LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 1/1 ts. 10-15
  • Metlha e e Tshwanang le ’Metlha ya ga Noa’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Metlha e e Tshwanang le ’Metlha ya ga Noa’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tumelo ya ga Noa mo Tshokamong
  • Ba Motlha wa Segompieno, Itlhokomeleng!
  • “Lo Ileñ Boshula”
  • Tlhokomela ‘Dikai tse Dingwe tsa Tlhagiso’
  • Agela Polokego
  • Go Botlhokwa Thata Gore Re nne Re Disitse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Lebaka La go Bo Modimo A ne A Amogela Noa—Lebaka La go Bo Seo se Tshwanetse go re Ama
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • A O Atlhola Lefatshe ka Tumelo ya Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Gololwa ga Batho Ba Ba Boifang Modimo go Atametse!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 1/1 ts. 10-15

Metlha e e Tshwanang le ’Metlha ya ga Noa’

“Lehatshe le ne le tletse thubakanyō . . . le ne le bodile; gonne nama eotlhe e ne e bodisitse mokgwa oa eōna mo lehatshiñ.”​—GENESISE 6:11, 12

1, 2. (a) Ke mefuta efe ya thubakanyo eo Basupi ba ga Jehofa ba nang le go emelana le yone gompieno? (b) Ke mo maemong afe ao batho ba Modimo ba ileng ba gomodiwa ke tsholofelo ya tsogo?

THUBAKANYO! Jaaka mo motlheng wa ga Noa, le gompieno, thubakanyo e ile ya nna selo se se tlwaelegileng. Tota le bao ba sepelang le Modimo wa boammaaruri, jaaka Noa, ga ba falole thubakanyo. Seno se ne sa tlhokomedisiwa lefatshe thata-thata fa ka July 21 ngwaga o o fetileng, Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa mo Sydney, mo Australia, e ne ya thubaganngwa ke bomo ka nako ya puo ya Bibela ya phatlalatsa kaga go ikanyega go Modimo le mo lelapeng. Go ne ga swa Mosupi a le mongwe fela. Ba ba ka fetang 40 ba ne ba robadiwa mo sepatela. Bano botlhe ba ile ba fola, lemororo bangwe ba na le dipadi tse di maswe ka ntlha ya tlhaselo eno ya bokebekwa. Lepodisi lengwe la sephiri le ne la akgela jaana: “Go ne go na le batho bale 110 moteng mme ke kgakgamatso fela gore re se nne le ba le 110 ba ba suleng.”

2 Mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe​—jaaka kwa Ireland Bokone, Lebanon le El Salvador—​Basupi ba ga Jehofa ba bolela “Mahoko a a Molemō” mo mafelong ao a tletseng thubakanyo. Ba se kae ba ile ba bolawa, bangwe fa ba ntse ba le mo bodiheding. Mo dinageng tse dintsi “motlha le bowèlō,” jaaka dikotsi le dithoromo tsa lefatshe, le tsone di ile tsa gapa matshelo a a tlhokegang, mo dipakeng tseo batho ba ga Jehofa ba ile ba gomodiwa ke tsholofelo ya tsogo.​—Moreri 9:11; 1 Bathesalonia 4:13, 14.

3. (a) Ke eng seo se ka diragalelang bangwe ba batho ba ga Jehofa, jaaka go bontshitswe ke ditiragalo tsa bosheng le Luke 21:16? (b) Re na le tlhomamisetso efe ya go sirelediwa ke Modimo ka nako ya “sepitla se segolo”?

3 Bosheng jaana kwa Mexico, Basupi botlhe ba le 23 le bankane ba ne ba le gareng ga ba ba fetang 5 000 ba ba bolailweng ke thoromo ya lefatshe e e maswe-maswe. Kwa Puerto Rico, ba bangwe ba le supa ba ne ba balelwa mo gare ga ba le 300 bao ba latlhegetsweng ke matshelo a bone mo merwaleleng le mo go roromeleng ga lefatshe. A seno se kaya gore Jehofa o paletswe ke go tlamela batlhanka ba gagwe ka tshireletso? Le eseng. Ga re a gololesega mo dikotsing le mo dikudumeding. Mme malebana le pogiso, Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe esale gale, ka go re: “Bangwe ba lona ba tla bolawa ke bone.” Makgolo a bakaulengwe ba rona ba sule mo diatleng tse di setlhogo tsa ga Hitler wa Bonazi. Jehofa o tla gakologelwa botlhe ba ba ntseng jalo ka tsogo. Lefa go ntse jalo, fa “sepitla se segolo” se se boleletsweng-pele se padimola lefatshe, Jehofa o tla bontsha gore o kgona go boloka bao ba bitsang leina la gagwe, fela jaaka a dirile mo metlheng ya ga Noa.​—Luke 21:16-19; Mathaio 24:14, 21, 22, 37-39; Isaia 26:20, 21; Yoele 2:32; Baroma 10:13.

4. Maemo a motlha wa segompieno a tshwana fela le ao a tlhalosiwang go Genesise 6:11, 12 jang?

4 Fa e sale ka 1914 thubakanyo e ile ya anama mo kgolokweng yotlhe. Batho ba ba dimilione di le lekgolo ba ile ba bolawa mo dintweng le dikudumeding tsa lekgolo leno la dingwaga. Batho ba ile ba tlhaselwa ke bathopi ba difofane le ba dikepe dibomo tsa barukutlhi, dipolao tse dikgolo, ditlhoano tsa semorafe le go tlhorontshiwa ke go ntsifala ga dibetsa tsa nuklea. Tota ruri, tseno ke “dipaka tse di tlhokohatsañ” le ‘merafe e raraane, e sa itse kgoro ya botso.’ (2 Timotheo 3:1-5, 13; Luke 21:25) Lefa go ntse jalo, batho ba ga Jehofa gompieno ba tshela mo sebetsong seo se lereng kotsi e kgolo thata-thata go feta thubakanyo, lemororo gantsi se golaganngwa le thubakanyo. Se setse se na le dingwaga tse di ka fetang 4 300 go tswa fela kwa motlheng wa ga Noa. Ke eng?

Tumelo ya ga Noa mo Tshokamong

5, 6. (a) Satane o ne a tswelela jang go bodisa setho? (b) Ke ka ditsela dife Noa le lelapa la gagwe ba ileng ba ema ba se karolo ya lefatshe leo?

5 Go tloga ka tsuololo mo Edena go ya pele, Satane Diabolo o ile a gagamalela go ‘tsietsa lefatshe lotlhe.’ (Tshenolō 12:9) Jehofa o ne a laetse monna le mosadi gore ba dirise dinonofo tsa bone tsa bonna le bosadi tse ba neng ba di filwe ke Modimo ka tsela e e tlotlegang mo thulaganyong ya lenyalo, e le gore ba tle ba ‘tlatse lefatshe’ ka losika lwa bone. (Genesise 1:28; Bahebera 13:4) Mme Diabolo o ne a dira gore a bodise batho ka bokopano jwa kafa dikobong jo e seng jwa tlholego. Jang? Bomorwa Modimo ba semoya ba ne ba kopanela le Satane mo botsuoloding jwa gagwe. Bano ba ne ba nna ‘badimona,’ “kgōsana” ya bone e le Satane. (Luke 11:15) Mme ke eng seo badimona ba neng ba se dira ka nako eo? Ba ne ba fologela mo lefatsheng, ba ikapesa mebele ya batho, mme ba robala le bomorwadia batho ba bantle. Matswela e ne ya nna a a boitshegang!

6 Ka gone go ne ga tlhagisiwa lotsalo lo lo sa tlwaelegang, mekaloba e e nonofileng eo e neng e le badimona ka bontlhanngwe, ka bontlhanngwe e le batho. Ba e ne e le Banifilimo, “Diganka” tse di bolayang batho, jaaka polelo e bontsha: “Me lehatshe le ne le bodile ha pele ga Modimo, me lehatshe le ne le tletse thubakanyō. Me Modimo oa bōna lehatshe, me bōna, le ne le bodile; gonne nama eotlhe e ne e bodisitse mokgwa oa eōna mo lehatshiñ.” Thubakanyo le tshokamo ya kafa dikobong di ne tsa anama thata mo e leng gore go ne go ka twe ka Noa fela: “[O ne a] itekanetse mo ditshikeñ tsa gagwè: Noa a sepela le Modimo.” Mosadi wa gagwe, bana ba gagwe, le basadi ba bone​—e ne e le bone fela mo bathong botlhe—​ba ba neng ba bontsha tumelo le poifomodimo. Go bonala sentle fa, losika lwa ga Noa lo ne lwa seka lwa bodisiwa ke tshokamo ya kafa dikobong ya mo motlheng wa gagwe.​—Genesise 6:4, 9-12, NW Ref. Bi., mokwalo o o kwa tlase.

7. Jaaka go bontshitswe mo motlheng wa ga Noa, Jehofa o atlhola jang ba ba bosula le ba ba siameng? (Bapisa Mathaio 25:40, 45, 46.)

7 Jehofa o ne a fedisa lefatshe leo le le thubakanyo, le le neng le na le botsenwa jwa kafa dikobong, le la bodimona. Ka go romela Morwalela o mogolo, o ne a tlosa sengwe le sengwe se se neng se le bosula. Banefilimo ba ba sa tlwaelegang le batho ba ba bodileng ba ne ba nyelelediwa ruri gore ba bo ba lebalesege, fa badimona bao pele e neng e le bomorwa Modimo ba ne ba falolela mo sebakeng sa semoya​—go letela letsatsi la katlholo la Modimo mo go bone. Mme go ne ga nna le bafalodi! Noa le ba-lelapa la gagwe ba ne ba bolokwa. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya tumelo ya bone, eo e neng e tshegeditswe ke ditiro ka go aga araka le go rera tshiamo mo lefatsheng leo le le atlhotsweng.​—2 Petere 2:4, 5.

Ba Motlha wa Segompieno, Itlhokomeleng!

8. Ke ka ditsela dife motlha wa ga Noa o tshwantsheditseng motlha wa rona?

8 Motlha wa ga Noa o ne o tshwantshetsa motlha wa rona. Re itse seno jang? Mme kana, Jesu o ne a bolelela-pele ka motlha o o tshwanang wa thubakanyo, boikepo, le botlhoka-lorato gore ke bontlhanngwe jwa “seshupō” sa gore re gautshwanyane thata le “sepitla se segolo . . . , se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè.” Gape o ne a re: “Me kaga letsatsi yeuō, le nakō euō, ga go itse opè, . . . ha e se Rara a le esi hèla.” Mme a oketsa ka gore: “Me yaka metlha ea ga Noa e ne e nntse, go tla ga Morwa Motho go tla nna hèla yalo. Gonne yaka go le ga nna mo metlheñ euō ea pele ga morwalèla, ba ne ba ya, ba nwa, ba nyala, ba nèwa nyaloñ, go tla go hitlha mo tsatsiñ ye Noa o tsenyeñ mo tluñ e e kokobalañ ka yeōna, [mme ba se ka ba tsaya tsia, NW], morwalèla oa ba oa tla oa ba tlosa botlhe; go tla ga Morwa Motho le gōna go tla nna hèla yalo.”​—Mathaio 24:3-21, 36-39.

9. Re tila jang se se tla diragalelang bao ‘ba sa tseyeng tsia’?

9 Ee, ba ne “ba se ka ba tsaya tsia.” Mme ga go a tshwanela gore o tshwane le bone. O ka falola fa Morena Jesu a senolwa kwa legodimong, a diragatsa pusoloso ya Modimo ka go senyetsa ruri-ruri “ba ba sa itseñ Modimo, le mo go ba ba sa ineeleñ go utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Yesu.” (2 Bathesalonia 1:7, 8) Ga o a tshwanela go tshwana le batho ba lefatshe bao kgatlhego e kgolo ya bone mo botshelong e leng go iitumedisa, e leng go latela tsela ya botshelo ya boitlotlomatso kana ya letlotlo la dilo tse di bonalang, ba sa akanye sepe ka Modimo. Eleruri, “modimo oa bōnè [ke] mpa hèla.”​—Bafilipi 3:19.

“Lo Ileñ Boshula”

10, 11. (a) Go amogelwa ke Modimo, ke masula afe ao a tshwanetsweng go tilwa? (b) Ke diaparo dife tsa phemelo tseo re tshwanetseng go di apara, mme ka ntlha yang?

10 Mo metlheng eno ya bofelo, matshelo a batho ba le bantsi a ganeletse thata kafa dikobong, e ka ne e le ka molemo wa lenyalo kana kwantle ga one. Mme go ba le bantsi ba bao ba nyetseng, tlhalano kana go fedisa lenyalo go nnile mo go tlwaelegileng. Ka go tlhokomologa ditlhagiso tsa barutwa ba ga Jesu tse di phepafetseng, ba le bantsi mo go La-Bodumedi ba tseneletse mo bosodomeng. Mme ebile, bangwe ba bano ba setse ba “ipōnèla mo go bōnè tuèlō e e chwanetseñ timèlō ea bōnè” ka sebopego sa AIDS le malwetsi a mangwe a a fetisiwang ka go tlhakanela dikobo. Lefa go ntse jalo, go ka nna ga nna le tsholofelo ya poloko le e leng mo bathong ba ba ntseng jalo. Gakologelwa gore, Jesu o ne a bua sentle ka diaka tseo di ileng tsa phepafatsa matshelo a tsone mme tsa dumela mo go ene, go fapaana le baeteledi-pele ba bodumediba ba ikgogomosang le ba ba sa ikwatlhaeng ba motlha wa gagwe.​—Baroma 1:26, 27; 2 Petere 2:9, 10; Yude 6, 7; Mathaio 21:31, 32.

11 Mongwe le mongwe wa batho ba ga Jehofa yo o ka neng a leswefaditswe ke, kana yo o ka neng a raelwa ke go tsenelela mo ditlwaelong tsa boitsholo jo bo sa siamang, o tshwanetse a tsoga mme a apare diaparo tsa phemelo tseo Modimo a di baakanyetsang! (Baefesia 6:11-18) Metlha eno ruri ‘e tshwana le metlha ya ga Noa.’ ‘Tau e e dumang’ eo, ebong Diabolo, le badimona ba gagwe ba ba leswafetseng ba dira ka metlha yotlhe go ntshetsa kwantle kana go kgogetsa batlhanka ba Modimo. Re tshwanetse ra ema kgatlhanong le baba bao, re tiile mo tumelong.​—1 Petere 5:8, 9.

12. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go latela kgakololo e e mo go Pesalema 97:10?

12 Ka mo go swabisang tota, le e leng bangwe ba bao ba neng ba itsege thata mo phuthegong ya ga Jehofa ba ile ba ineela mo ditlwaelong tsa boitsholo jo bo sa siamang, go akareletsa le bosodoma, go fapaanela basadi, le go gobolola bana. Go tshwanetse gape ga elwatlhoko gore, mo ngwageng o o fetileng, batho ba le 36 638 ba ne ba kgaolwa mo phuthegong ya Bokeresete, palo e kgolo ya bone e le ka ntlha ya go dira boitsholo jo bo sa siamang. Phuthego ya ga Jehofa e tshwanetse ya bolokwa e le phepa! (1 Bakorintha 5:9-13) Eno ke nako ya gore bagolwane ba phuthego, batlhanka ba bodihedi, mme ruri bakaulengwe botlhe ba rona le bokgaitsadi ba tile maemo afe le afe ao a ka ba gogelang mo boitsholong jo bo sa siamang. Go ikanyega mo ditekanyetsong tsa ga Jehofa go tla duelwa, jaaka Pesalema 97:10 e tlhalosa: “Lona ba lo ratañ Yehofa, a lo ko lo ileñ boshula: o tlamèla meōea ea baitshepi ba gagwè; o ba golola mo seatleñ sa baikepi.”

13. Ke kgakololo efe e e utlwalang eo e neelwang ke moaposetoloi Paulo le Petere?

13 Kgabagare, “sepitla se segolo” se tla tlosa botlhe “ba ba mashwè.” Abo re tshwanetse go amega jang ne ka go ila, ee, go bifela, le go tila tshokamo ya lefatshe! Re tshwanetse go ‘tshaba boaka’! (Tshenolō 21:8; 1 Bakorintha 6:9, 10, 18) Moaposetoloi Petere, morago ga go tlhagisa kgatlhanong le batenegi ba ba jalang dipelaelo le kaga bommatota jwa ‘letsatsi la ga Jehofa,’ o re kgothaletsa ‘go tshela gotlhe ka boitshepo le ka poifomodimo.’” O oketsa ka go re: “Me, rona, kaha poleloñ ea ōna ea choloheco, re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.” Abo e tla nna boipelo jang ne go bona “lehatshe ye lesha, ” koo Modimo a tla ‘dirang dilo tsotlhe sesha’ le go nna phepa!​—2 Petere 3:3-7, 10-14; Tshenolō 21:1, 4, 5.

