Ganana le Botenegi, Ngaparela Boammaaruri!
“Leha e le mañ eo o tlolèlañ pele, me a sa nnele rure mo thutoñ ea ga Keresete, ga a na Modimo; eo o nnèlañ rure mo thutoñ euō, ke èna eo o nañ le Rara le Morwawè.”—2 YOHANE 9.
1, 2. (a) Satane o lekile jang ka dinako tse dingwe go tima lesedi la boammaaruri gareng ga batho ba ga Jehofa? (b) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwatlhokwa gore Basupi ba ga Jehofa ba ganane le botenegi?
JEHOFA MODIMO ke Motswedi wa boammaaruri jwa semoya. Ke ka gone, mopesalema a neng a ka mo rapela ka tshwanelo ka gore: “A u ko u romè lesedi ya gago le boamarure yoa gago.” (Pesalema 43:3) Ka mo go tshwanang, boammaaruri ke lotshwao lo lo kgethololang lwa baobamedi ba ga Jehofa.—Yohane 8:31, 32; 17:17.
2 Ka boiteko jwa go tima lesedi la boammaaruri gareng ga batho ba ga Jehofa, Satane Diabolo ka dinako tse dingwe o lekile go bodisa phuthego ya Bokeresete ka dithuto tsa botenegi. (2 Bakorintha 4:1-6; Yude 3, 4) Mme o ile a palelwa mo maitekong ano ka go bo basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ile ba ganana le botenegi mme ba ngaparela boammaaruri jwa semoya. Tota, go dira jalo go botlhokwa fela thata fa e le gore re tla boloka kamano e e atamalaneng le Jehofa Modimo le Jesu Keresete, ka go bo moaposetoloi wa Mokeresete Johane o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo go kwala jaana: “Leha e le mañ eo o tlolèlañ pele, me a sa nnele rure mo thutoñ ea ga Keresete, ga a na Modimo: eo o nnèlañ rure mo thutoñ euō, ke èna eo o nañ le Rara le Morwawè.”—2 Yohane 9.
3. Ke dipotso dife tse di tla arabiwang jaaka re akanyetsa Yohane wa Bobedi le wa Boraro?
3 Mme Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go dira eng go ganana le botenegi? Mme ke jang ba ka godisang dikgatlhego tsa Bokeresete jaaka “badihi mmōgō le boamarure”? (3 Yohane 8) Go bona dikarabo, re tla akanyetsa dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tsa ga moaposetoloi Johane, lwa bobedi le lwa boraro, tse di kwadilweng kwa Efeso kana gaufi le teng, mo Asia Minor, mo e ka nnang ka 98 C.E.
Boammaaruri le Lorato Dia Tlhokafala
4, 5. (a) Ke ka ntlha yang fa moaposetoloi Johane a ne ka tshwanelo a ka itebisa jaaka “mogolwane” [monna mogolo, NW]? (b) “Mohumagadi eo o moitshenkedwi” le “bana” ba gagwe e ne e le bomang?
4 Johane o ne a simolola lokwalo lwa gagwe lwa bobedi ka mafoko ano:
“Ke nna mogolwane; ke kwalèla mohumagadi eo o moitshenkedwi, le bana ba gagwè, ba ke ba ratañ rure: me e señ nna nosi, me le botlhe ba ba itseñ boamarure; Ka ntlha ea yōna boamarure yo bo nnetseñ rure mo go rona, me bo tla nnèla rure le rona ka bosakhutleñ.”—2 Yohane 1, 2.
5 Kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. moaposetoloi Johane eleruri e ne e le “mogolwane,” [monna mogolo, NW], a batlile a le dingwaga tse 100 e bile e le mogolwane ka go gola sentle mo semoeng kana ka dingwaga. (Bapisa Bagalatia 2:9.) Ka go lebisa go “mohumagadi eo o moitshenkedwi,” o ka ne a ne a lebisitse go phuthego e e rileng mo lefelong lengwe le le sa bolelwang, mme mafoko ano a ka ne a ile a dirisiwa go tlhakanya babogisi tlhogo. Mo ntlheng e e ntseng jalo, “bana” ba gagwe e ne e le bana ba semoya, maloko a phuthego eo le Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya ba ba ‘itshenketsweng’ ke Modimo go ya piletsong ya selegodimo. (Baroma 8:16, 17; Bafilipi 3:12-14) Mo letlhakoreng le lengwe, Kyria (Segerika se se rayang “Mohumagadi”) le ka ne gongwe e ne e le leina la mosadi mongwe wa Mokeresete.
6. (a) “Boamarure” jo Johane a neng a lebisa go jone e ne e le eng? (b) “Boamarure” bo nna jang mo Bakereseteng ba mmatota mme bo nnele ruri le bone “ka bosakhutleñ” jang?
6 Lefa go le jalo, ‘mohumagadi yono yo o itshenketsweng le bana ba gagwe’ eleruri ba ne ba ratwa ke Johane le ke basupi ba ga Jehofa botlhe ba bangwe bao ba neng ba tla go itse “boamarure.” “Boamarure” joo e ne e le kakaretso yotlhe ya thuto e e neng e itsetsepetse mo go Jesu Keresete. Go bo ngaparela ka go tia go ne go tlhokafala go bona poloko. (Yohane 4:24; Baefesia 1:13, 14; 1 Yohane 3:23) Lebaka le lengwe la motheo leo basupi ba ga Jehofa ba pele le ba gompieno ba nang le lorato gareng ga bone ke gore ba na le lorato lo lo tshwanang lwa “boamarure.” ‘Bo nnetse rure’ mo go bone ka go bo bo tswelela pele go nna mo dipelong tsa bone. Boammaaruri jono bo tla nna le Bakeresete ba mmatota ba ba ntseng jalo “ka bosakhutleñ,” jaaka molekane wa ka metlha wa bone. Eleruri, ke selwana se se eletsegang sa Basupi ba ga Jehofa gompieno, ebile ba bo lebogela Rre wa bone wa selegodimo.
7. Ke jang tshegofatso, boutlwelo botlhoko le kagiso tsotlhe di tswang go Modimo le Keresete?
7 Masego a bomodimo a tlhomamisediwa bao ba ngaperelang “boamarure” ka boikanyego. E rile a supela pele go seno moaposetoloi o ne a oketsa ka gore:
“Ka re, tshegōhaco e tla nna le rona, le boutlwèlō botlhoko, le kagishō, e le tse di cwañ mo Modimoñ Rara, le mo go Yesu Keresete, Morwa Rara, mo boamarureñ le mo loratoñ.” (2 Yohane 3)
Tshegohatso e tswa mo go Jehofa le Jesu ka bobedi ka gore setho se se leofileng se “siamisiwa hèla ka tshegōhaco ea ōna [Modimo] ka ntlha ea thèkololō e e mo go Keresete Yesu.” (Baroma 3:23, 24) Ka mo go tshwanang, Rre wa selegodimo ke Motswedi wa boutlwelo botlhoko, mme legale bo tla sethong se se sa itekanelang ka Keresete. (Bahebera 4:14-16; Yude 20, 21) Gape, go nna le kagiso le Jehofa, baleofi ba tlhoka gore ditlolo tsa bone di tlosiwe, mme seno se ne sa kgonagala ka loso lwa ga Jesu lwa setlhabelo sa thekololo.—Bakolosa 1:18-20.
8. Mo go 2 Yohane 3, ke eng seo se neng se ka bo se tewa ke mafoko “mo boamarureñ le mo loratoñ”?
8 Johane o ne a oketsa ka mafoko a “mo boamarureñ le mo loratoñ.” O ka nna a bo a ne a re ‘ga mmogo le boammaaruri le lorato’ Bakeresete ba mmatota ba ipelela tshegofatso, boutlwelo botlhoko le kagiso. Kana gongwe Johane o ka ne a ne a raya gore batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba tla itemogelo masego ano fa ba ne ba ka nnela rure mo boammaaruring le go tswelela ba bontsha lorato.
‘Go Tsamaya mo Boammaaruring le mo Loratong’
9, 10. (a) Ke ka ntlha yang fa Johane a ne a na le lebaka la go “itumèla thata”? (b) Mabapi le boammaaruri, ke eng seo “bañwe” ba neng ba se dira?
9 Moaposetoloi o ne a tsopola lebaka la boipelo jwa botho mme gape o ne a neela tlhagiso e e utlwalang fa a ne a oketsa ka gore:
“Ke itumèla thata ka ke hitlhetse bañwe ba bana ba gago ba tsamaea mo boamarureñ, hèla yaka re amogetse taolō mo go Rara. Me yana kea gu rapèla, mohumagadi, e señ yaka ekete ke gu kwalèla taolō ñwe e ncha, ha e se e re nntseñ re na naeō le mo tshimologoñ, ea go re, re ratanè.”—2 Yohane 4, 5.
10 Johane o ne a na le lebaka le legolo la go ipela ka go bo “bañwe” ba ne ba “tsamaea mo boamarureñ.” Ba ne ba na le tumelo mo leineng la ga Jesu Keresete, ba ne ba ratana ba bile ba gakaletse go dumalana le sekao se se tlhomilweng ke Morwa Modimo. (Bahebera 12:1-3; 1 Yohane 3:23) Fa e le gore Johane o ne kwalela mosadi mongwe yo o neng a bidiwa Kyria, he bana bangwe ba gagwe ba tlholego ba ne ba le mo boammaaruring. Mme fa e le gore o ne a dirisa “bana” le “mohumagadi eo o moitshenkedwi” ka tsela ya tshwantshetso, o ne a ka ipela ka go bo maloko mangwe a phuthego mo lefelong le le sa bolelwang leo ba ne ba ganana le botenegi mme ba ne ba ngaparetse boammaaruri le go latedisisa tsela ya botshelo jwa boikanyego go Jehofa. Eleruri, Basupi ba Bakeresete ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba nnile ka metlha ba tsaya go tlamparela boammaaruri, kana go “tsamaea mo” go jone, e le tlamego ya bone. Mo go bone, eno ke taolo ya Rre wa bone wa selegodimo, mme go e boloka ga bone ga ba go tsee e le tlhokofatso.—Bapisa 1 Yohane 5:3.
11. (a) Go boloka taolo ya “go re, re ratanè” go ne go biletsa eng? (b) Ke ka ntlha yang fa Johane a ne a ka re e ne e se “taolo ñwe e ncha”?
11 Moaposetoloi o ne a kopa “mohumagadi” go boloka taolo “ea go re, re ratanè.” (Bapisa 1 Yohane 3:11.) E rile a bontsha thato ya ga Jehofa ka batho ba bomodimo, Jesu o ne a laolela barutwa ha gagwe gore ‘ba ratane, fela jaaka a ba ratile.’ Taolo eo e ne e sa tlhoke fela lorato lwa boagelani mme gape lorato lwa go intsha setlhabelo, le eleng go ya bokgakaleng jwa go beela ba bangwe botshelo jwa gago. (Lefitiko 19:18; Mathaio 22:39; Yohane 10:14, 15; 13:34; 15:13) Lo ntse lo bofaganya balatedi ba ga Keresete “le mo tshimologoñ” ka kamano ya bone ya boineelo go Modimo—tota, fa e sale Jesu a e neela lwa ntlha ebile eleruri fa e sale go tlhongwa ga phuthego ya Bokeresete ka Pentekoste ya 33 C.E. Ka gone, ka tlhaloganyo e e ntseng jalo, e ne e se “taolō ñwe e ncha,” jaaka Johane a boletse.
12. Johane o ne a raya eng fa a ne a re: “E ke eōna taolō, . . . gore lo kè lo tsamaeè mo go eōna”?
12 E rile a lebisa go lorato, Johane o ne a oketsa ka gore:
“Me lo ke lōna loratō, gore re kè re tsamaeè kaha ditaoloñ tsa ōna. E ke eōna taolō, hèla yaka lo nntse loa nna loa utlwa le mo tshimologoñ, gore lo kè lo tsamaeè mo go eōna.” (2 Yohane 6)
Baobamedi ba boammaaruri ka boipelo ba utlwa Jehofa ka go bo ba mo rata ka pelo yotlhe ya bone, moya, nonofo le tlhaloganyo. (Luke 10:27) “Le mo tshimologoñ,” ke gore, go tswa nakong ya bodihedi jwa ga Jesu kana go tswa boineelong jwa bone go Modimo, “batho” bao Johane a neng a ba kwalela bao ba ne ba setse ba nnile le taolo ka ga lorato. Mme moaposetoloi o ne a raya eng fa a ne a re, “E ke eōna taolō, . . . gore lo kè lo tsamaeè mo go eōna”? Lemororo “eōna” e ka lebisa go “taolō” mabapi le lorato (The New English Bible), tshupiso e gongwe e lebisitsweng ke “loratō” ka bolone. Lefa e ka lejwa go tswa ntlheng efe, “lo kè lo tsamaeè mo go eōna” e ne e raya go tswelela go bontshana lorato.—1 Yohane 3:18; bapisa Baroma 13:8-10.
Tlhalefang Batenegi
13. (a) E ne e le gareng ga bomang “batsietsi” ba neng ba leka go gapa basokologi? (b) Ke thuto efe ya maaka e e neng e anamisiwa ke “batsietsi”?
13 Boiteko bo ne bo tla tlhokafala go tswelela go tsamaiwa mo loratong le mo boammaaruring. E rile a tlhalosa gore ka ntlha yang, Johane o ne a kwala ka gore:
“Gonne batsietsi ba le bantsi ba cwetse mo lehatshiñ, eboñ bōnè ba ba sa ipoleleñ ha Yesu Keresete a tsile mo nameñ. Motsietsi ke èna eouō, le moganetsa Keresete.” (2 Yohane 7)
Ka phepafalo, baruti bangwe ba maaka ba ne ba tsamaya-tsamaya ba leka go gapa basokologi gareng ga Bakeresete ba boammaaruri. (Bapisa Ditihō 20:30) Lemororo bone ka bobone ba ipolela fa e le Bakeresete, “batsietsi” bano ba ba timetsang ba ne ba sa dumele gore Jesu Keresete o ne a tla mo nameng jaaka motho. Dithuto tse di ntseng jalo tsa maaka di ne di tla senya seabe sa ga Jesu jaaka Mesia le morekolodi, go akareletsa le boemo jwa gagwe jo bo tsholeditsweng jwa selegodimo.—Mareko 1:9-11; Yohane 1:1, 14; Bafilipi 2:5-11.
14. Ke ka ntlha yang fa Johane a ne a bitsa batenegi “motsietsi . . . le moganetsa Keresete”?
14 Johane o ne a bitsa batenegi bano “motsietsi ke èna eouō, le moganetsa Keresete” ka go bo dithuto tsa bone di ne di le boferefere ebile bone ka bobone ba ne ba ganetsa Keresete. Go lebisa ga ga moaposetoloi go “baganetsa Keresete ba le bantsi” go supa gore go ne go na le batho-ka-bongwe ba le bantsi bao e neng e le baba ba ga Keresete, ntswa fa ba le mmogo ba ne ba bopa motho a le mongwe yo o bidiwang “moganetsa Keresete.” (1 Yohane 2:18) Go latola gore Jesu ga se Keresete le gore ga se Morwa Modimo go kopanyeletsa go latofatsa dithuto dipe fela tsa Dikwalo kana tsotlhe tse di lebisang go ene. Basupi ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba ganana gotlhelele le dipono tse di ntseng jalo tsa baruti ba maaka.
15. (a) Ka ‘go ipona’ ka bobone, ke “tuèlō e e tletseñ” efe e e neng e tla bonwa ke Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya? (b) Ke ka ntlha yang fa mosupi mongwe le mongwe wa ga Jehofa a tshwanetse go itisa kgatlhanong le thuto ya motheo ya botenegi?
15 Ereka go ne go na le kotsi ya go faposiwa mo boammaaruring go ya boteneging, Johane o kgothatsa jaana:
“Lo ipōnè, gore lo se ka loa latlhègèlwa ke dilō tse re di dihileñ, ha e se gore lo tlè lo amogèlè tuèlō e e tletseñ. Leha e le mañ eo o tlolèlañ pele, me a sa nnele rure mo thutoñ ea ga Keresete, ga a na Modimo: eo o nnèlañ rure mo thutoñ euō, ke èna eo o nañ le Rara le Morwawè.” (2 Yohane 8, 9)
Ka ditiro tse di Jaaka go rera “mahoko a a molemō,” Johane le ba bangwe ba ne ba ‘dira’ loungo lo lo neng lwa felela ka tshokologo ya baamogedi ba gagwe ba pele ba lokwalo lo. Mme e ne e le fela fa ba nna ba ‘ipona’ ka bobone semoeng ba neng ba se ketla ba “latlhègèlwa” ke tshegofatso, boutlwelo botlhoko le kagiso go tswa go Jehofa le Morwawe, ga mmogo le bolekane jo bo nnelang ruri le botlhe bao ba neng ba bofaganngwe mmogo ke boammaaruri le lorato. Fa ba ikanyega, badumedi-mmogo le Johane ba ba tloditsweng ka moya ba ne ba tla tswelela go ipelela tirelo e e duelang ya ga Jehofa. Fa a ne a bua kaga “tuèlō e e tletseñ,” Johane ka phepafalo o ne a raya go akareletsa le “serwalō” sa selegodimo se se amogelwang ke Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng. (Tshenolō 2:10; 1 Bakorintha 9:24-27; 2 Timotheo 4:7, 8; Yakobe 1:12) Legale, mosupi mongwe le mongwe wa ga Jehofa o tshwanetse go ganana le dithuto tsa motheo tsa botenegi ka gore di tla mo amoga botshelo jo bo sa khutleng ekane kwa legodimong kana mo lefatsheng.
16. (a) Batenegi ba ne ba ‘tlolela kwa pele’ jang? (b) Ke ka tsela efe basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba nang le “Rara le Morwawè”?
16 “Batsietsi” ba batenegi ba ne ba ‘tlolela kwa pele’ mme ba seka ba “[nnela] rure mo thutoñ ea ga Keresete” ka go bo ba ne ba sa kgomarele boammaaruri jo bo neng bo rutwa ke Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang. Ka jalo, baikeodi ba ne ba se “na Modimo,” ka go bo ba ne ba sena bolekane le Jehofa ka jalo ba sena kamano le ene. (1 Yohane 1:5, 6; 2:22-25) Lefa go ntse jalo, basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ‘ba ipolela fa Keresete a ne a tla mo nameng,’ ka go bo ba bontsha tumelo mo setlhabelong sa gagwe sa thekololo mme ba ngaparela seo ene le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ba se rutileng. (Mathaio 20:28; 1 Timotheo 2:5, 6; 2 Yohane 7) Bakeresete bano ba mmatota ba ngaparela boammaaruri mme ka gone “ba na le Rara le Morwawè” ka ntlha ya go ba itse, ba anaanela dinonofo tsa bone le go tswelela ba ipelela kamano e e atamalaneng le bone.
Boikutlo Tebang le Batenegi
17. Go ya ka 2 Yohane 10, 11, Bakeresete ba ba ikanyegang ba ne ba tshwanetse go tshwara ‘batsietsi” jang?
17 Bakeresete ba tshwanetse ba tshola batho sentle, mme legale eseng batenegi ba tumelo ya boammaaruri. (1 Petere 4:9) Johane o ne a phepafatsa seno ka go bolela ka gore:
“Ha moñwe a tla mo go lona, me a sa tle le thutō e, lo se ka loa mo cholèla mo tluñ ea lona, le gōna lo se ka loa mo dumedisa: Gonne eo o mo dumedisañ o tlhakanetse naè ditihō tsa gagwè tse di boshula.” (2 Yohane 10, 11)
“Batsietsi” ba ne ba tsamaya-tsamaya ebile ka tlhagafalo ba ne ba anamisa dithuto tsa maaka. Gone, go ne go tla nna phoso ka Mokeresete ope yo o ineetseng go otlololela letsogo la bolekane go bone ka go letlelela baruti bano ba maaka mo legaeng la gagwe. Gape go ne go tla bo go ne go le phoso go dumedisa batenegi ka tumediso epe fela, ekane e ne e le go ba amogela fa ba goroga kana gore “tsamayang sentle” fa ba ne ba emelela. Go ne go se Mokeresete ope yo o ikanyegang yo o neng a ka eleletsa moetleetsi wa thuto ya maaka wa ka bomo katlego mo tirong ya gagwe. Eleruri, he, ga go mosupi ope yo o ikanyegang wa ga Jehofa yo o ka kopanelang le motho yo o ntseng jalo.—1 Bakorintha 5:11-13.
18. Ke ka ntlha yang fa ope wa basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa a ka se dumediseng motenegi?
18 Gape, fa motlhanka yo o ineetseng wa ga Jehofa a ne a ka amogela moruti wa maaka yo o ntseng jalo mo lapeng la gagwe, o ne a tla nna “motlhakanedi” mo “ditirong tse di boikepo” tsa motho yoo. (The New English Bible) Ka gone, ga go mosupi ope wa segompieno wa ga Jehofa yo o ikanyegang yo o tla dumedisang motenegi yo o kgaotsweng kana yo o itomolotseng kana a letlelela yo o ntseng jalo go dirisa legae la gagwe jaaka lefelo la go anamisa dithuto tsa gagwe tsa phapogo. Ele ruri, go ka nna le go ikarabelela mo go golo fa pele ga ga Jehofa fa modumedi a ka tshola sentle motenegi mme se sa felela ka loso lwa semoya la moobamedi mmogo le rona wa ga Jehofa.—Bapisa Baroma 16:17, 18; 2 Timotheo 3:6, 7.
19. Ke kemo efe e basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba tla e tsayang mabapi le batenegi ba segompieno?
19 Bangwe bao ba kileng ba direla jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gana dipono tse di farologaneng tsa Dikwalo tseo di theilweng mo dithutong tsa ga Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe. Ka motlhala, ba ganeletse mo go reng ga re tshele “mo metlheñ ea bohèlō,” go sa kgathalege bosupi jo bo popota jwa gore go ntse jalo. (2 Timotheo 3:1-5) Batenegi bano ‘ba re tlogetse ka go bo e ne e se ba rona.’ (1 Yohane 2:18, 19) Ka jalo, ga ba sa tlhole ba na le bolekane le basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ba tloditsweng le balekane ba bone, mme ka gone baikeodi bano ba ba ikgopolang ga ba na “bolekane” le Rara le Morwa, go sa kgathalege gore ba ka ikgantsha go le kana kang gore ba na le kamano le Modimo le Keresete. Go na le moo, ba mo lefifing la semoya. (1 Yohane 1:3, 6) Barati ba lesedi le boammaaruri ba tshwanetse go ema ba tiile kgatlhanong le baetleetsi bano ba dithuto tsa maaka. Basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ga ba batle le ka motlha ope ba ka nnang batlhakanedi mo “ditirong tse di boikepo” le batho ba ba ntseng jalo ba ba sa ikanyegeng ka go rotloetsa mantswe a bone a e seng a Modimo le fa e le ditiro tsa bone ka tsela epe fela. Bogolo, a re nneng “tlhōahalō go ganèlèla tumèlō e e sa leñ e neèlèlwa baitshepi rure.”—Yude 3, 4, 19.
Ngaparela Boammaaruri
20. Go na le gore a kwale go ya pele, Johane o ne a solofela go dira eng?
20 E rile a sena go kgothatsa badumedi-ka-ene go ganana le botenegi mme ba ngaparele boammaaruri, Johane a feleletsa lokwalo lwa gagwe lwa bobedi lo lo tlhotlheleditsweng ka mafoko ano:
“Ereka ke na le dilō di le dintsi go di lo kwalèla, ke ne ke sa rate go kwala ka pampiri le inke: me ke sholohetse, go re, ke tla hitlha koñ go lona, le go re, re tla bua re lebanye, gore boitumèlō yoa lona bo tlè bo dihalè. Bana ba ga monnao eo o moitshenkedwi, baa gu dumedisa.” (2 Yohane 12, 13)
Seo moaposetoloi a neng a sa ntse a na le sone mo pelong o ne a eletsa go sa se kwale. Ka jalo o ne a baya moputlo wa pampiri kwa thoko, pene ya gagwe ya lotlhaka le inke (go bonala, e ne e le motswako o montsho wa borokhu, mosidi le metsi). Go sa kgathalege bogodi jwa dingwaga jwa gagwe o ne a sa ntse a solofetse go eta le go bua “ba lebanye,” kana, tota-tota, “molomo le molomo,” ka gone ba ipelela puisano e e atamalanyeng. (Kingdom Interlinear Translation; bapisa Dipalō 12:6-8.) Loeto lwa moaposetoloi yo o setseng a godile eleruri le ne le tla felela ka tuelo ya kgothatsano e e duelang ya semoya, ga mmogo le boipelo jo bogolo.—Bapisa Baroma 1:11, 12.
21. Ke eng seo se neng se phepafetse mo mafokong a a feleletsang a Johane wa bobedi?
21 Lorato lwa Bokeresete lo lo bofaganyang baobamedi ba ga Jehofa mmogo lo ne lo phepafetse mo ditumedisong tse Johane a neng a di romela. Fa e le gore o ne a kwalela motho mongwe yo o neng a bidiwa Kyria, go bonala a ne a na le monnawe wa mosadi yo neng a na le bana ba gagwe ba tlholego bao ba neng ba romela ditumediso tse di molemo-lemo. Mme fa moaposetoloi a ne a lebisitse go phuthego nngwe (gongwe ya Efeso), ‘monnawe’ yo o neng a mo umaka e ne e le phuthego eo yotlhe mme “bana” e ne e le maloko a yone a a farologaneng.
22. (a) Lokwalo lo lo tlhotlheleditsweng lwa bobedi lwa ga Johane lo thusa Basupi ba ga Jehofa go dira eng? (b) Ke kgang efe e e sa nntseng e tlhoka go tlotliwa?
22 Mo lokwalong lwa gagwe lwa bobedi lo lo tlhotlheditsweng, Johane o ne a tlhamalatsa fa a neela kgakololo e e lorato e e neng e tla thusa badumedi-ka-ene go ganana le botenegi mme ba ngaparele boammaaruri. Ka thuso ya Modimo, se ke sone se Basupi ba ga Jehofa ba gompieno ba ikemiseditseng go se dira. Mme gape re tshwanetse go godisa dikgatlhego tsa Bokeresete jaaka “badihi mmōgō le boamarure” ba ba kutlwano. (3 Yohane 8) Seno se ka kgonagala jang?
A O Ka Araba?
◻ Go raya eng go “tsamaea mo boamarureñ”?
◻ “Batsietsi” ba ne ba anamisa thuto efe ya maaka?
◻ Go ya ka 2 Yohane 10, 11, Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go leba batenegi jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Basupi ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba nnile ba ganana le botenegi ka metlha