“Lehoko a bo a Nntse A Na Le Modimo, me Lehoko ea bo e le Èna . . .”?
KE DITEMA di sekae fela mo Bibeleng tseo di ileng tsa amogela tlhokomelo e kgolo mo go kana-kana mo dikerekeng tsa La-Bodumedi go na le Yohane 1:1. Tsela eo e balegang ka yone mo dithanolong di le dintsi tsa Bibela e tshwana le ya King James Version: “Mo tshimologong Lefoko a bo a le gone, mme Lefoko a bo a na le Modimo [ὁ θεός], mme Lefoko ya bo e le Modimo [θεός].”
Ba le bantsi bao ba amogelang Tharonngwe ba supa temaneng eno fa ba tshegetsa tumelo ya bone ya motheo. Lefa go ntse jalo, temana eno, e ile ya kwalwa ka mo go farologaneng mo dithanolong dingwe, ka tumalano ya gore Segerika sa pele se senola dipharologanyo mo mekwalong e e tshwanang le e fa godimo.
Ka 1984 go ne ga nna gone thanolo ya Sekgoa go tswa Sejeremaneng ya dikakgelo ka mmatlisisi Ernst Haenchen (Das Johannesevangelium. Ein Kommentar). E kwadile Yohane 1:1 ka go re: “Mo tshimologong Logos o ne a le gone, mme Logos o ne a na le Modimo, mme Logos o ne a le wa bomodimo [wa sebopego sa bomodimo].”—John 1. A Commentary on the Gospel of John Chapters 1-6, tsebe 108, e e ranotsweng ke Robert W. Funk.
Fa e bapisa Genesise 1:1 le temana ya ntlha ya Efangele ya ga Johane, kakgelo eno e tlhalosa jaana: “Lefa go ntse jalo, Johane 1:1, e bua ka sengwe seo se neng se ntse se setse se le gone bogologolo; ka mo go gakgamatsang, ga se ‘Modimo.’ . . . Logos (ga re na lefoko lepe e ka ne e le ka Sejeremane kana Sekgoa leo le tsamaelanang le seo se kaiwang ke lereo la Segerika) ka gone o tlhatlosediwa bogodimong jwa gore a bo a kgopise. Tlhaloso eo e dirwa gore e nne e e ka itshokelwang fela ka ntlha ya tsweledisopele ya ‘mme Logos a bo a le fa Modimong,’ ke gore, a le kutlwanong le go atamalana ka sebele le Modimo.”
A seo se utlwala jaaka ekete mmatlisisi Haenchen o ne a lemoga mo Segerikeng gore go na le pharologano nngwe magareng ga Modimo le Logos, kana Lefoko? Mafoko a a latelang a mokwadi a supa lebaka la gore mo puong ya kwa tshimologong go ne go sa dirisiwa lebopi-tlhopho lepe le lefoko the·osʹ kana modimo, mo mafokong a bofelo. Mokwadi o tlhalosa jaana:
“Gore go tle go tilwe tlhoka-kutlwisiso, fano go ka kaiwa gore θεός [the·osʹ] le ὁ θεός [ho the·osʹ] (‘Modimo, bomodimo’ le ‘the God’) e ne e se selo se se tshwanang mo lobakeng lono. Ka gone Philo o ne a kwala jaana: λόγος [Logos] o raya fela θεός (‘bomodimo’) mme e seng ὁ θεός (‘Modimo’) ereka jaana logos tota tota e se Modimo” Ka tsela e e tshwanang, Origen, le ene, o tlhalosa jaana: Moefangele ga a re Logos ke ‘Modimo,’ fa e se fela gore Logos ke wa ‘bomodimo.’ Tota, mo mokwading wa sefela [mo go Johane 1:1], jaaka go Moefangele, ke Rara fela yo o neng a le ‘Modimo’ (ὁ θεός; cf. Joh 17:3); ‘Morwa’ o na a le kwa tlase ga gagwe (cf. Joh 14:28). Mme seno se akantshiwa fela mo temeng eno ka jaana fano kgatelelo e mo go reng yo mongwe o sala yo mongwe morago.”
Go tswa foo Haenchen o tlhalosa jaana: “Go ne go kgonega mo tumelong ya bongwefela ya Bajuda le Bakeresete go bua ka batho ba bomodimo bao ba neng ba le mmogo le tlase ga Modimo mme ba ne ba sa tshwane le ene. Bafilipi 2:6-10 e supela seo. Mo temeng eo Paulo o tlhalosa ka motho yo o ntseng jalo wa bomodimo, yo o neng a re moragonyana a tla go nna motho e bong Jesu Keresete. . . . Ka gone, Bafilipi le Yohane 1:1 ka go tshwana ga di reye kamano e e sebedi ya batho ba le babedi go a le mongwe, mme e leng kutlwano ya batho ba babedi.”—Ditsebe 109, 110.
Jalo he, go na le gore Logos (Jesu) o ne a na le Modimo e bile o ne a le Modimo, Yohane 1:1 e tlhalosa gore Logos o ne a na le Modimo Mothatayotlhe mme o ne a na le bomodimo, kana e ne e le modimo mongwe.