LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 6/15 ts. 29-31
  • O ne a Utlwa Modimo Jaaka Molaodi Bogolo go Batho

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ne a Utlwa Modimo Jaaka Molaodi Bogolo go Batho
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditshimologo tsa Thuto ya ga Hus ya Bibela
  • Go Neela Bosupi fa Pele ga Khansele ya Constance
  • Seo Hus a se Fitlheletseng
  • Kafa Baebele e Tlileng mo go Rona ka Teng—Karolo 2
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Diphetogo—A Ne A Fetogela Sebopegong se Sesha
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • DVD ya The Bible—A Book of Fact and Prophecy
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • A Dikhansele tsa Bodumedi di Amogelwa ke Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 6/15 ts. 29-31

O ne a Utlwa Modimo Jaaka Molaodi Bogolo go Batho

“Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.”

MO E batlileng e nna dingwaga tse 2 000 tse di fetileng, mafoko ano a bopelokgale a ne a utlwala mo lekgotleng kwa Jerusalema. Setlhopha sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga se ne se botsolotswa ke moperisiti yo mogolo wa Bajuda. Ba ne ba tshwerwe mo tempeleng fa ba ntse ba ruta boidiidi jwa batho. Moengele wa ga Jehofa o ne a ba laetse go ya koo go ya go rera Lefoko la Modimo gone. Baperisiti ba ne ba ba bolelela gore ba se dire jalo. O ne o tla utlwa mang mo boemong joo? Bakeresete ba ne ba sena tikatiko epe. Ba ne ba tla obamela Modimo jaaka molaodi bogolo go batho.​—Ditihō 5:17-32.

Makgolo a dingwaga a mantsi a a fetileng go tloga ka nako eo, ba bangwe ba ile ba latela sekao sa bone sa bopelokgale fa baeteledipele ba bodumedi, jaaka baperisiti bale ba Sejuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ganne go reetsa boammaaruri ka bobone le go leka go thibela ba bangwe gore ba bo utlwe. (Mathaio 23:13) Mo tshimologong ya lekgolo la bo-15 la dingwaga, John Husa (1371-1415) o ne a ikuela mo mafokong a a tshwanang le ao fa a ne a laelwa gore a se rere mo lefelong la gaabo la Bohemia (karolo ya Czechoslovakia ya segompieno). O ne a amogela bolaodi jo bo kwa godimo jwa Modimo le Lefoko la One ka nako ya fa mopapa le kereke di ne di tseiwa jaaka tse di kwa godimo ke mo e ka nnang mongwe le mongwe o sele. Go ne ga tla jang gore a tseye boemo jono?

Ditshimologo tsa Thuto ya ga Hus ya Bibela

John Hus o ne a godisiwa ke mmagwe wa motlholagadi ebile e le monageng; jalo go bona thuto e ne e le bothata. Gantsi o ne a tshwanelwa ke go opela kwa dikerekeng gore a kgone go itshidisa. Lemororo a ne a se botlhale-tlhale, o ne a kgona go bona thuto kwa Unibesithing ya Prague mme kwa bofelong o ne a tlhatloga go nna reketoro wa unibesithi.

Ka nako eo, go ne go na le kgogakgogano e ntsi kwa unibesithing eo gareng ga Ma-Jeremane le Ma-Czech. Hus o ne a nna mogaka wa mokgatlho wa Ma-Czech, mme tlhotlheletso ya gagwe e ne ya gola jaaka fa a ne a fetoga moreri wa senatla ka mo go golwane. Ka nako nngwe, go ne go kile ga nna le dikhuduego le ditherisano malebana le ditiro tse dintsi tse di bodileng tse Kereke ya Roma Katoliki e neng e kopanyelediwa mo go tsone, mme seno se ne sa gakadiwa ke kanamo ya mekwalo ya mosimegi wa Moesemane ebong John Wycliffe. Mokgatlho wa Bohemia ga wa ka wa simologa ka ntlha ya ditiragalo tsa kwa Engelane, go na le moo, o ile wa tsamaelana le tsone. John Hus o ne a iphitlhela a setse a gapilwe ke mekwalo ya ga Wycliffe, segolo-bogolo buka ya On Truth of Holy Scripture, e o e amogetseng ka 1407.

Lefa go ntse jalo, o ne a ganediwa ke Mobishopo-mogolo ebong Zbynek wa Prague, yo o neng a bua kgatlhanong le thero ya ga Hus mme a fisa mekwalo e le mmalwa ya ga Wycliffe mo pepeneneng ka 1410. Zbynek o ne a latelela seno ka go thibela thero yotlhe kwantle ga e e mo dikerekeng tse di amogelwang, tseo di neng di sa akaretse Kereke ya Bethelehema koo Hus a neng a okamela gone. Hus o ne a gana go utlwa thibelo eo ya mobishopomogolo, a kaya gore o na le go “utlwa Modimo bogolo go batho mo dilong tseo di tshwanetseng poloko.” O ne a dira boikuelo go mopapa, mme mobishopo-mogolo a mo kgaola ka ntlha ya moo. Mme Hus o ne a seka a reketla, a lemoga gore kutlwisiso ya gagwe e kgolwane e ne e looditse segakolodi sa gagwe mme ya se dira gore se sisimoge dithuto tsa Bibela thata. O ne a bolela ka phepafalo gore: “Motho a ka nna a aka, mme Modimo ga o ke o aka,” a boeletsa mafoko a ga moaposetoloi Paulo go Baroma. (Baroma 3:4) Kgosi Wenceslas o ne a emela mokgatlho wa go simega dilo wa ga Hus, mme kwa bofelong Zbynek o ne a tshaba mo nageng eo, a swa ka bonako fela moragonyana ga moo.

Go nna kgatlhanong le Hus go ne ga tsoga gape-gape fa a ne a nyatsa ntwa ya bodumedi eo e neng e le kgatlhanong le kgosi ya Naples mme a senola go rekisiwa ga thekololo-dibe mo boemong jwa yone, ka gone a senyetsa baperisiti madi a bone a lotseno. Madi a thekololodibe a ne a dira gore motho a bone boitshwarelo jwa kotlhao ya nakwana ka tuelo ya madi. Gore a tile go tlisa mathata mo motseng oo, Hus o ne a ya kwa Prague go tshela molelwane mo nageng eo ka nakwana. Ka 1413, o ne a kwala buka ya On Simony koo, e e neng e senola go rata madi ga baruti le kemonokeng e ba neng ba e bona go tswa mo babusing ba lefatshe. Gape, Hus o ne a tshegediwa ke Lefoko la Modimo, mme a bolela gore: “Mokeresete mongwe le mongwe yo o ikanyegang o tshwanetse go nna le mogopolo wa gore a se boloke sepe se se kgatlhanong le Dikwalo tse di Boitshepo.”

Hus gape o ne a kwala buka e e bidiwang De Ecclesia (Malebana le Kereke). Mo go yone o ne a tlhalosa dikgang di le mmalwa ka phepafalo, tseo nngwe ya tsone e neng e bolela: “Gore Petere ga a ise a ke a tsamaye a nne tlhogo ya Kereke, ebile ga se yone.” O ile a fitlhela gore ditemana tsa konokono tsa Mathaio 16:15-18 di ne di tlhalosa Jesu Keresete ka phepafalo jaaka motheo le tlhogo ya kereke, e e neng e le mmele otlhe wa badumedi ba ba biditsweng. Jalo molao wa ga Keresete jaaka o fitlhelwa mo Lefokong la Modimo o ne o eme o le kwa godimo mme eseng wa ga mopapa. Go na le moo, bopapa bo simologile mo maatleng a mmuso wa Roma.

Go Neela Bosupi fa Pele ga Khansele ya Constance

Kereke ya Katoliki e ne e ka se tlhole e itshokela go senolwa ke Hus mme ya mmitsa gore a tle go arabela dikgopolo tsa gagwe fa pele ga Khansele ya Constance, e e neng e tshwerwe go tloga ka 1414 go ya go 1418 gaufi le Letsha la Constance.b O ne a tsiediwa ke morwarragwe kgosi gore a nne gone, Mmusi Sigismund, ka tsholofetso ya gore o tla sirelediwa, seo ka bonakonyana se neng sa itshupa e le maaka. Ka bonakonyana fela morago ga kgorogo ya gagwe o ne a tshwarwa, mme o ne a tswelela ka go ganetsa taolo ya mopapa mmogo le ya khansele.

Fa khansele eo e ne e biletsa Hus go tla go phimola megopolo le dithuto tsa gagwe, o ne a fetola ka gore o ne a tla dira seo ka boitumelo fa e le gore o ne a ka supiwa ke Lokwalo gore o phoso, go ya ka 2 Timotheo 3:14-16. Hus o ne a akanya gore segakolodi sa gagwe se ne se tla mo kgala ka dinako tsotlhe fa a ne a ka ikgogela morago ka ntlha ya mabaka a a sa tlhomamang. O ne a bolela jaana: “Keletso ya me ka dinako tsotlhe e ntse e le gore ke supediwe thuto e e botoka go tswa mo Lokwalong, mme he ke ne ke tla iketleeletsa go ikgogela morago.” Go sa kgathalesege kgwetlho ya gagwe ya gore bobotlana leloko la khansele eo le mmontshe phoso ya gagwe go tswa mo Lefokong la Modimo ka bolone, o ne a latofadiwa jaaka moikeodi yo o logwadi mme a romelwa kgolegong gape kwantle ga gore go tlotliwe le ene go tswa mo Bibeleng.

Ka July 6, 1415, Hus o ne a latofadiwa pele mo kerekeng ya Constance. Ga a ka a letlelelwa go araba fa go ne go balwa ditatofatso kgatlhanong le ene. Morago ga moo o ne a tseelwa boruti jwa gagwe mo pepeneneng, fa mekwalo ya gagwe e ne ya jewa ka molelo mo lebaleng la kereke. O ne a isiwa kwa nageng kwa metsaneng mme a fisediwa mo mokgorong gone. Molora wa gagwe o ne wa kokoanngwa mme wa latlhelwa mo Nokeng ya Rhine go thibela gore ope a seka a boloka masaledi a moswela-tumelo yono go mo gopola ka one. Ka ntlha ya dikamano tse di gaufi le John Wycliffe, khansele eo e ne ya latofatsa mosimegi yoo​—yo o neng a setse a sule—​e laela gore mmele wa gagwe o epololwe le go fisiwa le gore molora wa gagwe o fosediwe mo nokeng ya Swift mo Engelane. Moragonyana ga moo, molatedi yo o tumileng thata wa ga Hus, Jerome wa Prague, le ene o ne a jewa ka molelo mo mokgorong.

Seo Hus a se Fitlheletseng

Ka lobaka loo, Hus e ne e le mongwe wa banna ba ntlha go nna pelokgale go ganetsa molao wa ga mopapa gammogo le wa khansele le go amogela taolo e e kwa godimo ya Dikwalo mo boemong jwa one. Ka jalo o ne a simolola mokgatlho wa ditshwanelo tsa motho ka bongwe, tsa kgololesego ya segakolodi le go bua.

Go feta dingwaga tse di lekgolo moragonyana ga moo, Martin Luther mo Jeremane o ne a latofadiwa ka gore o ntšhafatsa diphoso tsa ga Wycliffe le Hus. Eleruri, Luther o ne a na le pono ya konokono e e tshwanang le ya ga Hus fa a ne a re: “Fa fela ke sa bonwe molato ke Lokwalo le lebaka le le phepafatseng​—ga ke amogele taolo ya bomopapa le ya dikhansele, gonne ba ile ba ganetsana—​segakolodi sa me se tshwerwe ke Lefoko la Modimo.” Gongwe ke ka lebaka leo a neng a re: “Rotlhe re ba-Hus kwantle ga go itse seo.”

Hus, Wycliffe, le Luther ruri ba ne ba tsosolosa dithuto tse dintsi tsa Bakeresete ba pele. Legale, ga baa ka ba tsaya tsela eo ka botlalo gonne go ne go se bonolo mo malatsing ao go kaolola lefifi leo la makgolokgolo a dingwaga. Lefa go ntse jalo, botlhe ba ne ba dumalana mo ntlheng e le nngwe ya botlhokwa: Lefoko la Modimo le ne le tshwanetse go tla pele, go sa kgathalesege seo maikutlo a batho eleng sone. Bakeresete ba pele ba ne ba na le pono e e phepafetseng e e tshwanang le eno gonne ba ne ba rutilwe ke Morena Jesu Keresete ka sebele.​—Yohane 17:17; 18:37.

Gompieno, Bakeresete ba tshwanetse go tsaya boemo jo bo tshwanang le joo. Re na le melemo e mentsi go feta makgolo a le a pele a dingwaga. Santlha, Bibela e teng ka mo go gololesegileng ka dipuo di le dintsi. Sabobedi, mo metlheng eno ya bofelo moya o o boitshepo o ile wa kaela bao ba arabelang gore ba utlwisise Bibela ka mo gogolwane. A o ile wa amogela kutlwisiso eno? Fa go le jalo, ga o kitla o etsaetsega ka gope gore o amogele molao-motheo oo John Hus a neng a o boeletsa a sa kgaotse jaana. Gompieno, batho ba bantsi go na le pele mo ditiragalong ba tshela ka mafoko ale a baaposetoloi a a reng: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.”​—Ditihō 5:29.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Nako nngwe le peletiwa jaaka Huss

b Khansele ke pokano ya bobishopo le baeteledipele ba bangwe ba Kereke ya Katoliki go sekaseka le go dira diphetso kaga dithuto, dikotlhao, le dikgang tse dingwe. Dikhansele tse di ntseng jalo di le mmalwa go ralala ditiragalo di amogelwa ke Kereke ya Roma Katoliki.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

John Hus

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Dibibela tsa Se-Czech, jaaka tokololo ya 1579 e e bontshitsweng fa godimo, di anaanelwa thata ke baphuti ba dilo tse di rileng gompieno. John Hus o ne a jelwa mo mokgorong ka molelo gonne a ne a anaanela seo Bibela e se boletseng go feta lefoko la motho

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela