Go Agela Isagwe e e sa Khutleng
“Ntlo nngwe le nngwe e na le moagi, Moagi wa dilo tsotlhe ke Modimo.”—BAHEBERA 3:4, Weymouth.
1, 2. (a) Ke mang yo o neng a tlhama araka, mme ditao tsa go aga di ne di rulagantswe jang? (b) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re utlwe, fela jaaka Noa a dirile?
DINGWAGA tse di ka nnang 4 400 tse di fetileng Jehofa o ne a laela Noa go aga araka go boloka botshelo. Mme Modimo gaa ka a tlogela go Noa go aga mofuta ope wa kago e e ka kokobalang. Go na le moo, o ne a mo neela ditaelo tse di tlhomameng mabapi le didirisiwa tsa kago, sebopego sa yone, boleele jwa yone, bophara jwa yone, bogodimo jwa yone, diphatlha tsa go tsenya moya, le sebopego sa yone sa kafa teng le sa kafa ntle. “Noa a diha yalo: mo go cotlhe tse Modimo o di mo laoletseñ, a diha hèla yalo.”—Genesise 6:13-16, 22.
2 Abo e le sekao se se molemo jang ne sa basupi ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno! Jaaka Noa, re neetswe tiro ya go boloka botshelo mme mo lobakeng lono re lebeletse go bolokiwa ga ‘dimilione tse ga jaanong di tshelang tseo di se kitlang di swa.’ Abo go le botlhokwa jang ne gore re nne kutlo, fela jaaka Noa! Abo go potlakile jang ne gore re latele sekao sa Yo mogolwane mo go Noa, ebong Jesu Keresete, mo go direleng jaaka ‘bareri ba tshiamo’!—2 Petere 2:5.
Tiro Ya Go Aga Ya Semoya
3. (a) Go tla felela ka eng fa re agela mo mafokong a ga Jesu? (b) Ke ka ntlha yang fa go rera ga ga Jesu go ne go aga tumelo?
3 E setse jaanong e le dingwaga tse 1 956 fa e sale Jesu a tlhagisa baagi ba Galilea ka polelo e e reng: “Ikwatlhaeañ; gonne bogosi yoa legodimo bo atametse.” O ne a tshwantsha mongwe le mongwe yo o neng a utlwa mafoko a gagwe le go a dirisa jaaka “monna eo o botlhale, eo o agileñ ntlo ea gagwè mo lehikeñ.” Tumelo ya monna yoo e nitame, ga e reketle, ga e tshikinyege. Ga e ne e ribagana tlase ga kgatelelo. Thero ya ga Jesu e ne e le e e agang tumelo. E ne e fitlhelela dipelo tsa batho, e farologanye thata le dipolelo tsa phahamogo ya maikutlo tsa baeteledi-pele ba bodumedi ba Bajuda. Batho fela ba ba tlwaelegileng ba ne ba gakgamalela tsela e Jesu a rutang ka yone. Le e leng batlhabani bao ba neng ba rometswe go ya go mo tshwara ba ne ba boa fela ba sa tshola sepe, ba re: “Ga go e se go ko go bue motho opè yaka èna.”—Mathaio 4:17; 7:24, 25, 28; Yohane 7:46.
4. (a) Jesu o ne a agela isagwe jang? (b) Ke tiro efe e kgolo ya go aga e e neng ya diragala ka Pentekosete ya 33?
4 Jesu o ne a agela isagwe. O ne a phutha badiri mmogo le ene, jaaka Petere, yo o neng gape a bidiwa Kefase, mo go rayang “lencwè.” Go morutwa yono, Jesu o ne a re: “U Petero, me ke tla aga phuthègō ea me mo lehikeñ ye.” Moragonyana Petere o ne a nna mongwe wa “mayè a a tshedileñ” a mantsi ao a neng a agilwe godimo ga ga Jesu, ebong “lencwè ye legolo ya kgōkgōchō” la phuthego. Phuthego eo e ne ya tlhongwa ka Pentekosete ya 33 C.E. fa Jesu yo o tsositsweng, a le kafa letsogong le legolo la Modimo mo legodimong, a goromeletsa moya o o boitshepo mo barutweng ba ba letileng.—Mathaio 16:18; 1 Petere 2:4-6: Ditihō 2:2-4, 32, 33.
5. Ke ditiragalo dife tsa motlha wa segompieno tse di kopanyeletsang phuthego ya Bokeresete?
5 Gompieno, phuthego ya Bokeresete e nweditswe thata mo go diragadiweng ga maikaelelo a ga Jehofa. Ke nako ya “tshenolo,” kana “phuthololo,” fa “dilo tse di tla akofang di diragala” di senolelwang “batlhanka” ba Modimo mo lefatsheng. (Tshenolō 1:1-3, NW Ref. Bi., mokwalo o o fa tlase) Ke nako ya fa batlhanka bano ba tshwanetseng go ‘rere mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe go neela bosupi,’ pele ga e diragatsa katlholo mo tsamaisong e e boikepo ya ga Satane. Ke nako ya gore Kgosi, ebong Jesu Keresete, yo jaanong a tlhomilweng mo setulong sa Bogosi kwa magodimong, a farologanye bapelonomi, batho ba seka-dinku mo bathong ba ba tlhogoethata, ba seka-dipodi ba ba sa batleng Bogosi joo, le go phuthela “dinku” tseno kafa phuthegong ya ‘bomonnawe’ ba semoya pele ga fa “sepitla se segolo” se diragala.—Mathaio 24:14, 21; 25:31-40.
6. “Araka” ke eng gompieno, mme re ka falola jang?
6 Araka ya motlha wa segompieno ya phalolo ke eng? Ke boemo jwa semoya jo Basupi ba ga Jehofa ba iphitlhetseng mo go jone fa e sale ka 1919, paradaise ya semoya. Jaaka maloko a lelapa la ga Noa, masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng le balekane ba bone ba tshwanetse ba nna moteng ga yone, ba dira ka kutlo, ka peloyotlhe, mo go digeleng namane e tona ya tiro ya semoya eo Jehofa a e rulagantseng. Tiro eno ke go “shōpanyetsa dilō cotlhe mo go Keresete, eboñ dilō tse di kwa magodimoñ [go simolola ka 33 C.E. ka batlodiwa ba ba yang legodimong] le dilō tse di mo lehatshiñ [segolo-bogolo go simolola ka 1935 ka “boidiidi yo bogolo” jwa merafe yotlhe jo bo yang botshelong jo bo sa khutleng mo lefatsheng].”—Baefesia 1:10; Tshenolō 7:9, 14.
‘Go Aga le go Tlhoma’
7. Ke tiro efe e e menaganeng sebedi e jaanong e tsweletseng pele, mme re ka arola jang mo boitumelong jaaka Noa le Jeremia ba dirile?
7 Jehofa o laotse ba ba setseng ba Bakeresete ba ba tloditsweng mo lefatsheng, fela jaaka a dirile ka moperofeti Jeremia, go nna le “thata mo merahiñ le mo magosiñ gompiyeno, go khumola, le go phalolèla ha hatshe, go senya le go ribegetsa; go aga, le go tlhōma.” Jalo tiro e e menaganeng sebedi e tsweletse-pele jaanong, (1) mo go itsiseng katlholo ya ga Jehofa kgatlhanong le tsamaiso ya lefatshe e e boikepo ya ga Satane le (2) mo go ageng le mo go tlhomeng mokgatlho wa batho ba e leng ba Modimo go bolokwa. (Yeremia 1:10; 24:6, 7; Isaia 26:20, 21) Abo masalela a batlodiwa a itumetse jang ne le bontsintsi jo bo golang jwa balekane ba bone jaaka ba nna le seabe mo tirong eno gompieno! Ke mofuta wa boitumelo oo Noa yo o senatla le lelapa la gagwe ba tshwanetseng ba bo ba ile ba bo itemogela mo motlheng wa bone.
8. (a) Ke koketsego efe ya baboledi mo dingwageng tse 22 tse di fetileng e e tshwaegang? (b) Go lebisitswe mo ditsebeng 20-3, dingwe tsa dinaga tseo di ileng tsa ipelela koketsego e e tlhomologileng ka 1985 ke dife?
8 A dimilione di tla falola motlha wa bogale jwa ga Jehofa? Go na le tebelelo e e molemo ya seo, jaaka fa Pego ya Ngwaga wa Tirelo wa 1985 ya Basupi ba ga Jehofa e supa. Dintlha tsa pego eno di bonala fano mo ditsebeng 20-3. Ke mo go itumedisang thata go tlhokomela gore go nnile le koketsego e kgolo mo palong-kakaretso ya badiri mo tshimong. Eno e ile ya gola go nna kakaretso ya bareri ba Bogosi ba le 3 024 131. Selekanyo sa 1 000 000 se ne sa fitlhelelwa lwantlha ka 1963, 2 000 000 ka 1974, mme jaanong ba ba fetang 3 000 000 ka 1985. Mo dingwageng tseo tse 22, go ile ga nna le koketsego ya 200 lekgolong. Abo re leboga jang ne go bo Jehofa yoo, ka moya wa gagwe, e leng ene a godisang dilo!—Sekaria 4:6; 1 Bakorintha 3:6.
9. (a) Ke ka ntlha yang fa koketsego ya bobulatsela e le e e gakgamatsang le e leng ka mo go oketsegileng? (b) Ke eng se se hakelwang botlhe ba ba ka kgonang go go dira, mme ka ntlha yang?
9 Seo se bileng se tlhomologile thata mo dingwageng tseo e nnile koketsego ya baboledi ba nako e e tletseng ba Bogosi. Go sa kgathalesege maemo a a ntseng a befela pele a itsholelo mo lefatsheng ka bophara, palo ya setlhopha seno se se natlafetseng sa “babulatsela” e ile ya tsholetsegela godimo go tloga palo-kakaretsong ya kgwedi le kgwedi ya ba le 38 573 ka 1963 go ya go 322 821 ka 1985—koketsego ya 737 lekgolong! Seno se supang? Se bontsha gore letlotlo le legolo la moya wa go intsha setlhabelo le gone mo bathong ba Modimo, tumalanong le mafoko a ga Jesu go Luke 9:23. Gantsi, paakanyetso e e kelotlhoko le go itima dilo tse di rileng di a tlhokafala go nna le katlego mo tirelong ya bobulatsela. Mme dituelo ke tse dikgolo.—Baroma 12:1, 2; Malaki 3:10.
10. (a) Baboledi ba phuthego ba tshwanetse go akgolelwa eng? (b) Ke ditlhora dife tse tharo tsa tirelo tse di tlhokomelwang fano, mme di supa eng.
10 Dimilione tsa baboledi ba phuthego le tsone di na le go tlhabantshanya le dikgatelelo tse di tswang mo go Satane le mo lefatsheng la gagwe. Mme, le bone, ba neela Modimo ‘setlhabelo sa pako.’ (Bahebera 13:15; Baroma 10:9, 10) Dioura tseo, e ka ne di le dintsi kana di le dipotlana, tseo lona baboledi ba ba ikanyegang lo di begileng mo kgweding nngwe le nngwe di ile tsa nna bontlhanngwe jwa tlhora e ntšha ya dioura di le 590 540 205 tsa tirelo ya tshimo ka 1985. Seno ke koketsego ya 16,8 lekgolong go feta 1984! Tlhora e ntšha ya maeto a go boela a le 224 725 918 le dithuto tsa Bibela tsa magae di le 2 379 146 le batho ba ba kgatlhegang di supa gore baboledi ba Bogosi gongwe le gongwe ba leka ka thata go nna barutisi ba ba molemo gammogo le bareri ba ba tlhagafetseng.—Mathaio 28:19, 20.
Go Agela Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego
11. Tsholofelo ya boammaaruri ya kagiso le polokesego e itsisiwe jang, mme go ya bokgakaleng bofe?
11 Boaphelong jwa 1985, Merafe e e Kopaneng e ne ya bolela fa 1986 e le Ngwaga ya Kagiso ya Merafe-rafe. Mo metlheng ya jaanong, UN e ile ya bua thata kaga kagiso le polokesego. Mme polelo e e leng ya botlhokwa ka mo go oketsegileng, ebong tsholofelo ya kafa Dikwalong ya kagiso le polokesego, e ne ya oketsa lebelo la yone ka 1985 fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tsamaisa mo tshimong e e mo lefatsheng Dibibela, dibuka, le dibukana di le 38 805 561, gammogo le dimakasine di le 300 545 609, mme ba bona dipeeletso di le 1 719 930 tsa Tora ya Tebelo le Awake! Ka dikwalo tse di gatisitsweng le ka puo ya molomo, Bogosi jo bo tlhomilweng jwa “Kgōsana ea Kagishō” ya mmatota bo ile jwa bona bosupi jo bogolo thata mo motlheng ono. Eleruri, “ga go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō.”—Isaia 9:6, 7.
12. Kgolo e ile ya felela ka tlhokafalo efe e kgolo, mme batho ba ga Jehofa ba ile ba nna seoposengwe mo go lekeng go fitlhelela tlhokafalo eo jang?
12 Kgolo e e kana-kana mo tshimong e ile ya tlhoka kgolo go tshegetsa phuthego. Ka 1985 palo ya diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng ka bophara e ne ya gola go tloga go 47 869 go ya go 49 716. Seno se ile sa tlhoka makgolo-kgolo a mafelo a go kopanela a masha. Abo go le molemo jang ne go bo, mo mafatsheng a mantsi, Basupi ba ile ba segofadiwa mo maitekong a bone go duelela Diholo tsa Bogosi! Koo go ileng ga nna le tlhokafalo gone, batho ka bongwe gammogo le diphuthego kwantle ga bogagapa ba tshegetsa dithulaganyo tsa kago tsa ba bangwe, e le gore go tle go nne le “tekatekanyō” e e diragetseng gareng ga bakaulengwe mo lefatsheng ka bophara.—2 Bakorintha 8:14, 15.
13. Batho ka bongwe ba ka tlatseletsa mo dithulaganyong tsa go aga Diholo tsa Bogosi jang?
13 Mo dinageng tseo maemo a dumelang gone, diofisi tsa lekala tsa Mokgatlho wa Watch Tower le tsone di ile tsa tshegetsa dithulaganyo tsa Diholo tsa Bogosi. Mo United States le mo Canada, batho ba le bantsi ba ntshetsa Letlole la Diholo tsa Bogosi le le kgethegileng meneelo, leo le kgonagaditseng gore go nne le dikadimo tsa madi go aga Diholo tsa Bogosi tse di oketsegileng. Ba bangwe ba ile ba neelana ka dinonofo le boitseanape jwa bone, mo e leng gore le Diholo tsa Bogosi tse di agiwang ka bofefo di ile tsa agiwa ka mafelo-beke a le mangwe fela. Ka go direla mo ditirong tse di ntseng jalo ka ‘moya otlhe jaaka ekete ba direla Jehofa,’ Basupi ba gagwe ba ka fitlhelela seo batho ba lefatshe ba se tsayang jaaka se se ka se kang sa kgonega.—Bakolosa 3:23.
14. Ditlhokafalo tsa Diholo tsa Kopano di ile tsa fitlhelelwa jang?
14 Mo dinageng di le mmalwa, tlhaelo ya didirisiwa tse di tshwanelang dikopano tsa potologo tsa gabedi mo ngwageng tsa Basupi ba ga Jehofa e ile ya lere bothata jo bogolo. Gape, Basupi e ile ya re ka boipelo ba thulana le kgwetlho eno ka dithulaganyo tsa kago, ka moya o o tshwanang o o bontshitsweng ke batlhanka ba Modimo ba mo metlheng ya bogologolo. Ka sekai, fa go sena go tlhokafala gore go senkwe dilo tsa kago ya motlaagana, phuthego ya Iseraela e ne ya utlwa taolo ya Modimo ka bongwefela: “Ntshetsañ Yehofa chupèlō mo go lona: leha e le mañ eo pelo ea gagwè e ratañ, a a e lere, chupèlō ea ga Yehofa.” Phuthego eo e ne ya lere go feta mo go neng go tlhokafala, mme tiro e ne ya wediwa ka bofefo.—Ekesodo 35:5-19; 36:7.
15. (a) Ke kgolo efe eo e ileng ya diragala mo makaleng a Mokgatlho wa Watch Tower? (b) Tiro e ile ya fitlhelelwa jang?
15 Jaaka tlhokafalo ya Dibibela le ya dikgatiso tse di amanang le Bibela e ntse e oketsega, bontsi jwa makala a le 94 a Watch Tower go ralala lefatshe lotlhe a ile a tshwanelwa ke go atolosa didirisiwa tsa one. Lefelo la bogatisetso la Brooklyn le Watchtower Farms e santse e le lone le legolo go fitlha le jaanong, mme makala a Mokgatlho a le 36 a setse jaanong a ikgatisetsa dimakasine, mme makala a le 6 a bile gape ke a a siametseng go gatisa le go rokaganya dibuka. Mo go ano, Jeremane, Italy, le Japane a dira Dibibela. Feketiri e ntšha kwa Selters, mo Jeremane, e dira tiro e kgolo. Kwa Ebina, mo Japane, kago e ntse e tsweletse ya koketso ya feketiri e e matlhatlaganyane a le marataro le bontlhanngwe jwa Legae la Bethele la matlhatlaganyane a hera bobedi go tsenya badiri ba bangwe ba le 280. Fela jaaka batho ba ga Jehofa ba ile ba tshegetsa go agiwa ga tempele ya ga Solomone ka “pelo e e itekanetseñ,” go ntse jalo le gompieno batho ba Modimo mo mafatsheng a a farologaneng ba “ntshetsa Jehofa ditshupelo ka go rata,” mme o oketsa tshegofatso ya gagwe gore tiro e tle e wediwe.—1 Ditihalō 22:14, 15; 29:7, 9, NW Ref. Bi., mokwalo o o kwa tlase.
16. Ke ka ntlha yang fa kago eno e e oketsegileng le thulaganyo di ile tsa tlhokafala?
16 A tiro eno ya go aga le ya go rulaganya ruri-ruri e a tlhokafala? Ee, fa e le gore “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” o tla tswelela a baakanyetsa ka ‘dijo tsa semoya ka dipaka tse e leng tsone.’ Dijo tse di ntseng jalo di tlhokafala thata gore “ba ntlo ea Modimo” ba gole le tiro ya go rera ya lefatshe lotlhe ka dipuo tse di fetang 200. (Mathaio 24:45; Baefesia 2:19; 4:15, 16) Batho ba ga Jehofa ka bobone ba ile ba tlatseletsa ka boitseanape jwa bone gore go nne le tsela ya go gatisa ya multilanguage electronic phototypesetting system (MEPS), e jaanong e abetsweng makala a Watch Tower a le 26. Seno se kgonagaditse tiro ya go gatisa ya offset ya nako e le nngwe mo lefatsheng lotlhe, mme ebile e thusitse tebang le go anamisa molaetsa wa Bogosi ka nako e le nngwe mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe.—Bapisa Isaia 52:7-9.
17. Ke tlhokafalo efe e e leng gone mo ntlongkgolo kwa Brooklyn, mme seno go dirisanngwa te sone jang?
17 Go bonala go se na bokhutlo bope mo kgolong ya motlha wa segompieno ya phuthego ya ga Jehofa. Le e leng gone jaanong, lelapa la Bethele mo Brooklyn New York, ebong ntlo-kgolo ya Mokgatlho le godile mo jaanong le tladitseng marobalo otlhe a a gone. Fa e ka nna thato ya ga Jehofa, kago e e godileng e e ka tsenyang badiri ba Bethele ba ba oketsegileng ba le sekete e ka nna ya tlhongwa mo setsheng sa Mokgatlho mo Columbia Heights. Mme fa seno se sa diragale, re tla nna re lebile pele kaelong ya ga Jehofa gape mo kgannyeng eno. Dithapelo le tshegetso e e ikanyegang ya bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe malebana le kgolo eno yotlhe tota ruri di a anaanelwa.—Bapisa Ditihō 21:14; 2 Bathesalonia 3:1.
18. Ke ka ntlha yang fa go na le dithulaganyo tsa go aga di le dintsi gompieno, go sa kgathalesege eo atamela ea Hara-Magedona?
18 Mongwe a ka nna a botsa gore, ‘Me ke eng fa go na le dithulaganyo tse di kana-kana tsa katoloso fa jaanong re lebanye le Hara-Magedona?’ Karabo ke gore phuthego ya ga Jehofa ga e ‘khutlise tiro’ ka ntlha ya go atamela ga Hara-Magedona. Eno ke nako ya ‘go khutla’ ga phuthego ya ga Satane fela. Phuthego ya ga Jehofa e agela isagweng e e sa khutleng. Go sa kgathalesege gore a dikago tsa batho di tla falola Hara-Magedona kana nnya, re itse gore phuthego ya Modimo e tla falola kwantle ga pelaelo epe le gore Jehofa o tla e dirisa le bao ba e tshegetsang ka boikanyegi, mo go tlhomeng kagiso le polokesego tsa go ya go ile mo Paradaiseng e e galalelang ya selefatshe e e solofeditsweng ke Modimo.—Tshenolō 7:9, 14-17; 21:1, 4, 5.
Go Aga ka Boikaelelo
19. Ke kgwetlho efe e e bonalang ka ntlha ya pego ya 1985 ya Segopotso?
19 Noa o ne a aga a lebile boikaelelong bongwe, mme le rona re tshwanetse. Karolo e nngwe ya Pego ya Ngwaga wa Tirelo wa 1985 e dira gore re akanye thata. Ke palo e e itumedisang thata ya ba ba nnileng gone ba le 7 792 109 mo Segopotsong sa loso lwa ga Jesu ka April 4, 1985—koketsego ya ba ba 375 135 go feta palo-kakaretso ya 1984. Seo eleruri se molemo thata! Mme palo eo e a gwetlha. Ka tlhora ya baboledi ba le 3 024 131 ba ba arolang mo tirelong ya Bogosi, go na le ba bangwe gape ba ba 4 000 000 ba ba kopanelang le rona, bobotlana ka selekanyo se se rileng, mme ba ise ba agele isagwe ya bone mo go aroleng mo bodiheding jwa Bokeresete. Re ka ba thusa jang?
20. Ke tlhokafalo efe e e potlakileng e e leng gone ya go dirisana le kgwetlho, mme re ka dirisanya le yone jang ka tsela e e dirang?
20 Bontsi jwa batho bano ba ba kgatlhegang ke ba re ba itseng ka sebele. E ka nna ya bo e le maloko a lelapa, batho bao re tshwarang dithuto tsa Bibela le bone, bao ba beeletsang dimakasine tsa rona, kana ba bangwe. Bangwe ba ka nna ba bo ba ile ba kgatlhega fa e sa le Segopotso se se fetileng. A re ka dira maiteko a a kgethegileng jaanong go otla bano, re ba agelela ka thuto ya Bibela, gore ba tle ba bone botshabelo mo thulaganyong ya ga Jehofa “go tsamaee dithekisègō . . . di hete”? (Pesalema 57:1) “Sepitla se segolo” se tla bo e le tlotlomatso mo go Jehofa, se raya mo go golo le go nna sa makgaola-kgang go feta Morwalela wa ga Noa. Re batla go agelela ba ba kgatlhegang bano ka boammaaruri jo bo nayang botshelo, “gore ba bitsè leina ya ga Yehofa” mme ba seka ba tlosiwa. (Mathaio 24:21, 22, 39; Sefania 2:3; 3:8, 9) A re ithuteng Lefoko la Modimo le ba bangwe, re dirisa buka ya thuto O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise kana dibuka tse dingwe tse di agelelang tumelo tsa Bibela.
21. Re ka aga tumelo e e tshwanang le ya ga Noa mo go rona le mo go ba bangwe jang?
21 Jehofa Modimo ke Moagi yo Mogolo le Mmaakanyetsi yo mogolo wa setho. (Pesalema 127:1; 145:16; Moreri 3:10-13) Ke ene yo o neng a kaela Noa go tlhama le go aga araka. Ka tirisano-mmogo ya boithatelo ya ga Noa yo Mogolwane, Jesu Keresete, o ile a rulaganyetsa gore go nne le thekololo ya batho ba ba utlwang go tswa mo boleong le mo losong. Ka Morwa yono o ile a aga gape “araka” ya motlha wa segompieno, paradaise e e ungwang ya semoya koo banna le basadi ba tumelo ba ka bonang polokesego gone; ba lebeletse botshelo jo bo sa khutleng. (Mathaio 20:26-28; Yohane 3:16; 17:3) Ekete re ka thusa ba bangwe ba le bantsi go agelela tumelo mme ka gone ba dire sebofo sa kamano e e gaufi le Jehofa le Morwawe. Ekete re ka ba thusa go rata tshiamo le go ila boikepo. (Bahebera 1:9) Ka gone, ka tumelo e e tshwanang le ya ga Noa, re ka tswelela pele go agela isagweng e e sa khutleng mmogo.—1 Timotheo 4:15, 16.
DIPOTSO DINGWE TSA POELETSO—
◻ Jesu o ne a agela isagwe jang?
◻ Ke eng seo o se fitlhetseng se tlhomologile ka pego ya 1985?
◻ Ke ka ntlha yang fa go tlhokafala dithulaganyo tsa go aga tsa bolegodimo?
◻ Rotlhe re ka aga jang ka boikaelelo?
[Lebokoso mo go tsebe 24]
Phuthego nngwe mo nageng nngwe ya Afrika koo tiro ya ga Jehofa e thibetsweng gone e na le baboledi ba le 95, botlhe e le ba ba arolang mo tirelong kgwedi nngwe le nngwe. Ba akaretsa 130 mo dipokanong tsa bone mme ba le 160 mo dipuong tsa bone tsa phatlalatsa. Ba na le babulatsela ba le bararo ba ka metlha mme bosheng jaana babulatsela ba ba thusang ba hera bobedi. Mo dikgweding tse thataro fela, baboledi ba basha ba le 21 ba ne ba simolola tirelo ya tshimo.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]
KAGO YA LEFATSHE LOTLHE KA BASUPI BA GA JEHOFA
Babulatsela ba le 322 821 lefatshe ka bophara ba ne ba bega mo kgweding e nngwe le e nngwe (koketsego ye 24,7 lekgolong)
Baboledi mo lefatsheng ka bophara bane ba tlhatlogela go 3 024 131 (koketsego ya 6,4 lekgolong)
Maeto a go boela mo go ba ba kga tlhagang a nnile 244 725 918 (koketsego ya 14,8 lekgolong)
Dithuto tse Bibela tsa magae tse di tsamaisitsweng kgwedi nngwe “ le nngwe di ne di fe 2 379 146 (koketsego ya 16,2 lekgolong)
[Ditshwantsho]
Babulatsela ba bolola goya bodiheding jwa ntlo le ntlo, mo Brooklyn, New York
Kopano ya dipuo di le some-nne, mo Montreal, Quebec, Canada
Go neela bosupi, mo Castle Comb, Wiltshire, mo Ennyelane
Setlhopha sa thuto mo Yap, mo Micronesia
Dikago dingwe tse di diriseditsweng go tshegetse tiro ya go aga ya semoya ya lefatshe lotlhe.
Mo Brooklyn, go romelwa ga Dibibela le dibuka tsa Bibela go direlwa mo moagong ono wa 1 000 000-square-foot mo 360 Furman Street
Holo eno ya Bagosi (mo Downpatrick, Irelend Bokone) e ne ya agiwa mo dioureng di le 31
Holo eno ya Kopana mo Roma ke nngwe ya bontsintsi jwa diholo tse di ntseng jalo tse di dirisiwang go dikologa lefatshe
Koketso anama Legaeng la Bethele la Japane jaanong e tsweletse pele go agiwa
[Tšhate mo go ditsebe 20-23]
PEGO YA NGWAGA WA TIRELO WA 1985 WA BASUPI BA GA JEHOFA LEFATSHE KA BOPHARA
(Leba kgatiso)
[Tšhate mo go tsebe 25]
Dinaga di hera bobedi di ne tsa bega tlhora ya baboledi ba ba fetang 100 000 ka 1985
U.S.A. 723 220
Brazil 177 904
Mexico 173 037
Italy 127 526
Nigeria 121 729
Jeremane 115 604
Britani 103 522
Japane 103 117