Manyalo a Bokeresete Ao A Lereng Boipelo
1, 2. Batho ba bantsi ba arabela jang ka lefoko “lenyalo,” me ka ntlhayang? (Mathaio 19:4-6)
MOAPOSETOLOI Johane, yo o boneng tiragalo eno, o bega ka gore: “Go ne go na le lenyalo kwa Kana, mo Galalia. Mmaagwe Jesu o ne a le gone, mme Jesu le barutwa ba gagwe le bone ba ne ba laleditswe.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona)—Yohane 2:1, 2, Jerusalem Bible.
2 O arabela jang kaga mafoko ao a Yohane 2:1, 2? Go ne go se kitla go gakgamatsa fa o ne o ka arabela ka bothitho, ka go bo lefoko “lenyalo” le na le bokao jwa boipelo. Batho ba ipelela manyalo. Jaaka re bala go Genesise 2:18-24, lenyalo la pele le ne la diragala mo Paradaiseng, fa batho ba ne ba sena boleo. Lenyalo leo la monna le mosadi ba ba itekanetseng le ne la rulaganyediwa le go amogelwa ke Mmopi wa rona. Le ne le na le bokao jo bo tlotlometseng mme la tlhomela manyalo a mo isagweng le a a itumedisang sekao.
3. Ke moya o o ntseng jang o Dikwalo di o nyalanyang le manyalo, mme ke bothata bofe jo bo ileng jwa tlhaga? (Yeremia 7:34)
3 Go ipelela ga gago manyalo go dumalana le seo re se balang mo Lefokong la Modimo. Fa Pesalema 45:15 e tlhalosa baetsana ba lenyalo la segosi, e re: “[Ba] tla isiwa ka boitumèlō: [ba] tla tsèna mo tluñ ea kgosi.” Boipelo bo bontshiwa gape mo ditshwantshong tsa Bibela tsa manyalo. (Mathaio 22:2-4; 25:1-10; Tshenolō 19:6-9) Ee, lemororo kgato e e masisi e tsewa—e leng go tsena ga banyalani mo thulaganyong ya lenyalo e e boitshepo—manyalo a tshwanetse a gakologelwa jaaka ditiragalo tse di ipedisang le tse di tlotlegang. Lefa go ntse jalo, dipego go dikologa lefatshe di supa gore manyalo a mantsi a tlhaela lotshwao lono, seno se felela ka mathata le bohutsana jwa banyalani le tlalelo go bao ba nnang gone. Seo se ile sa nna boammaaruri le e leng ka manyalo a mangwe a a akareletsang batlhanka ba ga Jehofa. Ka ntlhayang?
4. (a) Ke ka ntlhayang fa manyalo a mantsi e le dikgang tsa batho? (b) Jesu o ne a reng kaga go nyala mo motlheng wa rona?
4 Mo mafatsheng a le mantsi banyalani ba ka nna ba kwadisa lenyalo fela go diragatsa dipatlafalo tsa molao. Fa banyalani ba ikgethela go dira jalo, ba bangwe ga baa tshwanela go ba nyatsa kana ba akanya gore ba tshwanetse ba bo ba tlhabelwa sengwe ditlhong. E ka tswa fela e le gore ba rata go dira jalo mme ebile gongwe go na le melemo e megolo thata, ka sekai, ba ka ipolokela madi go ipaakanyetsa go tlhomelela go nna le seabe ka botlalo mo tirelong ya ga Jehofa. (Luke 12:29-31) Lefa go le jalo, manyalo a mantsi a direlwa mekete, go na le ditsala tse dintsi le ba-losika ba bantsi. Ka gone boemo jo bo fetogileng jwa banyalani bo itsiwe gotlhe mo lefelong leo. Fa go na le puo ya Bibela, tiragalo ya semoya e a tlhagelela. Mme ba bangwe ba ka nna le seabe mo boipelong jwa banyalani. Eno ke melemo e e siameng. Gapegape, manyalo a magolo a ka tlisa mathata, segolo-bogolo gompieno fa lefatshe le tshwaregile ka go ‘nyala le go nyalwa’ mo e leng gore ‘ga ba eletlhoko’ gore tsamaiso e e boikepo ya dilo e gaufi le go fela.—Mathaio 24:37-39.
5. Ke bomang ba ba tshwanetseng ba kgatlhegela kgakololo ya Modimo ka manyalo?
5 Fa o akanya ka lenyalo la Bokeresete le le ipedisang mo isagweng ya gago, go na le dikgang tseo di tlhokang kakanyetso ya gago. Mme rotlhe bao re ka nnang balalediwa kana baetsana ba lenyalo la Bokeresete re ka solegelwa molemo ka go akanyetsa kgakololo ya Bibela mo kgannyeng eno.
Bothata jwa go Feteletsa Dilo
6. Manyalo a magolo a ka tlisa mofuta ofe wa mathata?
6 Go batho ba bantsi ba lefatshe, lenyalo le legolo le bontsha gore o na le madi kana maemo a a kwa godimo. Ka maswabi, le e leng Bakeresete ba ka tshwarega mo go lekeng go kgatlha ba bangwe ka moaparo o o mabonomantle kana dithulaganyo tse di dirwang ka mabela. (Bagalatia 5:26) Bagolwane bangwe ba Bakeresete mo Afrika Bophirima e ne ya re bosheng jaana ba kgala “tshekamelo e kgolo ya go ‘tswela pelo’ mekgwa ya lefatshe, boipelafatso le boitloso-bodutu jo bo sa laoIweng” kwa manyalong. Seno se faposa tlotlo le boipelo tseo di tshwanetseng mo matshelong a bao ba sa tlholeng ba ‘dira dithato tsa nama, ba dira dikeletso tsa nama.’ (Baefesia 2:3) Boemong jwa go lere boipelo le dikgakologelo tse di molemo, manyalo a a ntseng jalo gantsi a tsala ‘bopepe, dikilano, lefufa, dikgakalo, bopelotshetlha, botlhapelwa’—e leng ditiro tsa nama.—Bagalatia 5:19-21.
7. Ke eng seo se ka tlhotlheletsang batho bangwe go nna le manyalo a a mabono-mantle?
7 Hisetori e re bolelela gore fa Ptolemy VI Philometor a ne a nyadisa morwadie Alexander Balas wa Syria, ba ne ba “keteka lenyalo la gagwe kwa Ptolemais ka boitlotlomatso jo bogolo, jaaka dikgosi di dira.” (1 Maccabees 10:58, The Oxford Annotated Bible) Gompieno, ba bantsi bao ba nang le madi a a seng kae ba ikutlwa gore bone (kana bana ba bone) ba tshwanetse go nyala “ka boitlotlomatso jo bogolo, jaaka dikgosi di dira.” Ba ka tswa ba ile ba gapelwa maikutlo mo kanamisong. Bora-kgwebo bao ba nang le kgatlhego e kgolo mo lenyalong le legolo le le le kgabisitsweng thata ba neela monyadiwa kgopolo ya gore a nne “mohumagatsana wa letsatsi leo fela,” jaaka ekete ditaletso tse di rileng tse di gatisitsweng tsa mafoko, ditshwantsho, ditšheshe kana direng di go tlhomamisetsa lenyalo le le itekanetseng. Ba batla gore o ikutlwe, ‘Gore gompieno ke tshwanelwa ke molemo o mogolo’—go sa kgathalesege gore a o a kgona kana ga o kgone. “Mabela a botshelō” ano ke a lefatshe leo le fetang. (1 Yohane 2:15-17) Bagolwane bangwe ba Bakeresete ba ne ba akgela ka gore: “Go bonala go na le moya wa kgaisano. [Ka sekai,] ka go tlhotlhelediwa ke mekgwa ya selefatshe, monyadiwa le baetsana ba gagwe ba ka tšhentšha gane kana ga tlhano ka diaparo tse di turang thata.”
8. (a) Ke eng seo re ka se ithutang mo ditemaneng tsa Bibela malebana le moaparo wa lenyalo? (b) Ke ka ntlhayang fa Bakeresete bangwe ba ile ba ikgethela moaparo o ba ntseng ba na le one?
8 Bibela ga e akantshe gore go se aparwe sentle kwa manyalong. Ka sekai, re bala ka “monyadi a tla a ikgabise ka mokgabō oa dicheshe, le . . . monyadwi a tla a ikgabise ka mekgabō ea gagwè e e tsabakèlañ.” (Isaia 61:10; Pesalema 45:13, 14; Isaia 49:18; Yeremia 2:32; Esekiele 16:9-13; Tshenolō 21:2) Monyadiwa wa tshwantshetso wa ga Keresete o tlhalosiwa jaaka yo o ikapesitseng ka “leloba ye le bolèta, ye le phatsimañ ye le ntlè.” Ka gone, goa tshwanela gore monyadiwa le monyadi (le baetsana ba bone) ba apare diaparo tse di phepa, tseo di kgatlhang, mme ga ba tlhoke matsela a a tla tlisang mathata a madi. Banyalani bangwe ka boomo ba ile ba ikgethela moaparo o o sa tureng mo go kalo lefa ba ne ba ka o kgona. Ka ntlhayang? Go tila moaparo o o ka fatlhang matlho, mme ebile e le o o ka dirang gore balalediwa ba tsenwe ke tsebe-tsebe kana o o ka faposang tlotlego e e motlhofo fela, boipelo le bomoya tsa lenyalo.—Tshenolō 19:8; Diane 11:2; 1 Timotheo 2:9.
9. Re tshwanetse ra ikutlwa jang kaga dingwao kana mekgwa ya lenyalo?
9 Tsela e nngwe ya go dira dilo ka mo go feteletseng kwa manyalong ke go otlelela thata mo dingwaong—meetlo e e senang palo eo “batlhalefi” ba ba e laolang ba ka tswang ba re e tshwanetse go latelwa. Seno ga se reye gore batlhanka ba Modimo ba gana ka boomo sengwe le sengwe seo e leng mokgwa wa lefelo leo malebana le manyalo.a Bibela e tlhalosa gore malebana le go nyala, ‘Samesone o ne a dira moletlo; ka go ho seo e ne ele mokgwa oo balekane ba gagwe ba neng ba tle ba dire ka one.’ (Baatlhodi 14:10) Lefa go ntse jalo, go dumalana le mabela le mekgwa ya lefelo leo go ka senya lenyalo, go hupetsa bokao jo e leng jone tota jwa moletlo le go amoga mongwe le mongwe boipelo jo bo neng bo tshwanetse go nna gone.
Go Nyalana Semolao—Mo Metlheng ya Bibela le Gompieno
10. Manyalo a ne a ntse jang mo metlheng ya Bibela?
10 Re ka solegelwa molemo ke seo Bibela e se bolelang kaga manyalo, tota lefa mekgwa e farologane le ya motlha wa rona le mo lefelong la rona. Mo motlheng wa Bibela go ne go se patlafalo e e kgethegileng ya semolao kana moletlo wa sedumedi e e neng e tlhokafala. Monyadi o ne a ya kwa legaeng la mmeelediwa wa gagwe mme a tla a mo etleeditse go bonwa ke mang le mang go ya legaeng la gagwe. Seno se ne se dirwa ka boipelo mo banyalaning, masika a bone a a atamalaneng le balebalebi ba ba neng ba bontsha kgatlhego e kgolo mo tiragalong eo e e itumedisang. Gantsi-ntsi monyadiwa le monyadi ba ne ba apara diaparo tse dintle mme kwa legaeng la gagwe ba ne ba tla nna le modiro wa lenyalo go na le balalediwa.—Genesise 24:65-67; Mathaio 1:24; 25:1-10; bapisa 1 Maccabees 9:37, 39.
11. Boemo e ne e le bofe kaga mekwalo ya lenyalo e e neng e tlhokwa mo metlheng ya bogologolo?
11 Merafe e e neng e dikologile Bahebera e ne e na le melao e e neng e batla gore ditumalano tsa nyalo di bo di kwadilwe. Lefa Bibela e sa umake mekwalo e e ntseng jalo, e bua ka ‘‘kgōlaganō” ya lenyalo. (Malaki 2:14) Ditshika tse di rulaganeng tsa Bibela di senola gore manyalo ao a ne a kwalwa ka tsela nngwe, mme, ka mo go kgatlhisang, Josefa le Maria ba ne ba dumalana le mofuta mongwe o o rileng wa ikwadiso ya semolao. (Luke 2:1-5; 3:23-38) Mekwalo ya dipampiri tsa papirase tsa lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E. go tswa kwa koloneng ya Sejuda kwa Elephantine (Egepeto) e tshotse ditumalano tsa manyalo, e nngwe e balega ka gore:
‘. . .Ke tsile mo ntlong ya gago gore o tlo o mphe morwadio Miphtahiah gore ke mo nyale. Ke mosadi wa me mme nna ke monna wa gagwe go tloga gompieno go ya bosakhutleng. Ke go file madi a dishekela tse 5 a bogadi a ga morwadio Miphtahiah . . .’
12. (a) Basupi ba ga Jehofa ba ikutlwa jang kaga manyalo a molao? (b) Ke eng seo se leng botlhale fa e le gore go tla nna le tirelo ya molao kana ya sedumedi?
12 Basupi ba ga Jehofa ba lemoga gore lenyalo le tshwanetse la dumalana le molao wa lefelo leo, ka gone ‘ba neela Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare.’ (Mareko 12:17; Baroma 13:1, 7) Molao o ka nna wa tlhoka gore banyalani ba tlhatlhobiwe madi, ba nne le laesense le go dira maikano fa pele ga moemedi yo o laetsweng go nyadisa. Mo mafatsheng mangwe, ke bagolwane ba puso fela, jaaka ra-toropo kana moatlhodi bao ba ka nyadisang. Lefa go le jalo, maloko a dikereke tsa La-Bodumedi gantsi gaa ikutlwe gore tota a nyalane fa a ise a nyadisiwe kwa kerekeng. Bakeresete ba boammaaruri ba lemoga gore lenyalo la molao le lekanetse, mme bangwe ba santse ba ikgethela (kgotsa boikutlo jwa lefelo leo bo ka nna jwa akantsha) gore tirelo ya puso e latelwe ke puo ya Dikwalo. Fa e le gore seno se tshwanetswe sa dirwa, go molemo gore tiragalo eno e tle fela ka bofefo morago ga lenyalo la molao.b
13. Fa e le gore mogolwane wa Bokeresete o tla okamela, ke eng seo se lebegang se tla diragala pele ga lenyalo?
13 Mafatshe mangwe a laolela badihedi ba Basupi ba ga Jehofa go nyadisa. Gantsi seno se dirwa ke bagolwane ba phuthego, banna ba ba nang le maitemogelo, temogo, bogodi le kitso tsa Lefoko la Modimo. Mogolwane yo o kopiwang go okamela o tla tshwanelwa ke go kopana go sa le pele le bao ba tla nnang monyadiwa le monyadi. Ka tshwanelo, ba tla batla go mo tlhomamisetsa gore ga go na dikgoreletsi dipe tsa boitsholo kana tsa semolao mo go nyalaneng ga bone. A ka nna a neela kgakololo e e utlwalang ya Dikwalo le tao ya borre. Gape a ka nna a tshwanelwa ke go tlotla le bona ka dithulaganyo tsa moletlo le kokoano epe fela e e ka latelang morago, ereka jaana a tla batla gore a nne le segakolodi se se phepa malebana le tiragalo eno eo a kopiwang gore a nne le seabe se segolo mo go yone.—Diane 1:1-4; 2:1; 3:1; 5:15-21; Bahebera 13:17, 18.
14. Ke dipuo tsa mofuta ofe tsa lenyalo tseo di tshwanetseng?
14 Go sa kgathalesege gore puo ya lenyalo ka modihedi wa Basupi ba ga Jehofa e eteleIwa pele ke tirelo ya molao kana nnya, e ka thusa go otlelela gore go tswa fela kwa tshimologong ya lone le tshwanetse la nna le karolo ya semoya. Dipuo tse di ntseng jalo ga di di leele thata jaaka ekete di tshotse sotlhe seo Bibela e se buang kaga lenyalo, lefa e le gone gore di bo di na le dinyao tse dintsi kana di baka banyalani thata. Dintlha tse di lekaneng le tse di itumedisang tsa Dikwalo tsa dipuo tseno di ka solegela bao ba nyalanang molemo, gammogo le botlhe bao ba leng gone.c—2 Timotheo 3:16.
15. Maikano ao a dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa a farologana jang le maikano mangwe ao a dirisiwang gompieno?
15 Maikano ke karolo ya manyalo a mantsi. Ao a dirisiwang kwa manyalong mangwe a selefatshe a “segompieno” ke tlhakantsuke ya maboko a mangwe fela, kana dipono tse di sa tlwaelegang tsa botshelo. Polelwana ya makasine wa Time ka “Bodiphatsa jwa Maikano a a Dirilweng a Selegae,” e ne ya bolela ka moruti yo o neng a botsa jaana: “Gina, a o dumela go rata Peter go feta ka moo o ratang tšhokolete ka gone?” Mme a botsa Peter a re: “A o dumela go rata Gina go feta ka moo o ratang koranta ya dikgang ya mo mosong ka gone?” Lefa go le jalo, setlhogo seo se ne sa otlelela gore “lenyalo ke papadi e e bonwang ke mang le mang” mme e tshwanetse go tlotlomatsa kgato e e botlhokwa e e tsewang ya lefelo leo. Kwa manyalong a Basupi ba ga Jehofa maikano a tla dumalana le dipatlafalo tsa molao wa lefelo leo. Koo go dumelesegang gone, maikano ano a a tlotlang Modimo, Motswedi wa lenyalo, a a dirisiwa:
“Nna—kea go tsaya—go nna mosadi wa me ka tshwanelo, go go rata le go go ngomaela tumalanong le molao wa bomodimo jaaka o tlhometswe banna ba Bakeresete mo Dikwalong tse di Boitshepo, fa fela re tshela mo lefatsheng go dumalana le thulaganyo ya lenyalo ya Modimo.”
“Nna—kea go tsaya—go nna monna wa me ka tshwanelo go go rata le go go ngomaela le go go tlotla thata tumalanong le molao wa bomodimo jaaka o tlhometswe basadi ba Bakeresete mo Dikwalong tse di Boitshepo, fa fela re tshela mmogo mo lefatsheng tumalanong le thulaganyo ya lenyalo ya Modimo.”
Maikano ano gaa tshwanela gore a fetolwe kana a emisediwe go tshwanela keletso nngwe ya banyalani.d
Lenyalo mo Holong ya Bogosi
16, 17. (a) Setlhopha sa bagolwane se akarelediwa jang mo manyalong a kwa Holong ya Bogosi? (Yakobe 3:17) (b) Ke ka ntlhayang fa go kopanyelediwa mo go ntseng jalo go le botlhale?
16 Bakeresete ba bolelelwa go nyala “me e be e le-fflo Morenen hèla.” (1 Bakorintha 7:39) Fa Bakeresete ba babedi ba le mo boemong jo bo molemo le phuthego ba eletsa gore lenyalo la bone (kana, puo ya lenyalo) e bo e le mo Holong ya Bogosi, ba tshwanetse ba batla tetlelelo go tswa go setlhopha sa bagolwane. eBanna bano ga ba kitla ba re go dirwe seo bone ka bobone ba se ratang malebana le dithulaganyo tsa lenyalo, mme ba tla batlisisa kaga dithulaganyo tsa banyalani e le gore go se nne sepe se se ka dirwang mo Holong seo se ka tlogang sa feretlha phuthego.—1 Bakorintha 14:26-33.
17 Ka sekai, go ile ga begwa dilo tse di sa batlegeng kaga manyalo ao a neng a se mo Holong ya Bogosi. Pele ga le lengwe, mmino o o kwa godimo o ne wa tshamekwa, mme monyadiwa, monyadi le baetsana ba bone ba ne ba tla ba bina mo Holong e e hirilweng. Balalediwa ba ne ba kopanela mo go bineng go fitlhelela modula-setulo a ba didimatsa gore, morago ga thapelo, puo ya lenyalo e tle e simolole. Ka mo go phepafetseng, joo e ne e se boemo jo bo tshwanetseng lenyalo la Bokeresete. Lefa go ntse jalo, e bontsha gore ke ka ntlhayang fa bagolwane ba tshwanetse ba nna kelotlhoko ka manyalo a mo Holong ya Bogosi. Mo Holong, go tshwanetse ga dirisiwa mmino o o agang fela, jaaka o o fitlhelwang mo bukeng ya dipina ya Basupi ba ga Jehofa. Ditšheshe dipe kana mekgabiso e tshwanetse ya bo e le bori le e e lekanetseng, fela jaaka go tshwanetse le ka tsela eo setlhopha sa lenyalo se tshwanetseng go tsena mo Holong ka yone le tsela eo ditshwantsho di tshwanetseng tsa tsewa ka yone.—Bafilipi 4:5.
18. Ke bomang bao ba ka nnang le monyadiwa le monyadi kwa lenyalong? (1 Bakorintha 5:13; Yakobe 2:1-4)
18 Mo metlheng ya Bibela, gantsi go ne go na le “tsala ea monyadi” le baetsana ba basadi ba monyadiwa. (Yohane 3:29; Pesalema 45:14) Seno se ntse jalo gape le mo manyalong a kwa Holong ya Bogosi. Lefa go ntse jalo, kakanyetso ea tlhokega gore e tshwanetse ya nna baetsana ba le kae, gammogo le kafa ba tshwanetseng ba apara le go itshwara ka teng. Go tla bo go sa tshwanele gore kwa moletlong wa lenyalo go bo go na le batho ba ba kgaotsweng kana bao mokgwa wa bone wa go tshela o leng boatla jwa matlhabisa ditlhong jo bo thulanang le melao-metheo ya Bibela tota. (2 Bakorintha 6:14-16) Go na le go tlhopha batho bao ba tlotlegang kana bao ba ka lebegang ba le bantle, banyalani ba bantsi ba Bakeresete (le dibui) ba ikgethela gore mo moletlong wa lenyalo go bo go na le bao ba atamalaneng thata le bone mo go direleng Jehofa.
19. Ke tlhokomelo efe mo dikarolong tse dingwe eo e tla thusang lenyalo la kwa Holong ya Bogosi go nna le le ipedisang?
19 Fa e le gore Holo ya Bogosi e tla dirisiwa, kitsiso e khutshwane e tshwanetswe ya dirwa malebana le nako ya lenyalo. Ka tsela eo phuthego e tla itse gore Holo e tla bo e dirisiwa le gore fa ba rata ba ka nna teng. Ereka Holo ya Bogosi segolo-bogolo e le ya dipokano tsa Bokeresete, lenyalo e tla nna nako eo e se kitlang e thulana le tseno. Lefa e ka ne e le nako efe e e rulaganyeditsweng, go nna teng ga botlhe ka nako go bontsha lorato le go akanyetsa. Mo setshwantshong seo Jesu a neng a se neela se se akareletsang lenyalo, “monyadi a [bo a] sa nntse a diegile,” seo se neng sa felela ka mathata go ba bangwe.—Mathaio 25:1-12.
20. Ke karolo efe e nngwe ya manyalo eo e tlhokang gore re e akanyetse?
20 Moperofeti Isaia o ne a kwala ka “monyadi a tla a itumèlèle monyadwi.” (Isaia 62:5) Monyadiwa le ene gape o ipelela letsatsi la lenyalo la gagwe. Baetleetsi ba bantsi le bone, ‘ba na le boipelo jo bogolo fela thata’ ka manyalo a Bokeresete. (Yohane 3:29) Gantsi boipelo joo bo supelwa le go tlatselediwa ke kokoano ya go phuthega mmogo morago ga lenyalo, mokete, kana modíro wa lenyalo. Ke kgakololo efe eo Jehofa a e neelang mo Lefokong la gagwe eo e tla tlatseletsang mo boitumelong go na le mathata mo dikokoanong tse di ntseng jalo? A re boneng.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Malebana le puisano ya dingwao tsa lenyalo, bona The Watchtower ya January 15, 1969, ditsebe 58 le 59.
b Fa go feta lobaka lo loleele, batho ba lefelo leo ba ka kgopisiwa ke tsela ya banyalani, go sa kgathalesege gore ba tshela jaaka monna le mosadi kana ba ikeha mo go direng jalo.—2 Bakorintha 6:3.
c Metlotlo ya Dikwalo eo dipuo tseo di ka theiwang mo go tsone e ka bonwa go The Watchtower ya March 15, 1969, ditsebe 174-9; May 1, 1974, ditsebe 274-7; March 15, 1977, ditsebe 172-85.
d Fa e le gore lenyalo le ne la kwadisiwa pele ke mogolwane wa puso mme le latelwa ke puo ya lenyalo ya Bokeresete, modihedi a ka umaka gore kgato ya semolao e setse e tserwe. Banyalani bangwe ba santse ba itlhophela go boeletsa maikano ano fa pele ga Modimo le phuthego.
e Mo nakong e e rileng batho ba babedi bao ba direlang Modimo mme ba letetse kopano go kolobediwa ba ile ba nyadisetswa kwa Holong ya Bogosi.
A O Gakologelwa Ntlha Eno?
◻ Bakeresete ba tlhoka go tlhagafalela dikotsi dife malebana le manyalo a a mabono-mantle?
◻ Ke boemo bofe jo Basupi ba ga Jehofa ba bo tsayang ka ga ditirelo tsa lenyalo la molao kana la bodumedi?
◻ Ditshwetso tsa banyalani malebana le moletlo wa bone wa lenyalo di ka oketsa boipelo jwa Bokeresete ka tiragalo eno jang?
◻ Ke manyalo a mofuta ofe ao a tshwanetseng a tshwarelwa kwa Holong ya Bogosi?
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Ka boipelo le tlotlo monyadi wa Mohebera o ne a tlisa monyadiwa wa gagwe mo gae