LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 12/15 ts. 27-29
  • “Dikgakgamatso tsa Dikgwedi di Hera Bobedi” mo Peru

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Dikgakgamatso tsa Dikgwedi di Hera Bobedi” mo Peru
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Dipaakanyetso tsa go le Pele
  • Phuthego e e Iketleeditseng
  • Thuso E E Tswang Kgakala
  • Kgatlhego ya Botlhe E A Tsosiwa
  • Tiro E E Dirilweng ka Botswerere
  • Letsatsi le Legolo la Goroga
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 12/15 ts. 27-29

“Dikgakgamatso tsa Dikgwedi di Hera Bobedi” mo Peru

BONTSI jwa batho ba le 34 238 bo ne bo itumetse fela thata. Ba ne ba tlile go tswa Peru ka kakaretso, tota e bile, go tswa dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, go nna gone mo kgakolong ya ofisi e ntšha ya lekala e ntle ya Watch Tower Society mo Lima. Dipelo tsa bone di ne di tletse ka mokete fa ba ntse ba reeditse thulaganyo eo e neng e anela kaga go agiwa moo go neng ga tsaya dikgwedi di hera bobedi tsa tiro e e tlhagafetseng​—sengwe seo se iseng se ko se utlwalelwe gope mo Peru ka tiro ya selekanyo se se kalo.

Dipaakanyetso tsa go le Pele

Kgolo e e bofefo ya kobamelo ya boammaaruri mo Peru e ne ya felela ka gore go tlhokafale diofisi dikgolo tsa lekala le legolwane. Setsha sa lefatshe sa diheketara di le 1,8 (4,4 a.) se ne sa rekwa ka 1980. La ntlha lefatshe leo le ne le dirisediwa go lemela badiri ba lekala maungo le merogo.

Mme jaanong, ka ntlha ya tlhatlogo-ditlhotlhwa e e neng e ntse e gola ka bofefo, Basupi ba ne ba fetsa ka gore ba simolole go reka le go boloka dilwana tsa kago, jaaka ditena, ditshipi, dilo tse di agang, le dithaele. Selo se sengwe se se neng se tlhokega thata e ne e le metsi a a lekaneng. Jalo ke eng fa go sa epiwe sediba? Lekoko lengwe la Basupi le ne la simolola tiro mme la epa boteng jwa dimitara di le 75 ka matsogo fela (246 ft). Go tswa foo go ne ga dirisiwa thuso e e tswang ka kwantle go tsweledisa tiro eo go fitlhelela metsi a bonwa mo botlaseng jwa dimitara tse 96 (315 ft) kwa tlase.

Go tswa foo go sa le gale ka Tlhakole ya 1984, Basupi ba le bararo go tswa United States ba ne ba tla ka leano “le le bofefo.” Kago ya matlhatlaganyane a mabedi e e neng e rulaganyeditswe​—go akareletsa diofisi, dikamore tsa borobalo di le 22, kamore ya lelapa lotlhe, kamore ya bojelo, lefelo la botlhatswetso, le Holo ya Bogosi—​di ne di ka agiwa mo dikgweding di hera bobedi ba bolela jalo. Mo Peru, seo se ne se tla tshwana fela le dikgakgamatso tsa segompieno!

Phuthego e e Iketleeditseng

Ka Mopitlwe 25 pokano ya mokgosi wa tiro e e kgethegileng e ne ya tshwarelwa kwa lefelong la kopano la Campoy go itsise Basupi ba lefelo leo ka seo se neng se tla diragala. Lemororo go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le 19 000 fela mo Peru yotlhe ka nako eo, batho ba le 26 500 ba ne ba tla pokanong eo. Tlhagafalo eo ba neng ba e bontsha e ne ya se ka ya swa go fitlhelela tiro yotlhe e wediwa.

Go ne ga rulaganngwa setlhopha sa babereki. Babereki ba ka feta 200 ba ne ba tsewa gareng ga babulatsela ba ka metlha le ba ba kgethegileng, le bakaulengwe ba ba nang le maitemogelo mo thulaganyong ya kopano ba ne ba fiwa maemo a boikarabelo. Diphuthego di ne tsa abelwa mafelo-beke mangwe a a kgethegileng go tla go thusa.

Go baakanyetsa borobalo jwa badiri ba nako e e tletseng, setoro se ne sa dirwa lefelo le legolo la borobalo. Bomaterase ba ne ba alwa godimo ga dibokoso tsa dibuka. Dishawara le matlwana di ne tsa tlhongwa ka kwa dipotaneng tse di kwantle. Ereka seno e ne e le tshimologo ya paka ya mariga mo Peru, bakaulengwe ba ne ba ithuta go fefoga fa ba dirisa dishawara tsa bone tse di serame mo mosong. Go ne ga tlhongwa lefelo la bojelo le le siameng sentle, dijo tsa mo mosong di simolola go jewa ka 7:00 pele ga tiro e simologa ka 7:30. Bokgaitsadi ba ne ba berekela mo lefelong la botlhatswetso leo le neng le le bokgakala jwa sephatlo sa oura go tswa mabaleng a kopano. Lefelo la go roka ditlhako le lone le ne la bulwa jaaka ditlhako tsa tiro di ne di onala ka bonako.

Thuso E E Tswang Kgakala

Kakaretso ya bakaulengwe ba le 145 go tswa Amerika Bokone ba ne ba tla ka nako ya dikarolo tse di farologaneng tsa kago. Ba le bantsi ba bone ba ne ba ile ba tlhakanela mo ditirong tsa go aga Diholo tsa Bogosi. Fa tiro e ntse e tswelela le tlhokafalo e ntse e tsoga, baagi ka konkereiti, babei ba setena, balomaganyi ba dipompo, le badiri ba mo metlakaseng ba ne ba goroga go tla go dira karolo ya bone, mme ba e digele mo dibekeng tse pedi kana tse tharo go tswa foo ba bo ba boela kwa diphuthegong tsa mafelo a bone. Mme ba sekae ba ne ba nna dikgwedi tsotlhe tse di herang bobedi.

Bakaulengwe bano ba ne ba tla ka didirisiwa tsa bone le dilwana go dira le ba bangwe bao ba neng ba sa tlhaloganye puo ya bone thata. Mme go dirisa puo ya diatla, ditshupo tsa sefatlhego, le mafoko a mangwe a a sa bidiweng, ga mmogo le boikemisetso jwa go dira mmogo, di ne tsa fetisa melaetsa ya go tsweledisa tiro gore e dirwe.

Bakaulengwe ba le bantsi ba Peru ba ne ba bula magae a bone go fa baeng boroko. Ka 6:00 a.m. mo letsatsing lengwe le lengwe la tiro, “bese ya gringo,” jaaka e ne e bidiwa ka go e reta, e e neng e pega batho ba le 15, e ne e tsamaya e phutha baeng le go ba tlisa lefelong la dijo tsa mo mosong kwa boberekelong. Maloko a lelapa la Bethele la Peru ba ne ba nna le seabe mo tirong eno e e itumedisang ka boammaaruri.

Go tlhokomela ditlhokafalo tsa semoya, go ne ga rulaganyediwa phuthego eo go buiwang puo ya Sekgoa gone. Palo e e rileng ya baeng le yone e ne ya dira tiro e e molemo mo bodiheding jwa tshimo, ba simolola dithuto tsa Bibela tseo di neng tsa sala di tswelela fa ba sena go tsamaya.

Kgatlhego ya Botlhe E A Tsosiwa

Makgolokgolo a bakaulengwe le bokgaitsadi ba lefelo, bannye le bagolo, ba ne ba tla lefelong la kago mo mafelo-bekeng go tla go tlhakanela mo tirong. Go ne go kgothatsa go bona bokgaitsadi le bana ba babotlana ba na le seabe go ya kafa dikgonong tsa bone. Le gale, tiro eno yotlhe, e ne ya seka ya feta fela e sa elwatlhoko.

Moenjenere mongwe go tswa khampaneng nngwe e kgolo ya kago o ne a ema foo. Fa a bona kafa tiro e neng e dirwa ka teng, o ne a botsa a re, “Lo ba duela bokae gore ba dire tiro e e tshwanang le eno?” Yo mongwe yo o neng a lebeletse o ne a botsa a re: “Ke eng se se dirang gore babereki ba lona ba ipele jaana?” Setlhopha sa ba-kgaso ya thelebishene mo Lima se ne sa tsaya thapama yotlhe se tshwantsha le go botsolotsa badiri ba ba farologaneng.

Tiro E E Dirilweng ka Botswerere

A tota ruri kago e ne ya wediwa mo dikgweding tse di herang bobedi? Ee, mme le ka motlha bakaulengwe ga ba ise ba ikutlwe gore ba ne ba gatelelwa gore ba e digele mo nakong yone eo. Go tswa fela kwa tshimologong, go ne ga otlelelwa mo go botlhe gore go ne go elediwa fa go ka nna le kago e e agegileng sentle, e e itshwareletseng e ruri e tla emelang batho ba ga Jehofa ka tsela e e tlotlegang. Fa e le gore dikgwedi tse di herang bongwe kana tse di lesome di ne di tlhokafala go dira tiro e e ntseng jalo, he go ne go tla nna jalo.

Ka baithaopi ba ba ikemiseditseng ba lefelo leo le thuso ya ba ba nang le maitemogelo go tswa moseja, tiro e ne ya wediwa mo lobakeng lo e leng lone. Ka Morule 3, 1984, dikgwedi tse di herang bobedi le beke e le nngwe fela fa go sa le go simololwa, lelapa la Bethele le ne la tsena moteng.

Letsatsi le Legolo la Goroga

Firikgong 27, 1985, e ne e le letsatsi la kgakolo ya kago e ntšha ya lekala le le neng le ntse le letetswe ka tlhoafalo. M. G. Henschel, leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o ne a tla go tswa kwa Brooklyn, New York, go tla go direla jaaka sebui se segolo. Baeng go tswa mafatsheng a mangwe bao ba neng ba ile ba dira mo kagong ka nako e e tletseng​—ba ba ka tshwarang 500 botlhe—​ba ne ba tlala mo Holong ya Bogosi e ntšha le mo kamoreng ya bojelo. Mabala a kopano a Campoy a ne a gokaganngwa ka telefounu.

Mo mosong, mokaulengwe Henschel o ne a neelana ka puo ya kgakolo ka Sepanishe. Thapama e ne ya simologa ka thulaganyo e e kgethegileng mo mabaleng a kopano a Campoy. Go tswa foo morafe otlhe wa batho ba le 34 238 o ne wa lalediwa go etela dikago tse disha. Ba ne ba ipelela go bona “dikgakgamatso tsa dikgwedi di hera bobedi,” tshupo e e bonalang ya tshegofatso ya ga Jehofa.

Tiro ya kago e ne ya lere masego a le mantsi. Kwantle ga go nna le didirisiwa tsa motlha wa segompieno, go dira mmogo mo dikgweding di hera bobedi go ne ga itshupa tota go le mosola o mogolo. Kutlwano ya Bokeresete e ne ya godisiwa. Kgolo ya semoya e ne ya tlhagoleIwa. Bokopano jo bontle mo dipokanong le ka nako ya dijo, mme segolo bogolo mo kobamelong ya mo mosong di ne tsa tiisa lorato gareng ga Bakeresete mmogo. Bao ba neng ba tla go tswa Amerika Bokone ba ne ba ikutlwa fa “kabelo ya mafatshe a sele” e potlana eo e ba diretse molemo o le montsi. Ee, bokopano jwa dikgwedi di hera bobedi jo bo itumetseng le tiro e e tlhagafetseng di tla gakologelwa ka nako e telele ke bao ba ileng ba tlhakanela mo “dikgakgamatsong.”​—Bapisa Hagai 1:7, 8.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Bannye le bagolo ba ne ba tlhakanela mo tirong

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela