LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 5/15 ts. 24-26
  • A Dikhansele tsa Bodumedi di Amogelwa ke Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Dikhansele tsa Bodumedi di Amogelwa ke Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Batlisisa Tshimologo ya Tsone
  • Di Laolwa ke Eng?
  • Dipogiso tse di Kgaolang Pelo!
  • Gotweng ka Thuto ya Tsone?
  • Kokoano ya Jerusalema
  • Bakeresete ba Boammaaruri ba Tlotla Lefoko la Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • A o Tshwanetse go Dumela Tharonngwe?
    Tsogang!—2013
  • Goreng Ditumelo Di Le Kanakana Mme Tsotlhe Di Re Ke Tsa Bokeresete?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Thuto ya Tharonngwe e simologile leng le gone jang?—Karolo 4
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 5/15 ts. 24-26

A Dikhansele tsa Bodumedi di Amogelwa ke Modimo?

LEFOKO “khansele” le gakolola ka mofuta o o itsegeng thata wa puso ya selegae. Mafoko a a ntseng jaaka “khansele ya motse” kana “khansele ya toropo” a tlhaloganngwa sentle. Lefa go ntse jalo, lefoko leo le sa tlwaelegang go le kalo e ka nna ya bo e le “khansele ya bodumedi” kana “khansele ya kereke.” Khansele e e ntseng jalo e e amanang le kereke e ile ya tlhalosiwa jaaka “kokoano ya boemedi ya kereke e e nang le tetla ya go sekaseka mme gantsi le go tlhoma melao malebana le dikgang tsa tumelo, boitshwaro, le kotlhao ya kereke.”

Mo gare ga dikhansele tse di dintsi tsa bodumedi tseo di ileng tsa tshwarwa go ralala makgolo a dingwaga, Kereke ya Roma Katoliki e tsaya ya bo-21 jaaka ya lefatshe ka bophara, mme di simolola ka Khansele ya Nicaea ka 325 C.E. go ya go Khansele ya Second Vatican ya 1962-65. Go ya ka The Encyclopedia Americana, “dikhansele tsa lefatshe ka bophara di bidiwa ke mopapa, yo o di okamelang, a tlhomamisa kgang e e tlileng go tšhotlhiwa, a tswalele khansele, le go dira melao ya yone. . . . Khansele ya lefatshe ka bophara gammogo le mopapa ke karolo e e nang le maatla a a lekanang ya kereke, yone mmogo le ene e emela bobusi jwa kereke jo bo rutang jo bo se keng bo fosa mo dikgannyeng tsa tumelo le boitshwaro.”​—Volume 8, ts. 85.

Go Batlisisa Tshimologo ya Tsone

Bontsi jwa baeteledipele ba dikereke ba dumela gore dikhansele tsa bodumedi tsa La-Bodumedi di tshwana le pokano ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya baaposetoloi le bagolwane kwa Jerusalema. Ka gone, dikhansele tsa kereke tsa moragonyana jaana go bolelwa fa di na le maatla a a tshwanang a go dira ditshwetso mo dikgannyeng tsa tumelo le boitshwaro. (Ditihō 15:2, 6, 22) A mme dikhansele tse di ntseng jalo tsa bodumedi di letleletswe ke Modimo? A o a di amogela?

Ka mo go kgatlhisang, mo go Mareko 3:6 polelwana e e reng “go tshwara khansele, (NW)” e tswa mo lefokong la Segerika leo le kayang ‘pokano ya batho bao ba tlhagisang megopolo ya bone le kgakololo.’ Mo temaneng eo, re bala gore Bafarasai ‘ba ne ba tshwara khansele’ le balatedi ba lekoko la ga Herode e le gore ba fedise Jesu. Ka tlhomamo Modimo o ne a sa amogele khansele eo! Mme Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe ka ga go ikanya batho ba ba ntseng jalo. (Mareko 8:15) A go sa ikanye go go ntseng jalo go siame mo kgannyeng ya dikhansele tsa bodumedi tsa La-Bodumedi?

Jesu gape o ne a bolela jaana: “Lo tla ba itse ka louñō loa bōnè.” (Mathaio 7:20) Ka gone, a re ke re tlhatlhobeng maungo a dikhansele tsa dikereke tse di farologaneng.

Di Laolwa ke Eng?

Go ya ka The Encyclopedia Americana, dikhansele tsa kgaolo tseo di dirisediwang go rulaganya dikereke tsa Katoliki mo Spain, Boritane, le gope fela di ne “gantsi di bidiwa le go laolwa ke babusi ba lefatshe.” Dikhansele kakaretso tsa baeteledipele ba bodumedi go tswa mo mmusong otlhe wa Roma “di ne di sa itsiwe pele ga Khansele ya Nicaea ( A.D.),” eo e neng ya epiwa ke Mmusi Constantine. Rahistori wa Boritane ebong H. G. Wells o akantshitse gore Constantine o ne a tlisa dipolotiki le pusanosi mo go La-Bodumedi eo e neng e setse e kgaogane thata. Wells o ne a kwala jaana: “Khansele ya Nicaea ga ya ka ya phuthiwa ke Constantine yo Mogolo fela, mme dikhansele tsotlhe tse dikgolo, tse pedi kwa Constantinople (381 le 553), Efeso (431), le Chalcedon (451) di ne tsa phuthiwa ke babusi ba mmuso oo.” Mme Modimo o ne a ka amogela seo jang, ereka Bakeresete ba boammaaruri ba sa leke go tswakanya bodumedi jwa bone le dipolotiki mme, go na le moo, ba boloka boitlhaodi jo bo gagametseng?​—Yohane 17:16; Yakobe 1:27.

“Dikhansele kakaretso tsa moragonyana di ne di sirwa kgapetsa ke dipolotiki tsa kereke ya mmuso le phapaano ya bobusi jwa konokono jwa bobishopo [dikarolo tseo di laolwang ke bishopo mongwe kana mobishopo mogolo mongwe],” The Encyclopedia Americana e oketsa jalo. Ereka dikhansele tse di ntseng jalo tsa dikereke di ne di tshwaiwa ka dipolotiki tsa kereke le diphapaang, di ne di sa ungwe maungo ape a moya wa Modimo a a ntseng jaaka lorato le kagiso. Go na le moo, di ne tsa mariwa ke ditiro tsa nama tseo di akareletsang “dikilanō, le kgañ, le mahuha, . . . le ditomologanō, le dikgaoganō, le makōkō.” Fa moaposetoloi Paulo a ne a lebisa go ditiro tsa nama, o ne a tlhagisa jaana: “Ba ba dihañ dilō tse di nntseñ yalo, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo”! (Bagalatia 5:19-23) Ka gone, go ka bolelwa jang gore dikhansele tsa La-Bodumedi tsa dikereke di ile tsa amogelwa ke Modimo?

Dipogiso tse di Kgaolang Pelo!

H. G. Wells o ne a bolela gore moya wa ga Constantine o ne o laola merero ya kereke, mme o ne a latlhela tlhwarwe legonyana jaana: “Mogopolo wa go tlosa kgaruru yotlhe le tomologano, go tlosa mogopolo otlhe, ka go pateletsa tumelo e le nngwe ya thuta-borapedi mo badumeding botlhe, . . . ke mogopolo wa monna yo o dirang a le esi yo o ikutlwang gore gore a kgone go dira o tshwanetse a bo a gololesegile mo kemokgatlhanong le mo go tshwaiweng diphoso. Histori ya Kereke kafa tlase ga tlhotlheletso [ya ga Constantine] ka gone jaanong e fetoga histori ya dikgaratlho tse di setlhogo tseo di neng di patelesega go latela morago ga dipitso tsa gagwe tsa tshoganyetso le tse di makgwakgwa tsa go nna mogopolo mongwe fela. Kereke e ne ya bona boikutlo jwa go laola le go sa bonwe diphoso go tswa mo go ene, go godisa lekgotla le le laolang le go dira tumalanong le mmuso.”

Dikatlholo tsa boikeolo di ile tsa itshupa go nna thulaganyo e e setlhogo ya go nyeletsa baganetsi bao ba neng ba leka go nyatsa dikhansele tsa La-Bodumedi tsa dikereke. Ope yo o neng a tlhagisa maikutlo a a farologaneng kana le eleng go leka go neela bosupi jwa Dikwalo joo bo ganetsang dithuto le melao (melao ya kereke) ya dikhansele ba ne ba tsewa jaaka baikeodi.

Maikemisetso a go nyeletsa kemokgatlhanong a ile a gogela kwa dipogisong tse di botlhoko. Bontsi jwa bao ba neng ba bonwa molato wa boikeolo kgatlhanong le thuto e e tumileng ya khansele ba ne ba fisediwa mo mokgorong, ba boga tlhokofatso ya loso lo lo bonya ba bogetswe ke batho​—gongwe ‘ka leina la ga Keresete’!

Ka sekai, Khansele ya Constance (1414-18 C.E.) e ne ya bilediwa go khutlisa go sa dumalaneng le yoo e neng e le mopapa yo o tshwanetseng le go dirisana le boikeolo jwa ga Wycliffe le Hus. Go bolelwa gore dipitse di le dikete di le masome a mararo di ne tsa rwala batho go ya Constance go ya tiragalong eno e kgolo. Ka nako ya khansele, John Hus o ne a sekisiwa le go bonwa molato, morago ga moo o ne a neelwa babusi ba lefatshe mme a fisediwa mo mokgorong.

Gotweng ka Thuto ya Tsone?

Ke boammaaruri gore Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba “puō ñwe hèla.” Mme seno ga se ka ntlha ya kgatelelo e e sa emiseng ya kereke. Go na le moo, ke ka gonne ditumelo tsa bone le ditiro di thailwe mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo ka mo go utlwalang. (1 Bakorintha 1:10; Ditihō 17:10, 11; 2 Timotheo 3:16, 17) Lefa go ntse jalo, dikhansele tsa dikereke di ntse jang fa re sekaseka ditshwetso tsa tsone tsa dithuto?

Lemororo dikhansele tsa dikereke di ka mpampediwa jaaka diphitlhelelo tsa thutabomodimo, di ile tsa nna difikantswe tseo di tshwayang matlhotlhapelo ao a senyang dithuto tse di itshekileng tsa Bokeresete mo megopolong ya ba le bantsi. Go tshwantshetsa seno: Ka 325 C.E. Khansele ya Nicaea e ne ya simolola thuto ya Keresete wa Seka-motho, kana Modimo-motho. Go gana gore Jesu tota e ne e le motho gono go ne ga fetoga nngwe ya dithuto tseo di timetsang go gaisa tsa La-Bodumedi. (Bapisa 2 Yohane 7.) Aitsane, e retoloseditse dimilione go tswa mo go Jehofa Modimo go ya Tharonngweng e e tlhakanyang tlhogo! Ga go epe ya dikhansele tseo di ileng tsa tshwarwa morago ga moo eo e ileng ya dira maiteko ape a go siamisa phoso eno. Lefa go ntse jalo, thuto ya Tharonngwe ka phepafalo ga se ya dikwalo, ka gonne Jesu o rile: “Rara o mogolo bogolo go nna.” (Yohane 14:28) A go ne go ka kgonagala gore Modimo a amogele khansele epe eo e fitlhang boammaaruri kaga seo se mo kgethololang le seo se kgethololang morwawe?

Thuto eo e tlhomilweng ke khansele e nngwe e ka nna ya menolwa ke e nngwe. Ka sekai, jaaka go supilwe mo tšhateng e e fano, tiriso ya ditshwantsho mo kobamelong e ne ya ganwa ka nako ya khansele kwa Constantinople 730 C.E. Mme tiriso ya tsone e ne ya simololwa gape ke kgato ya moragonyana ga moo ya khansele. Tota, Bibela e bontsha gore go dira le go dirisa ditshwantsho tsa bodumedi ke kobamelo ya medimo ya disetwa mme ga se ga Bokeresete.​—Ekesodo 20:4-6; 1 Yohane 5:21.

Jaaka go bontshitswe mo tšhateng gape, mo gare ga dithuto tseo di neng tsa amogelwa kwa dikhanseleng tsa La-Bodumedi tsa dikereke e ne e le kolobetso ya masea, go ikitsa go nyala goo go patelediwang le goo go batlegang, pakatori, le molelo wa dihele. Lefa go ntse jalo, Dikwalo ga di tshegetse kolobetso ya masea, go ikitsa go nyala go go ntseng jalo, le dihele tse di tukang, kana gone gore di lebisa go pakatori ka tsela epe. (Mathaio 28:19, 20; 1 Timotheo 4:1-3; Yobe 14:13) Ereka bao ba eletsang go amogelwa ke Jehofa ba tshwanetse go mo obamela “ka Mōea le ka boamarure,” o ne a ka amogela dikhansele tse di ntseng jalo tse di pateletsang thuto ya maaka jang?​—Yohane 4:23, 24.

