LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 9/1 ts. 16-21
  • Badihedi ba Bogosi Ba Lebana le Kgwetlho

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Badihedi ba Bogosi Ba Lebana le Kgwetlho
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Badihedi ba Modimo ba Batlega ka Bonako
  • Go Femela go Tshwanelega ga Rona Jaaka Badihedi
  • Tota le Jesu o ne a Gwetlhiwa
  • “Go Rutwa ke Jehofa”
  • Badihedi ba Modimo Ba Supa Go Tshwanelega ga Bone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Badihedi Ba Modimo Ke Bomang Gompieno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ke Bomang ba e Leng Badiredi ba Modimo Gompieno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • A Bakeresete Botlhe Ba Boammaaruri Ba Tshwanetse Go Nna Badihedi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 9/1 ts. 16-21

Badihedi ba Bogosi Ba Lebana le Kgwetlho

“Me hoñ Apolose e be e le mañ? le Paulo ke mañ? Ke badihedi hèla ba lo dumetseñ ka bōnè.”​—1 BAKORINTHA 3:5.

1. (a) Go ya ka bodumedi, ke eng seo se ganediwang gompieno, mme ka ntlhayang? (b) Ke mmuso ofe o o tshosediwang, mme ke eng se se tla diragalang?

BOLAODI jwa badihedi ba bodumedi boa gwetlhiwa gompieno. Seno se diragala ka mo go oketsegileng jaaka karolo ya lefatshe leno ya sepolotiki e tsogela bodumedi kgatlhanong, go akareletsa le bodumedi jwa “Bokeresete,” e bo leba jaaka mokgatlho wa kgwebo o o batlang morokotso. Le eleng baalogi ba dikole tsa bodumedi tsa baruti ga ba tsewe gotlhelele jaaka badihedi ba ba tshwanelegang ka mo go lekaneng mme baa thibeIwa mo merafeng eo e tsogelang bodumedi kgatlhanong. Ee, puso ya lefatshe ya bodumedi jwa maaka e tlase ga tlhaselo mme e bopeIwa ke tlhaselo ya lefatshe ka bophara eo e tla kayang go nyelediwa ga yone. Mokwadi wa bomodimo wa kobamelo ya boammaaruri o ne a bolelela seno pele le go tlhoma nako ya gagwe ya go diragadiwa ga boperofeti jwa gagwe. Botshelo jwa dibopiwa mo lobopong lotlhe bo tla solegelwa molemo ke tiragalo eno e e jesang kgakge!

2. Mabapi le bodumedi, ke eng se se tla salang mme ke eng seo se se kitlang se sala?

2 Lefa go ntse jalo, go tlhokomologa bodumedi ga go kitla go sala go laola lefatshe nako e telele, mme Mmopi yo o tlotlegang wa lobopo o tla nnela ruri! Ee, le bodumedi jwa boammaaruri jwa Modimo ono o o sa sweng le o o leng Mogodimodimo bo tla sala! Ka ntlha ya lebaka leo, lemororo dibilione tsa lefatshe di ganetsa dinnete, gone jaanong baobamedi ba kobamelo e e phepa ya Modimo ba a tshela ebile ba tlhagafetse mo lefatsheng. Mme polelo e e nang le dingwaga di le makgolo-kgolo eno e boammaaruri gompieno: “Dilō tse di sa bonaleñ tsa ōna, eboñ nonohō ea ōna e e sa khutleñ, le bomodimo yoa ōna, di sa le di bōnala sentlè galè mo tlholegoñ ea lehatshe, ka di lemogwa ka dilō tse di dihilweñ; me yalo batho bauō ba bo ba se na seipatō.”​—Baroma 1:20.

3, 4. (a) Go ka supiwa jang gore Jehofa o na le badihedi mo lefatsheng? (b) Re itse jang gore baruti ba bodumedi ba Babelona yo Mogolo ba tla akofa ba felelwa ke tiro?

3 Fa mafoko ao a ne a kwalwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona o o Tlwaelegileng, Jehofa Modimo o ne a na le badihedi ba gagwe mo lefatsheng. Ka jalo moaposetoloi Paulo o ne a ka kwala jaana: “Me hoñ Apolose e be e le mañ? le Paulo ke mañ? Ke Badihedi hèla ba lo dumetseñ ka bōnè; me moñwe le moñwe o nntse yaka morèna a mo abetse. Nna ka yala, Apolose a nosa; me Modimo oa uñwisa.”​—1 Bakorintha 3:5-9.

4 Jehofa gape o tshwanetswe ke go nna le badihedi mo lefatsheng gompieno. Mme ga a dirise baruti ba bodumedi ba Babelona o Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Tota, ba tla akofa ba felelwa ke tiro. Seno se tla diragala fa Babelona o Mogolo ka boena a fedisiwa. Fa Tshenolō 16:19 e bolelela seno pele, e re: “Me motse o mogolo oa kgaogañwa seraro, me metse ea merahe ea wa; le Babelona o mogolo oa gopolwa mo ponoñ ea Modimo, gore o nèwè senwèlō sa boyalwa yoa chakgalō ea bogale yoa ōna.”

5. Go ne ga diragalang kwa Babelona wa Bogologolo ka 539 B.C.E., mme go tweng ka baruti le batshegetsi ba bangwe ba ditumelo tsa Babelona o Mogolo?

5 Jalo, go tweng ka batho bao ba salang e le bangaparedi ba ba ikanyegang ba ditsamaiso tsa bodumedi tseo di direlwang ke baruti ba ba rutegileng ba Babelona o Mogolo? A o ke o sekaseke seo se neng sa diragala mo bosigong jole jwa 539 B.C.E. fa Kgosi Beleshasare le barena ba gagwe ba ba laleditsweng ba ne ba baka medimo ya Babelona mo moletlong o o tlhomologileng wa go gwetlha Bameda le Baperesia bao ba neng ba ba thibeletse. Santlha, batla-modirong o o leratla oo ba ne ba direlwa tlhokomediso fa ba ne ba bona mokwalo o o gakgamatsang wa seatla mo lomoteng lwa holo ya modiro le go utlwa phuthololo e e neng e neelwa ke Daniele moperofeti wa ga Jehofa. Ka gone, ka go wa ga Babelona gone mo bosigong joo, kgosi le batla-modirong ba bangwe ba ba galaletsang medimo ya maaka ka phepafalo ba ile ba bolawa ke bafenyi ba ba tlhaselang bao. (Daniele, kgaolo 5) Masetlapelo a a tshwanang a letetse baruti le bao ba salang ba ikanyega go ditsamaiso tsa bodumedi tsa Babelona o Mogolo.

Badihedi ba Modimo ba Batlega ka Bonako

6. (a) Mo lobakeng lono lo lo tlhokofatsang, Modimo o tshwanetse go nna le eng go lelapa la setho? (b) Metlha ya Baditshaba e fedile leng, mme Jesu o ne a boletse eng ka seno?

6 Ga go ope yo o ka ganetsang ka mo go utlwalang lebaka la gore jaanong re tshela mo lobakeng lo lo botlhoko go feta Iwa ditiragalo tsa batho fa esale go tloga ka Morwalela wa kgolokwe wa motlha wa ga Noa. (2 Timotheo 3:1-5) Jalo go botlhokwa gore jaanong go nne le badihedi ba mmatota ba Modimo wa ga Noa. Eleruri, jaaka Jehofa a ile a neela ditlhagiso go batho ba motlha wa ga Noa le batlamodirong wa ga Beleshasara, O tshwanetse a bo a ne a na le molaetsa o o potlakileng go lelapa la setho fa e sale go simolola ka 1914, fa ntwa ya ntlha ya lefatshe e ne e simolola. Tota, ka selekanyo se segolo sa phatlalatsa, mo e ka nnang dingwaga di le masome a mane batlhanka ba Modimo ba ne ba ile ba supela go ngwaga oo jaaka o o tshwayang bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba, oo Jesu a neng a boletse jaana kaga one: “Me Yerusalema o tla katakwa ke Badichaba go tlo go tsamaeè metlha ea Badichaba e dihalè.”​—Luke 21:24.

7. (a) Jerusalema wa selefatshe o katakilwe ke merafe e e seng ya Bajuda go fitlhela leng? (b) Jesu o ne a konela ka go lebisa go eng fa a ne a bua ka Jerusalema e “katakwa ke Badichaba”?

7 Mo e ka nnang dingwaga di le 53 morago ga 1914, kana go fitlha ka Ntwa ya Matsatsi a le Marataro ya 1967, Jerusalema wa selefatshe o ile a tswelela ka go katakiwa ke merafe e e seng Bajuda. Lefa go ntse jalo, ka phepafalo Jesu o ne a sa konela ka go lebisa go Jerusalema wa Bojuda wa segompieno mme go seo se neng se tshwantshediwa ke motse oo go ya go fitlha ka 607 B.C.E. Mme o ne o tshwantshetsa eng? Aitsane, Bogosi jwa ga Jehofa Modimo ka Kgosi ya gagwe e e tloditsweng ya ntlo ya segosi ya ga Dafide!​—Luke 1:32; 1 Ditihalō 29:11.

8. Jehofa o ne a tla naya mang bogosi jwa ga Dafide, mme ke ka ntlhayang fa setho se ne se se kitla se kgona go bona go tlhomiwa mo setulong sa bogosi go go boleletsweng-pele?

8 Jesu Keresete e ne e le ena yoo Jehofa Modimo a neng a tla mo neela bogosi jwa ga rragwe-mogolo Dafide wa bogologolo. Mo pele ga Pilatwe jaaka moatlhodi, Jesu o ne a bolela gore Bogosi jwa Gagwe e ne e se jwa lefatshe leno a kaya gore e ne e tla nna jwa selegodimo. (Yohane 18:36) Ka mo go utlwalang, he, go tlhomiwa ga ga Jesu ga isagwe mo Bogosing mo bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba go ne go tla diragala kwa magodimong a a sa bonaleng. Jalo go dula ga gagwe mo setulong sa bogosi go ne go se kitla go bonala mo matlhong a batho, mme ke gone ka moo rona kana merafe ya Baditšhaba re sa mmonang ka mmatota a tlhomiwa mo Bogosing joo jwa gagwe jo bo tshwanetseng, jo a bo neetsweng ke Modimo ka 1914. Merafe eo eleruri e ne e sa dumele gore tiragalo eo e ne e diragetse, go sa kgathalesege lebaka la gore e ne e boletswe ke batho ba ga Jehofa fa esale go tloga ka bo-1870.

9. (a) Merafe e ile ya dirang kwantle ga go tlhokomela molaetsa wa Bogosi? (b) Mo ponong ya seo merafe e se dirileng ka 1914, ke eng seo se neng sa nna botlhokwa?

9 Kwantle ga go tlhokomela molaetsa wa Bogosi, ka letlhabula la 1914 merafe e ile ya kopanela mo ntweng. Jaaka go ne go boleletswe-pele go Pesalema 2:1-12, ba ne ba itshupa e le baba ba ga Jesu, ba gana go “atla” Kgosi e e sa tswang go tlhomiwa go bontsha go ineela le go ikanyega tsa tsone. Jalo, go ne ga nna botlhokwa gore go diragadiwe Pesalema 110:1, 2, koo re balang jaana gone: “Yehofa o raea morèna oa me, a re, Dula kaha lecogoñ ya me ye legolo, go tsamaee ke dihe baba ba gago sebèō sa gago sa dinaō. Yehofa o tla ōtlōlōla lore loa thata ea gago go cwa Siona: a go busè wèna mo gare ga baba ba gago.”

10. (a) Jesu o simolotse go busa mo maemong afe ka 1914? (b) Ke bomang ba ba emelang Jehofa mo lekgolong leno la dingwaga la bo-20?

10 Baganetsi ba Bajuda ba ne ba bontsha bobaba jwa bone go baaposetoloi ba ga Jesu fa Jesu a ne a dula kafa letsogong le legolo la Modimo go letela nako ya gore a buse gare ga baba ba gagwe. (Ditihō 4:24-26) Ka tshwanelo, e ne e le mo gare ga baba ba gagwe moo Jesu Keresete yo o galaleditsweng a neng a simolola go busa ga gagwe gone kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914. Jalo mo lekgolong leno la dingwaga la bo-20, jaaka mo nakong e e fetileng, e nnile mo gare ga baba moo Jehofa a nnileng le ba ba sikereng molaetsa wa gagwe gone, badihedi ba gagwe ba Bogosi ba mmatota. Ke basupi ba gagwe.​—Isaia 43:10-12.

Go Femela go Tshwanelega ga Rona Jaaka Badihedi

11. Ke bomang ba ba gwetlhileng taolo ya Basupi ba ga Jehofa jaaka badihedi ba Bogosi ba ba tlhophilweng ke Modimo?

11 Nako yotlhe, go ntse go le botlhokwa gore badihedi ba mmatota ba Bogosi ba ba tlhophilweng ke Modimo ba femele bolaodi jwa bone jwa bodihedi. Eleruri seo se ile sa nna boammaaruri ka Basupi ba ga Jehofa mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga. Go tshwanelega ga bone jaaka badihedi ba ba tlhophilweng ka tshwanelo ba Modimo go ile ga gwetlhiwa le go tlhokomologwa. Ke bomang? Segolo-bogolo ke baalogi ba La-Bodumedi ba sekolo sa boruti bao ba amogelang lokwalo lwa go tlhophiwa le go duelwa jaaka baruti. Ba itsaya ba rutegile ka tshwanelo le go tshwanelega ka mo go lekaneng gore e nne bone fela badihedi ba ba rutegileng ba Modimo wa Bibela.

12. Ke taolo ya Mokeresete ofe yo o tumileng wa lekgolo la ntlha la dingwaga e e ileng ya gwetlhiwa, mme ope yo o neng a tlisa mofuta o sele wa mafoko a a molemo o ne a tshwanetse go lebiwa jang?

12 Boemo jwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. bo ne bo tshwana le jono. Mo perofensing ya Roma ebong Galatia, le eleng mokwadi yo o tlhotlheleditsweng wa mo e ka nnang sephatlo sa dibuka tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika o ne a lebana le tiragalo eo e neng e gwetlha tshiamelo ya gagwe jaaka moaposetoloi wa ga Jesu Keresete, gonne e ne ya gwetlha go nepagala ga seo a neng a se ruta jaaka Bokeresete. Ka jalo o ne a patelesega go bolelela Bagalatia gore: “Kea gakgamala ka e le ha lo itlhaganèla go tloga mo go èna eo o lo bileditseñ mo tshegōhacoñ ea ga Keresete, lo ineèla mo mahokuñ a a molemō a sele. E e bileñ e se mahoko a a molemō a sele: me go bo go na le bañwe ba ba lo huduañ, ba rata go shōkamisa mahoko a a molemō a ga Keresete. Me leha e ka bo e le rona, kgotsa e le moengele eo o cwañ legodimoñ, ha a ka lo rèrèla mahoko a a molemō a sele kwa ntlè ga a re a lo reretseñ, a a hutsègè. Yaka re buile galè, ke bile ke bua yalo gapè, ka re, Ha motho moñwe a lo rèrèla Mahoko a a Molemō a sele kwa ntlè ga a, a lo a amogetseñ, a a hutsègè.”​—Bagalatia 1:6-9.

13. Ke ka ntlhayang fa Bagalatia ba ne ba sa tshwanela go gwetlha taolo ya ga Paulo?

13 Ke boammaaruri gore, mokwadi yoo, moaposetoloi Paulo, ga a ka a ithuta dithuto tsa Bokeresete la ntlha ka go ikopanya ga botho le Jesu Keresete ka sebele kana baaposetoloi ba Gagwe ba ba 12. Moragonyana, Paulo o ne a senya nakonyana le moaposetoloi Petere, kana Kefase. (Yohane 1:42; Bagalatia 1:18, 19) Mme mo go femeleng go nna ga gagwe modihedi yo o tshwanelegang wa mafoko a a molemo a a tswang go Modimo ka Keresete, Paulo o ne a ka bolelela Bakeresete ba ba sa tlhomamang ba Galatia jaana: “Me e rile ba lemoga tshegōhaco e ke e neilweñ, Yakobe, le Kefase, le Yohane, ba ba itsegeñ ha e le maotwana, ba neèla nna le Barenabase diatla tsa bolekane, gore re eè kwa go Badichaba, me bōnè ba eè go ba bogwèra.” (Bagalatia 2:9) Jalo Bagalatia bao ba ne ba tshwanetse go ipotsa gore: Fa baaposetoloi ba ga Jesu eleng Petere, Jakobe, le Johane ba amogetse Paulo jaaka motshodi wa mafoko a a molemo a boammaaruri, re na le motheo ofe wa go gwetlha molaetsa wa gagwe le go kgaogana le one?

14. Ke eng go sa gakgamatse go bo boemo jwa Basupi ba ga Jehofa jaaka badihedi bo gwetlhiwa?

14 Mme go ka tweng ka batho ba ga Jehofa gompieno? Tota, ereka motho yo o tshwanang le Paulo a ne a patelesega go femela ditshwanelego tsa gagwe jaaka modihedi wa Modimo le wa ga Keresete, ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go gakgamala fa rona, jaaka basupi ba ba ineetseng, le ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa, re gwetlhiwa le go tshwanelwa ke go femela seemo sa rona jaaka badihedi ba Bogosi? Tota, jaaka mo kgannyeng ya ga Paulo, go gwetlhiwa goo ga rona go go senang motheo ga go supe sepe.

Tota le Jesu o ne a Gwetlhiwa

15. Ke mang, yo o nang le boemo jo bogolwane go feta jwa boaposetoloi, yo le ene a neng a gwetlhiwa mabapi le taolo ya gagwe ya go ruta, mme o ne a lebisa taolo ya gagwe go mang?

15 Morena Jesu Keresete ka boene o ne a gwetlhiwa le go lebana le go se rate ga batho ba gagwe go mo amogela jaaka modihedi yo o tshwanelegang wa Modimo. Ka sekai, re bala jaana: “Me e rile yana go setse go le ha gare ga modihō, Yesu a tlhatlogèla kwa tempeleñ, me a ruta. Hoñ Bayuda ba gakgamala, ba re, Ana motho yo o itse yañ dikwalō, ka a se ka a ithuta gopè?” Jesu o ne a thulana le kgwetlho eo, ka go itsise go re: “Thutō ea me, ga se ea me, ke ea eo o nthomileñ. Ha motho leha e le mañ a rata go diha go rata ga gagwè, o tla itse kaga thuto, go re, a e cwa mo Modimon, kgotsa ke ipuisa hèla. Eo o ipuisañ hèla, o senka go ikgalaletsa: me eo o senkañ go galaletsa eo o mo romileñ, ke èna oa boamarure, me ga go na tshiamololō epè mo go èna.”​—Yohane 7:14-18.

16. Ke ka ntlhayang fa baeteledi-pele ba Sejuda ba ne ba ikutlwa ba na le mabaka a go gwetlha nonofo ya ga Jesu ya go ruta?

16 Baeteledi-pele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba leba Jesu jaaka Mo-Galaleanyana fela. Tota, ba ne ba sa akanye gore a ka se kgone go bala ka ntlha ya gore a ne a sa tsena sekole, segolo-bogolo sengwe se se tshwanang le sekolo sa boruti. Gakologelwa gore, Jesu o ne a setse a bontshitse gore o kgona go bala diteng tsa Dikwalo tsa Sehebera. (Luke 4:16-21) Seo se itshupileng se sa amogelege go Bajuda bao ba Judea le Jerusalema e ne e le gore yono yo pele e neng e le mmetli o ne a sa ithutela boruti mme ba ne ba se kake ba mmaya mo boemong jwa bakwadi, bafarasai, le Basedukai ba morafe wa bone. Ke ka ntlhayang, he, fa a ne a tshwanetse go iphaka phatlalatsa gore o itse seo Dikwalo tsa Sehebera di neng di se kaya le ka moo di neng di dira ka gone, a bua ka maatla a a ntseng jalo jaaka a ne a dira? Seno ke sone seo se dirileng gore Bajuda bao ba nne bosusu semoyeng go utlwa modumo wa boammaaruri jwa bomodimo. Ba ne ba le boikgodiso thata go amogela seo se neng se tswa mo mothong yo o neng a sa aloga kwa sekolong sa boruti.

“Go Rutwa ke Jehofa”

17. Malebana le Jesu Keresete, baeteledi-pele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba tlodisa Morutisi ofe matlho, mme Jesu e ne e le morutwana wa mofuta ofe?

17 Bajuda bao ba ba botlhale go ya ka lefatshe ba ile ba tlodisa matlho Yoo tota a neng a rutile Jesu Keresete. Aitsane, bokgoni jwa ga Jesu jaaka morutisi bo ne bo tswa go “morutisi yo mogolo go feta botlhe,” Jehofa Modimo! (Yobe 36:22, Today’s English Version) Fa a ne a lebisa go Modimo mo nonofong eno, Jesu o boletse jaana: “E tla re lo sena go tlhatlosa Morwa Motho, ediha gōna lo tla itseñ ha ke le èna; me le gōna lo tla itse ha ke sa dihe sepè ka nosi, me ke bua dilō tse hèla yaka Rara a nthutile.” (Yohane 8:28) Jalo Jesu 0 ne a itshupa e le morutwa yo mogolo mo sekolong sa lobopo sa Morutisi yo o kwa godimo-dimo yo o leng teng. Seno se ne se tlotla Yoo o mo rutileng. Ga go gakgamatse gore Ba-Nasaretha ba bo ba ile ba bolela jaana ka yoo pele e neng e le moagi ka bone wa toropo: “Monna eo o chotse botlhale yo, le ditihō tse tsa nonohō kae?”​—Mathaio 13:54.

18. (a) Re tshwanetse go batla morutisi wa mofuta ofe? (b) Jesu o boletseng kaga Morutisi yono yo mogolo go gaisa botlhe le bao ba rutwang ke Ene?

18 Gore re tlhaloganye Bibela, re batla le go tlhoka morutisi yo o botoka ka mo go ka kgonagalang. Mme morutisi yoo ke Motlhotlheletsi wa Buka eo e e sa gaisiweng ke epe. Fa a ne a bua le bao e neng e le maloko a phuthego e e bonalang, ya morutisi yoo ya selefatshe ka nako ya fa a ne a tshela mo lefatsheng, Jesu o ne a bolela jaana: “Ga go motho opè eo o ka tlan mo go nna, ha Rara eo o nthomileñ a sa mo goge: me ke tla mo cosa mo letsatsiñ ya bohèlō. Go kwadile mo baperofetiñ, ga twe, Me ba tla rutwa ke Modimo botlhe hèla. Moñwe le moñwe eo o utlwileñ mo go Rara, me a ithutile, o tla mo go nna.” (Yohane 6:44, 45) Jesu moo o ne a tsopola Isaia 54:13, e e balegang ka gore: “Bana ba gago botlhe ba tla rutwa ke Yehofa; kagisho ea bana ba gago e tla nna kgolo.”

19. Ke “bana” ba ga mang ba ba neng ba tshwanetse go rutiwa ke Jehofa?

19 Lefa go ntse jalo, re botsa jaana: Ke “bana” ba ga mang bao ba neng ba tshwanetswe go nna ‘ba ba rutiwang ke Jehofa’? Tsholofetso eo ya boperofeti e ne e direlwa “mosadi” wa tshwantshetso, mmè yo o solofetsang wa “bana” ba ba rileng. “Mosadi” yono ke yoo go buiwang ka ena mo go Isaia 54:1, koo go bolelwang jaana gone: “Ōpèla, wèna moopa, wèna eo u e señ u bone ñwana; pōnyèga ka sehala, u goè thata, wèna eo u e señ u nne mo pelegoñ: gonne go bantsi bana ba eo o lore, go heta ba mosadi eo o nyecweñ; go bua Yehofa.”

20. Malebana le 2 Bakorintha 13:5, Bakeresete ba ba ineetseng ba tshwanetse go tswelapele ba dirang, mme se se amana jang le tshwanelego ya bone jaaka badihedi ba Bogosi?

20 Ereka Jehofa e le Ene yo o buang ka “mosadi” yono mme o tshwanelwa ke go nna Morutisi wa “bana” ba gagwe, o tshwanetse ke go nna Monna wa gagwe wa tshwantshetso, mme o tshwanetse go nna phuthego ya gagwe ya selegodimo ya seka-mosadi. “Bana” ba gagwe ke diithuti tsa “morutisi yo mogolo go gaisa botlhe.” Tota, go botlhokwa gore “bana” bao, balatedi ba ga Jesu ba ba tloditsweng, le balekane ba bone, “boidiidi yo bogolo,” ba tswele-pele go diragatsa taelo eo e neetsweng ke Jehofa. (Tshenolō 7:9) Ruri eo ke tsela e nngwe ya go tlhokomela tlhagiso eno ya ga Paulo: “Itekeñ ka losi bo lo mo tumeloñ; itlhotlhomiseñ rure.” (2 Bakorintha 13:5) Fa Bakeresete ba ba ineetseng le ba ba kolobeditsweng ba tswelapele ka go dira seno le go nna diithuti tse di tlhaga tsa Morutisi yo mogolo go gaisa botlhe, ba tshwanetse go nna le tshwanelo e e tlhokegang jaaka badihedi ba Bogosi ba ba laotsweng ke Jehofa. Re tla bona mo go se se latelang gore badihedi ba Modimo ba bontsha tshwanelego ya bone jang.

O Ne O Ka Reng?

◻ O ka supa jang gore Jehofa o na le badihedi mo lefatsheng?

◻ Ke eng seo se neng se tshwantshetswa ke Jerusalema o o neng a “katakwa ke Badichaba”?

◻ Ka gonne merafe e tlhokomologile Bogosi, Jesu o ne a tshwanelwa ke go dirang?

◻ Ke ka ntlhayang fa go sa gakgamatse go bo boemo jwa Basupi ba ga Jehofa jaaka badihedi bo gwetlhiwa?

◻ Ke eng seo se neng sa tlodisiwa matlho ke baeteledi-pele ba bodumedi bao ba neng ba gwetlha bokgoni jwa ga Jesu jwa go ruta?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Jaaka Jehofa a dirisitse Daniele go tlhagisa batla-modirong wa ga Beleshasara jalo O na le badihedi go neela molaetsa o o potlakileng gompieno

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Baeteledi-pele ba bodumedi ba ne ba le boikgodiso thata le eleng go amogela Jesu Keresete jaaka modihedi wa Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela