LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 12/15 ts. 26
  • Go Lemoga Dikgang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lemoga Dikgang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ba Nèwa Nyaloñ”
  • “Ke Mang yo o Neng a Fitlhile Memeno ya Lewatle le le Suleng?”
  • A Botlhale jwa Modimo ke jwa Baeteledi-pele ba Lefatshe?
  • Boammaaruri ke Bofe ka Memeno ya Lewatle le le Suleng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Memeno ya Lewatle le le Suleng—Ke Eng fa o Tshwanetse go e Kgatlhegela?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • ‘Tla le Dikwalo Tsa Momeno, Segolobogolo Dikwalelo Tsa Letlalo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Manyalo a Bokeresete Ao A Lereng Boipelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 12/15 ts. 26

Go Lemoga Dikgang

“Ba Nèwa Nyaloñ”

Lenyalo ga se lone fela le oketsegang mo United States​—go fitlha go 16 lekgolong go tloga mo dingwageng di le some tse di fetileng​—mme go ntse jalo le ka tshenyegelo ya lone. Palogare ya ditshenyegelo tsa lenyalo le moletlo (mokete wa lenyalo) di tlhatlogetse kwa godimo-dimo go feta $6 000, e mengwe e le manobonobo go lekana tlhotlhwa e e fetang $50 000. A goa gakgamatsa go bo ditshenyegelo tsa manyalo tsa ngwaga o o fetileng di ne tsa dira tshupa-tuelo ya dikete tse di dimilione di le 20 tsa didolara​—koketsego ya 152 lekgolong fa e sa le ka 1975? Madi ano a ne a dirisediwang? Mo e ka nnang go sengwe le sengwe “go simolola ka dipalamonwana le dithunya go fitlha ka mmino, dikoloi tsa maratwa go lejwa, le maeto a banyalani ba basha,” go bega jalo makasine wa Fortune.

Manyalo a tshwanetse go nna dipaka tse di ipedisang. Lefa go ntse jalo, Jesu Keresete o ne a supa kgang ya lenyalo jaaka letshwao la losika lo lo neng lo tla tshela mo nakong ya ‘go nna teng ga gagwe le bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo.’ (Mathaio 24:3, 34, NW) O rile: “Me yaka metlha ea ga Noa e ne e nntse, go tla ga Morwa Motho go tla nna hèla yalo. Gonne yaka go le ga nna mo metlheñ euō ea pele ga morwalèla, ba ne ba ya, ba nwa, ba nyala, ba nèwa nyaloñ, go tla go hitlha mo tsatsiñ ye Noa o tsenyeñ mo ntluñ e e kokobalañ ka yeōna, Me ba sa itse, morwalèla oa ba oa tla oa ba tlosa botlhe; go tla ga Morwa Motho le gōna go tla nna hèla yalo.” (Mathaio 24:37-39) Jesu o ne a sa reye gore go phoso gore batho ba ba tshelang mo “metlheñ ea bohèlo” ba nyale. (2 Timotheo 3:1) Go na le moo, o ne a tlhagisa gore ba le bantsi ba ne ba tla tshwarega ka lenyalo, le jaanong le akareletsang meletlo ya manyalo e e mabono-mantle le e e tlhotlhwa-kgolo ka mo go feteletseng, mo eleng gore ka gale ba tlhokomologa go potlaka ga metlha eno.

“Ke Mang yo o Neng a Fitlhile Memeno ya Lewatle le le Suleng?”

Kafa tlase ga setlhogo seo, mo go Biblical Archaeologist, Norman Golb, moporofesara wa Dipatlisiso tsa Sehebera le tsa Sejuda le SeArabia mo Unibesithing ya Chichago, o leka go senola gore ke mang tota yo o neng a fitlhile Memeno ya Lewatle le le Suleng. Ka nako e e tshwanang, o batla go ganetsa kgopolo e e nang le dingwaga tse di fetang masome a mararo. Ka dikgakologo tsa 1947, memeno ya bogologolo ya Dikwalo tsa Sehebera le dikaelo tse eseng tsa Bibela di ne tsa ribololwa mo magageng gaufi le losi lo lo ka fa bokone-bophirima jwa Lewatle le le Suleng. Thibololo eno e ne ya bakwa jaaka “phitlhelelo e kgolo go gaisa e e kileng ya dirwa mo go tsa thutamarope (archaeology) ya bibela.” Memeno eo e akareletsa mayakgatiso (manuscripts) a magologolo go gaisa a a itsiweng a dibuka dipe tsa Bibela mme ke a morago-rago kwa mo lekgolong la bobedi la dingwa B.C.E.

Go tla go fitlha jaanong, baithuti ba ntse ba lebisa tshimologo ya mayakgatiso ano go Ba-Esene, ebong lekoko la bodumedi la Bajuda. Mme Golb o dumela gore dithibololo tse di latetseng morago tsa dikaelo tsa bogologolo tse di oketsegileng tsa Sehebera kwa Masada, Jeriko, le kae fela mo sekakeng sa Judea di supa Jerusalema jaaka lefelo leo memeno eno e simologileng kwa go lone. Eseng Ba-Esene mme Bajuda ba ba neng ba tshaba mo mephatong ya Baroma magareng ga 66 le 70 C.E. ba ne “ba tlisa diphuthelwana kana dikgetse tse di tletseng dikaelo tse di tswang kwa motsemogolo go ya kwa magageng a a mo dikakeng go di fltlha gone,” Golb o bega jalo.

Go sa kgathalesege bosupi jo bo oketseglleng jwa thutamarope jo bo ka ribololwang, memeno ya Bibela e e bonweng mo magageng ao e otlelela go itsheka ga sekaelo sa Bibela le kgono ya ga Jehofa ya go boloka Lefoko la gagwe. “Nama eotlhe ke boyañ, le go kgaba gotlhe ga eōna go etsa sethunya sa boyañ. Boyañ boa shwaba, me sethunya se we: Me lehoko ya ga Yehofa le nntse ka bosakhutleñ,” go rialo 1 Petere 1:24, 25.

A Botlhale jwa Modimo ke jwa Baeteledi-pele ba Lefatshe?

Jaaka kagiso ya lefatshe e ntse e nyelela go ya pele jaana, pōpō ya ntwa e e nnetseng ruri e tswelela go laola megopolo ya baeteledipele ba lefatshe. Makasine wa Time o bega gore moeteledi-pele wa lekoko la Soviet Mikhail S. Gorbachev o ne a bua jaana ka kutlo-botlhoko: “Eleruri, Modimo yo o kwa godimo gaa gana go re neela botlhale jwa go bona ditsela tse di ka re tlisetsang tokafatso . . . mo dikamanong magareng ga merafe e mebedi e megolo mo lefatsheng, merafe e tota tlholelo ya tlhabologo e ikaegileng ka yone.” Ka mo go tshwanang, fa Tautona ya Afrika Borwa P. W. Botha a ne a konela puo ya gagwe e e tsosang kgaruru ya Durban ka August 15, o ne a bolela jaana ka ntlha ya go amega ka kagiso ya morafe wa gagwe: “Re leka go dira sotlhe se motho a ka kgonang go se dira. . . . Ke rapela gore ekete Modimo Mothatayotlhe a ka re naya botlhale le thata tsa go senka go dira thato ya Gagwe.”

Goa kgatlhisa go bo baeteledipele ba goromente ba ba umakilweng ba bua ka tlhokafalo ya botlhale jwa bomodimo malebana le maiteko a bone a go dira kagiso. Lefa go ntse jalo, go ya ka Bibela, kagiso le polokesego tsa lefatshe lotlhe di tla bonwa fela ka Bogosi jwa Modimo. (Daniele 2:44; Bapisa le Isaia 9:6, 7.) Ka jalo, ke bao ba ikamanyang le Bogosi jono jwa legodimo fela ba ba ka solofelang go bona kagiso e e nnelang ruri.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela