Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Go Ruta Mosadi wa Mosamaria
FA BA le mo tseleng go tswa Judea go ya Galilea, Jesu le barutwa ba gagwe ba ralala kgaolo ya Samaria. Ka ntlha ya letsapa la mosepele, mo e ka nnang ka sethoboloko ba a ema go ikhutsa fa sedibeng se se gaufi le motse wa Sikara. Sediba seno se ne se ile sa epiwa makgolo-kgolo a dingwaga pele ke Jakobe, mme se santse se le gone nako kgolo ke eno, gaufi le motse wa motlha wa segompieno wa Nablus.
Fa Jesu a ntse a ikhuditse foo, barutwa ba gagwe ba tsena mo motseng go ya go reka dijo. Fa mosadi wa Mosamaria a tla go ga metsi, o mo kopa a re: “A u ko u nnosè metse.”
Bajuda le Basamaria ka kakaretso ga ba na ditirisano mmogo dipe ka ntlha ya ditlhoano tse di boteng. Jalo, ka kgakgamalo, mosadi o mmotsa a re: “Go nntse yañ, wèna u re u le Moyuda, u lōpa go nwa mo go nna ke le mosadi oa Samaria.”
Jesu o mo araba ka go re fa a ne a ka bo a itse gore ene ke mang, o ne a tla mo kopa “metse a a tshedileñ.” A re, metsi ano, a tla nna ‘motswedi wa metsi a a tswelang botshelong jo bo sa khutleng.’
“Morèna, a u ko u nnosè metse auō,” mosadi o a arabela.
Jesu jaanong a re: “Ea u bitsè monna oa gago.”
“Ga ke na monna,” o a araba.
Jesu o dumalana le polelo ya gagwe. “U buile sentlè, ua re, Ga u na monna: Gonne u kile ua nu u na le banna ba le batlhano; me eo u nañ naè gompiyeno, ga se monna oa gago: mo u boletse ka boamarure.”
“Morèna, kea lemoga ha u le moperofeti,” mosadi o bolela jalo ka kgakgamalo. Ka go senola kgatlhego ya gagwe ya semoya, o lemoga gore Basamaria ba obamela mo Thabeng ya Gerisima, mme Bajuda mo Jerusalema.
Lefa go le jalo lefelo la kobamelo ga se selo sa botlhokwa, Jesu o a tlhalosa. O tlhalosa gore, “Modimo ke Mōea, me ba ba o ōbamèlañ ba na le go o ōbamèla ka mōea le ka boamarure.”
Mosadi o kgatlhega thata-thata. A re, “Kea itse ha Mesia aa tla, eo o bidiwañ Keresete: e tla re ha èna a tsile, o tla re bolèlèla dilō cotlhe.”
Jesu a re, “Nna eo ke buañ nau, ke nna èna.” Ako o akanye ka gone tlhe! Mosadi yono yo o tlileng nokeng ka motshegare o mogolo, gongwe e le go tila go amana le banna ba ba mo motsing bao ba mo nyaletsang tsela ya gagwe ya botshelo, o amogelwa ka tsela e e gakgamatsang ke Jesu. O mmolelela puo-phaa ka seo a iseng a ke a se bolelele ope phatlalatsa. Diphelelo e ne ya nna dife? Setlhogo se se mo tokololong e e latelang ya rona se tla tlhalosa. Yohane 4:3-26.
◆ Ke ka ntlha yang fa mosadi wa Mosamaria a ne a gakgamadiwa ke go bo Jesu a ne a bua le ene?
◆ Ke eng seo Jesu a se mo rutang kaga metsi a botshelo le kwa go obamelwang gone?
◆ Jesu o mo senolela jang gore ene ke mang, mme ke ka ntlha yang fa boepolelo fono bo gakgamatsa?
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 9]