A O Atlhola Lefatshe ka Tumelo ya Gago?
“Ka tumèlō Noa . . . a baakanya ntlo e e kokobalañ, gore a tlè a bolokè ba ntlō ea gagwè; ke e o sekisitseñ lehatshe ka eōna.”—BAHEBERA 11:7.
1, 2. Ke eng seo re ka se ithutang fa re tlhatlhoba botshelo jwa ga Noa?
JEHOFA o ne a naya Noa le balelapa la gagwe—ba ba robedi fela ka palo—tshiamelo ya go nna bone batho fela ba ba neng ba falola Morwalela. Matshelo a batho botlhe ba motlha wa ga Noa a ne a kgaosediwa fa Modimo o ne o ba gogolela botlhe mo lebitleng ka metsi. Ka gone, ereka Noa e le mogologolwane wa rona rotlhe, re tshwanetse go lebogela tumelo e a neng a e bontsha fela thata.
2 Re ka ithuta go le gontsi ka go tlhatlhoba botshelo jwa ga Noa. Dikwalo di re bolelela gore ke ka ntlhayang Modimo o ile wa mmoloka fa O ne o senya batho ba kokomana ya ga Noa. Rekoto yone eno ya bomodimo e bontsha ka phepafalo gore batho ba motlha wa rona le bone ba lebagane le katlholo e e tshwanang e e tswang kwa Modimong. Jesu o ne a bua ka yone jaana: “Go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè.” (Mathaio 24:21) Ka go etsa tumelo ya ga Noa, le rona re ka nna le tsholofelo e e tiileng ya go falola tshenyego e e tlelang tsamaiso ya gone jaanong e e boikepo ya dilo.—Baroma 15:4; bapisa Bahebera 13:7.
3. Ke ka ntlhayang fa Jehofa a ne a tlisa Morwalela?
3 Mo dingwageng tse di 1 656 go tswa kwa go bopiweng ga ga Adame go fitlha ka Morwalela, ke batho ba sekae fela ba ba neng ba sekametse mo go direng molemo. Boitsholo bo ne jwa wela kwa tlase fela thata. “Yehofa a bōna ha boikèpō yoa motho bo le bogolo mo lehatshiñ, le go akanya ga megopolō ea pelo ea gagwè gotlhe, go no go le boshula ka metlha eotlhe.” (Genesise 6:5) Bothubaki, go batla menate, le baengele ba ba itirileng batho ba ba neng ba nyetse basadi ba ba neng ba tshola bana ba diganka e ne e le mangwe a mabaka a a neng a gogela kwa go diragadiweng ga katlholo ya Modimo mo lefatsheng leo la bogologolo la batho. Jehofa o ne a raya Noa a re: “Bokhutlō yoa nama eotlhe bo hitlhile ha pele ga me; ka lehatshe le tletse thubakanyō ka ntlha ea bōnè: me bōna, ke tla senya bōnè le lehatshe nabō.” Bopelotelele jwa Mmopi, “Moatlhodi oa lehatshe yotlhe,” bo ne bo fedile.—Genesise 6:13; 18:25.
Noa o ne a Sepela le Modimo
4. (a) Jehofa o ne a leba Noa jang, mme ka ntlhayang? (b) Lefa tshiamiso ya Modimo e ne e batla gore a senye lefatshe le le boikepo leo, o ne a bontsha Noa le balelapa la gagwe lorato jang?
4 Abo Noa a ne a farologane jang ne le batho ba motlha wa gagwe! O ne “a bōna go sèlwa ke Yehofa sehatlhōgō . . . Noa e ne e le monna eo o siameñ, a itekanetse mo ditshikeñ tsa gagwè: Noa a sepela le Modimo.” (Genesise 6:8, 9) Noa o ne a sepela le Modimo jang? Ka go dira dilo tse di molemo tse di tshwanang le go rera jaaka moemedi wa tshiamo le go aga araka ka tumelo le ka kutlo. Ka gone, lefa lefatshe leo la bogologolo le ne la senngwa ka gonne le ne le bodile fela thata, Modimo fa o “tlisa morwalèla mo lehatshiñ ya baikepi, . . . oa boloka Noa, a le moreri oa tshiamō, a na le ba bañwe ba shupa.” (2 Petere 2:5) Ee, Modimo wa rona o o lorato le o o tshiamo Jehofa, ga wa ka wa senya basiami gammogo le baikepi. O ne wa laela Noa go aga araka e kgolo gore a ipoloke, ene le lelapa la gagwe, le diphologolo dingwe di le mmalwa, botlhe e le ba ba neng ba tla tlatsa lefatshe gape morago ga Morwalela. Mme Noa “a diha hèla yalo.”—Genesise 6:22.
5. Dikwalo di tlhalosa tshiamo le tumelo ya ga Noa jang?
5 Fa araka e sena go wediwa, Modimo o ne wa raya Noa wa re: “Tsèna, wèna le ntlo ea gago eotlhe mo tluñ e e kokobalañ: gonne wèna, ke gu bonye u le tshiamō ha pele ga me mo losikeñ lo.” Paulo o sobokanya kgang e ka tsela eno: “Ka tumèlō Noa, e rile a tlhagisicwe ke Modimo kaga dilō tse di e señ di bōnale, me a shutelediwa ke poihō ea Modimo, a baakanya ntlo e e kokobalañ, gore a tlè a bolokè ba ntlō ea gagwè; ke e o sekisitseñ lehatshe ka eōna, me a cwa morui oa tshiamō e e leñ kaha tumeloñ.”—Genesise 7:1; Bahebera 11:7.
6. Noa o ne a atlhola lefatshe la motlha wa gagwe ka tumelo ya gagwe jang?
6 Noa o ne a na le tumelo e e tlhomologileng. O ne a dumela seo Modimo o neng wa se bolela kaga go senya kokomana eo. Noa o ne a na le poifo e e siameng ya go sa itumedise Jehofa mme a aga araka go ya ka ditaolo tse a di neilweng ke Modimo ka kutlo. Mo godimo ga moo, jaaka moreri wa tshiamo, Noa o ne a bolelela ba bangwe ka tshenyego e e tlang. Lefa ba se kile ba reetsa mafoko a gagwe, ga a ka a dumelela lefatshe le le boikepo leo go ‘mo dira gore a nne jaaka lone.’ (Baroma 12:2) Go na le moo, ka tumelo ya gagwe, Noa o ne a atlhola lefatshe leo ka boikepo jwa lone mme a bontsha gore le ne le tshwanelwa ke go senngwa. Boikobo jwa gagwe le ditiro tsa gagwe tse di siameng di ne di bontsha gore ba bangwe kwantle ga gagwe le balelapa la gagwe ba ne ba ka bo ba falotse fa ba ne ba ka bo ba ile ba batla go fetola mokgwa wa bone wa botshelo. Eleruri, Noa o ne a supa gore, go sa kgathalesege dikgatelelo tsa nama ya gagwe e e sa itekanelang, lefatshe le le boikepo le le neng le mo dikologile, gammogo le Diabolo, motho o ne a ka kgona go tshela botshelo jo bo itumedisang Modimo.
Lebaka la go bo Modimo o tla Senya Tsamaiso Eno
7. Re itse jang gore re tshela mo metlheng ya bokhutlo?
7 Lefatshe le ile la nna la tsenelela mo boikepong ka mo go oketsegileng mo dingwageng dingwe le dingwe tse di lesome tsa lekgolo leno la bo-20 la dingwaga. Seno se ne sa nna jalo segolo bogolo fa esale kwa tshimologong ya Ntwa ya Lefatshe I. Batho ba ne ba totomela fela thata mo dilong tse di tshwanang le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelo-dikobo, bokebekwa, thubakanyo, ntwa, letlhoo, bogagapa, le go sa diriseng madi a mmele sentle mo e leng gore bao ba ratang tshiamo ba ipotsa gore a maemo a tla nna a senyegela pele fela. Lefa go le jalo, Bibela e ne ya bolelela pele gore boikepo bo ne bo tla nna jo bo feteletseng mo kokomaneng ya rona, seo se neng se tla naya bosupi jo bo oketsegileng jwa gore re mo “metlheñ ea bohèlō.”—2 Timotheo 3:1-5; Mathaio 24:34.
8. Ke eng seo ba bangwe ba neng ba se bua kaga go lemoga boleo?
8 Gompieno, kgopolo ya boleo e ile ya phimolwa mo megopolong ya bontsi jwa batho. Mo dingwageng tse di fetang 40 tse di fetileng, Mopapa Pius XII o ne a tlhokomedisa jaana: “Boleo jwa batho ba lekgolo leno la dingwaga ke go latlhegelwa ga bone ke se se kaiwang ke boleo ka bojone.” Kokomana ya gone jaanong ga e batle go dumela boleo le molato. Mo bukeng ya gagwe Whatever Became of Sin? Dr. Karl Menninger o ne a bua jaana: “Lone lefoko ‘boleo’ ka bolone . . . le batla le nyeletse—lefoko leo, gammogo le kgopolo ya lone. Ka ntlhayang? A batho ga ba tlhole ba leofa?” Ba bantsi ba latlhegetswe ke nonofo ya go bona se se molemo le se se bosula. Mme seno ga se re gakgamatse, ka gonne Jesu o ne a bolelela pele gore seno se ne se tla diragala fa a ne a tlhalosa ka ‘sesupo sa go nna gone ga gagwe’ mo “motlheñ oa bokhutlō.”—Mathaio 24:3; Daniele 12:4.
Sekao sa go Atlhola se se Tlhomilweng ka Motlha wa ga Noa
9. Jesu o ne a bapisa motlha wa ga Noa le seo se neng se tla diragala mo go nneng gone ga Gagwe jang?
9 Jesu o ne a bontsha go tshwana ga ditiragalo tsa motlha wa ga Noa le seo se neng se tla diragala mo go nneng gone ga Gagwe ka maatla a Bogosi, go simolola ka 1914. O ne a bua jaana: “Yaka metlha ea ga Noa e ne e nntse, go tla ga Morwa Motho [Jesu] go tla nna hèla yalo. Gonne yaka go le ga nna mo metlheñ euō ea pele ga morwalèla, ba ne ba ya, ba nwa, ba nyala, ba nèwa nyaloñ, go tla go hitlha mo tsatsiñ ye Noa o tsenyeñ mo tluñ e e kokobalañ ka yeōna. Me ba sa itse, morwalèla oa ba oa tla oa ba tlosa botlhe; go tla ga Morwa Motho le gōna go tla nna hèla yalo.”—Mathaio 24:37-39.
10. Ke jang batho ka kakaretso ba sa tseyeng tsia ditiragalo tsa botlhokwa tse di amanang le go nna gone ga ga Keresete?
10 Ee, fela jaaka mo motlheng wa ga Noa, le gompieno batho ga ba tseye tsia. Ka go bo ba tshwaregile thata ka matshelo a bone a letsatsi le letsatsi le ditelekiso tsa bone tsa bogagapa, ba gana go lemoga gore maemo a gone jaanong a farologane gotlhelele le a nako e e fetileng mme a dumalana sentle le ao Jesu a rileng a tla tshwaya nako ya bokhutlo. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bolelela kokomana ya gompieno ka dingwaga tse dintsi gore go nna gone ga ga Jesu jaaka Kgosi ya Bomesia kwa legodimong go simolotse ka 1914 le gore seno se tsamaya mmogo le “bokhutlō yoa lehatshe.” (Mathaio 24:3) Batho ba bantsi ba sotla ka molaetsa wa Bogosi, mme seno le sone se ile sa bolelelwa pele ke moaposetoloi Petere fa a ne a kwala jaana: “Lo nntse lo itse mo pele, go re, mo metlheñ ea bohèlō bashotli ba tla tla ka chotlō, ba tsamaea kaha dithatoñ tsa bōnè, Ba re, Polèlō ea choloheco ea go tla ga gagwè e kae? gonne e sa le ka borara ba rōbala, dilō cotlhe di sa nntse di nntse yaka di nntse di nntse le mo tshimologoñ ea popō.”—2 Petere 3:3, 4.
11. Ke ka ntlhayang fa kokomana ya gompieno e se kitla e nna le seipato fa sepitla se segolo se tla?
11 Lefa go le jalo, kokomana ya gompieno ga e kitla e nna le seipato fa sepitla se segolo se tla. Ka ntlhayang? Ka go bo go na le ditiragalo tsa Bibela tsa dikatlholo tsa bomodimo tsa nako e e fetileng tseo di neelang sekao sa seo Modimo o tla se dirang mo motlheng ono wa rona. (Yude 5-7) Boperofeti jwa Bibela jo bo diragadiwang fa pele ga matlho a bone bo supa kwantle ga pelaelo foo re leng teng mo tsamaong ya nako. Kokomana eno gape e bona ka matlho tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa le rekoto ya bone ya go boloka bothokgami e e tshwanang le ya ga Noa.
12. Tota-tota Petere o bapisa go senngwa ga lefatshe la motlha wa ga Noa le seo se tla tlelang ‘magodimo le lefatshe la jaanong’ jang?
12 Petere o tlhalosa seo se tla diragalelang bao ba sa tlhokomeleng dintlha tseno. Jaaka Jesu, moaposetoloi o dira seno ka go supa seo se diragetseng mo motlheng wa ga Noa, ka go bua jaana: “Mo ba go lebala ka boomo, go re, galè bogologolo go no go le magodimo, le lehatshe le golokilwe le kwetogile mo metsiñ, le bile le eme mo gare ga metse, e le ka lencwe ya Modimo; Me ea nna aōna a lehatshe ya yale le senyegileñ ka aōna, ka le penologèlwa ke metse: Me magodimo a gompiyeno a beecwe molelō, le lehatshe, e nntse e le ka yeōna lencwe yeuō, ka a letisiwa letsatsi ya tshekishō le ya tshènyegō ea baikepi.”—2 Petere 3:5-7.
13. Mo ponong ya ditiragalo tse dikgolo tse di tlang, ke kgakololo efe ya ga Petere e e tshwanetseng go reediwa?
13 Ereka re lebanwe ke katlholo eno e e tlhomameng ya Modimo, a re sekeng ra tsiediwa kana ra kgobiwa marapo ke basotli. Ga re a tshwanela go senngwa le bone. Petere o re gakolola jaana: “Me ereka yana dilō tse cotlhe di nnetse go nyèrèga, ana lona lo chwanetse loa bo lo le batho ba ba nntseñ yañ mo go tsheleñ gotlhe ka boitshèpō le ka poihōmodimo, Lo nntse lo lebeletse, lo bile lo tlhologelecwe go tla ga letsatsi ya Modimo, ye e leñ yeōna magodimo ka a sha a tla nyèrègañ ka yeōna, le dipopō tsa magodimo a tla tlhapologa ka mogote o o tukañ? Me, rona, kaha poleloñ ea ōna ea choloheco, re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.”—2 Petere 3:11-13.
Etsa Tumelo ya ga Noa Gore o Bolokwe
14. Ke dipotso dife tseo di ka re thusang go itlhatlhoba?
14 Gompieno, re lebagane le dikgwetlho tse di tshwanang le tseo Noa le balelapa la gagwe ba neng ba lebane le tsone mo go fetogeng le go nna re ntse re le ba ba bolokwang. Jaaka Noa, Basupi ba ga Jehofa ba atlhola lefatshe ka tumelo ya bone e e tshegediwang ke ditiro tsa bone tse di molemo. Mme mongwe le mongwe wa rona a ka nna a ipotsa: ‘Nna ka bonna ke dira jang? Fa sepitla se segolo se ne se ka tla ka moso, a Modimo o ne o tla nkatlhola jaaka yo o tshwanelang go falola? Jaaka Noa ‘yo a neng a itshupa a sena molato mo kokomaneng ya gagwe,’ a ke na le bopelokgale jwa go ikgaoganya le lefatshe? Kana a ka dinako tse dingwe go lebega go le bokete go bona pharologano fa gare ga me le motho wa lefatshe ka ntlha ya tsela e ke itshwarang ka yone, ke buang ka yone, kana ke aparang ka yone?’ (Genesise 6:9) Jesu o ne a bua jaana ka barutwa ba gagwe: “Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.”—Yohane 17:16; bapisa 1 Yohane 4:4-6.
15. (a) Go ya ka 1 Petere 4:3, 4, re tshwanetse go leba go akanya le boitsholo jwa rona jwa nako e e fetileng jwa selefatshe jang? (b) Re tshwanetse go dira eng fa ditsala tsa rona tsa pele tsa lefatshe di re sotla?
15 Paulo o gakolola jaana: “Lobaka lo lo hetileñ lo chwanetse go bo ne ne lo lekanye loa go diha keleco ea Badichaba, le loa go tsamaea mo bopepeñ, le mo dithatoñ, le mo go nweñ boyalwa, le mo ditlhapeloñ, le mo ditagoñ, le ditiheloñ tse di makgapha tsa medimo ea disètwa: E le dilō tse ba lo gakgamalèlañ kaga cōna, ba bua boshula kaga lona, ka lo sa sianele nabō mo tlhapeloñ euō e e heteletseñ.” (1 Petere 4:3, 4) Ditsala tsa gago tsa pele tsa lefatshe di ka nna tsa go bua bosula ka gonne o sepela le Modimo mme o sa tlhole o siana le tsone. Mme, jaaka Noa, o ka kgona go ba atlhola ka tumelo le ditiro tsa gago tse di molemo tse o di dirang ka bori.—Mika 6:8.
16. Modimo o ne o leba Noa jang, mme ke dipotso dife tse di ka re thusang go tlhatlhoba dikakanyo tsa rona le boitsholo?
16 Modimo o ne o leba Noa jaaka monna yo o siameng. Tlhogo eo e e ikanyegang ya lotso e ne ya “bōna go sèlwa ke Yehofa sehatlhōgō.” (Genesise 6:8) Fa o tlhatlhoba dikakanyo tsa gago le boitshwaro jwa gago go ya ka lesedi la ditekanyetso tsa Modimo, a o ikutlwa gore o amogela se o se dirang, le mafelo otlhe a o tsamayang kwa go one? A ka dinako dingwe o tsenelela mo boitloso-bodutung jo bo oleng, jo jaanong bo tletsetletseng? Lefoko la Modimo le bolela gore re tshwanetse go akanya ka dilo tse di phepa, tse di itekanetseng, le tse di agang. (Bafilipi 4:8) A o ithuta Lefoko la Modimo ka tlhagafalo gore o tle o ‘tlwaetse maikutlo a gago go lemoga molemo le bosula’? (Bahebera 5:14) A o gana bokopano jo bo sa siamang mme o rata fela thata botsalano jo o nnang le jone le badumedi-ka-wena ba ga Jehofa kwa dipokanong tsa Bokeresete le ka dinako tse dingwe?—1 Bakorintha 15:33; Bahebera 10:24, 25; Yakobe 4:4.
17. Jaaka Basupi ba ga Jehofa, re ka nna jaaka Noa jang?
17 Morago ga go bega ka go wediwa ga araka, Dikwalo di bua jaana: “Noa a diha yalo: mo go cotlhe tse Modimo o di mo laoletseñ, a diha hèla yalo.” (Genesise 6:22) Gape monna yoo wa Modimo o ne a tlhagafetse mo go rereng jaaka mosupi wa ga Jehofa. Jaaka Noa, o ka kgona go nna mmueledi yo o tlhoafetseng wa se se molemo ka go nna moreri wa tshiamo ka metlha. Ganelela mo go itsiseng tlhagiso ya bokhutlo jwa lefatshe leno le le boikepo, lefa e le ba sekae fela ba ba reetsang. Dira ka kutlwano le badumedi-ka-wena gore tiro eno ya go dira barutwa e dirwe pele ga bokhutlo.—Mathaio 28:19, 20.
18. Jehofa o tlhomamisa bao ba tshwanetseng ba falola sepitla se segolo mo motheong ofe?
18 Modimo o tlhomamisa jaanong gore ke bomang ba ba tshwanetseng ba falola le gore ke bomang ba ba tshwanetseng ba senngwa ka sepitla se segolo, ka go dirisa ditekanyetso tse di tshwanang le tsa motlha wa ga Noa tse di siameng le tse di tlhomameng. Jesu o ne a tshwantsha tiro ya gone jaanong ya go kgaoganya le tiro ya modisa ya go tlhaola dinku mo dipoding. (Mathaio 25:31-46) Batho bao matshelo a bone a dikologileng mo dikeletsong tse di bogagapa le go di latelela ga ba batle gore lefatshe leno le legologolo le fele mme ga ba kitla ba falola. Mme ba ba sa batleng go tlhakanela le lefatshe leno mo bomasweng jwa lone, ba ba tshegetsang tumelo e e nonofileng mo Modimong, le ba ba nnang ba rera molaetsa wa Bogosi, ba itsise tlhagiso ya katlholo ya Modimo e e tlang, ba tla ipelela go amogelwa ke Modimo jaaka bafalodi. Jesu o ne a bua jaana: “Hoñ banna ba le babedi ba tla bo ba le mo nageñ; moñwe o tla tsèwa, moñwe a tlogèlwe: Basadi ba le babedi ba tla bo ba sila; moñwe o tla tsèwa, moñwe a tlogèlwe.”—Mathaio 24:40, 41; 2 Bathesalonia 1:6-9; Tshenolō 22:12-15.
Rua Masego le Noa
19. Isaia le Mika ba ne ba bolelela pele go kgobokana ga eng goo go neng go tla nna gone mo motlheng wa bokhutlo?
19 Mo boperofeting jo bo tshwanang le joo, baperofeti ba Modimo Isaia le Mika ka bobedi ba ne ba tlhalosa seo se neng se tla diragala mo motlheng wa bokhutlo. Ba ne ba bonela pele seo re se bonang se diragala gompieno—bontsintsi jwa batho ba dipelo tse di siameng ba ba tswang mo lefatsheng le legologolo mme ba tlhatlogela kwa thabeng ya tshwantshetso ya kobamelo ya boammaaruri. Ba laletsa ba bangwe jaana: “Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, kwa tluñ ea Modimo oa ga Yakobe; me o tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè.” (Isaia 2:2, 3; Mika 4:1, 2) A o tsamaya le bontsintsi jono jwa batho ba ba itumetseng?
20. Ke masego afe a a tla ipelelwang ke bao ba atlholang lefatshe ka tumelo ya bone?
20 Isaia gammogo le Mika ba ne ba tsopola masego ao a tla ipelelwang ke bao ba atlholang lefatshe ka tumelo ya bone. Kagiso ya boammaaruri le tshiamo di tla rena fa gare ga bone, mme ga ba kitla ba ithuta ntwa. Ba tla nna le tsholofelo e e tlhomameng kaga boswa jo bo tswang mo go Jehofa mme “moñwe le moñwe o tla dula ha tlhatse ga mofeine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè.” Mme mongwe le mongwe o tla dira tshwetso e e tlhomameng, ka go bo Mika o bontsha gore go na le ditsela tse pedi, ka go bua jaana: “Batho ba dichaba cotlhe ba tla sepela moñwe le moñwe ka leina ya modimo oa gagwè, me rona re tla sepela ka leina ya ga Yehofa Modimo oa rona, ka bosakhutleñ le ka bosaeenkae.”—Mika 4:3-5; Isaia 2:4.
21. O ka nna le seabe jang mo masegong a magolo a botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng?
21 Dikwalo di bontsha ka phepafalo seo se tlhokegang gore re falole sepitla se segolo: tumelo e e nonofileng. Noa o ne a na le tumelo e e ntseng jalo, mme a wena o na le yone? Fa o na le yone, o tla nna “morui oa tshiamō e e leñ kaha tumeloñ” jaaka ene. (Bahebera 11:7) Noa o ne a falola tshenyego e e neng e laotswe ke Modimo e e neng ya tlela kokomana ya gagwe. Ga a ka a tshela fela dingwaga tse 350 morago ga Morwalela mme o tlile go tsosiwa ka tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Abo seo e le lesego le legolo jang ne! (Bahebera 11:13-16) O ka nna le karolo mo masegong ao le Noa, balelapa la gagwe, le dimilione tsa ba bangwe ba ba ratang tshiamo. Jang? Ka go itshoka go fitlha kwa bokhutlong le go atlhola lefatshe ka tumelo ya gago.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlhayang fa go ithuta ka botshelo jwa ga Noa go le botlhokwa mo Bakereseteng?
◻ Batho ba kokomana ya rona ga ba tseye tsia eng, seo se tla dirang gore ba senngwe?
◻ Jaaka Noa, re ka atlhola lefatshe leno jang?
◻ Re ka tshwana le Noa jaaka bareri ba tshiamo jang?