Moaposetoloi O Tlhabantshanya le Botenegi
Go solegelwa molemo thata ke setlhogo se, re akantsha gore o bale buka ya Bibela eo e itseweng jaaka Lokwalo Loa Ntlha Loa Ga Yohane. Ke ditsebe di se kae fela.
BOAPHELONG jwa lekgolo la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona o o Tlwaelegileng, kotsi e e maswe le e e bonokopela e ne e bopela phuthego ya pele ya Bokeresete. A e ne e le pogiso e e neng e tswa ka kwantle go bao eseng Bakeresete? Nnyaa, kotsi e kgolo e ne e tswa mo teng. Mmaba yo o neng a ipobile e ne e le botenegi.
Ka ngwaga wa 98 C.E. go ne go setse moaposetoloi a le mongwe yo o neng a dira jaaka sesireletsi sa bofelo kgatlhanong le seo moragonyana se neng se tla itshupa jaaka lekhubu la morwalela la dithuto tsa maaka le go itswakanya ga bodumedi le ga bopolotiki. E ne e le moaposetoloi Johane yo o tsofetseng, morwa Sebede le morwarraagwe moaposetoloi Jakobe yo o neng a bolawa dingwaga tse 54 pelenyana. Fa a ne a sa le lekawana, Johane o ne a direla mmogo le Jesu ka nako ya bodihedi jwa selefatshe jo bo khutshwane. Gongwe ka ntlha ya botlhaga jwa ga Johane ke ka gone Jesu a mmiditseng ‘Morwa Tumo ya Maru.’ Ka jaanong a ne a setse a tsofetse fela thata, o kwala lokwalo lo lo nonofileng la tlhagiso le kgakololo go diphuthego tsa Bokeresete. Seo a neng a se bolela se sa ntse se le botlhokwatlhokwa fela thata go rona gompieno.—Mareko 3:17; Luke 9:51-56.
Johane o ne a itse sentle fela thata gore botenegi bo ne bo kukunela gareng ga badumedi-ka-ene. Moaposetoloi Paulo go le pele o ne a boleletse pele ka go wa mo go ntseng jalo. (Ditihō 20:29, 30) Ka mafoko a a tlhamaletseng Johane o ne a bipolola batsietsi, ka gore: “Le gompiyeno go setse go cogile baganetsa Keresete ba le bantsi; me re itse ka gōna ha e le nakō ea bohèlō. Ba dule mo go rona, me ea bo e ne e se ba rona; gonne ha e ka bo e ne e le ba rona, ba ka bo ba sa nntse ba na le rona.” Lebaka la go bo Johane a bua ka “baganetsa Keresete” ka bontsi go bontsha gore botenegi bo ne bo sa lekanyediwa fela go motho a le mongwe, mme bo ne bo kopanyeletsa ba bantsi ba ba neng ba latola pono ya ga Keresete e e tlhalosiwang mo Dikwalong.—1 Yohane 2:18, 19.
Baganetsa Keresete bao e ne e le bomang? Mme ba ne ba leka jang go tsietsa badumedi-ka-bone? Johane ga a pota-pote mo go senoleng batenegi ba baganetsa Keresete. O ba tlhasela mo dintlheng di le tharo: (1) ba latola gore Keresete o ne a tla mo nameng, (2) ba ganetsa gore Jesu e ne e le Keresete le (3) go latola gore bone ka bobone e ne e le baleofi.
A Keresete O ne a Tla mo Nameng?
Mme o ka nna wa botsa, ‘Badumedi ba bangwe ba ne ba ka latola jang gore Jesu o ne a tla mo nameng?’ Go bonala kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga Bakeresete bangwe ba ne ba amiwa ke botlhale jwa Segerika, go akareletsa le ditumelo tsa pele ga Bokeresete. Batenegi bano ba ne ba na le pono ya gore dilo tsotlhe tse di bonwang ka matlho e ne e le bosula, go akaretsa le mmele wa nama. Ka gone, go batenegi ba baganetsa Keresete, Jesu o ne a seka a tla ka nama e e bosula mme, go na le moo, jaaka moya. Johane ka tlhamalalo o bontsha gore ga a tumalanong le dikakanyo tse di ntseng jalo tsa bodumedi tse di neng di latofatsa bomosola jwa thekololo ya setlhabelo sa ga Keresete. Ka gone o ne a kwala ka “mosiami Yesu Keresete” yo e neng e le “seletlanyō se se ntshedicweñ dibe tsa rona: me e be e se sa tsa rona cosi hèla, me le gōna e le sa tsa lehatshe yeotlhe.”—1 Yohane 2:1, 2.
Moragonyana, ka tlhaloso e e motlhofo le e e papametseng, Johane o tlhalosa kganetsano eno ka go tswelela pele ka gore: “Mōea moñwe le moñwe o o ipolèlañ, go re, Yesu Keresete o tsile mo nameñ, ko ōna oa Modimo: Me mōea moñwe le moñwe o o sa ipoleleñ Yesu, ga se oa Modimo.”—1 Yohane 4:2, 3.
Jesu Ga Se Keresete?
Go bonala ekete bangwe ba ba neng ba ipolela go nna Bakeresete ba tlholego ya Sejuda ba ne ba simolotse go latola gore Jesu e ne e se Keresete le Morwa Modimo. Johane o nyatsa tlhaelo e e ntseng jalo ya tumelo, ka gore: “Moaki e mañ ha e se eo o latolañ, go re, Yesu ga se Keresete? Ke èna moganetsa Keresete, eboñ èna eo o itatolañ Rara le Morwawè.” (1 Yohane 2:22) Johane ka mafoko a gagwe a a tlhamaletseng ga a fe babelaedi sebaka sepe.
Moragonyana Johane o tsosa potso e nngwe go tshegetsa kakanyo ya gagwe: “Me e mañ eo o henyañ lehatshe, ha e se eo o dumèlañ ha Yesu e le Morwa Modimo? . . . Dilō tse ke di lo kwaletse, gore lo itse ha lo na le botshelō yo bo sa khutleñ, ke raea lona ba lo dumèlañ mo ineñ ya Morwa Modimo.”—1 Yohane 5:5, 13.
A Re Baleofi?
Lefa go ka bonala go sa dumelesege, bangwe ba baganetsa Keresete ba ne ba re ga ba na sebe kana gongwe (ereka ba ne ba itsaya ba pholositswe) ba ne ba akanya gore ba ne ba ka se leofe. Ka jalo Johane o tlhatlhamolola phoso e e ntseng jalo mo lokwalong lotlhe lwa gagwe. Ka motlhala, o ne a re: “Ha re re, ga re na boleo bopè, rea itsietsa, le boamarure ga boeō mo go rona. . . . Ha re re, ga rea leoha, rea o akisa [Modimo], le lehoko ya ōna ga leeō mo go rona.”—1 Yohane 1:8-10.
‘Mme tota boleo ke eng?’ o ka nna wa botsa. Lefoko la Segerika ha.martiʹa tota-tota le raya “go fosa sekonopiwa.” Mme a le tlase ga tlhotlheletso Johane o neela tlhaloso e e atlabetseng: “Moñwe le moñwe eo o dihañ boleo o diha boiphèhèrō mo molaoñ: me boleo ke boiphèhèrō mo molaoñ [Segerika, anomia, le le bontshang go nyatsa le go tlola molao, bosula, boikepo], . . . Eo o dihañ boleo ke eo oo ra diabolo; . . . Eo o tsecweñ ke Modimo ga a dihe boleo bopè.”—1 Yohane 3:4, 8, 9.
Go boammaaruri, gore rotlhe re baleofi. Mme Johane o kgatlhegela go nyatsa moleofi wa ka bomo kana motlodi wa molao, ene “eo o dihañ boleo,” yo o bo dirang. Moragonyana, o baya mpepeneng bomasisi jwa boemo jwa modiri wa boleo ka gore: “Bana ba Modimo ba harologanyesèga ka mokgwa o, le bana ba diabolo: eo o sa diheñ tshiamō ga se oa Modimo, le èna eo o sa rateñ mogagabō.” (1 Yohane 3:10; 5:18) Ka gone he, ekete re ka tila go dira boleo mo e seng ga bokeresete.
Ke Eng se se Tlhotlheleditseng Botenegi?
Ke eng seo gongwe se neng sa tlhotlheletsa dithuto tseno tse di farologaneng tsa botenegi? Kgonego e nngwe e neelwa ke William Barclay, moithuti wa Mogerika wa lekgolo la dingwaga la bo-20, yo o kwalang ka gore bothata jo Johane a batlang go bo tlhabantsha bo ne bo tswa mo banneng “bao boikaelelo jwa bone e neng e le go dira gore Bokeresete bo tlotlege mo batlhalefing . . . , bao ba neng ba itse ditshekamelo tsa batlhalefi le ditiragalo tsa morago tsa motlha o o, le bao ba neng ba eletsa go tlhalosa Bokeresete ka megopolo eno ya botlhajana jwa morago jaana. Bo ne bo tswa mo banneng bao ba neng ba ikutlwa gore nako e ne e fitlhile gore Bokeresete bo tle tumalanong le botlhale jwa selefatshe le mogopolo wa nako eo.”
Pono e e tshwanang, e e tlhaselang tumelo ya boammaaruri kwa metheong ya yone, e ile ya tshegediwa ke bangwe mo metlheng ya segompieno. Baganetsi bano ba batla go tlhalosa thuto ya Bokeresete le go e dira gore e amogelesege bogolo go dikarolo tse di tlotlegang le tsa botlhalefedi jwa tsamaiso eno. Fa dipono tse di ntseng jalo tse di tshegeditsweng ke bangwe mo dingwageng tsa morago jaana di ile tsa dirisiwa, Basupi ba ga Jehofa eleruri ba ka bo ba latlhegetswe ke dinonofo le maatla a “Bokeresete jwa Ntlha-ntlha.”
Ka gone, kgakololo ya ga Johane e mo nakong eleruri le gompieno: “Gonne lo ke lōna loratō loa Modimo, gore re bolokè ditaolō tsa ōna: me ditaolō tsa ōna ga di tlhokohatse.” Ditaolo tseo di akareletsa go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo le go ipoloka re kgaoganye le lefatshe le go itlhaola mo dithulanong tsa lone, fa re ntse re dira mo re ka go kgonang go itshepisa leina la ga Jehofa le go dirisa lorato lwa boammaaruri.—1 Yohane 5:3; Mareko 13:10; Yohane 17:16; Mathaio 6:9; 1 Yohane 3:23.
Ditlhabantshi tsa Boleo le Botenegi
A go na le sethibedi se se kgatlhanong le go dira boleo? Karabo ya ga Johane ke: “Eo o sa rateñ ga a itse Modimo; GONNE MODIMO O LORATŌ.” Ka gone, ka bomotlhofo jo bo tsepameng, Johane o tlhalosa ntlha ya gagwe sentle bontle. Lorato ke sekopololo. Ebile lorato lwa Modimo lo lo supilweng ka Morwawe ke setlhabantshi sa matswela a boleo. “Loratō loa Modimo lo bōnatshedicwe rona ka gōna mo, ka Modimo o romile Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi mo lehatshiñ, gore re tshelè ka èna.” Kitso eno e tshwanetse gore re ama jang? Johane o a araba: “Baratwa, ha Modimo o re ratile mo go kalo, le rona re chwanetse go ratana.”—1 Yohane 4:8-11.
Fa elerui re rata Modimo le moagelani, he re tla ganana le go tlhagelela ga boleo le botenegi. Lorato ga lo ke lo tlola melao le melao-metheo ya Modimo ka bomo. Lefa go le jalo, Johane o tlhagisa ka gore: “Go na le boleo yo bo isañ loshuñ.” Batenegi ba ba sa ikwatlhaeng eleruri ba wela mo sebakeng seo ba tshwanelang tshenyego.—1 Yohane 5:16, 17; Mathaio 12:31; Luke 12:10; Bahebera 6:4-6; 10:23-27.
Fa e le gore boleo le botenegi ke tlhale e ntsho e e kgabaganyang lokwalo lwa ga Johane, lorato lwa mmatota ke mogala wa diperela o o e bipang. Lemororo lokwalo lwa gagwe lo tshotse tlhagiso e e masisi, lefa go ntse jalo e phatsimisiwa ka phepafalo ke ditlhogo tse tharo tse di ipoeletsang—lorato, lesedi le botshelo. Johane o re, ‘Tilang baaki, baganetsa Keresete, le batenegi. Apolang lefifi, sepelang mo leseding. Gananang le letlhoo le dirise lorato. Tlhabanang le boleo, le itse gore fa le dira boleo le na le mothusi kana mmueledi mo go Rara, Jesu Keresete.’ Ee, “chupō ke eōna e, go re, Modimo o re neile botshelō yo bo sa khutleñ, me botshelō youō bo mo go Morwa ōna.”—1 Yohane 5:11; 2:1, 2.
Mo kgakololong ya gagwe ya bofelo Johane o tlhagisa ka gore: “Banyana ba me, ikiheñ mo medimoñ ea disètwa.” (1 Yohane 5:21) Mo lefatsheng la Roma wa bogologolo kgakololo e e ntseng jalo e ne e tshwanela tota. Mme go bao gompieno ba eletsang go dirisa Bokeresete jwa boammaaruri le go tila botenegi e sa ntse e ntse e le botlhokwa-tlhokwa fela thata. Ka gone he, ekete, re ka tsaya-tsia kgakololo e e tlhotlheleditsweng ya ga Johane. E tla re thusa go ganana le boleo, re dirise lorato lwa mmatota lwa Bokeresete, re sepele mo tseleng ya boammaaruri le go ipoloka re tlhabantshanya ka mo go sa reketleng le botenegi.
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Botlhale jwa Segerika bo ne jwa gogela kwa boteneging