Kokoano ya Jerusalema

Malebana le dikhansele tsa bodumedi, Otto Karrer o kwadile jaana: “Kwantle ga seo go tweng ke Khansele ya Baaposetolōi [ya mo e ka nnang ka 49 C.E.], e tshwetso ya yone e leng bontlhanngwe jwa ngwao ya bomodimo, kitsiso ya baaposetoloi, dikhansele tsotlhe di tswa mo kerekeng ya morago ga baaposetoloi. Ga se tsa lobaka lwa go tlhongwa ga kereke eo.”​—The Councils of the Church.

Kwantle ga pelaelo, dikhansele tsotlhe tsa La-Bodumedi tsa dikereke di ile tsa farologana thata le kokoano ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya baaposetoloi le bagolwane kwa Jerusalema. Ga go na baruti bape bao ba bolaetsweng maatla ke tlala bao ba neng ba le teng ka nako eo go pega dijokwe tse di boima mo godimo ga dithamo tsa ba bangwe kana go beseletsa dikgabo tsa mekgoro ya tlhokofatso. Go na le moo, leungo la moya wa Modimo le ne la bontshiwa. Metlotlo ya bone e ne e kaelwa ke moya ebile e le tumalanong le Lefoko la Modimo. Mme mokgwa oo wa go rarabolola dikgang tsa Dikwalo o latelwa ke Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa gompieno.

Lekwalo leo baaposetoloi le bagolwane ba Jerusalema ba neng ba le romelela badumedi ka bone bontlhanngwe jwa lone le ne le re: “Go le Mōea o o Boitshèpō, go le rona, re hitlhetse go le molemō, go re, re se ka ra lo baea morwalō opè go hetisa dilō tse di chwanetseñ tse; Eboñ gore, lo ithibè mo diloñ tse di isediwañ medimo ea disètwa ditlhabèlō, le mo madiñ a dilō tse di tlhabilweñ, le mo diloñ tse di betilweñ, le mo boakeñ.” (Ditihō 15:22-29) Eno e ne e se melao e e itiretsweng ke batho fela mme e ne e le dipatlafalo tseo di thailweng mo melaong eo e neng e le teng pelenyana ga moo ya Monei-Molao yo Mogolo.​—Genesise 9:3, 4; Duteronome 5:8-10, 18; Isaia 33:22.

Pokano eo ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya baaposetoloi le bagolwane kwa Jerusalema e ne ya amogelwa ke Jehofa Modimo, ka gonne o ne a segofatsa ditshwetso tsa yone, mme e ne ya tsweletsa tiro ya go rera ka Bogosi pele eo e neng ya tlisa Baditšhaba ba le bantsi mo phuthegong ya Bokeresete. Lefa go ntse jalo, mabaka a histori a neela bosupi jo bo phepafetseng jwa gore dikhansele tsa La-Bodumedi tsa dikereke le ka motlha ga di a ka tsa amogelwa ke Modimo.

[Tšhate mo go tsebe 26]

GO AMOGELWA GA THUTO KHANSELE LETSATSI

Kolobetso ya Masea Carthage 253 C.E.

Go Ikitsa go Nyala Trent 1545 C.E.

Tlhalo ka Ntlha ya Boakaa Arles 314 C.E.

Thibelo ya Tlhalo Trent 1545 C.E.

Molelo wa Dihele Lyons 1274 C.E.

Florence 1578 C.E.

Go Ganwa ga Ditshwantshob Constantinople 730 C.E.

Go Busediwa ga Ditshwantsho Constantinople 842 C.E.

Nicaea 787 C.E.

Go Ithwalwa go go Boitshepo Avignon 1457 C.E.

Keresete wa Seka-motho Nicaea 325 C.E.

Chalcedon 451 C.E.

Thibelo ya go Rera ga Batho

Fela mo Felong ga Therelo Constantinople 681 C.E.

Pakatori Florence 1573 C.E.

Trent 1545 C.E.

Tharonngwe Nicaea 325 C.E.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ke dithuto tseno fela tse di dumalanang le Bibela

b Ke dithuto tseno fela tse di dumalanang le Bibela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela