell o ne a dirang fa mongwe wa bankane ba gagwe ba pele a ne a latola thekololo?

22 Mme, “moaki emañ ha e se eo o latolañ, go re, Yesu ga se Keresete,” Motlodiwa wa Modimo? (Bala 1 Yohane 2:22-25.) Aitsane, ‘yo o itatolang Rara le Morwawe ke moganetsa Keresete’! Se se kgatlhisang, fa tsala ya seithuti sa Bibela ebong Charles T. Russell e ne e latola thekololo, Russell o ne a ikgaoganya le yone mme a simolola go gatisa makasine ono, o o saleng o ntse o bolela boammaaruri kaga tshimologo ya ga Keresete, seabe sa Bomesia, le tirelo e e lorato jaaka “seletlanyō.”

23. ‘Go ipolela Moma’ go ama jang kamano ya rona le Modimo, le ditebelelo tsa rona?

23 Jehofa ga se Tsala ya batenegi bao ba latolang Keresete. (Yohane 5:23) Mme rona bao re ‘ipolelang Morwa phatlalatsa re na le Rara,’ re mo boemong jo bo amogelesegang le Modimo. (Mathaio 10:32, 33) Balatedi ba pele ba ba ikanyegang ba ga Jesu ba ne ba ngaparela mo go seo ba neng ba se utlwile kaga Morwa Modimo “mo tshimologoñ” ya matshelo a bone jaaka Bakeresete. Mme fa boammaaruri jo bo tshwanang bo le mo dipelong tsa rona, re ‘tla nna’ mo Modimong le mo go Keresete mme re tla amogela “polèlō e o re sholoheditseñ ka eōna,” eleng botshelo jo bo sa khutleng.​—Yohane 17:3.

Go Rutiwa ke Jehofa Modimo

24. Ke bomang bao ba ‘tlodiwang’ ka moya o o boitshepo, mme ke ka ntlhayang fa ba sa “batle gore opè a [ba] rutè”?

24 Gore re tsamaye mo leseding la bomodimo le gore re se timediwe ke batenegi, re tlhoka tao ya semoya e e tshwanetseng (Bala 1 Yohane 2:26-29.) Batlodiwa ba ‘tlodiwa’ ka moya o o boitshepo, ba itse Modimo le Morwawe, mme “ga [ba] batle gore opè [motenegi] a [ba] rutè.” Modimo o “ruta” Baiseraele ba semoya, ka moya wa gagwe o o tlotsang, “kaga dilō cotlhe” tseo di tlhokafalang ele gore ba mo obamele ka tsela e e amogelesegang (Yohane 4:23, 24; 6:45) Re itumelela go bo re amogela tao e e ntseng jalo ya semoya go tswa go Modimo ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” jaaka Basupi ba ga Jehofa.​—Mathaio 24:45-47.

25, 26. (a) Ke ka ntlhayang fa batlodiwa ba na le “choshologō”? (b) Go ‘dira tshiamo’ go kayang?

25 Johane o kgothaletsa batlodiwa bao ba lailweng sentle gore ‘ba nnele ruri mo’ Modimong. Bao ba “nnelañ rure” mo go Jehofa ka mo go tshwanang ba utlwana le Morwawe. (Yohane 14:19-21) Go kgothalediwa kutlwano e e ntseng jalo gore “e re ha a [Keresete] ka bōnatshiwa, re kè re dihè le coshologō, me re se ka ra tlhaywa ke ditlhoñ ha pele ga gagwè mo go tleñ ga gagwè,” ke gore, ka nako ya Go Nna Gone ga gagwe.

26 Ereka jaanong re tshela mo “go nneng gone” (NW) ga ga Jesu, re ka tlhomamisa jang gore ga re tlhabisiwe ke sepe ditlhong le gore re tsamaya mo leseding la bomodimo? Ka ‘go dira tshiamo.’ ‘Fa re itse gore Modimo o tshiamo,’ Johane o bolela gore, ‘re itse gore mongwe le mongwe yo o dirang tshiamo o tsetswe ke ene.’ ‘Go dira tshiamo’ go kaya go utlwa ditaolo tsa Modimo, go tila bosula, le go kopanela mo ditirong tse di molemo tse di jaaka go dira barutwa le go thusa badumedi ka rona. (Mareko 13:10; Bafilipi. 4:14-19; 1 Timotheo 6:17, 18) Go ‘tsalwa’ ke Modimo go kaya “go tsalwa sesha” jaaka bana ba gagwe ba semoya.​—Yohane 3:3-8.

27. Ke eng seo se latelang seo moaposetoloi Johane a tla re se bontshang?

27 Jalo Johane o bontshitse ka moo re ka nnang re tsamaya mo leseding la bomodimo ka gone. Morago ga moo o bontsha ka moo re ka tshelang jaaka bana ba Modimo ka gone. Seno se tlhokang?

Dikarabo tsa Gago ke Dife?

◻ Johane o neela bosupi bofe jwa gore Morwa Modimo o ne a tshela, a boga, e bo a swa jaaka motho?

◻ Jesu Keresete ke “seletlanyō” ka tsela efe?

◻ Bakeresete ba na ke taolo efe eo e leng “kgologolo” ebile e le “ncha”?

◻ Ke eng seo se tla diragalelang lefatshe leno, mme ntlha eno e tshwanetse go re ama jang jaaka Bakeresete?

◻ Batlodiwa ba ka tlhomamisega jang gore ba tsamaya mo leseding la bomodimo?

[Mafoko a a mo go tsebe 12]

A o bontsha kanaanelo mo setlhabelong sa ga Jesu?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela