LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w80 2/1 ts. 22-24
  • Jehofa O Segofatsa Bao ba Itekang ka Thata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa O Segofatsa Bao ba Itekang ka Thata
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Itekeng ka Tlhoafalo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • O ne A Batla go Thusa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Lesole le Mosetsana yo Monnye
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • O ne A le Tlhogoethata Mme Kgabagare a Reetsa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1980
w80 2/1 ts. 22-24

Jehofa O Segofatsa Bao ba Itekang ka Thata

“Ganèlañ [itekeng ka thata, NW] go tsèna ka kgōrō e e pitlaganyeñ: gonne . . . bantsi ba tla batla go tsèna, me ba tla retelèlwa.”—Luke 13:24.

TSHEKAMELO ya batho ba ba sa itekanelang ke go sala tsela e e kganetso potlana morago. Batho gantsi ba batla mo gontsi go tswa mo botshelong mme ga ba nke ba fitlhelela dikeletso tsa bone ka ntlha ya go sa rateng go dira boiteko jo bo tshwanetseng. Ba bangwe ba kgotsofalela fela go lora ka gongwe le go ya ka sewelo kwa go laolwang ka bola gona, ba solofela go bona seo se ka dirafatsang ditoro tsa bone. Badiri ba bantsi ba tlhabanela bobedi maduo a a kwa godingwana le beke ya tiro e khutshwanyane. Madi a oketsegileng bakeng sa boiteko jo bo botlana ke maikaelelo a batho ba bantsi gompieno. Mme batho ba bangwe ba tlhokomela gore go na le sengwe se se gaisang khumo ya dilo tse di bonalang ka botlhokwa kgakala. Ke eng sone seo?

Ke eng seo e neng e ka nna sa botlhokwa jo bogolo thata go ope wa rona go gaisa kamogelo ya Modimo e e isang polokong? A re ka lebelela go fitlhelela seo kwantle ga iteko epe? Lemororo Modimo o dirile tsotlhe tse di tlhokafalang go boloka setho, a go kaya gore poloko e tla itlela ka boyone go batho, kwantle ga boiteko bope mo karolong ya bone? (Tito 3:4-7) Jesu Keresete o neetse karabo fa a ne a araba potso, “Ba ba bolokwañ a ba babōtlana?” O ile a re: “Ganèlañ [itekeng ka thata, NW] go tsèna ka kgōrō e e pitlaganyeñ gonne kea lo raea, bantsi ba tla batla go tsèna, me ba tla retelèlwa.”—Luke :13:23, 24.

A ka gona o rata go iteka go tshela mo tsamaisong e ntšha ya Modimo e e siameng? Batho ba bantsi ba ne ba ka ipelela botshelo mo lefatsheng le le gololesegileng mo bolwetsing le mo losong. Mme fa bone batho ba ba kgothalediwa go ithuta Bibela, gantsi ba dira maipato a a bokoa. Mme go sa rateng ga bone go dira boiteko jwa boammaaruri go itse Modimo, fa ba ntse ba tatalalela mo go jalo, go ka ba itsa go bona kamogelo ya bomodimo. Botlhe bao ba eletsang go ka amogelwa ke Jehofa Modimo ba tshwanetse ba bo ba rata go ‘iteka ka thata’ mo go direng botswelo-pele jaaka batlhanka ba gagwe, ba itse Mmopi ga botoka le go tshela mo tumalanong le go mo itse ga bone. Eleruri o tla ba thusa ka moya wa gagwe, fa fela e le gore ba batla go gogiwa ke one.

Tota-tota, mo maemong a mantsi a botshelo, dipaka di ka tlhaelwa fa motho a sa iteke. Diane 26:15 e re neela sekai se se feteletseng sa se, ka go re: “Serorobe se shōtlhōmetsa lecōgō mo mogocaneñ; me goa bo go se lapisa go ba se le bosetsa kwa ganoñ.” Ka dijo tsa semoya, boemo gantsi bo ntse fela jaaka seane se bo tshwantsha. Batho ba bantsi bao ba nang le Bibela mo gae ba bopama moyeng fela ka ntlha ya gore ga ba batle go dira boiteko go e tsaya mo lefelong la dibuka mme ba e bale.

Kwantle ga tshekamelo go bobodu, motho o tshwanetse go lwa le go akanya mo go ganetsang faele gore o batla go iteka. Ka sekai, faele gore o ikutlwa gore go etela batho kwa ma ga bone go arola le bone molaetsa wa Bibela go thata, seno se tla mo kgoreletsa le eleng mo go lekeng. Gantsi, lefa go le jalo, fa a ne a ka go leka, o ne a tla bona gore o kgonne go fitlhelela tiro ka thuso ya moya wa Modimo.

Mo letlhakoreng le lengwe, ka dinako dingwe ke fela bo-motlhofo jwa kgakololo joo bo dirang gore batho ba belaele tlhwatlhwa ya yone. E ka nna ya nna gore ga ba kgone go bona gore e lebisa kae. Naamane e ne e le monna yo o ratileng go wela mo serung se. O ne a tlile kwa Iseraele, a solofela go ka fodisiwa lepero. Jaaka monna yo o tlotlegang, o ne a lebeletse go ka tshwariwa ka tlhokomelo e e kgethegileng ke moperofeti Elisha. Mme Elisha ga a ka a tswa go mmona ka sebele, o ile a laela fela motlhanka wa gagwe go bolelela Naamane gore a ye go tlhapa gasupa mo Nokeng ya Joredane. Naamane o ile a bona go tlhapa mo Joredane e e diretse go sa mo tshwanela. O ne a lebeletse phodiso ya kgakgamatso. Fa a kabo a sa reetsa kgakololo ya batlhanka ba gagwe, Naamane a ka bo a boetse kwa Damaseko mo boemong jwa gagwe jwa lepero. Mme o ile a dumalana le ditaelo tsa ga Elisha tse di motlhofo mme a fodisiwa.—2 Dikg. 5:9-14.

Mme, gape e ka nna ya nna poifo ya go se itumedise mongwe kana ya go amogela karabo e e ganetsang go tswa go bao ba laolang eo e kgoreletsang batho go dira tiro e e tshwanetseng. Nehemia wa lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E. ke sekai se sentle sa mongwe yo o sa kang a letlelela poifo e go mo thibela. Lemororo a ne a le mo boemong jo bo boikanyo jwa motshwara-senwelo mo lekgotleng la Kgosi Aretaserese, Nehemia ga a ka a letlelela dikgopolo tsa gore kgosi e ka nna ya gana kana ya seka ya itumela go mo didimatsa. Erile fa sebaka se bonala, Nehemia o ile a rapela Jehofa mme morago a itsise kopo ya gagwe ka tlotlo. Kgosi ga ya ka ya mo letlelela fela, mme o ile a neela Nehemia dikwalo tseo di mo dumelelang go boela kwa Jerusalema le go dirisa dikgong tse di tswang mo sekgweng sa bogosi go aga lorako le dikgoro tsa Jerusalema.—Neh. 2:1-8.

Go tweng kaga rona? Bangwe ba Bakeresete ba ka nna ba boifa go kopa nako ya go nna gona kwa tirong go ya dikopanong le badumedi-ka-bone. Lefa e le gore lobaka lwa bone lwa boikhutso ba ka ne ba lo neetswe fa ba kabo ba kopile, poifo ya gore ba tla ganelwa e ba dira gore ba latlhegelwe ke thuto e ntle ya semoya. Bangwe ba basadi ba Bakeresete ka dinako dingwe ba ipelela fela seripa sa dipokano tsa phuthego ka gonne ba nagana gore banna ba bone ba ba sa dumeleng ga ba ne ba dumela fa ba nnela tse di oketsegileng. Lefa go le jalo, go ka nna ga diragala gore bangwe ba bano ga ba ise ba ko ba kope banna ba bone. Lemororo, ba bangwe mo maemong a a tshwanang ba ka bolela maitemogelo a mantsi a a agelelang ka gobo ba ile ba kopa. Eleruri, mo dikgannyeng tse di farologaneng, fa re sa kope, ga re ne re amogela.—Bapisa Mathaio 7:7-11.

Ee, fa re batla tshegofatso ya ga Jehofa, re tshwanetse go iteka ka thata. Go fitlha jaanong, tlhabana le tshekamelo epe go nneng bobodu, o seke wa itetlelela go ngodiisiwa ke bogolo jwa tiro lefa e le go bonala ga yone e le motlhofo, o seke wa tshaba go kopa ka ntlha ya go boifa go bona karabo e e ganetsang. Faele kaga tiro e e anamang le kobamelo ya boammaaruri, o ka atlega ka thuso ya moya wa Modimo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela