Dintlha tsa Bibela Esere 1:1–10:44
Jehofa O Diragatsa Ditsholofetso tsa Gagwe!
Kgololo! Tsosoloso! Abo dikgang tseno di tshwanetse tsa bo di ile tsa nna tse di omosang pelo jang ne go ditshwarwa tsa Bajuda mo Babelona! Go ya fela kafa tsholofetsong ya Modimo, mme le morago ga dingwaga tse 70 tsa botshwaro, Bajuda ba ne ba busediwa naga-gaeng ya bone. (Yeremia 25:12; Isaia 44:28-45:7) Mme gape, dilwana tse di neng tsa tsewa mo tempeleng ya ga Jehofa di ne di busediwa lefelong la tsone je le tshwanetseng. Abo seo e ile ya nna boipelo jang ne!
Buka ya Bibela ya Esere e simolola ka ditiragalo tseno tse di kgatlhisang. E kwadilwe mo Jerusalema ke mokwadi Esere mo e ka nnang ka 460 B.C.E., e akaretsa dingwaga tse di ka nnang 70, go tloga kgololong ya Bajuda go ya tigelong ya tempele ya bobedi le go phepafadiwa ga boperisito (537-c. 467 B.C.E.). Seo se tlhalosiwang ke tsela eo Jehofa a diragatsang ditsholofetso tsa gagwe ka gone. Buka eno gape e tsholetse Basupi ba ga Jehofa dithuto tse di mosola thata gompieno.
Batshwarwa Baa Gololwa
Tswee-tswee bala Esere 1:1–3:6. Moya wa gagwe o tlhagafaditswe ke Jehofa, kgosi ya Peresia ebong Kurose o ntsha taolo e e reng: Tempele kwa Jerusalema e tla agiwa sesha, mme kobamelo ya ga Jehofa e tla tsosolosiwa koo! Baiseraele botlhe ba ka nna le seabe. Ba ba ka kgonang go dira jalo ba gololesegile go boela nagagaeng ya bone go ya tirong ya go aga sesha. Ba bangwe ba kgothalediwa go ntshetsa tiro eo moneelo wa boithatelo. Didirisiwa tsa tempele ya pele, tseo di neng tsa isiwa Babelona ke Nebukadenesare, di tshwanetse go busiwa. Ka boeteledipele jwa ga Serubabele, mo e ka nnang ba le 50 000 ba tsaya loeto lwa dimmaele tse dika nnang 1 000 (1 600 km) go ya Jerusalema. Ba aga sebeso se se boitshepo sesha le go ntshetsa Jehofa ditlhabelo. Sa bobedi, ka letlhabula la 537 B.C.E., ba keteka Modiro wa Diobo. Dingwaga tse 70 tse di boleletsweng pele tsa tshwahalo di khutla ka nako e e nepagetseng!—Yeremia 25:11; 29:10.
◆ 1:3-6—A Baiseraele ba ba neng ba setse mo Babelona e ne e le ba ba sa ikanyegeng?
E seng jalo thata thata, lemororo lorato lwa dilo tse di bonalang le tlhaelo ya kanaanelo e ka nna ya bo e ile ya nna mabaka mo maemong a a rileng. Taolo ya ga Kurose e ne e sa tlhoke gore botlhe ba boe mme e ne ya go dira kgang fela ya boithatelo. Maemo a a tshwanang le botsofe, bokoa, kana ditlamego tsa malapa di ka nna tsa bo di ile tsa thibela bangwe go ka tsaya loeto. Mme ba ne ba tshwanetse go ema bao ba neng ba ka boa nokeng.
◆ 1:8—Sheshebasare e ne e le mang?
Go bonala sentle, fa e ne e le leina la maemo mo kgotleng ya Bakaladea le le neng le shelwe Serubabele. (Bapisa Daniele 1:7) Seo se buiwang ka Sheshebasare se buiwa gape golo gongwe go lebisitswe go Serubabele. (Esere 5:16; Sekaria 4:9) Botlhe ba neelwa sereto sa “molaodi.” (Esere 5:14; Hagai 2:21) Mme mo go Esere 2:2 le Esr 3:1, 2, Serubabele o kaiwa jaaka yo o eteletseng batshwarwa ba ba boang pele; jalo, ka mo go tshwanelang leina Sheshebasare ga le umakiwe.
◆ 2:61-63—Urima le Thumima e ne e le eng?
Go akanngwa ta e ne e le bola jo bo boitshepo jo bo neng bo dirisiwa la go nego na le potso e e neng e tlhoka go arabiwa ke Jehofa. Go ya kafa dipolelong tsa Sejuda, bo ne jwa nyelela ta tempele e ne e senngwa ka 607 B.C.E. Seno se tshegediwa ke lebaka la gore bao ba neng ba iphaka gore ke baperisiti ba ne ba thibelwa go ka nna baperisiti le go ja dilo tse di boitshepo “go tsamaea go bo go èma moperisiti a apere Urima le Thumima pele.” Mme ga go na pego epe ya gore bo ne jwa dirisiwa ka nako eo kana morago ga moo.
Thuto Mo Go Rona; Go na le boemo jo bo tshwanang le jwa batshwarwa ba Bajuda mo Basuping ba ga Jehofa gompieno. Ga se botlhe ba ba kgonang go tsenelela bodihedi jwa nako e e tletseng kana go tlogela magae a bone go ya go direla kwa tlhokafalo e leng kgolwane gone. Lefa go le jalo ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go tsweledisa dikgatlhego tsa kobamelo e e phepa ka go ntsha meneelo ya boithatelo le go kgothatsa bao ba ka tsenelelang mo tirelong e e oketsegileng
Tsosoloso E A Ganediwa
Bala 3:7–4:24. Ka boipelo jo bogolo, Bajuda ba ba boileng ba tlhoma motheo wa ntlo ya ga Jehofa. Mme go feta dingwaga baba ba ntse ba leka go kgoba baagi ba tempele marapo. Labofelo, ba tlhatswa kgosi pelo gore go agiwa “motse o o serukhutlhi.” baba bano ba emisa tiro ka taolo ya segosi. Thibelo e tswelelapele “go ea go hitlha mo ñwageñ oa bobedi oa pushō ea ga Dario kgosi ea Peresia.”
◆ 3:12—Ke eng fa banna bano ba ile ba lela?
Banna bagolo bano ba bogologolo ba ne ba santse ba ka gakologelwa kafa tempele ya ga Solomone e ntlentle e e neng e tlhamilwe ke Modimo e neng e lebega ka teng. Seo se neng se le ta pele ga bone jaanong—ebong motheo ela—e ne e se sepe ta go bapisiwa le yone. Go bonala ta ba ile ba kgobega marapo, ba belaela gore a jaana maiteko a bone a tla busetsa kgalalelo ya pele.—Hagai 2:2, 3.
◆ 4:1-3—Ke ka ntlha yang fa topo ya go thusa e ne ya ganwa?
Bano ba e neng e se Bajuda, ba ba neng ba lerilwe ke kgosi ya Asiria go tla go atisa lefatshe gape ka batho. ba ne ba se baobamedi ba boammaaruri ba Modimo. (2 Dikgosi 17:33, 41) Go ela thuso ya bone go ne go tla raya go latlha kobamelo ya boammaaruri, mme Jehofa o ne a tlhagisitse batho ba gagwe ka tlhamalalo kgatlhanong le tlhakanelo tumelo e e ntseng jalo. (Ekesodo 20:5; 34:12) Mme gape, polelo e bitsa bano ba e seng Bajuda “baba.”
Thuto Mo Go Rona: Fa re thulana le bobaba mo go direleng Modimo, re tshwanetse ra etsa Bajuda ba ba neng ba boela gae bao ba neng ba iphutha ka bofefo go obamela jaaka “monna a le moñwe hèla.” Go ikanya mo go Jehofa le go eteletsa kobamelo ya gagwe kwa pele go ne da ba nonotsha gore ba wetse tiro e ba neng ba e abetswe.—Esere 3:1-12.
Tempele Ea Wediwa
Bala 5:1–6:22. Ka go tlhotlhelediwa ke moperofeti Hagai le Sakaria, tiro ya go aga e tswelelapele ka tlhagafalo e ntšha. Fa baba ba palelwa ke go e emisa, ba boa gape ba ngongorega. Kgosi Dario o a tlhotlhomisa mme lo fitlhela taolo ya pele-pele ya ga Kurose. Baganetsi ga ba laelwe fela gore ‘ba lese go kgoreletsa’ mme gape ba laolwa gore ba thuse ka dilo tse di bonalang! Ka kgothatso e e oketsegileng go tswa baperofeting ba ga Jehofa tempele a wediwa ka 515 B.C.E. mme e a kgakolwa. Ka boipelo e neelwa Modimo, yo ditsholofetso tsa gagwe di diragaditsweng!
◆ 5:5—Ke ka ntlha yang fa baganetsi ba ile ba sekapa emisa tiro ya go aga?
Jehofa o ne a di se batlhanka ba gagwe ba ba ikanyang ka kelotlhoko. (2 Ditihalō 16:9) Ka go nonotshiwa ke moya wa Modimo, bagolwane ba ne ba gana go tshosiwa. Ba ne ba lebisa taolong e e saleng e lebalwa ya ga Kurose. E re ka jaana molao wa Peresia o ne o sa fetolwe, baba ba ne ba boifa go ganetsa taolo ya segosi (Daniele 6:8, 15) Kaelo ya ga Jehofa e ne e phepafetse, mme tiro e ne ya tswelelapele.
◆ 6:21—Ke bomang ba ba neng ba intsha “mo leshweñ ya ba dichaba di sele”?
E ka nna ya bo e ile ya nna basokologi bao ba neng boa le Bajuda. Basamaria bao ba neng ba nna mo lefatsheng ka nako kana le e leng Bajuda ba ba boang bao ba neng ba ile ba bodisiwa ke ditlhotlheletso tsa boheitane. (Bapisa Esere 9:1.) Botswelelopele jwa kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa mo Jerusalema go bonala fa bo ne bo ba tlhotlheletsa go dira diphetogo tse di tlhokafalang mo matshelong a bohe.
Thuto Mo Go Rona: Bagolwane ba Bakeresete gompieno ba tshwanetse le bone ba batla kaelo ya ga Jehofa. O re neela temogo e e tlhokafalang fa re lebane le baganetsi.—Pesalema 32:8.
Esere O A Boa
Bala 7:1–8:36. Nako e a feta. Ka 468 B.C.E., Kgosi Aretaserese o neela Esere “gotlhe kaha o lōpañ ka gōna.” a mo kgonisa gore a ye go thusa kwa Jerusalema. Taolo ya Kgosi e kgothatsa Bajuda botlhe ba ba ratang gore le bone ba boe, mme o ntsha selefera le gouta tseo di tla tlhokafalang mo ntlong ya ga Jehofa. Esere o neelwa thata ya go tlhopha dikgosana le baatlhodi. bao ba tla diragatsang molao wa ga Jehofa le wa kgosi. Ka go ikanya mo tshegetsong ya Modimo, Esere o a ithatafatsa a bo a tsenelela mo loetong lo lo kotsi. Ga a lope gore a disiwe ka mephato ya masole, gore seno se seka sa lejwa jaaka tlhaelo ya tumelo mo kgonong ya ga Jehofa go sireletsa. Ka tshegetso ya Modimo, Bajuda ba goroga ka pabalesego.
◆ 7:1, 7, 11—Aretaserese yono e ne e le mang?
Yono e ne e le kgosi ya Peresia ebong Aretaserese I (Longimanus). Mo ngwageng wa gagwe wa bo-20, o ne a neela Nehemia tetla ya go boela kwa Jerusalema le go aga dithako le dikgoro tsa gagwe sesha. (Nehemia 2:1-8) Boraditiragalo ba bogologolo ba kaya fa Aretaserese yono a ne a le pelonomi le go nna pelontle. Ka ntlha ya moneelo wa gagwe o mogolo, o ne a akarediwa go Esere 6:14 jaaka ene yo o neng a ntsha ditaelo tsa go ntsha meneelo ya go wetsa tempele, lemororo go agiwa ga yone go ne ga wediwa mo dingwageng tse 47 pelenyana. O farologana le Aretaserese yo o neng a emisa tiro ya go aga sesha. (Esere 4:7-23) Yoo e ne e le Gaumata, yo o neng a busa dikgwedi di hera bobedi fela ka 522 B.C.E. “Aretaserese” go bonala fa e ne e le leina kana sereto fela sa yo o mo setilong sa bogosi.
Thuto Mo Go Rona: Esere o ne a tlhomela batlhanka ba ga Jehofa sekao se se molemo gompieno. Mokwadi yo o setswerere yo o neng a ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo, o ne a neela Mogodimo-dimo tlotla yotlhe mme o ne a amegile ka kgalaletso ya ga Jehofa go na le polokesego ya gagwe ya sebele.—Esere 7:27, 28; 8:21-23.
Morafe O O Phepafaditsweng
Bala 9:1–10:44. Esere ka bonakonyana o lemoga gore ba le bantsi “ga baa itomolola mo dichabeñ tsa mahatshe, ka ba diha kaha diloñ tse di makgapha tsa bōnè.” Bajuda, go akareletsa baperisiti le Balefi, ba ile ba nyalana le Bakanana ba e leng baheitane. Esere o nyema moko. O baya kgang fa pele ga ga Jehofa ka thapelo, ka maswabi a magolo a bolela kaga ditlolo tsa morafe. Tlase ga boeteledipele jwa gagwe, batho baa ikwatlhaya le go ikemisetsa gore ba tla leleka basadi ba bone ba seeng. Leswe lotlhe le a tlosiwa mo e ka nnang mo dikgweding tse tharo fela.
◆ 9:2—Ke ka ntlha yang fa manyalo a a ntseng jalo a a tlhakanetsweng e ne e le boleo?
A ne a tshosetsa tsosoloso ya kobamelo ya boammaaruri. (Duteronome 7:3, 4) Basadi bano e ne e le ba ba sa dumeleng, ba ba obamelang medimo ya disetwa. Go nyalana le bone go ne e ka re kgabagare ga felela ka gore ba tlhakane le merafe ya boheitane e e mo tikologong, mme kobamelo ya boammaaruri e ne e tla nyelela mo lefatsheng.
◆ 10:3, 44—Ke ka ntlha yang fa bana le bone ba ne ba lelekiwa?
Bana ba babotlana gantsi ba tlhoka bommaabo. Ebile. ka tlhotlheletso ya bana. basadi ba ba lelekilweng ba ka nna ba bo ba ile ba boa moragonyana Kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa e ne e tshwanetse go tla pele.
Thuto Mo Go Rona: Jaaka Bajuda ba ba ikanyegang ba motlha wa ga Esere, Basupi ba ga Jehofa ba kgomarela mo ditekanyetsong tsa Modimo tsa lenyalo. Ba lemoga gore ba tshwanetse ba nyala “mo Moreneñ hèla.”—1 Bakorintha 7:39.
Jehofa o ne a boloka tsholofetso ya gagwe gore kobamelo e e itshekileng e tsosolosiwe mo Jerusalema wa bogologolo. Ka mo go tshwanang, o tla diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore kobamelo ya gagwe e e phepa e diragadiwe mo lefatsheng lotlhe. (Habakuke 2:14) A o tla nna gareng ga baobamedi ba gagwe fa Mmoloka-Tsholofetso yo mogolo a lere kagiso le boitumelo mo lefatsheng leno?—Pesalema 37:10, 11; Tshenolō 21:3, 4.