‘Itekeng ka Tlhoafalo’
“Ganèlañ [itekeng ka tlhoafalo, NW] go tsèna ka kgōrō e e pitlaganyeñ: gonne kea lo raea, bantsi ba tla batla go tsèna, me ba tla retelèlwa.”—LUKE 13:24.
1. Ke eng seo batho ba le bantsi ba se eletsang?
BOTSA Robbie wa dingwaga tse thataro gore ke ka ntlha yang fa a rata go ya Holong ya Bogosi, mme o tla go araba ka go re: “Ke ithuta kaga Jehofa le Paradaise koo ke ka tshelelang ruri ruri teng le diphologolo tse di molemo.” Ntsalae wa dingwaga tse tharo, ebong Dustin, o setse a lemoga kafa batsadi ba gagwe ba tlholang ba dira ka gone mo jaanong a setseng a itse go ka ntsha lentswe a re: “Ke batla go ya Holong ya Bogosi!” Seo se tlhalosiwang ke Robbie, le seo Dustin a ithutang go se tlhalosa, se tla ikuela mo bathong ka bontsi—ebong botshelo, botshelo jo bo sa khutleng. Batho ba batla go “bolokwa.” Mme jang? A ka go ya fela mo ditirelong tsa bodumedi?
2. (a) Ke ka ntlha yang fa poloko e ka se bapalwe? (b) Mafoko a ga Jesu go Luke 13:24 a bontsha jang se se tlhokwang gore o bone poloko?
2 Poloko e ka se bapalwe ka go nna gone mo dipokanong kana ka tsela lefa e ka nna efe. Ke ya mahala, mpho go tswa kwa Modimong. Lefa go le jalo, Jehofa Modimo o tlhoka maiteko mo go rona gore re tle re amogele mpho ya gagwe ya botshelo jo bo sa khutleng. (Baroma 6:23) Ke afe? Selo sa ntlha, ke go iteka ka tlhoafalo mo tirelong ya gagwe! Ditiro tseno di tshwanetse go tlhotlhelediwa ke kanaanelo ya mmatota. Morwa Modimo, ebong Jesu Keresete, o kile a bodiwa ke monna mongwe a re: “Morèna, ba ba bolokwañ a ba babōtlana?” Karabo ya ga Jesu e ne ya se ka ya akaretsa fela mmotsi mme gape le ba bangwe ba ba kgatlhegelang poloko, go akareletsa le rona. O ne a araba ka go re: “[Itekeng ka tlhoafalo] go tsèna ka kgōrō e e pitlaganyeñ: gonne kea lo raea, bantsi ba tla batla go tsèna, me ba tla retelèlwa.”—Luke 13:23, 24.
3. (a) Ke ka ntlha yang fa potso ya monna yole e ne e sa tlwaelega? (b) Jesu o re kopanyeletsa jang mo karabong ya gagwe?
3 Potso ya monna yo o sa umakiwang ka leina yoo e ne e sa tlwaelega. O ne a botsa a re: “Ba ba bolokwañ a ba babōtlana,” e seng, “A ke tla nna gareng ga ba sekae ba ba tla bolokwang?” kana, “Ke ka bolokwa jang?” Gongwe botlhajana jwa Sejuda jwa gore e ne e le palo fela e e lekanyeditsweng ya batho e e neng e tla bona poloko ke yone e e tlhotlheleditseng go botsa ga gagwe ga phopholetso.a Go sa kgathalesege gore motswedi wa go nna le kgatlhego ga gagwe e ne e le ofe, Jesu ka bofefo o ne a tlosa potso ya gagwe mo dipolelong fela tsa boithamako go ya tirisong ya mmatota—tiriso ya botho. O ne a pateletsa mmotsi go akanya ka seo a neng a tlhoka go se dira go bona poloko. Mme go feta seo, ereka mafoko a ga Jesu, “itekeng ka tlhoafalo,” a le mo bontsing, a tshwanetse ga a re tlhotlheletsa go akanya thata thata kaga mokgwa wa rona wa kobamelo.
4. Re tshwanetse go dirang gore re bone botshelo jo bo sa khutleng?
4 Ka gone, botshelo jo bo sa khutleng, ga bo bonwe motlhofo fela jaaka batho bangwe ba ka gopola. Jesu o otlelela tiro e e tlhoafetseng, maiteko a ka metlha, gore ke tsone tsela ya ‘go tsena ka kgoro e e pitlaganyeng.’ Boiteko jono jo bo sa reketleng bo tiisiwa ke tumelo e e tiileng, e e thaetsweng mo go utlweng dithuto tsa ga Keresete. Jalo go bona poloko, re tshwanetse go dira se se fetang fela ‘go utlwa mafoko a gagwe’; re tshwanetse go ganelela mo go a ‘direng.’—Luke 6:46-49; Yakobe 1:22-25.
O Tshwanetse Go “Kgaratlha” Gone Jaanong
5. (a) Ke eng se se kaiwang ke mafoko a ga Jesu, “Itekeng ka tlhoafalo”? (b) Ke jang mafoko ao a kayang mo go oketsegileng mo ponong ya gago kaga tirelo e e boitshepo?
5 Polelwana gō ‘iteka ka tlhoafalo’ e rayang? Mo Segerikeng fsa pele-pele, tlhaloso ya gone ke a·go·niʹze·sthe, leo le tserweng mo lefokong (a·gonʹ) leo le rayang “lefelo la phadisanyo.” “Kgaratlhang,” ke kafa The Kingdom Interlinear Translation e e bayang ka teng. Ka mo go kgatlhisang go tswa lediring le le tshwanang leno la Segerika re bona lefoko la Sekgoa ebong “agonize,” [tlhokofatso]. Jalo akanya ka mabala a metshameko a bogologolo le ka setshwantsho sa motabogi jaanong a itlhokofatsa, kana a iteka ka tlhoafalo ka nonofo yotlhe ya gagwe, gore a bone sekgele. Ka gone, lemororo lediri la Segerika fano le le kopanyeleditsweng le ka nna lereo fela le le dirisediwang dikgaisanyo mo metshamekong ya Segerika, le otlelela tlhagiso ya ga Jesu go tsaya kgato ya moya otlhe. Boiteko fela jo bo pelo-pedi ga bo kake jwa dira seo.—Luke 10:27; bapisa 1 Bakorintha 9:26, 27.
6. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go iteka ka tlhoafalo gone jaanong?
6 Ke leng mme ebile ke ka lobaka lo lo kae re tshwanetseng go “kgaratlhela go tsena ka kgoro e e pitlaganyeng”? (Luke 13:24, The New English Bible) Tlhokomela thata thata mafoko a ga Jesu go Luke 13:24 mme o eletlhoko kafa a fapaanyang ka gone, “itekeng ka tlhoafalo” mo go rayang jaanong, le “ba tla batla” mo go rayang isagwe. Ka gone, gone jaanong ke nako ya go kgaratlha. Go bonala sentle fa, bao ba thibelwang go tsena ba senka go tsena ka nako eo e siametseng bone fela. Mme ka nako eo lobaka lo tla bo lo ile; kgoro ya sebaka sa gone e tla bo e tswetswe le go pakelwa. Jesu o tswelela go Luke 13:25 ka go re e tla re fela fa mong wa ntlo a sena go tswala lebati, batho ba tla simolola go kokota mme ba kopa ba re: “Morèna, re bulèlè; me ha a [ba] hetola, a re, Ga ke lo itse kwa lo cwañ gōna.” Abo bao ba sa eteletseng kwa pele kobamelo ya ga Jehofa jaaka boikaelelo jo bogolo mo botshelong gone jaanong ba lebanywe ke matswela a a hutsafatsang!—Mathaio 6:33.
7. Ke jang Bafilipi 3:12-14 e supang boiteko jwa ka metlha? Mme ka ntlha yang fa bo tlhokafala?
7 Kgaratlho ya rona ke selo se se tswelelang pele. Ga go ope wa rona yo o tsenyeng gotlhelele ka “kgōrō e tshesane.” Paulo o ne a lemoga seno. Lobelo lwa gagwe lwa botshelo e ne e le boiteko jo bo gagametseng jwa malatsi otlhe. O ne a kwala a re: “Ga se go re, ke setse ke hitlhile, leha e le go re ke setse ke itekanetse: me ke lekèla kwa pele, e tle e re kgotsa ke chwarè se e leñ shōna le nna ke se chwarecweñ ke Keresete Yesu. Ba ga echo, ga ke ikaee go re, ke setse ke chwere: me selō señwe kea se diha, ka re, ke tlhokomologa dilō tse di kwa moragō, ke gagamalèla kwa diloñ tse di kwa pele, Ke lekèla ka thata kwa sekaoñ, ke ea go tsaea sekgèlè sa pilecōgodimo ea Modimo mo go Keresete Yesu.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.—Bafilipi 3:12-14.
8. (a) Ke eng se se thibelang ba “bantsi” go bona botshelo jo bo sa khutleng? (b) Seno se re neela tlhagiso efe?
8 “Bantsi” ke bomang, mme ke ka ntlha yang fa ba sa kgone go tsena? “Bantsi” ba kaiwa e le La-Bodumedi, segolo bogolo setlhopha sa gagwe sa baruti. Ba tshotse setshwantsho sa gore ba itse Jesu thata thata, ba re ke bontlhanngwe jwa lelapa la gagwe, ka go iphaka gore ba ‘jele le go nwa le ene.’ Mme ka go bo ba ipatlela poloko go ya kafa thatong ya bone, e seng kafa go ya Modimo, Jesu ka phepafalo o itatola gore ga a ba itse mme o ha leba jaaka “badihi ba tshiamololō.” (Luke 13:26, 27) Batho bao ba thibetsweng go tsena mo botshelong jo bo sa khutleng ba ka nna ba akaretsa le bao ba ileng ba repisa tirelo ya bone e e boitshepo go Jehofa mme jaanong ba tsaya dilo motlhofo malebana le kobamelo ya boammaaruri. Tlhagafalo ya bone mo dikgatlhegong tsa Bogosi e ile ya nna motlha. (Tshenolō 3:15, 16) Ee, ba ka nna ba bo ba santse ba ‘tshotse setshwantsho fela sa poifomodimo’—ba tsenelela tirelo ya tshimo ka go ikgolola fela le go nna gone mo dipokanong—mme ba tlhaela tshupo ya gore ba na le mofuta wa tumelo eo e leng yone e tlhotlheletsang kobamelo e e itshekileng (Bapisa 2 Timotheo 3:5.) Ba palelwa ke go lemoga gore go batla fela go tsena ka “kgōrō e e pitlaganyeñ” ga go a lekana. Motho o tshwanetse go kgaratlhela go tsena.
Goreng ka “Kgōrō e e Pitlaganyeñ”
9. Ke ka ntlha yang fa go tsena ka kgoro e e pitlaganyeng go tlhoka boiteko jo bo tlhoafetseng?
9 Kgoro e e pitlaganyeng go ya polokong e bulegetse botlhe. Mme “bantsi” ga ba batle go kgaratlha gore ba tsene. Mangwe a mabaka a go ka tsena ka kgoro e e pitlaganyeng ao a tlhokang boiteko jo bo tlhoafetseng ke afe? Selo sa ntlha motho o tshwanetse go batla kitso e e tshwanetseng ya boammaaruri jwa Bibela, mme a itse Jehofa Modimo le Keresete Jesu. (Yohane 17:3) Seno se raya go latlhela kwa thoko dingwao le ditlwaelo tsa ditumelo tsa selefatshe, go akareletsa tsa La-Bodumedi. Go tlhoka go dira thato ya Modimo, jaaka Jesu a dirile fa a santse a le mo lefatsheng. (1 Petere 2:21) Jaaka Mokeresete yo o ineetseng, le yo o kolobeditsweng, motho o tshwanetse go tila go rata dilo tse di bonalang, boitsholo jo bo sa siamang, le maswe otlhe a lefatshe. (1 Yohane 2:15-17; Baefesia 5:3-5) Tseno di tshwanetse go apolwa le go tseelwa sebaka ke dinonofo tsa Bokeresete.—Bakolosa 3:9, 10, 12.
10. Ke kamano efe eo boikgapo bo nang le yone mo go boneng ga rona botshelo jo bo sa khutleng?
10 ‘Ba sekae’ ke bone fela ba ba itseng molemo wa tlhagafalo mo bodiheding, oo o tsamaisanyang mmogo le go supa loungo lwa moya, go akareletsa le boikgapo. (Bagalatia 5:23) Ka thuso ya moya wa ga Jehofa o o boitshepo, ba kgaratlhela go laola mmele wa bone mme ba o lebise kwa mokgeleng wa botshelo jo bo sa khutleng.—1 Bakorintha 9:24-27.
Mafoko A Ga Jesu A Rayang Go Wena?
11. (a) Ke mo dikarolong dife tsa botshelo tseo bangwe ba ka tlhokang gore ba iteke ka tlhoafalo, mme ka ntlha yang? (b) Ke mo tirong efe eo botlhe ba ka itekang ka tlhoafalo?
