A Bakeresete Botlhe Ba Boammaaruri Ba Tshwanetse Go Nna Badihedi?
“Dilō cotlhe di cwa mo Modimoñ, o o re itetlanyeditseñ ka Keresete, me tihèlō ea tetlanyō oa e naea rona.”—2 BAKORINTHA 5:18.
1. Mo metlheng ya ga Paulo boemo jwa setlhopha sa baruti e ne e le bofe mo phuthegong?
“GO NE go sena pharologano [mo motlheng wa ga moaposetoloi Paulo] gareng ga baruti le maloko a mangwe a kereke gonne go ne go sena baruti.” Pego e e gakgamatsang eo, e e neng e phasaladitswe go Times ya London, e bontsha boammaaruri jwa motheo mabapi le Bokeresete jwa pele. Go ne go sena dikgaogano mo gare ga baruti le maloko a mangwe a kereke. A seo se kaya gore phuthego ya Bokeresete e ne e sena ketelelo-pele epe e e bonalang? Mme a go ne go sena badihedi lefa e le ka tsela epe?
2. Ke ketelelo-pele ya mofuta ofe eo e neng e le teng mo phuthegong ya pele? (Bafilipi 1:1)
2 Nako nngwe morago ga Pentekoste, 33 C.E., jaaka palo ya Bakeresete ba ba tloditsweng e oketsega ka dikete, go ne ga tlhokega gore go tlhophiwe banna ba ba tshwanelang mo phuthegong nngwe le nngwe go direla jaaka balebedi le batlhanka ba bodihedi. Mme ba ne ba sa bope setlhopha sa baruti. Go tlhophiwa ga bone go ne go sa ikaega ka thuto ya unibesithi, kana sekolo sa boruti. Ba ne ba sa amogele tuelo ya ditirelo tsa bone. E ne e le banna ba ba boikokobetso ba na le ditshwanelo tsa semoya, ba tlhophilwe ke moya o o boitshepo gore ba tlhokomele letsomane. A gone e ne e le bone fela bao ba neng ba rera ‘mafoko a a molemo a Bogosi’? A e ne e le bone fela badihedi mo phuthegong?—Mathaio 24:14; Ditihō 20:17, 28; 1 Petere 5:1-3; 1 Timotheo 3:1-10.
3, 4. Go ya ka Paulo, ke bomang bao ba neng ba arola mo bodiheding jwa Bokeresete?
3 Dipotso tseno di arabiwa ke kgakololo ya ga Paulo mo makwalong a gagwe a a yang go Bakeresete ba Korintha. Tlhokomela tsenyeletso ya lekwalo la gagwe la bobedi: “Ke nna Paulo, . . . Re kwalela phuthegō ea Modimo e e kwa Korintha, le baitshepi botlhe ba ba mo lehatshiñ yeotlhe ya Akaia.” Ga go pelaelo ka gone—o ne a kwalela setlhopha sotlhe sa Bakeresete ba ba tloditsweng mo Korintha le Akaia, e seng go bao ba etelelang pele fela. Jalo ditlhaloso tsa gagwe mabapi le bodihedi jwa Bokeresete di ne di lebisitswe go “baitshepi botlhe.” Fa a ne a buelela tiro ya gagwe le ya ga Timotheo, o rile: “Ereka re na le tihèlō e, hela yaka re bonye boutlwèlōbotlhoko, ga re ñodiege.” “Me dilō cotlhe di cwa mo Modimoñ, o o re itetlanyeditseñ ka Keresete, me tihèlō ea tetlanyō oa e naea rona . . . Me ke gōna, re baroñwa mo boemoñ yoa ga Keresete, go chwana yaka ekete Modimo o rapela ka rona.” O tswelapele ka go re: “Re sa kgopise mo go sepè, gore tihelō ea rona e tle e se ke ea bewa molato, Me mo diloñ cotlhe re iponatsè molemō, yaka badihedi ba Modimo, eboñ mo peloteleleñ.”—2 Bakorintha 1:1; 4:1; 5:18-20; 6:3, 4.
4 Mafoko ano a supa gore Mokeresete mongwe le mongwe yo o tloditsweng o tshwanetse go nna modihedi le morongwa wa ga Keresete. Ka ntlha yang? Gonne lefatshe, ka boleo jwa lone, le nnile ‘baeng ba ba sa itseng botshelo jwa Modimo’ mme le tlhoka bodihedi jwa poelano gore batho ba ba kutlo le ba ba ikanyegang go tswa merafeng yotlhe ba ke ba nne le kamano le Morena wa Lobopo Jehofa ka Keresete.—Baefesia 4:18; Baroma 5:1, 2.
5, 6. Paulo o ne a tlhomamisa pono eno mo lekwalong la gagwe le le yang go Baroma jang?
5 Paulo o kwaletse phuthego ya Roma jaana: “Me [Lefoko la Modimo] ea reñ? Ea re, Lehoko le gauhi nau, le mo molomuñ oa gago, le mo peduñ ea gago: ke go re, lehoko ya tumèlō, ye re le rèrañ: Ya go re, Ha u tla ipolèla ka molomo ha Yesu e le Morèna, u ba u dumela mo peduñ ea gago ha Modimo o mo cositse mo loshuñ u tla bolokwa: Gonne motho o dumèla ka pelo go isa tshiamoñ; me boipolèlō bo dihwa ka molomo go isa polokoñ.”—Baroma 10:8-10.
6 A Paulo o ne a lebisa mafoko ao go ba se kae ba ba tlhophilweng? Tsenyeletso ya gagwe e bontsha ka mokgwa o mongwe, gonne o kwadile jaana: “Ka re, lona lotlhe ba le koñ Roma, baratwa ba Modimo.” O okeditse ka go re: “Ke leboga Modimo oa me ka Yesu Keresete kaga lona lotlhe, ka go bo tumèlō ea lona e bolèlwa mo lehatshiñ yeotlhe.” Ka phepafalo, Paulo o ne a lebisitse kgakololo le kgothatso tsa gagwe, go akareletsa le Rom kgaolo 10, go phuthego yotlhe. Tshiamelo ya go dira boipolelo jwa phatlalatsa e ne e bulegetse botlhe. Tota, o nonotshitse kgang ya gagwe ka go tswelapele a re: “Me yana ba tla bitsa yañ èna eo ba e señ ba dumele mo go èna? me ba tla dumèla yañ mo go èna eo ba e señ ba utlwe kaga gagwè? me ba ka utlwa yañ ha ba sena morèredi? me ba tla rèra yañ ha ba sa roñwa? hèla yaka go kwadilwe, ga twe, Ana dinaō di dintlè yañ tsa ba ba lereñ mahoko a a itumedisañ, a dilō tse di molemō!”—Baroma 1:7, 8; 10:14, 15.
7. Bokeresete jwa mmatota bo farologana jang le bodumedi jo bongwe? (Luke 19:36-40)
7 Abo seo ke kgothatso go motlodiwa mongwe le mongwe wa Mokeresete jang nel Go kaya gore botlhe ba tshwanetse go ipelela go anamisa molaetsa wa Bogosi wa poloko go ba bangwe. Ee, ka pono ya Modimo, dinao tsa bone di ka nna ebile di tshwanetse go nna “dintle” ka tsela ya tshwantshetsa Ka ntlhayang? Gonne Bokeresete jwa mmatota ga se bodumedi jo bo bogagapa jo bo gogelang mo go ikgotsofatseng, go itomolola le go dira maikano a go se buise ope. Go fapaana le seo, bo godisa bodihedi jo bo tlhaga jwa Bokeresete jo bo supiwang ka mafoko le ka ditiro! Gore Paulo o ne a itse seo jang go bonwa ka go bolela ga gagwe jaana: “Gonne go ka bo go latlhega nna, ha ke sa rere Mahoko a a Molemō.”—1 Bakorintha 9:16; Isaia 52:7.
8. Ke dipotso dife tsa botlhokwa tseo ga jaanong di amang ba bantsi?
8 Mme go tweng ka dimilione tsa Bakeresete ba boammaaruri bao ba sa tlodiwang ka moya o o boitshepo gonne tsholofelo ya bone e le ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng, e seng kwa legodimong? A le bone ba tshwanetse go nna badihedi?—Pesalema 37:29; 2 Petere 3:13.
A Bao Eleng ba “Boidiidi yo Bogolo” ke Badihedi?
9. Ke tiro efe eo ba “boidiidi yo bogolo” ba nnang le seabe mo go yone?
9 Buka ya Tshenolō e neela bontlhanngwe jwa karabo mo dipotsong tseo. Ka sekai, morago ga gore Johane a bone phuthego ya batlodiwa ba le 144 000 mo ponatshegelong, a re: “Moragō ga dilō tse ka leba, me bōnañ, boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō, ba eme ha pele ga setulō sa bogosi, le ha pele ga Kwana, ba apere dikobō tse dichweu, me ba chotse makolane ka diatla; Me ba thèla loshalaba lo logolo, ba re, Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana.” Ruri bano, bao jaanong ba phuthiwang gore ba falole sepitla se segolo, ga ba fitlhe go tlhaolwa ga bone ga Bokeresete. Ba itsise motswedi wa poloka ya bone ka go “thèla loshalaba lo logolo.” Ba dira seno jang gompieno? Gareng ga dilo tse dingwe, ka go thusa masalela a mabotlana a ba ba tloditsweng mo go diragatseng diperofeso le ditaolo tse dingwe tse di botlhokwa tsa bodihedi.—Tshenolō 7:9, 10, 14.
10, 11. (a) Jesu o neetse barutwa ba gagwe taolo efe pele a tlhatlogela kwa legodimong? (b) Ke boperofeti bofe jo bo tshwanetseng go diragadiwa mo motlheng wa rona?
10 Ka sekai, boidiidi jo bo senang palo jono bo dira karolo ya botlhokwa mo go diragatseng taolo ya ga Jesu ya go rera le go ruta, eo a e neetseng barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang kwa Galilea. Mo tiragalong eo Jesu o rile: “Taolō eotlhe ke e neilwe kwa legodimoñ le mo lehatshiñ. Ke gona tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo ineñ ya Rara le ya Morwa, le ya Moea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilo cotlhe tse ke di lo laoletseñ.” Taolo eo e ne ya neelwa Bakeresete botlhe, e seng setlhopha se se tlhophilweng sa baruti.—Mathaio 28:18-20; 1 Bakorintha 15:6.
11 Taolo ya ga Jesu gape e amana thata le boperofeti jo a bo neetseng mabapi le “bokhutlō yoa lehatshe.” O boletse jaana: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe, hoñ ke gōna bokhutlo bo tla tlañ.” Go ile ga thulanwa jang le kgwetlho eno ya go rera molaetsa wa Bogosi lefatshe ka bophara mo losikeng lo le longwe? Ruri dikete-kete tsa Bakeresete ba ba tloditsweng tse di fokotsegang di ne di ka se dire tiro eno ya go boloka botshelo di le tsosi fela. E ka bo e nnile tiro e e sa kgonegeng!—Mathaio 24:3, 14; Luke 21:32.
12. Batlodiwa ba lemoga eng ka boitumelo gompieno?
12 Batlodiwa ba “baruaboshwa mmogō le Keresete” ba itumelela go lemoga karolo e e dirwang ke badihedi ba ba fetang dimilione tse pedi ba “boidiidi yo bogolo” bao ba anamisitseng molaetsa wa Bogosi go kgabaganya lefatshe mo lobakeng lo lo khutshwane jalo lwa nako. Le e leng morago ka bo-1930, Bakeresete ba bantsi ba boammaaruri ba ne ba amogela boikarabelo jwa bodihedi mo mafatsheng a mangwe le go ineela go direla koo tlhokafalo e neng e le kgolwane gone. Re leboga sekao sa go intsha setlhabelo ga bakaulengwe le bokgaitsadi bano, go sa kgathalesege gore ke ba setlhopha sa batlodiwa kana sa “dinku di sele,” tiro ya Bogosi e ne ya itsetsepela mo dinageng tse dintsi mo Yuropa, Afrika, Asia le tsa Amerika.—Baroma 8:17.
13. (a) Jehofa o akofisitse tiro jang fa e sale ka 1943? (Isaia 60:22) (b) Ke seabe sefe seo ba “boidiidi yo bogolo” ba nnileng le sone mo tirong ya borongwa?
13 Pele ga 1943 setlhopha sa “motlhanka yo o boikañō le eo o botlhale” sa Bakeresete ba ba tloditsweng se ne sa bona go tlhokega gore go tlhongwe sekolo sa barongwa gore badihedi ba Bakeresete ba tle ba amogele thapiso le go iketleeletsa tse di oketsegileng ka boikaelelo jwa go simolola le go akofisa tiro ya go rera mo mafatsheng a mangwe a mantsi. E sale ka go tlhongwa ga sone ka 1943 le go fitlha ka March 4, 1984, Sekolo seo sa Gilead (“Gilead” ka Sehebera e kaya “mokoa wa bosupi”) se setse se thapisitse baalogi ba le 6 100, bao bontsi jwa bone bo rometsweng kwa dikabelong tsa mafatshe a sele go dikologa lefatshe. Ke fela ba le 292 (4,8%) ba baalogi bano ba Gilead ba ba ipoletseng go nna ba setlhopha sa batlodiwa, ka jalo bontsi jwa badihedi bano ba ba thapisitsweng ka mo go kgethegileng ba nnile ba setlhopha sa “boidiidi yo bogolo.” Go tshwana le Basupi botlhe ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba amogetse bodihedi jwa Bokeresete jaaka karolo ya botlhokwa ya botshelo jwa Bokeresete fa ba ne ba dira boineelo jwa bone go Jehofa ka Keresete Jesu.—Mathaio 24:45-47; Bahebera 10:7.
Kabelo e Thailwe go Eng?
14, 15. Kabelo ya bodihedi jwa Bokeresete e thailwe go eng? (Mathaio 22:37-40)
14 A seo se kaya gore Bakeresete ba na le kabelo ya botho, kana pitso ya bodihedi e e tswang go Modimo? Ke boammaaruri gore bangwe mo go La-Bodumedi ba ile ba kaya “kabelo” ya bone jaaka selo se segolo sa maitemogelo mo boikutlong, jaaka ekete Modimo o ne a ba bileditse tirelo ya gagwe ka tlhamalalo. A mme bodihedi jwa Bokeresete bo thailwe segolo go sengwe sa nakwana jaaka maikutlo?
15 Fa moaposetoloi Paulo a ne a bua ka tirelo e e boitshepo go Modimo, o ne a supang go nna motheo wa yone? O kwadile jaana: “Ke gōna, ba ga echō, kea lo rapèla ka mautlwèlō botlhoko a Modimo, gore lo ntshè mebele ea lona setlhabèlō se se tshedileñ, se se itshepileñ, le se se lebosègañ, mo Modimoñ, mo e leñ tihèlō e e lo lebanyeñ. [“jaaka tiro ya botlhale jwa kobamelo,” Phillips; “jaaka dibopiwa tse di botlhale,” mokwalo o o kwa tlase wa The New English Bible].” Ee, tirelo e e boitshepo go Modimo e thailwe mo lebakeng. Jang jalo? Gonne boineelo le kamano ya sebele tsa motho le Jehofa di thailwe mo kitsong ya Modimo wa boammaaruri. Jalo go bilediwa tirelo ga Mokeresete, lemororo e le maitemogelo a a itumedisang ka bo one, ga se phelelo fela ya karabelo ya maikutlo. E na le tlhotlheletso e e nonofileng—go rata Modimo le go rata moagelani.—Baroma 12:1; Yohane 17:3.
16. A tiro ya boitshediso ya nako e e tletseng e ka thibela mongwe gore a se nne modihedi? (Ditihō 18:1-5)
16 Mme o ka botsa, A Bakeresete bale ba pele le bone e ne e le badihedi lefa ba ne ba na le tiro ya boitshediso ya nako e e tletseng kana e le bomma-malapa? Ee, go ntse jalo. Gongwe ba ne ba ka dirisa karolonyana e potlana fela ya nako ya bone mo bodiheding jwa Bokeresete, ba rera le go ruta, mme seo e ne e le boikaelelo jwa bone jo bogolo mo botshelong. Ba ne ba itse gore ba tshwanetse “go nna masedi” jaaka barutwa ba ga Keresete ba boammaaruri Tota e ne e le badihedi ba ba berekang pele La-Bodumedi le nna le setlhopha sa lone sa baruti ba ba berekang.—Mathaio 5:16; 1 Petere 2:9.
Bosupi jwa Bodihedi jwa Bone
17, 18. (a) Ke molao-motheo ofe o o akaretsang oo Keresete a o tlhomileng ka ga Bakeresete ba boammaaruri? (b) Modihedi wa boammaaruri o akgolwa ka tsela efe?
17 Basupi ba ga Jehofa ba supa jang gore ke badihedi fa ba sena “diploma” kana “degree” ya unibesithi? Bakeresete ba pele ba supile jang gore e ne e le badihedi? Keresete ka boene o neetse pono eno: “Setlhare señwe le señwe se se molemō se uñwa louño lo lo molemō.” Badihedi ba Bakeresete ba tshwanetse go tlhagisa “louño lo lo molemō,” go go akareletsang go nna le seabe mo tirong ya go dira barutwa.—Mathaio 7:17.
18 Moaposetoloi Paulo o e tlhalositse jaana: “A re bile re simolola gapè go iphaka? Kgotsa a le rona re tlhōka, yaka bañwe, dikwalō tse di re hakañ, tsa go ea kwa go lona ka cōna, kgotsa tsa go cwa kwa go lona? Ke lona lokwalō loa rona, lo lo kwadilweñ mo peduñ tsa rona, e le lo lo itsiweñ lo balwa ke batho botlhe; Ka lo bōnatshegile ha lo le lokwalo loa ga Keresete, lo lo dihilweñ ka rona lo lo kwadilweñ e señ ka inka, e le ka Moea oa Modimo o o tshedileñ; e señ mo matlapeñ a a dimatla, e le mo dimatleñ tse e boñ dipelo tsa nama.” Go kwalwa goo mo pelong go ne ga fitlhelelwa jang? Ka go rerwa ga lefoko la seka-peo la tumelo leo le jetsweng mo pelong. Morago peo eno e tlhotlheletsa yo o e amogetseng gore le ene a rerele ba bangwe molaetsa oo wa poloko.—2 Bakorintha 3:1-3.
19. Ke kakgolo efe e e nitameng eo Basupi ba ga Jehofa ba nang le yone jaaka badihedi?
19 A Basupi ba ga Jehofa ba na le sesupo sa ‘lekwalo la ga Keresete leo le kwadilweng ke bone jaaka badihedi’? Dintlha dia ipuelela. Ka 1931, fa ba ne ba amogela lantlha leina la bone le le tlhomologileng, go ne go na le Basupi ba ba ka nnang 50 000 ba ba rerang go dikologa lefatshe. Pego ya 1983 e bontsha tlhora ya badihedi ba ba fetang 2 652 000 ba ba rerang mafoko a a molemo a Bogosi ba ba kopanelang mo diphuthegong di le 46 235. Ee, go na le diphuthego tse dintsi jaanong tse di batlang di lekana le Basupi bao ba neng ba le gone ka 1931! Ruri boammaaruri bo kwadilwe mo dipelong tse di dimilione mo masomeng a dingwaga a le mmalwa a morago jaana—mme seo ke bosupi jo bo ka se ganediweng jwa bodihedi jwa Basupi ba ga Jehofa.—Isaia 43:10-12.
20. Jaaka badihedi ba Bakeresete, ke eng seo re se tlhokang gompieno? Ke dipotso dife tse di saletseng gore di arabiwe?
20 Tlhokafalo ya badihedi ba Bakeresete gompieno e potlakile go gaisa lefa e le leng pele. Nako e khutshwane mme thobo e kgolo. Ka jalo, ke lone lebaka le legolo go rona go nna ba ba tshwanelang, badihedi ba ba nang le bokgoni bao ba rerang le go ruta ka tsela e e nang le matswela. Re ka dira seo jang? Re ka nna badihedi ba ba nang le matswela jang? A dikao tsa ga Keresete le baaposetoloi di mosola go rona gompieno?—Baefesia 5:15, 16; Mathaio 9:37, 38.
Dintlha tsa Poeletso
◻ Re itse jang gore balatedi botlhe ba ba tloditsweng ba ga Keresete ba ne ba tshwanetse go nna badihedi?
◻ Ke seabe sefe seo “boidiidi yo bogolo” bo nnileng le sone mo bodiheding jwa metlha ya bosheng?
◻ Kabelo ya bodihedi jwa Bakeresete e thailwe go eng?
◻ Basupi ba ga Jehofa ba na le bosupi bofe jwa bodihedi jwa bone?
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
A go ne go na le setlhopha sa baruti sa Bakeresete mo metlheng ya baaposetoloi?
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Ka 1943 Sekolo sa Gilead se ne sa bulwa mo Borwa jwa Lansing, New York. Sekolo seno se ne sa fudusediwa kwa Brooklyn, New York, ka 1961
[Ditshwantsho mo go tsebe 25]
Ga jaanong se le mo dikagong tse disha gaufi le Brooklyn Bridge, Sekolo sa Gilead se tswelapele go thapisetsa barongwa tirelo ya kwa mafatsheng a sele