Go Rata Modimo ga Lelapa la Etsho Go sa Kgathalesege Kgolegelo le Loso
Jaaka go boletse Magdalena Kusserow Reuter
MOGOLOLE wa mosimane ebong Wilhelm o ne a tla tsoga a bolawa ke MaNazi mo mosong o o latelang. Molato wa gagwe e ne e le eng? Go gana go direla mo mophatong wa Jeremane wa sesole ka ntlha ya segakolodi! O ne a le dingwaga di le 25 mme o ne a itse sentle ka go bolawa ga gagwe ke setlhopha se se thuntshang go go neng go atamela. Mo bosigong joo jwa April 26, 1940, o ne a re kwalela lekwalo le le latelang go re laela, leo e rileng a le fetsa a bo a ya go ithobalela ka kagiso mme a robala monate.
“Batsadi, barwarre, le bokgaitsadiake ba ba rategang:
Lotlhe lo itse gore lo botlhokwa go le kanakang mo go nna, mme ke gakologelwa seno gangwe le gape fa ke leba setshwantsho sa rona sa lelapa. Abo dilo di ne di tsamaya ka kutlwano kwa gae jang ne. Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go rata Modimo bogolo go tsotlhe, jaaka Moeteledi-pele [Führer] wa rona Jesu Keresete a laetse. Fa re mo emela, o tla re duela.”
Wilhelm wa rona yo o rategang o ne a akanya ka rona mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo—batsadi ba gagwe ba Bakeresete le bomorwa-rragwe ba le batlhano le bokgaitsadie ba le batlhano, lelapa le legolo ka mo go sa tlwaelegang le leo le utlwanang. Mo dikhuduegong tsa nako eo, re ne ra dira jaaka lelapa gore lorato Iwa rona mo Modimong le tle pele ka metlha.
Legae la Rona la “Golden Age”
Batsadi ba me, Franz le Hilda Kusserow, e ne e le Baithuti ba ba tlhoafetseng ba Bibela, kana Bibelforscher (Basupi ba ga Jehofa), go tloga ka nako eo ba neng ba kolobediwa ka yone ka 1924, ngwaga oo ke neng ka tsalwa jaaka ngwana wa bone wa bosupa ka one. Dingwaga tsa bosha tseo re neng ra di tshela le batsadi ba rona re le bana ba le 11 di nnile nako e e molemo. Ereka rre a ne a tlogela tiro ya boitshediso a santse a le mosha, o ne a kgona go dirisetsa nako e ntsi mo go rona. O ne a dira seno tumalanong le melao-metheo ya Bibela. Go ne go sa fete letsatsi re sa amogela kgakololo le tao tsa Bibela. Batsadi ba rona ba ne ba lemogile gore go ka se itiragalele fela gore bana e nne babaki ba ga Jehofa fela ka ntlha ya gore batsadi ba bone e le Bakeresete.
Ka 1931 rre o ne a amogela taletso ya Mokgatlho wa Watchtower ya go fudusetsa lelapa la gagwe le legolo kwa lefelong leo le neng le sena phuthego ka nako eo. Kwa Paderborn le mafelo a a gaufi—mo e ka nnang ditoropo le metsana di le 200 di ne di akarediwa—re ne re na le tiro e ntsi go e dira mo go rereng molaetsa wa Bogosi. Kgaitsadiake wa mosetsana, ebong Annemarie, o ne a direla jaaka mmulatsela yo o kgethegileng, mme Rre le Kgaitsadiake, ebong Siegfried, yo o neng a na le dingwaga di le 15, jaaka babulatsela ba ka metlha.
Batho ba ne ba kgona go bona matshwao a mabedi a magolo ao a neng a kwadilwe ka pente mo matlhakoreng a mabedi a ntlo ya etsho kwa Bad Lippspringe le eleng fa ba le kgakala. Koo, kwa Jeremane, rre o ne a kwadile jaana: LESEN SIE ‘DAS GOLDENE ZEITALTER’ (BALA ‘THE GOLDEN AGE,’ leina la ntlha la makasine wa Awake!) Ntlo eo e ne e agilwe gaufi le seporo sa terempe se se magareng ga Paderborn le Detmold. Nako le nako fa terempe e ema fa pele ga ntlo eo, mokgweetsi o ne a goa jaana: “Boemela-terempe, jwa GOLDEN AGE!” Mme eleruri, ntlo ya etsho, e e neng e agilwe mo lebaleng la diakere di le tharo (1,2 ha) mme e dikologilwe ke tshingwana e ntle e e nang le ditlhare le ditlhatshana, e ne ya fetoga lefelo le le botlhokwa la thuto le tiro, tsotlhe di ne di theilwe mo motlheng o o itumedisang wa Bogosi jwa Modimo jo bo tlang.—Mathaio 6:9, 10.
Tsotlhe ka Kutlwano
Lelapa le le segofaditsweng ka bana ba bantsi jalo le ne le tlhoka thulaganyo. Gantsi go ne go na le merogo le maungo go kotulwa. Dikoko le dipidipidi di ne di tshwanetse go tlhokomelwa, mme kwanyana ya mo lelapeng e ne e batla tami ya yone. Boraki “Fiffi” le katse “Pussi,” gape le “maloko” a a rategang a lelapa, di ne di tlhoka tlhokomelo. Jalo Rre o ne a rulaganya tiro ya go tlhokomela legae, go dira tshingwana, le go tlhokomela diphologolo tsa fa gae. Ngwana mongwe le mongwe o ne a tsaya karolo mo ditirong tse di farologaneng, tseo di neng di fapaanelwa beke le beke ke basimane le basetsana.
Gape rre, o ne a akareletsa le nako ya boitapoloso, e e neng e akareletsa mmino, go penta, le dilo tse dingwe di le mmalwa, tsotlhe di okametswe ke Mmè, moruta-bana wa setswerere. Re ne re na le dibaeyoline di le tlhano, piano, kwadi ya lotlhaka, dikorosetena di le pedi, katara, le diphala di le mmalwa. Ee, batsadi ba rona ba ne ba sa okamele tiro ya rona ya kwa gae ya sekolo fela mme gape ba ne ba dira gore mmino le go opela e nne karolo ya thulaganyo ya rona ya thuto.
Se gompieno ke se tsayang e le sa botlhokwa-tlhokwa ke gore ga go letsatsi lepe le le neng la feta re sa amogela tao ya semoya, e ka ne e le ka go amogela dikarabo tsa dipotso tsa rona mo tafoleng kana ka go ithuta ditemana tsa Bibela ka tlhogo. Rre gape o ne a pateletsa gore re ithute go itlhalosa ka nepo. Ka mafoko a mangwe, re ne re na le botshelo jo bo molemo jwa lelapa, go feta jo bo ka anelwang ke polelo epe. Tota, le rona re ne re na le makoa a rona, mme gantsi Rre o ne a re otlhaya ka mafoko a a neng a re tlhaba go feta kotlhao epe ya mmele. Ka metlha o ne a re ruta go kopa tshwarelo fa re dirile diphoso le go itshwarela ba bangwe. Ka nako eo re ne re sa lemoge ka moo thapiso eno e neng e tla nna botlhokwa ka gone.
Paul-Gerhard yo monnye, yo eleng leloko la bofelo la lelapa, o tsetswe ka 1931. O ne a amogelwa ke barwarragwe ebong, Wilhelm, Karl-Heinz, Wolfgang, Siegfried, le Hans-Werner, gammogo le nna le bokgaitsadie, Annemarie, Waltraud, Hildegard, le Elisabeth.
Pogiso e a Simologa
Mo e ka nnang ka yone nako eo Adolf Hitler o ne a simolola go busa kwa Jeremane. E ne ekete Rre o ne a itse gore mathata a ne a tla, mme a re baakanyetsa dingwaga tse di thata tse di neng di tla tla. O ne a re bontsha go tswa mo Bibeleng gore Basupi ba bangwe ba ba ikanyegang ba ne ba tla bogisiwa, ba tsenngwa mo kgolegelong, le e leng go bolawa. (Mathaio 16:25; 2 Timotheo 3:12; Tshenolō 2:10) Ke gakologelwa fa ke ne ke akanya gore tota seno se ne se ka se diragalele lelapa la etsho. Ke ne ke itse go le gonnye ka seo isagwe e neng e re tshwaretse sone.
Matlhotlhapelo a ntlha e ne e le loso lwa kgatsadiake ebong Siegfried fa a ne a betwa ke metsi ka kotsi a le dingwaga di le 20. Morago ga moo ka dikgakologo tsa 1933 re ne ra beiwa leitlho ke Ma-National Socialists, bao gompieno ba itseweng jaaka Ma-Nazi. Mapodisi a ditlhodi a ne a laela gore matshwao a a mo ntlung ya etsho a phimolwe ka pente. Mme pente ya matsatsi ao e ne e le bokoa mo o neng o santse o ka bona “GOLDEN AGE” e bonala ka go phatsima! Mme mokgweetsi wa terempe o ne a tswelela go goa jaana: “Boemela-terempe, jwa GOLDEN AGE!”
Dikgatelelo di ne tsa ya di ntse di thatafala ka iketlo. Basupi ka rona, bao ba neng ba tshwerwe makgwakgwa ke Gestapo, ba ne ba senka botshabelo mo legaeng la etsho. Madi a botsofe a ga Rre a ne a kgaolwa gonne a ne a gana go re “Heil Hitler.” Magareng ga 1933 le 1945, Gestapo e ne ya keleka ntlo ya etsho makgetlho a ka nna 18. Mme a seno sotlhe se ne sa re tshosa rona bana? Mogolole ebong Waltraud o gakologelwa jaana: “Le eleng fa pogiso e ne e ntse e gola, lefa go ntse jalo re ne re bona nonofo go tswa mo batsading ba rona, bao ba neng ba ithuta Bibela le rona ka metlha. Re ne re santse re latela thulaganyo ya ga Rre.”
Bonnake ba mo Kgatelelong
Bonnake ba babotlana mo go rona ba ne ba ya sekolong letsatsi le letsatsi, re tshwere dipelo ka matsogo. Baruta-bana ba ne ba batla gore re dumedise folaga, re opele dipina tsa Bo-Nazi, le gore re re “Heil Hitler” re ntse re tsholeditse matsogo. Re ne re dirilwe dilo tse di tshegisang ka ntlha ya gore re ne re gana. Mme ke eng se se re thusitseng go nna re nitame? Re dumalana rotlhe gore sephiri e ne e le gore Rre le Mmè ba ne ba tlotla le rona ka mathata a rona a botho letsatsi le letsatsi jaaka a ne a diragala. (Baefesia 6:4) Ba ne ba re bontsha ka moo re ka itshwarang le go iphemela ka Bibela ka gone. (1 Petere 3:15) Gantsi re ne re tshwara dithulaganyo tsa go ikatisa, re botsa dipotso le go neela dikarabo.
Nnake wa mosetsana ebong Elisabeth o gakologelwa teko e e diphatsa e a neng a nna le yone jaana: “Nako e e boima go feta mo go rona e re se kitlang re e lebala le ka motlha e ne e le fa, ka dikgakologo tsa 1939, mogokgo wa sekolo o ne a re latofatsa rona bana ka gore re ne re tlhokomologilwe semoyeng le mo boitsholong mme a rulaganya le kgotla-tshekelo gore re tlosiwe mo sekolong ka ponyo ya leitlho le go isiwa ka dikgoka kwa lefelong le le sa itsiweng. Ke ne ke na le dingwaga di le 13, Hans-Werner a na le dingwaga di le 9, mme Paul-Gerhard yo monnye a na le dingwaga di le 7 fela.”
Bosheng jaana, morago ga dingwaga di le 40, Paul-Gerhard o ne a amogela lekwalo go tswa go mosimegi yo segakolodi sa gagwe se neng se santse se mo tshwenya. O kwadile jaana: “Ke ne ke le lepodisi le le neng la lo isa kwa sekolong sa diganana wena mmogo le monnao wa mosimane le wa mosetsana. Ke ne ka lo isa gone bosigong joo.” Akanya fela, bana bao ba bararo ba ba ka se iphemeleng ba ne ba tlosiwa mo sekolong ka dikgoka kwantle ga go itsise batsadi ba rona!
Mmè o ne a leka go batlisisa gore ba isitswe kae. Labofelo, morago ga dibeke di le mmalwa, o ne a ba bona kwa sekolong sa diganana kwa Dorsten. Ka bonako mokaedi o ne a lemoga gore bana bao ba ne ba na le maitseo mme ba ne ba sa tshwanela go nna koo, ka jalo morago ga dikgwedi di le mmalwa ba ne ba gololwa. Mme ba ne ba palelwa ke go fitlha kwa gae. Go ne go diragetseng?
Bonnake ba basimane le wa mosetsana ba ne ba thibetswe ke Gestapo mme ba tsewa go tswa kwa Dorsten ba isiwa kwa Nettelstadt gaufi le Minden mme ba bewa kwa sekolong sa go thapisa sa bo-Nazi. Go etelwa ke ba-losika, tota, go ne go thibetswe, mme mmè o ne a leka ka ditsela tsotlhe tse di neng di ka kgonega go nonotsha bana ba gagwe, go akareletsa le go romela makwalo a a fitlhegileng. Ka nako nngwe o ne a kgona le eleng go kopana le go bua le bone mo sephiring. Moragonyana bana bao ba ne ba kgaoganngwa le go isiwa kwa mafelong a a farologaneng. Lefa go ntse jalo, ba ne ba boloka bothokgami, mme ba gana go dumedisa folaga kana go re “Heil Hitler.” Ba ne ba supa go Ditihō 4:12, mo go bolelwang jaana ka Jesu: “Ga go nna poloka [Heil, ka Sejeremane] mo go ōpè o sele.”
Lelapa Lotlhe le Tsenngwa mo Tekong
Ka nako eo, Rre o ne a goga dikwebo tse pedi tsa kgolegelo. Ka August 16, 1940, o ne a gololwa mo kgolegelong, mme morago ga dikgwedi di le robedi o ne a boa a romelwa kgolegelong kwa Kassel-Wehlheiden. Mme abo go ne go itumedisa jang ne gore a kgone go re kolobetsa re le bararo mo lobakanyaneng loo a neng a golotswe ka lone—Hildegard yo o neng a na le dingwaga di le 19, Wolfgang yo o neng a na le dingwaga di le 18, le nna, ke le dingwaga di le 16 ka nako eo.
Rre o ne a isiwa kgolegelong lwa bobedi ka nako e Mmè le Hildegard ba neng ba tsentswe mo kgolegelong ka yone. Le nna ke ne ka isiwa kwa kgotla-tshekelong, mme ka atlholelwa go nna mo kgolegelong ya bonosi ya basha kwa Vechta ke na le dingwaga di le 17. Koo go ne go se na sepe seo ke neng ke ka se dira. Go tsoga phakela le go nna fela letsatsi lotlhe o lebile dipota tse ditshweu-tshweu go ne go se motlhofo. Ke ne ka leka ka mo go ka kgonegang ka gone go gakologela seo ke neng ke se ithutile mme ke ne ka gakgamadiwa ke mahumo a semoya ao ke neng ka a bona. Ke ne ke gakologelwa dipina tsotlhe tsa Bogosi mme ka dira ditlhogo tsa Bibela. Abo ke ne ka lebogela thapiso e e kelotlhoko e batsadi ba me ba neng ba e nneile jang ne!
Fa dikgwedi tsa me tsa ntlha di le thataro mo kgolegelong di ne di atametse go fela, mokaedi wa kgolegelo o ne a mpiletsa kwa ofising ya gagwe mme a tlhalosa gore ke ne ke tla gololwa fa nka saena pampiri ya go itatola ditumelo tsa me jaaka thuto ya maaka. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go femela tumelo ya me gape. O ne a didimala. Morago a bua ka lentswe la kutlo-botlhoko gore o ne a tla tshwanelwa ke go mpusetsa go Gestapo. Morago ga dikgwedi di le nne ke ne ka isiwa kwa kampeng ya pogisetso ya Ravensbrück.
Mmè le Hildegard ba ne ba santse ba le kwa kgolegelong e nngwe. Ke ne ka kopana le bone moragonyana fa ba ne ba abetswe kwa Ravensbrück. Ka jalo nna le Mmè re ne ra kgona go nna mmogo go fitlhela ntwa e fela. Annemarie le Waltraud ba ne ba le kwa kgolegelong le bone. Leloko lengwe le lengwe la lelapa jaanong le ne le tsentswe mo kgolegelong kana le tserwe ka dikgoka. Ntlo e kgolo kwa Bad Lippspringe, e e kileng ya bo e tletse ka ditshego le go opela tsa bana ba ba itumetseng, jaanong e ne e le lolea. Matshwao a a mo matlhakoreng a ntlo ka bobedi a ne a phimotswe gangwe le gape ka pente. GOLDEN AGE e ne e sa tlhole e bonala.
Ditsala le Baba—Kwa Ravensbrück
Fa ke fitlha kwa Ravensbrück, ke ne ke lebile pele go kopana le Basupi ba bangwe go sa kgathalesege go golegwa ga me. Mme ke ne ke tla ba bona jang mo gare ga dikete tseo tsotlhe tsa bagolegwa? Karolo ya thulaganyo ya go amogela batla-bosheng e ne e le go runwa dinta. Mogolegwa yo o neng a tlhatlhoba tlhogo ya me o ne a botsa ka lentswe le le kwa tlase a re “ke ka ntlhayang fa o le fano?” “Ke Le-Bibelforscher” ka mo araba jalo. “O amogelwa ka atla tsoopedi, kgaitsadiake yo o rategang,” a araba jalo ka boitumelo! Go tloga foo ke ne ka isiwa kwa karolong ya Ma-Bibelforscher koo Kgaitsadi Gertrud Poetzinger a neng a nkisa gone ke tlhokometswe ke ene.
Mo letsatsing le le latelang ke ne ka bilediwa kwa ofising ya molaodi wa kampa eo. Fa godimo ga tafole ya gagwe go ne go na le Bibela e kgolo e butswe mo go Baroma kgaolo 13. O ne a ntaela gore ke bale temana ya ntlha, e e reng: “A motho moñwe le moñwe a ineele mo go utlwen babusi ba bagolo.” Morago ga fa ke sena go fetsa o ne a re: “Mme jaanong o tla ntlhalosetsa gore ke ka ntlhayang fa o sa batle go utlwa babusi ba bagolo.” Ke ne ka araba jaana: “Gore ke tlhalose seno, ke tla tshwanelwa ke go bala kgaolo eo yotlhe.” Ka seno o ne a tswala Bibela ka mafega mme a nkoba. Ka gone ke ne ka simolola dingwaga tsa me di le tharo le sephatlho kwa Ravensbrück.
Kwantle ga bosetlhogo jwa balebedi ba Ma-SS, gongwe karolo e e botlhoko-tlhoko ya boitemogelo joo e ne e le mariga. Re ne re atisa go emela go balwa ga semmuso ga mongwe le mongwe ga moso mongwe le mongwe ka mela kwa ntle mo serameng. Seno se ne se simolola ka 4 a.m. mme se ne se ka tsaya mo e ka nnang dioura di le pedi go ya go di le tlhano! Re ne re sa letlelelwa go tsenya diatla tsa rona mo dikgetseng, mme ke ne ka nna le manga mo diatleng le mo dinaong tsa me mme ke ne ke tlhoka go alafiwa.
Mme gape re ne ra dirisetsa dioura tseo tse di senngwang mo meleng go agelelana semoyeng. Fa balaodi ba Ma-SS ba ne ba le kgakala go ka utlwa, re ne re boeletsa temana rotlhe ka go e bua ka go refosana mme ka gone re tlhoma megopolo ya rona mo Lefokong la Modimo. Mo lekgetlhong lengwe re ne ra ithuta Pesalema 83 rotlhe, re e boeletsa ka go latelana, re tlhokometse gore go se nne le modisa ope yo o neng a ka re tshwara. Thuso eno ya semoya e ne ya re thusa go itshoka. Mme a re boeleng go dikgakologo tsa 1940.
Moswela Tumelo wa Ntlha
Kgaitsadiake ebong Wilhelm o ne a atlholelwa loso le go bolawa phatlalatsa mo tshingwaneng ya kokelo kwa Münster. E ne e le moswela tumelo wa ntlha mo lelapeng. Nna le Mmè re ne ra mo etela nakwana pele ga loso lwa gagwe. Re ne ra kgatlhiwa thata ke go diga maikutlo ga gagwe ga bopelokgale. O ne a batla go re Mmè a tseye baki ya gagwe, mme a re, “Ga ke e tlhoke jaanong.”
Hitler o ne a gana boikuelo jwa boraro jwa ga Wilhelm kgatlhanong le go atlholelwa loso mme a saena tetla ya polao ya gagwe ka sebele. Mme lefa Wilhelm a ne a sena go bofiwa matlho, o ne a neelwa sebaka sa bofelo sa go itatola tumelo ya gagwe. O ne a gana. O ne a kopa eng lwa bofelo? Gore ba mo thuntshe ka tlhamalalo. Moragonyana mogakolodi wa gagwe yo o tlhophilweng wa kgotla-tshekelo o ne a kwalela lelapa leno jaana: “O ne a swa ka yone nako eo fela, a kopana le loso lwa gagwe a eme a tlhamaletse. Boikutlo jwa gagwe bo kgatlhile kgotla-tshekelo le rona botlhe thata. O sule tumalanong le ditumelo tsa gagwe.”
Mmè o ne a ya kwa Münster go lopa setopo ka yone nako eo. O ne a ikemiseditse go mo fitlha kwa Bad Lippspringe. Jaaka a rile: “Re tla neela batho ba ba neng ba mo itse bosupi jo bogolo.” O ne a oketsa ka gore, “Ke tla duedisetsa Satane go bolaya Wilhelm wa me.” O ne a dira kopo ya gore Rre a newe malatsi a le mane a boikhutso go tswa kwa kgolegelong gore a tle phitlhong, mme se se neng sa re gakgamatsa e ne ya amogelwa!
Rre o ne a dira thapelo kwa phitlhong, mme Karl-Heinz, morwa wa bobedi yo mogolo, o ne a bua mafoko a Bibela a go gomotsa batho ba bantsi-ntsi ba ba neng ba phuthegile kwa lebitleng la ga Wilhelm. Dibeke di sekae moragonyana ga moo, Karl-Heinz le ene o ne a romelwa kwa kampeng ya pogisetso kwa ntle ga go sekisiwa, lwantlha kwa Sachsenhausen mme moragonyana kwa Dachau.
Moswela Tumelo wa Bobedi
Kgaitsadiake yo mongwe, ebong Wolfgang, o ne a emela Modimo wa boammaaruri fa a ne a kolobediwa, lemororo a ne a ntse a itse gore seno se ne se ka isa losong lwa gagwe. Mme o ne a ka se lebale dikai tse di tlhomologileng tsa go nitama tsa ga rragwe le bomogolowe ba basimane, tota tsa lelapa lotlhe. Ka March 27, 1942, ngwaga le sephatlho morago ga go kolobediwa ga gagwe, o ne a kwala lekwalo le le latelang la go laela a le mo ntlo-kgolegelong kwa Berlin ka boene:
“Jaanong, jaaka morwa wa lona wa boraro le kgaitsadialona, ke tshwanela go le tlogela ka moso mo mosong. Lo seka Iwa utlwa botlhoko, gonne nako e tla tla eo re tla nnang mmogo gape ka yone . . . Abo boitumelo jwa rona bo tla nna bogolo jang ne ka nako eo, fa re kopanngwa gape! . . . Ga jaana re kgaogantswe, mme mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go itshokela teko; ke gone re tla duelwang.”
Hitler o ne a sweditse gore go bolawa ka go thuntshiwa go ne go le molemo thata go baganetsi ka ntlha ya digakolodi tsa bone. O ne a laela gore ba kgaolwe tlhogo ka motshini o o bolayang batho. Wolfgang o ne a kgaolwa tlhogo kwa kgolegelong ya Brandenburg jaaka moswela tumelo wa lelapa la etsho wa bobedi. O ne a na le dingwaga di le 20 fela.
Go Rata Modimo go Santse go Tla Pele
Go diragetseng ka maloko a lelapa a a neng a falola mo nakong ya bo-Nazi? Waitraud le Hans-Werner e ne e le ba ntlha go goroga kwa Bad Lippspringe fa Ntwa ya Lefatshe II e sena go fela. Ga latela Hildegard, Elisabeth, le Paul-Gerhard. Rre, yo o neng a robegile leoto, o ne a leba gae a itsentse fa gare ga dinku tse di neng di pegilwe mo koloing ya diphologolo.
“Re ne re itumetse thata go bona Rre a golotswe mme a na le rona gape. Mme o ne a lwala thata. Ka June 1945, mooki o ne a tlisa kgaitsadiake Karl-Heinz yo o neng a lwala mo go maswe go tswa kwa kampeng ya pogisetso ya Dachau. Ka July 1945, Annemarie, o ne a boa ka tsela e e modikologa go tswa kwa kgolegelong ya Hamburg-Fuhlsbüttel. Maloko a bofelo a lelapa, Mmè le Magdalena, ba ne ba boa go tswa Ravensbrück ka September 1945 morago ga mathata a le mantsi. Abo re ne re na le go le gontsi jang ne go bua ka gone!” go gakologelwa jalo Waltraud.
A lobaka lono lwa pogiso le lwa go latlhegelwa ga lelapa lo ne lwa bolaya lorato lwa rona go Modimo? Le eseng! Rre, lemororo a ne a lwala, ga go na nako e a neng a didimala ka yone go fitlha fa a sena go rulaganya tiro gape, go akareletsa le tiro ya go rera ka ntlo le ntlo, le go rulaganyetsa go tshwarwa ga dipokano. Fa re ntse re dira thulaganyo ya lelapa, e e neng e neela tlhokomelo go ba ba lwalang le go tlhokomela tlhokafalo ya go itshedisa, re ne ra seka ra lebala gore lorato lwa rona go Modimo lo tshwanetse go tla pele. Re ne re akanyetsa dikgonagalo tsa tirelo ya nako e e tletseng. Ka gone nna le Elisabeth re ne ra nna babulatsela ba ba kgethegileng ka 1946, fa Annemarie le Paul-Gerhard ba ne ba direla jaaka babulatsela ba ka metlha.
Matswela
Mme matswela a pogiso mo botsogong jwa rona a ne a akofa go tlhagelela. Ka October 1946, Karl-Heinz o ne a bolawa ke bolwetsi jwa mafatlha a le dingwaga di le 28. Ka July 1950 Rre wa me yo o rategang o ne a wetsa tirelo ya gagwe ya mo lefatsheng ka tumelo ya gore ditiro tsa gagwe di ne di tla tsamaya nae. Mmè, yo o neng a na le tsholofelo ya legodimo ka mo go tshwanang, o ne a tlhokafala ka 1979. (Bona Tshenolō 14:13.) Elisabeth o ne a tshwanelwa ke go tlogela tirelo ya gagwe ya nako e e tletseng mme a tswelela ka boikanyegi go isa losong lwa gagwe ka 1980. Ka 1951 Mmè o ne a tsere tirelo ya bobulatsela mme, lemororo a ne a fetile dingwaga di le 60, o ne a kgona go tswelela dingwaga di le tharo le sephatlho. Mme abo e ne e le boitumelo jo bogolo jang ne mo go ene go bona bontsi jwa ditlogolwana tsa gagwe bo tsaya tirelo ya nako e e tletseng pele ga a tlhokafala.
Nnake yo mmotlana wa mosimane, ebong Paul-Gerhard, o ne a dira kwa bogatisetsong jwa Bethele ya kwa Jeremane go fitlha a lalediwa go ya sekolong sa borongwa sa Gileade. O ne a aloga le setlhopha sa bo-19 ka 1952. Morago ga tirelo ya nako e e tletseng ka dingwaga di le mmalwa tse di oketsegileng, o ne a patelesega go tlogela fa mosadi wa gagwe a ne a lwala thata. Lemororo jaanong a tshelela mo bolaong fela, o direla jaaka mogolwane, mme Brigitte morwadia bone jaanong o direla jaaka mmulatsela yo o kgethegileng. Morwa wa bone ebong Detlef o na le dingwaga di le 14 a bula tsela. Bana ba ga Elisabeth ba babedi, Jethro le Wolfgang, le bone ba na le dingwaga di le dintsi mo tirelong ya nako e e tletseng.
Le nna, ka 1948, ke ne ka ya go direla kwa Bethele ya Wiesbaden. Ke ne ka ikutlwa ke bolokesegile mo lelapeng la Bethele, fela jaaka kwa gae. Re ne re dira ka natla, gantsi re ne re dira go fitlha bosigo, re pagolola dithomelelo tse dikgolo tsa dibuka go tswa kwa ntlo-kgolong ya Brooklyn. Ka 1950 ke ne ka nyalwa ke George Reuter, modiri-ka-nna wa Bethele. Ka go dira jalo, ke ne ka simolola nako e ntsha, ka maitemogelo a a molemo kafa letlhakoreng la monna wa me mo potologong, mo kgaolong le mo tirelong ya borongwa kwa Togo, kwa Afrika, kwa Luxembourg, mme jaanong kwa borwa jwa Spain.
Mme go tweng ka maloko a mangwe a lelapa? Ka 1960, Annemarie, Waltraud, le Hildegard, mmogo le Mmè, ba ne ba fudugela kwa toropong e kgolo ya Jeremane koo ba neng ba ka dira le diphuthego tse di buang Seesemane le Setadiana. Hildegard, yo o falotseng mo e ka nnang dingwaga di le tlhano a le kwa kgolegelong le kwa dikampeng tsa pogisetso, labofelo o ne a fenngwa ke loso ka 1979. Annemarie le Waltraud ba tsweletsepele ka tiro ya bona ya boineelo le ya go intsha setlhabelo.
Ruri, lelapa la rona, leo lorato lwa lone go Modimo le neng le tla pele, le itemogetse mafoko a ga Jesu a gore “diabolo o tloga a latlhèla bañwe . . . mo tluñ ea kgolegèlō,” a leka boikanyego jwa batlhanka ba Modimo “le go ea kwa loshuñ.” Mme le ka motlha ga re a lebala gore Jesu gape o buile a re: “Eo o henyañ ga a ketla a utlwisiwa botlhoko ke losho loa bobedi.”—Tshenolō 2:10, 11.
Ka gone, re na le mabaka otlhe a go leba pele kwa go kopanngweng kwa “GOLDEN AGE” e e tlang—e sa tlhole e kwadilwe fela mo loboteng ka pente. E tla nna ya mmatota mo Bogosing jwa Modimo!—Tshenolō 20:11–21:7.
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Setshwantsho sa bofelo sa lelapa lotlhe se se neng sa tsewa. Go tswa molemeng go ya mojeng, kwa morage: Siegfried, Karl-Heinz, Wolfgang, Rre, Mme, Annemarie, Waltraud, Wilhelm, Hildegard. Kwa tlase: Paul-Gerhard, Magdalena, Hans-Werner, le Elisabeth
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Ntlo ya lelapa e e neng e agilwe kwa boemela-terempe jwa “GOLDEN AGE”