11 Boo re sa tswa go kolobediwa bosheng kana re ile ra dira mo phuthegong ya ga Jehofa ka masome a dingwaga, ga re a tshwanela go repisa boiteko jwa rona go mo itumedisa. Fela jaaka mafoko a ga Jesu a supa ka papamalo, re tshwanetse ra nna ba moya otlhe mo boineelong jwa rona go Jehofa, re ikemiseditse go tsena ka kgoro e e pitlaganyeng ka ditsela tsotlhe. Lemororo Jesu a ne a sa ipuele fela ka ditokafatso le koketso ya tirelo ya rona go Modimo, go bangwe ba rona, boiteko jo bo tlhoafetseng bo a tlhokafala go tokafatsa boitshwaro jwa rona kana go latlha mekgwa e e bosula e le gore re se “kgopise mo go sepè.” (2 Bakorintha 6:1-4) Ba bangwe ba rona ba tlhoka go tlhokomela thulaganyo e e gagametseng ya thuto ya botho ya ka metlha gore re “totahalè bogolo bogolo mo kicoñ le mo temogoñ.” (Bafilipi 1:9-11) Mme gape ba bangwe ba tshwanetse go dira boiteko jo bogolwane go nna gone le go tlhakanela ka metlha mo dipokanong tsa phuthego, go akareletsa Thuto ya Buka ya Phuthego.’ (Bahebera 10:23-25) Mme rotlhe re ka tlhatlhoba bodihedi jwa rona jwa tshimo ka sebele go bona gore a tota re iteka ka tlhoafalo mo go direng “tihō ea motsamaisa Mahoko a a Molemō.”—2 Timotheo 4:5.
12. Go tlhatlhoba selekanyo sa boiteko jwa rona jwa semoya, ke dipotso dife tse re ka di botsang?
12 Mo go ba le bantsi, botswelelopele mo go itekeng ka tlhoafalo go itumedisa Jehofa bo ile jwa ba tshwanelegisa gore ba ka nna babulatsela ba ba thusang, babulatsela ba ka metlha, kana tirelo ya Bethele. Mme gotweng ka wena? Fa o le mmoledi jwa Bogosi, a o ka tsenelela mo tirelong ya bobulatsela jo bo thusang ka dipaka di le mmalwa mo ngwageng kana le e leng go nna mmulatsela wa ka metlha? Fa o setse o le mmulatsela yo o thusang, a o lekela tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha? Fa go sa nna jalo, ke eng fa o sa akanyetse go dira jalo? Ka tsela eno o ka segofadiwa ka go tlhagolela le yone kamano e e atamalaneng le Jehofa Modimo le Jesu Keresete.—Pesalema 25:14.
A O Ka Iteka Gore O Nne Mmulatsela?
13. (a) Fa o batla go nna mmulatsela, ke dilo dife tse pedi tse di tlhokegang thata? (b) E le gore o tle o bule tsela, ke mo dikarolong dife tsa botshelo tseo go ka tlhokafalang gore go dirwe dipaakanyo mo go tsone?
13 Fa e le gore o ne o ka nna mmulatsela wa ka metlha mme o se ene, a o ka “kgaratlha” go dira dipaakanyo dingwe mo botshelong jwa gago gore o bulatsela? Go tlhokafala dilo di le pedi. Sa ntlha, o tshwanetse wa nna le keletso. Sa bobedi, o tshwanetse wa nna le maemo a a siameng. Fa o sena keletso, e rapelele. Bua le babulatsela. Oketsa tiro ya gago ya jaanong jaaka mmoledi ga phuthego. Nna le seabe mo tirelong ya bobulatsela jo bo thusang nako le nako fa go ka kgonega. Fa maemo a gago a sa letlelele tirelo e ntseng jalo jaanong, tlhotlhomisa fa e le gore o ka dira dipaakanyo. Mosadi yo o berekang o ka nna a bo a sa tlhoke go ka bereka. Yo o setseng a fetile dingwaga tsa go rola tiro o ka nna a se tlhoke gore a tswelele a ntse a bereka. Seemo sa botshelo se se kwa godimo, diholotei tse di jang madi a mantsi, dikoloi tsa bosheng, le tse di tshwanang, ga se dilo tse di tlhokafalang thata thata mo botshelong.—Luke 12:15; 1 Yohane 2:15-17.
14. (a) Ke ka ntlha yang fa banyalani bangwe ba ne ba sa kgotsofalela go nna baboledi ba phuthego? (b) Ke mokgele ofe oo ba o beileng pele ga bana ba bone?
14 Rre mongwe yo o nang le bana ba basimane ba le bararo, ba babedi ba bone ba ise ba fitlhe dingwageng tsa bolesome, o ne a simolola go bulatsela dingwaga tse thataro tse di fetileng. Ka ntlha yang? “Ke ne ke batla go dira mo go oketsegileng,” a tlhalosa. “Fa ke ne ke ka kgona go ne mmulatsela wa ka metlha mme ke se ene e ne ke tla bo ke sa tshelele boineelo jwa me.” Mosadi wa gagwe le ene o ne a simolola go nna mmulatsela wa ka metlha. Ka ntlha yang? “Ke ne ke ile ka nna mmulatsela yo o thusang mo motheong wa ka metlha mo dingwageng tse nne mme labofelo ka lemoga gore go ile ga nna motlhofo,” a bolela. “Ke ne ke batla go nna le seabe se se oketsegileng mo tirong eno e e se kitlang e boelediwa go tlhomela bana ba rona sekao se se tshwanetseng.” Monna le mosadi boo-babedi ba ile ba ithuta bommaaruri morago ga ba sena go ithuta kwa Unibesithing. “Batsadi ba rona ba ne ba batla gore re ye kholetšheng dingwaga di le nne,” rre yoo o bolela jalo. Ka gone, ke mekgele efe e ba e tlhometseng bana ba bone? “Ke itsise bomorwaake gore re rata fa ba ka nna babulatsela mme ba dirise bobotlana dingwaga tse nne mo Bethele.”
15. (a) Bangwe ba ile ba iteka gore ba direle jaaka babulatsela ba ka metlha ka ntlha ya mabaka afe? (b) Ke ka lebaka lefe o ka eletsang go nna mo tirelong ya nako e e tletseng?
15 Se se latelang ke mabaka ao ka one ba bangwe ba ileng ba fetsa ka gore ba nne babulatsela ba ka metlha:
“Ke ne ke sena botswelelo bope kafa semoyeng, mme seo sa ntshwenya.” (Robert H.)
“Ke ne ke sa kgotsofadiwe ke go nna mmoledi wa ka metlha.” (Rhea H.)
“Bobulatsela bo kaela botshelo jwa me le boikaelelo.” (Hans K.)
“Ke ne ke batla go direla Jehofa ka botlalo, mme go bulatsela e ne e le tsela eo ke neng ke ka dira seo ka yone.” (Charanjit K.)
“Ke ne ke ka swaba fa ke ne ke sa dirise maikatlapelo a me, nonofo ya me, le bosha jwa me go tlhakanela mo tirong eno e kgolo.” (Gregory T.)
“Jehofa o segofatsa maiteko fela. Ke ne ke tlhoka gore ke mo neele sengwe seo a ka se segofatsang.” (Graceann T.)
“Go bulatsela go nthusa go bontsha kafa ke ikutlwang ka gone kaga Jehofa.” (Maroo P.)
“Go berekela boitshediso ka nako e e tletseng go ne ga seka ga ntlisetsa boitumelo bope joo ke neng ke bo bona gareng ga babulatsela.” (Nancy P.)
Ke mabaka afe a o ka a oketsang mo lenaneong leno?
A O Dira Gotlhe Mo O Ka Go Kgonang?
16. A babulatsela ke bone fela ba ba tshwanetseng go iteka ka tlhoafalo? Tlhalosa.
16 Basupi ba ga Jehofa ba le mmalwa ba ile ka boikanyegi ba tlhatlhoba maemo a bone a sebele ka thapelo mme ha fitlhela gore ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang tlase ga maemo a jaanong a bone. Gongwe o mongwe wa bone. Fa go ntse jalo, tia moko. Jehofa le morwawe ba ka fa go wena mme ruri ba anaanela tirelo ya gago ya moya otlhe (Bapisa Luke 21:1-4.) Ka sekai, ka ntlha ya maemo a a sa siamang a sepolotiki kana a itsholelo, mo dinageng dingwe bakaulengwe ba rona ba tshwanelwa ke go bereka dioura dibera bongwe ka letsatsi, malatsi a ka nna matlhano kana marataro ka beke, e le fela go bona se ba ka itshedisang ka sone. Mo nageng eo tiro ya Basupi ba ga Jehofa e leng tlase ga thibelo e e gagametseng ya ga goromente, bao ba bulang tsela—ebile dinaga tseo di na le palo e e oketsegang ya babulatsela—gantsi ke ba ba setseng ba rotse tiro, basha bao ba berekang ditiro tsa mo bosigong, le bomme (ba ba nang le bana) bao ba rebotsweng ke Mmuso gore ba se bereke tiro ya boitshedisho.
17. Kgang ya ga Epaforodito e bontsha jang gore Jehofa ga a lekanyetse bogolo jwa boiteko jwa rona ka selekanyo fela sa tiro eo re e dirang mo tirelong ya gagwe?
17 Lefa go le jalo o ka nna wa re, ‘ke eletsa ekete ke ka bo ke na le nonofo ya mmele e e oketsegileng. Fa tota ruri ke ne ke santse ke ka nna mmotlana gape!’ Mme o se ka wa kgobega marapo. Go iteka ga rona ga go lekanngwe thata thata ka selekanyo sa tiro eo re e dirang mo tirelong e e boitshepo ya Modimo. A o gakologelwa Epaforodito? Fa a ne a lwala, selekanyo sa tirelo e e tlhoafetseng eo a neng a ka e kgona mo ‘tirong ya Morena’ se ne se ka seka sa bapisiwa le sa fa a ne a santse a itekanetse. Mme lefa go le jalo Paulo o ne a mo akgolela boiteko jwa gagwe. Tota, jaaka Paulo a ile a supa, re tshwanetse ra ‘tlotla banna le basadi ba ba ntseng jalo.’—Bafilipi 2:25-30.
18. (a) Ke jang bao ba nang le maemo a a ba kgoreletsang ba ka etleetsang tirelo ya nako e e tletseng mo phuthegong? (b) Ke eng se wena o ka se dirang go kgothaletsa moya wa bobulatsela mo phuthegong?
18 Lefa go ntse jalo, go na le sengwe se o ka se dirang go tsholetsa tirelo ya nako e e tletseng mo phuthegong. Ke eng? lteke ka tlhoafalo mo go bontsheng moya wa bobulatsela. Ka sekai, fa gone jaanong o ka se kgone go nna mmulatsela ka ntlha ya ditlamego tsa lelapa, a o ka rebola ba bangwe mo lelapeng la ga eno—mosadi wa gago, bana, morwarrago, kana kgaitsadio—gore o ka bulatsela? Bao ba ka neng ba sena botsogo jo bo molemo kana ba na le makoa a a rileng ba ka bontsha kgatlhego thata mo go ba ba ka kgonang go bulatsela, ba tswela le bone mo tirelong ya tshimo fa maemo a dumela. (Bapisa 1 Bakorintha 12:19-26.) Ka tsela eno botlhe ba ba mo phuthegong ba ka iteka ka go otlelela tirelo ya nako e e tletseng. Matswela e ka nna a a kgothatsang botlhe!
19. Boikemisetso jwa rona e tshwanetse go nna bofe?
19 Go iteka ka tlhoafalo go rayang go wena? A go raya go gatela pele go ya kolobetsong? Go fenya mokgwa mongwe o o bosula? Go nonotsha kamano ya gago le Jehofa ka tsela nngwe? A go ka raya go nna mmulatsela yo o thusang? Go nna mmulatsela wa ka metlha? Tirelo ya Bethele? Lefa e ka nna eng se se go tlhokang gore o dire botswelelopele jwa semoya, go tlhoka boiteko jo bo tlhoafetseng gone jaanong Ka gone, a rotlhe re nneng re kgaratlhele go tsena ka kgoro e e pitlaganyeng e e isang botshelong jo bo sa khutleng!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Palo ya ba ba bolokwang e ne e le namane e tona ya bothata jo go neng go buisanngwa thata ka jone mo thuto-bomodimong gareng ga bo-rabi. Buka nngwe ya tshupiso ya Bibela e ne ya tlhalosa ka go te: “Gareng ga megopolo ya phopholetso ya Bo-rabi, o mongwe e ne e le boiteko jwa go tlhoma palo ya ba ba bolokwang ka selekanyo sa dikwalo tseno kana tsele.”
Dintlha Tsa Go Akanyediwa
◻ Jesu o ne a raya goreng fa a ne a gakolola ka go re, “Itekeng ka tlhoafalo”?
◻ Ke leng mme jang mefako a ga Jesu a dirang go wena?
◻ Ke ka ntlha yang fa ba “bantsi” ba sa kgone go tsena ka kgoro e e pitlaganyeng?
◻ Ke jang bao ba nang le maemo a a ba kgoreletsang ba ka itekang ka gone?
◻ Re tshwanetse ra kgaratlha ka lobaka lo lo kae go tsena ka kgaro e e pitlaganyeng?