Tlhokomela ‘Dikai tse Dingwe tsa Tlhagiso’

14. Ke ka ntlha yang fa go phepafatsa ka Morwalela e ne e le ga nakwana fela?

14 Morago ga fa Morwalela o mogolo o se na go phepafatsa lefatshe mo lesweng lotlhe la bodimona le la batho, Jehofa o ne a boeletsa taolo eo a neng a e neile Adame pele, ka go raya Noa le bomorwawe a re: “Atañ lo ntsihalè, lo tlalè ka lehatshe.” (Genesise 9:1) Ba ne ba dira jalo ka tsela e potlana, ka “ditshika” di le 70​—palo e e itekanetseng kafa tshwantshetsong—​di rulagantswe mo go Genesise kgaolo 10. Mme setho se ne se santse se boga diphelelo tsa boleo jo bo ruilweng mo go Adame. Mme go bonala sentle fa tlhotlheletso ya bodimona e ne ya boa gape ya gogela batho mo tshokamong ya kafa dikobong.

15. Ke eng seo re se ithutang ka katlholo ya Modimo mo Sodoma?

15 Fa go ntse go ya, “tsala” ya ga Jehofa, ebong Aberahame, le setlogolo sa ga Aberahame ebong Lote ba ne ba fudugela kwa kgaolong ya Kanana. Lote o ne a ikgethela gore o tla ya kwa Kgaolong ya Joredane, eo e neng e “nntse yaka tshimo ea ga Yehofa.” Mme a e ne e ntse jalo kafa boitsholong? E seng jalo gotlhelele! Motse wa Sodoma, koo Lote a neng a aga gona, le Gomora e e mo tikologong di ne di tseneletse thata mo bosodomeng. Go ne go sena le e leng batho ba ka tshwara lesome ba ba siameng ba ba neng ba ka fitlhelwa koo. Ka lebaka leno, Jehofa o ne a leretse metse eo ‘petso ka molelo o o sa khutleng.’ Metse e e sokameng eo ga e kitla le ka motlha e tsosolosiwa! Jesu o ne a tsopola katlholo ya Modimo mo Sodoma, le seo se neng sa diragala “mo metlheñ ea ga Noa,” fa a ne a otlelela tlhokafalo ya gore re tshwanetse go itisa!​—Genesise 13:10; 18:32; Yude 7; Luke 17:26-30.

16. Ke tiro efe ya badimona eo e batlang gore re tlhabanele tumelo thata?

16 O seka wa dira phoso epe! Satane le badimona ba gagwe ba santse ba le mo tlhaselong e e maatla! Lemororo ba latlhetswe mo “meletiñ e e lehihi” le go kganelwa go ka ikapesa mebele ya senama, meya eo e e sokameng e gagamaletse go bodisa batho, segolo-bogolo batlhanka ba ga Jehofa. (2 Petere 2:4-6) Kwantle ga pelaelo badimona ba ne ba tlhotlheletsa Kanane go dira tiro ya gagwe ya boitsholo jo bo sa siamang tebang le rraagwe mogolo ebong Noa. (Genesise 9:22-25) Tota ruri ba tshwanetse ba bo ba ne ba ile ba jala ditemalo tseo di neng tsa nna ‘ditiro tsa lefatshe la Kanana,’ mo kgabagare le neng la tlhatsa baagi ba lone. (Lefitiko 18:3-25) Ka mo go tshwanang, badimona ba kgothaletsa ditlwaelo tsa kafa dikobong tse e seng tsa tlholego tseo di tlhasetseng batho ba le bantsi gompieno. Gore re tlhabanele tumelo ka maatla, re tshwanetse ra ganana le ditlhaselo tsa baengele bao ba ba bodileng bao ba tlhotlheletsang batho go ‘ineela mo kgokafalong, le go latela mokgwa wa nama e sele.’​—Yude 3, 6, 7.

Agela Polokego

17. Jaaka Noa le lelapa la gagwe, re ka itshupa jang gore ga re karolo ya lefatshe?

17 Ponong ya bomasisi jwa metlha ya rona, re ka bona jang tsela ya kgololo? Mme kana, Noa le lelapa la gagwe ba ne ba falola jang? ‘Ka tumelo Noa . . . o ne a sekisa lefatshe.’ (Bahebera 11:7) Ka mo go tshwanang gompieno, Basupi ba ga Jehofa ga se ‘karolo’ ya lefatshe le le boikepo. Jalo he, re bontshitse tumelo ya rona ka go neela matshelo a rona go Jehofa le go kolobetswa mo metsing e le gore re nne barutwa ba ga Jesu Keresete.​—Yohane 17:14, 16; Mathaio 28:19.

18. Ke eng se se tshwantshediwang ke go agiwa ga araka?

18 Gape, re tlhakanela mo tirong ya ga Jehofa ya motlha ono, tiro ya go aga ya semoya eo e tsamaisiwang ke Noa yo Mogolwane, ebong Jesu Keresete. Jaaka lefelo la polokesego le phalolo, araka e emela paradaise ya semoya eo Jehofa a nnileng a e aga gareng ga baobamedi ba gagwe fa e sale ka 1919. Ke boemo jwa go tsosolosediwa mo kamanong ya kagiso le Modimo. Ke thulaganyo ya Gagwe ya go falotsa lelapa la tshwantshetso la ga Noa yo mogolwane go ralala “sepitla se segolo.”​—Mathaio 24:21; 1 Bakorintha 3:9, 11; 2 Bakorintha 12:3, 4; Tshenolō 7:13, 14.

19. Ke eng seo se tshwantshediwang ke Noa, maloko a lelapa la gagwe, le tiro ya bone?

19 “Noa èna a bōna go sèlwa ke Yehofa sehatlhōgō.” A bo a tshwantshetsa sentle jang ne Jesu Keresete, yo ka boikokobetso a neng a tsamaya le Modimo mo lefatsheng, a sa dire sepe ka go rata ga gagwe! (Genesise 6:8; Mathaio 17:1, 5; Yohane 8:28) Boo-babedi e ne e le bareri ba tshiamo​—sekao se se molemo sa basupi botlhe ba ga Jehofa. Mme re ka tlhomamisega gore mosadi wa ga Noa, yo o neng a tshwantshetsa batlodiwa ba ba santseng ba setse mo lefatsheng gompieno, o ne a le sekao sa boikokobetso (2 Petere 2:5; Luke 4:14-19; Baefesia 5:21-24) Fa re akanyetsa kafa tiro ya go aga araka ya phalotso e neng e le kgolo ka teng, re ka akanya fela kafa Noa yo o neng a setse a tsofetse a neng a itumela ka gone ka go bo a na le bomorwawe ba bararo le basadi ba bone ba ba tlhaga jaaka bathusi ba gagwe! Ka phepafalo bano ba tshwantshetsa “boidiidi yo bogolo” jwa motlha wa segompieno bao ba sikereng bogolo jwa tiro ya go aga ya semoya mo nakong eno ya bofelo go ya go Morwalela wa tshwantshetso.​—Tshenolō 7:9, 15.

20, 21. (a) Ke ditebelelo dife tse di galalelang tseo di letetsweng ke baobamedi ba ga Jehofa mo lefatsheng le le phepafaditsweng? (b) Ke boipelo bofe jo bo ka itemogelwang le e leng gone jaanong?

20 Fa lefatshe leno le se na go phepafadiwa, mme jaanong le siametse go ka fetolwa go ka nna paradaise ya sebele, bao ba ileng ba tshwantshediwa ke bomorwa Noa le dingwetsi tsa gagwe ba ka nna ya re ka lobakanyana ba tshola bana ka tshiamo. Go tswa foo kgakgamatso ya tsogo e tla digela go tlatsa lefatshe ka batho. Botlhe bao ba amogelang tshiamelo ya go nna “dinku di sele” tsa ga Jesu ba tla tsosolosediwa boitekanelong, mme fa ba sena go falola teko ya bofelo morago ga Keresete a se na go neela Rraagwe Bogosi, bano ba tla kaiwa tshiamo go bona botshelo jo bo sa khutleng.​—Yohane 5:28, 29; 10:16; 1 Bakorintha 15:24-26; Pesalema 37:29; Tshenolō 20:7, 8.

21 Abo baobamedi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba letetswe ke maipelo jang ne! Mme le gone jaanong go na le boipelo jo bogolo jo bo ka bonwang ka go abalana ka pelo yotlhe mo go ageng araka ya motlha wa segompieno ya phalolo. Tiro eo e tswelela jang? Thuto ya rona e e latelang e tla neelana ka karabo.

O TLA ARABA JANG?

◻ Ditiragalo tsa pele ga Morwalela di tshwanetse tsa re tlhagisa jang?

◻ Ke dithuto dife tseo re tshwanetseng ra di tlhaloganya mo go Mathaio 24:37-39?

◻ Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa thata go ‘ila se se bosula’?

◻ Re ka nna le seabe jang mo tirong ya go aga araka ya tshwantshetso?

[Lebokoso mo go tsebe 11]

JAAKA ‘METLHA YA GA NOA’—

“Ke 40 lekgolong fela ya barutisi ba bodumedi mo kholetšheng . . . ba ba dumelang gore ke boitsholo jo bo sa siamang gore monna le mosadi ba ba sa nyalanang ba ka tlhakanela dikobo.”​—Saturday Oklahoman & Times, December 29, 1984

[Lebokoso mo go tsebe 12]

A Melao-metheo Ya Bibela E A Dira?

Moruti mongwe wa Moepiskopale o ne a reetsa tirelo ya phitlho e e neng e tsamaisiwa ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Morago, ka taletso ya moruti, badihedi ba le babedi go tswa Mokgatlhong wa Watch Tower ba ne ba nna gone mo puisanong mmogo le baruti ba le mmalwa mo Brooklyn Heights, New York City.

Go ne ga tsoga kgang kaga bosodoma Basupi ba ne ba phepafatsa sentle gore Bibela e iletsa seno le gore Basupi ba kgaola batho bao ba dirang mofuta ope wa boitsholo jo bo sa siamang (Baroma 1:24-27; 1 Bakorintha 6:9, 10; Yude 7) Basupi ba ne ba botsa baruti kaga boemo jwa bone mo kgannyeng eno mme ba ne ba amogela diphetolo tse di latelang:

Moruti wa Mo-Congregational: “Ke akanya gore re na le taolo nngwe kaga go kgaola golo gongwe mo melawaneng ya kereke ya rona, mme fa e sale e nnile nna, ga ke gopole le e seng gore a re kile ra dirisa molao oo!”

Moruti wa Moepiskopale: “Fa re ne re ka dirisa molao oo, re ne re ka se ka ra nna le maloko ape [a a setseng].”

Moruti wa Katoliki: “Fa re ne re ka dirisa molao oo, re ne re ka se [salelwe] ke baruti bape?

Lemororo dikakgelo tsa baruti bano di ka nna tsa gobeletsa dikgang, Basupi ba ga Jehofa ba itumelela boemo jwa bone jo bo tiileng jwa go boloka phuthego e le phepa. Ga “se ba lehatshe.”​—Yohane 15:19.

[Lebokoso mo go tsebe 13]

JAAKA ‘METLHA YA GA NOA’—

“Sekolo sa botlhe sa basodoma sa baithuti ba sekolo se segolwane mo New York City se butswe mo Manhattan.” Morutisi wa sone o ne a re: “Re ne re batla lefelo leo basetsana ba ba itumetseng le ba basodoma ba se kitlang ba wela mo diatleng tsa basha ba ba iseng ba gole gone.”​—The New York Times, June 6, 1985

[Lebokoso mo go tsebe 14]

JAAKA ‘METLHA YA GA NOA’​—

“Maloko a Kereke ya Riverside e ne ya re maabane a amogela molao-motheo oo o tsamaisanang le bosodoma o o amogelang dikamano tsa basodoma jaaka bontlhanngwe jwa tsela ya botshelo jwa lelapa la Mokeresete.”​—New York Post, June 3, 1985

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela