Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Go Roba Mabele ka Sabata
KA BONAKO fela Jesu le barutwa ba gagwe ba tloga mo Jesusalema go boela morago kwa Galilea. Ke nako ya dikgakologo, mme mo masimong go na le diako tsa mabele mo matlhakeng. Barutwa ba tshwerwe ke tlala. Jalo ba roba diako tsa mabele mme baa di ja. Mme ereka e le Sabata, seo ba se dirang se a lemogiwa.
Baeteledipele ba bodumedi kwa Jerusalema ba ne ba batla fela go bolaya Jesu ka ntlha ya ditatofatso tse di boletsweng tsa go roba Sabata. Jaanong Bafarasai ba tlisa tatofatso. Ba latofatsa ba re, “Bōna, barutwa ba gago ba diha se se sa letlèlèlwañ go dihwa ka sabata.”
Bafarasai ba bolela gore go tlhopha mabele le go a hohorela mo diatleng go a ja ke go roba le go photha. Mme tlhaloso ya bone e e gagametseng e e malebana le tiro e dirile gore Sabata e nne boima, lemororo e ne e diretswe go nna nako e e ipedisang, e e agang semoyeng. Jalo Jesu o ganetsa seo ka dikao tsa Dikwalo go bontsha gore Jehofa Modimo le ka motlha o ne a sa ikaelela gore molao wa Gagwe wa Sabata o dirisiwe jalo ka mo go gagametseng go sa tshwanela.
Jesu o bolela gore, fa Dafide le banna ba gagwe ba ne ba tshwerwe ke tlala, ba ne ba ema fa motlaaganeng mme ba ja dinkgwe tsa tshupelo. Tota lefa dinkgwe di ne di setse di tlositswe fa pele ga ga Jehofa mme tsa emisediwa ka tse disha, ka tlwaelo di ne di bolokelwa baperisiti go di ja. Lefa go ntse jalo, tlase ga mabaka ao, Dafide le banna ba gagwe ga baa ka ba sekisediwa go di ja.
Fa Jesu a neela sekao se sengwe, a re: “A ga lo e se lo ko lo bale mo molaoñ, kaha baperisiti ba tleñ ba itshepolole sabata ka gōna mo tempelen ka letsatsi ya sabata, me ba bo ba sena molato?” Ee, le eleng ka Sabata baperisiti ba ne ba tswelela ka go tlhaba le go dira tiro e nngwe kwa tempeleng go baakanya ditlhabelo tsa diphologolo! Jesu o bolela gore “Me nna kea lo raea, moñwe eo o leñ mogolo go heta tempela o hano.”
Fa Jesu a ne a tlhagisa Bafarasai ka go tswelela a re: “Ha lo ka bo lo tlhalogantse go re, lehoko lea reñ ha le re, Ke eletsa boutlwèlō botlhoko, eseñ setlhabèlō, lo ko lo se ka loa sekisa ba ba senañ molato.” Morago ga moo o konela ka gore: “Gonne Morwa Motho ke morèna oa sabata.” Jesu o ne a kayang ka seo?
Jesu o ne a lebisitse go puso ya gagwe ya Bogosi ya kagiso ya dingwaga tse di sekete. Mo e ka nnang dingwaga di le 6 000 setho se bogile bokgoba jwa tiro e e boima tlase ga ga Satane Diabolo, ka thubakanyo le ntwa tse di tletsetletseng. Mo letlhakoreng le lengwe, puso e kgolo ya Sabata ya ga Keresete e tla nna nako ya boikhutso go tswa mo pogong le mo kgatelelong yotlhe tse di ntseng jalo. Mathaio 12:1-8; Lefitiko 24:5-9; 1 Samuele 21:1-6; Dipalō 28:9; Hosea 6:6.
◆ Barutwa ba ga Jesu ba latofalediwa eng, mme Jesu o e araba jang?
◆ Jesu o lemoga bokoa bofe jwa Bafarasai?
◆ Jesu ke “Morèna oa Sabata” ka tsela efe?