LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 6/15 ts. 32
  • ‘Ke sone se Ke sa Bolong Go se Batla’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Ke sone se Ke sa Bolong Go se Batla’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 6/15 ts. 32

‘Ke sone se Ke sa Bolong Go se Batla’

Matshelo a batho a ka fetolwa ke selo se sennyane fela. Seno se bontshiwa ke mosetsanyana mongwe wa Argentina yo o neng a kwalela ntlo-kgolo ya Watch Tower kwa Brooklyn, New York jaana:

“Mogatisi yo o Rategang:

Tswee tswee mpolelela ka bonako ka moo ke ka amogelang makasine wa Tora ya Tebelo oo lo o gatisang ka gone. Moagelani wa me o ne a nkadima sekaelo sa makasine ono mme seo ke se badileng mo go one ke sone seo ke sa bolong go se batla ka nako e telele. Abo o ntiretse molemo o mogolo jang ne! O nkgomoditse thata. Kana, ke na le dingwaga di le 15 mme ke setse ke le esi fela mo lefatsheng. Ga ke na ope yo o itshwenyang ka nna, mme makasine wa lona o ntladitse ka tsholofelo. Moagelani o nkopile gore ke buse makasine oo ereka e le sengwe sa dilo tseo mmagwe, yo o suleng bosheng jaana, a di mo tlogeletseng.”

Mosetsanyana yono o ne a konela lekwalo la gagwe ka go tlhalosa gore o humanegile thata mme le gore o tla dira sengwe le sengwe se se ka kgonagalang gore a duelele makasine ono. Lekwalo la gagwe le ne la romelwa Argentina, mme moemedi wa Mokgatlho wa Watch Tower o ne a etela mosetsanyana yono ka bonako morago ga moo. O ne a beeletsa Tora ya Tebelo gammogo le Awake! O ne a gatela pele ka bonako mo kitsong ya Bibela mme a kolobediwa. Jaanong o nna le seabe le diketekete tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba Argentina mo bodiheding jwa Bokeresete.

Le wena, Tora ya Tebelo le makasine o o e patileng wa Awake! di ka romelwa kwa legaeng la gago ka go tlatsa le go romela foromonyana eno e e fa tlase.

Tswee tswee nthomeleleng peeletso ya ngwaga o le mongwe ya Tora ya Tebelo le Awake! Ke romela R13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela