Koketsego ya Bogosi mo Nageng ya Babusi-Bagolo
FA O leba mmapa wa Yuropa Bogare, o tla lemoga naga e nnye ya Austria e e mo mfapheng wa dithaba tsa Alps e e akaretsang lefelo la disekwere maele di le 32,375 (83,850 sq km) fela. Eno e ne e le naga legae ya ga Johann Strauss, kgosi ya waltz. Batho ba tla fano go tla go gakgamadiwa ke tantshe ya dipitse tsa Lippizaner. Mme fano, ka nako nngwe, e ne e le lefelo la Mmuso o mogolo wa Austria-Hungary, o o neng o laola Bohemia le Moravia, dikarolo tsa Italy, Poland, Romania le Yugoslavia.
Mmuso oo ke kgopolo fela gompieno, mme o ne o santse o le teng ka 1911 fa Charles Taze Russel, mookamedi wa ntlha wa Watch Tower Society, a ne a etela Vienna mme bobega dikgang jwa lefelo leno bo ne jwa gatisa puo ya gagwe ka mo go tlhomologileng. E ne e santse e le teng dingwaga di le tharo morago ga moo, fa mongwe gape a isa mafoko a a molemo koo.
Max Freschel e ne e le Mojuda yo moragonyana a neng a tsaya leina leno la Maxwell Friend. O kwala jaana: ‘Fa J. F. Rutherford, yo o neng a tshwanetse go nna mookamedi wa bobedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, a ne a re jetse nala, o ne a mpotsa gore a ke ka rata go romelwa kwa Austria-Hungary gore ke ye go anamisa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Bomesia mo Bajudeng ba le bantsi ba ba nnang koo. Ka boitumelo ke ne ka amogela taletso eo mme ka ya kwa Prague mo tshimologong ya 1914. Morago ga moo ke ne ka ya kwa Vienna. Go ne go na le babeeletsi ba Tora ya Tebelo ba le bane fela kwa Vienna. Ke ne ke ba etela kgapetsa go rotloetsa kgatlhego ya bone mo Lefokong la Modimo.’
Lefa go ntse jalo, moragonyana mo ngwageng oo, kgosana e kgolo ya Austria e ne ya bolawa, mme Yuropa e ne ya latlhelwa mo Ntweng ya Lefatshe I. Mebuso e Megolo, go kopanyeletsa le Austria-Hungary, e ne ya fenngwa, mme Mmuso o mogolo wa Austria-Hungary o ne wa thubega. Go tswa mo go thubegeng gono, Repaboliki e nnye ya Austria ya batho ba ba buang Sejeremane e ne ya tlhagelela.
Lefa go ntse jalo, go ya ka boperofeti jwa Bibela, “morahe” mongwe o ne o tshwanetse go tsalwa ka nako eo, morafe wa semoya o o neng o tla nna le maloko a ona go dikologa lefatshe lotlhe. (Isaia 66:8) Fa “morahe” ono o ne o simolola go anamisa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo jo jaanong bo tlhomilweng mo merafeng yotlhe, tlhotlheletso ya jone e ne ya utlwala ka bonako mo Austria.
Joseph Ehm, morutisi wa mmino mo Deutsch-Wagram, gaufi le Vienna, o ne a utlwa molaetsa mme a lemoga molodi wa boammaaruri wa Bibela. Go ise go ye kae o ne a simolola go abela ba bangwe mafoko a a molemo. Mo ngwageng o o latelang, 1921, motho yo mongwe yo o kgatlhegang mo Austria, ebong Franz Ganster, motshola dibuka mo Klagenfurt, o ne a amogela dibuka go tswa Switzerland. Ka nako e e tshwanang, rapolasi mo Upper Austria, Simon Riedler, o ne a amogela bukana go tswa go tsala mo Lizn. Ka gone, tshimologo e potlana e ne ya dirwa. Ofisi ya ntlha ya lekala la Watch Tower Bible and Tract Society mo Austria e ne ya tlhomiwa mo Vienna ka 1923. Peo ya boammaaruri e ne e wetse mo mmung o o nonneng mme ya simolola go mela. Ka 1937, go ne go na le badiri ba le 549 ba ba anamisang mafoko a a molemo.
Kudumedi ya Bobedi e Kgolo ya Lefatshe
Lefa go ntse jalo, ka nako eno batlhabani ba bangwe ba ne ba rulagantswe mo motsamaong o o neng o tla nna le matswela a tshenyegelo mme a ne a tla tlhotlheletsa Austria gape go nna serala se se fa gare sa ditiragalo tsa lefatshe. Bosaiketlang jwa morafe le dintwa tsa sepolotiki di ne tsa dira gore go kgonege gore ka 1938 mokanselara wa Jeremane yo o tsaletsweng kwa Austria, Adolf Hitler, a tlise lefatshe le a tsaletsweng mo go lona mo Mmusong o mosha wa Jeremane. Seno se ne sa amogelwa ke tlhopho ya botlhe ya merafe mme ya tshegediwa ke lekgotla la baruti le le busang la kereke ya Katoliki la lefelo leo. Mme seno sa tlisa mathata ka bonako mo Basuping ba ga Jehofa mo Austria.
Ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone, Basupi ba bantsi ba Austria jaanong ba ne ba tsenngwa mo dikampong tsa pogisetso. Die Geschichite des Konzentrationslagers Mauthausen (Histori ya Kampo ya Pogisetso ya Mauthausen,) eo e nang le ketapele e e kwadilweng ke Franz Jonas, yo e kileng ya bo e le tautona ya Austrian Federal Reblic, e re: “Go ne go na le setlhopha sa batho mo Kampong ya Pogisetso ya Mauthausen bao ba neng ba bogisiwa ka ntlha ya mabaka a bodumedi fela: maloko a setlhopha sa ‘Baithuti ba Bibela ba ba Tlhoafetseng,’ kana ‘Basupi ba ga Jehofa’ . . . Go gana ga bone kano ya boikanyegi go Hitler le go gana ga bone go dira tirelo ya mofuta ope ya ntwa—matswela a sepolotiki a tumelo ya bone—e ne e le lebaka la go bogisiwa ga bone.”
Koketsego ya Bosheng
Puso ya Hitler ya “dingwaga di le 1 000” e ne ya tshwarelela dingwaga di sekae fela, mme fa e sena go wa, letsomane leno le le ikanyegang la batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo le ne la bona kgololesego ya lona gape. Alois Moser wa dingwaga di le masome a robedi le bone, yo o neng a nna dingwaga di le dintsi mo dikampong tsa pogisetso, o bolela ka letsatsi la go gololwa ga gagwe ka 1945: “E ne e le mo sekgweng gaufi le Schwerin, Mecklenburg, moo Basupi ba le 230 go tswa mo merafeng e e lesome ba neng ba kopana. Re ne ra tlhagisa tebogo ya rona ya boitumelo jwa pelo ka maikano ano: ‘Rona Basupi ba ga Jehofa rotlhe re romela ditumediso tse di tswang mo pelong go batho ba kgolagano e e ikanyegang ba ga Jehofa le go balekane ba bone mo lefatsheng lotlhe . . . Re dira maikano a a pelo-e-phepa a gore re na le keletso e le nngwe fela, morago ga go itemogela tatelano e telele ya bosupi jo bo sa feleng jwa tshireletso le kgololo tse di molemo mo dintweng tsotlhe le dipogiso tse di dikete mo nakong ya go nna ga rona mo lemeneng la tau—ebong go direla Jehofa le Kgosi ya gagwe Jesu Keresete ka tebogo e e botengteng ya pelo e e ratang le e e itumetseng ka bosakhutleng.’”
Ngwaga moragonyana babaki ba ga Jehofa ba ba 730 ba ne ba bega tiro ya bone. Dingwaga di le pedi morago ga moo go ne go nale ba le 1 551, mme koketsego e ne ya tswelelapele kwantle ga go kgaotsa fa e sale ka nako eo. Tiro ya go rera mo gare ga dikete di le mmalwa tsa babereki ba kwa mafatsheng a sele le yone e ntshitse matswela. Austria jaanong e na le ditlhopha tsa Bakeresete ba ba buang Se-Hungary, Seesemane, Sepolishi, Seromania, Sepanishi, Se-Turky, le Searabia, gammogo le diphuthego tsa yone di le 229 tsa ba ba buang Sejeremane le tse 6 tsa ba ba buang Serbo-Croatian. Go fitlha gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba feta 15 000 ka palo, mme batho ba bangwe ba bantsi ba gogelwa ke maatla a mafoko a a molemo. Ka gone, ba ba 27 502 ba ne ba kopana ka 1985 mabapi le go ketekwa ga ngwaga le ngwaga ga loso lwa ga Jesu Keresete. Ruri, ‘yo monnye o nnile makgolo a le some.’—Isaia 60:22.
Pontsho ya Kutlwano ya Meraferafe
Popego ya lefatshe la Austria e ne ya dira gore go kgonege gore Basupi go tswa Greece, Yugoslavia, Poland, Hungary, le Turkey ba tle mono mo dingwageng tsa bosheng go kopana ka boitumelo. Ka 1981 go ne go kgatlha matlho fa, kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Boikanyegi jwa Bogosi,” Basupi ba Austria ba ne ba ema mo ditulong tsa bone mmogo le bakaulengwe ba bangwe go tswa Yugoslavia, Poland, le Hungary, go konela kopano ka pina e e itumedisang ya go baka Jehofa.
Ka 1982 Basupi mo Austria ba ne ba amogela gape bakaulengwe ba bone go tswa Hungary mo kopanong mo Vienna. Ramabelo wa nako e e fetileng wa Mo-Vienna o ne a bolelela Basupi ba ba kopaneng gore o ne a ikatisetsa mabelo a gagwe mo setadiamong seo go neng go tshwaretswe kopano mo go sone, le gore kgaisano ya bofelo eo a nnileng le karolo mo go yone e ne e le kgatlhanong le setlhopha sa Hungary. Morago ga moo, Mosupi yo mongwe go tswa Hungary o ne a tla mo ofising ya kopano mme a anela gore le ene, e ne e le ramabelo. Kgaisano ya gagwe ya bofelo ya lobelo e ne e le kgatlhanong le setlhopha sa Austria. Jaanong Bakeresete bano ba babedi ga ba sa tlhole ba gaisana. Ba siana mmogo mo lobelong lwa Bokeresete lwa botshelo jo bo sa khutleng.—Bahebera 12:1.
Koketsego ya Bogosi e Tswelapele
Batho ba ditso tse di farologaneng, mmogo le ba dipono tse di farologaneng tsa bopolotiki le tsa bodumedi, ba ne ba lemoga gore ga go kgosi kana puso ya bojosi kana puso e e tlhopilweng ke batho e e ka kgonang go tlisa tharabololo e e nnelang ruri ya mathata a batho. Go lemoga gono go bakile kgolo e e ntseng e oketsega mo ditlhopheng tsa bao ba lemogang Bogosi jwa Modimo jaaka jwa mmatota le bao ka pelo yotlhe ba ikobelang Bogosi jono jaaka babusiwa ba ba ikanyegang. Basupi ba ga Jehofa mo Austria ba tla tswela pele ba leka ka tlhoafalo go tlisa mafoko a a molemo a Bogosi mo mefuteng yotlhe ya batho. Ka dinako tsotlhe, mo lefatsheng leno la babusi-bagolo, bone ka bobona ba eteletsa puso e go busa ga yone go go molemo go tla fitlhelelang “go cwa lewatleñ le go ea lewatleñ, le go cwa Nokeñ le go ea dikhutloñ tsa lehatshe.”—Pesalema 72:8.
[Mmapa mo go tsebe 26]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
WEST GERMANY
CZECHOSLOVAKIA
AUSTRIA
HUNGARY
YUGOSLAVIA
ITALY
THE ALPS
SWITZERLAND