LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 9/1 ts. 21-26
  • Badihedi ba Modimo Ba Supa Go Tshwanelega ga Bone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Badihedi ba Modimo Ba Supa Go Tshwanelega ga Bone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Go Tshwanelega ka mo go Lekaneng’
  • “Emañ Eo O Gu Neileñ Taolō e?”
  • A Go Na le Tlhokafalo Epe ya go Hakiwa?
  • Badihedi ba Bogosi Ba Lebana le Kgwetlho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • A Bakeresete Botlhe Ba Boammaaruri Ba Tshwanetse Go Nna Badihedi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Re Tlhomeletse ka Botlalo go Nna Barutisi ba Lefoko la Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Ke Bomang ba e Leng Badiredi ba Modimo Gompieno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 9/1 ts. 21-26

Badihedi ba Modimo Ba Supa Go Tshwanelega ga Bone

“Mme ke mang yo o tshwanelegang ka mo go lekanyeng?”​—2 BAKORINTHA 2:16, NW.

1. Mo lefatsheng la gompieno leo le kgaoganeng ka bodumedi, ke potso efe eo e ka bodiwang ka bopelo-e-phepa jotlhe?

MO LEFATSHENG la gompieno leo le kgaoganeng go ya ka bodumedi, potso eno e ka bodiwa ka bopelo-e-phepa jotlhe: Tota ke modihedi ofe yo o laotsweng ke Modimo? Ka mo go tshwanang, moaposetoloi Paulo o ne a botsa jaana: “Ke mang yo o tshwanelegelang dilo tse ka mo go lekanyeng?” Fa Paulo le badiri-mmogo le ene ba ne ba gwetlhiwa, ba ne ba ka re, “Ke rona!” (2 Bakorintha 2:16, 17, NW) Mme gompieno, ke bomang bao ba nang le motheo o o tlhomameng, tshiamelo, le bopelokgale jwa go araba ka gore, “Ke rona”?

2. Boleng jwa mafoko a ga Paulo go 2 Bakorintha 2:14-17 ke bofe?

2 Pele re araba potso eo, a re sekasekeng mafoko ano a ga Paulo go Bakeresete kwa Korintha: “Me a Modimo a lebogwè, Gonne . . . o bile o utlwatsa ka rona lonkō lwa kicō ea gagwè mo maheloñ aotlhe. Gonne re lonkō lo lo monate loa ga Keresete mo Modimoñ, mo go ba ba bolokwañ, le mo go ba ba latlhègañ; Mo go ba bañwe e le lonkō loa losho lo isa loshuñ; me mo go ba banwe e le lonkō loa botshelō lo isa botsheloñ. Me emañ eo o lekanyeñ dilō tse? Gonne ga re etse ba bantsi, ba ba bapalañ ka lehoko ya Modimo: me re bua mo go Keresete yaka e le ka bopeloephèpha, yaka e le ka Modimo, yaka e le mo ponoñ ea Modimo.”​—2 Bakorintha 2:14-17. Bona The Watchtower, May 1, 1944, ditsebe 133-4.

3. (a) Re tshwanetse go arabela jang mogopolo wa go ipapalela ka Lefoko la Modimo go bona morokotso wa bogagapa? (b) Paulo o ne a dirang go tila go nna mokgweleo wa madi go bao a neng a ba rerela?

3 Go bapaletsa Lefoko la Modimo go bona morokotso wa bogagapa​—abo oo ke mogopolo o o makgapha jang ne! Paulo o ne a sa senke poelo ya madi ka go rera Lefoko leo gore a tshele botshelo jo bo iketlileng, go tlogela bodihedi kgabagare le go bo tsaya motlhofo mo matsatsing otlhe a gagwe. O ne a ikemiseditse go dira ditente jaaka tiro ya nakwana ya go mo tlamela ka madi le go thusa badiri ka ene mo tirelong ya ga Jehofa. (Ditihō 18:1-4) Paulo ga a ka a nna mokgweleo wa tsa madi go bao o neng a ba rerela mafoko a a molemo. Ka jalo o ne a ka botsa Bakeresete ba Korintha jaana: “Kgotsa a ke leohile ka go ikokobetsa, gore lona lo golediwè, ka ke lo reretse Mahoko a a Molemō a Modimo, ke sa lope sepè?” (2 Bakorintha 11:7) Potso eo e ne e tshwanetswe go arabiwa ka gore nnyaa ka tlhomamo!

4. Basupi ba ga Jehofa ba etsa sekao sa ga Paulo malebana le Lefoko la Modimo jang?

4 Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba etsa sekao se se molemo sa moaposetoloi yono ka go sa ipapalele ka Lefoko la Modimo le le senang tlhotlhwa mme ka go le sedimosetsa botlhe. Ga ba gwebe ka selo se se boitshepo jalo. Ka jalo ga ba na baruti ba ba duelwang, dibui tsa bone tsa phatlalatsa ga di duedise dipuo tsa tsone, mme sejana sa koleke ga nke se tsamaisiwa kwa dipokanong tsa bone. Fa mongwe a eletsa go ntshetsa tiro moneelo, o ka ntsha madi ape fela, le eleng a a tshwanang le a motlholagadi yole eleng “madinyana a le mannye a le mabedi,” mo letloleng la moneelo kwa Holong ya Bogosi kana gongwe go sele. (Luke 21:1-4) Meneelo e e ntseng jalo ya boithatelo e dirisediwa go duelela ditshenyegelo mme eseng go humisa motho ope. Le eleng magae a botho a dirisediwa dipokano tsa Basupi ba ga Jehofa ka tshosologo.​—Filemone 1, 2.

‘Go Tshwanelega ka mo go Lekaneng’

5. Ke mang yo o dirileng gore Basupi ba ga Jehofa ba tshwanelegele tirelo e e boitshepo?

5 Mme ke mang gompieno yo o dirang gore Basupi ba ga Jehofa ba tshwanelegele go tswelapele fa morago ga sekao seo sa Dikwalo go sa kgathalesege dipogiso le dikganetso tsotlhe tse ba di itemogelang ka metlha? Ga go na ope yo o ka ikarabelelang mo go seno kwantle ga Motho yo o dirileng gore Paulo le balekane ba gagwe ba tshwanelegele tirelo e e boitshepo. Ka tswee tlhokomela bophepa jwa boitlhomo jwa ga Paulo, fa bo bapisiwa le maitlhomo a mmapatsi wa bodumedi, jaaka a bo tlhalositse ka gore: “Me re bua mo go Keresete yaka e le ka bopeloephèpha, yaka e le ka Modimo, yaka e le mo ponoñ ea Modimo.” (2 Bakorintha 2:17) Ono ke mokgwa oo Basupi ba ga Jehofa ba buang ka one gompieno. A mme re iphaka jaaka badihedi? A re tlhoka go gatisa makwalo a khako go tswa go ba bangwe?

6. (a) Ke ka ntlhayang fa baruti ba La-Bodumedi ba akanya gore ba ‘tshwanelega ka mo go lekaneng’? (b) Mme go tshwanelegela ga motho bodihedi jwa Bokeresete jwa boammaaruri go theilwe go eng?

6 Paulo o ne a latola tshwanelego ya bodihedi jwa gagwe jaaka sengwe seo a neng a se tlhagoletse. O ne a bolela jaana: “Go lekana ga rona go cwa mo Modimoñ, e le ōna o re neileñ go lekana yaka re le badihedi ba kgōlaganō e ncha.” (2 Bakorintha 3:4-6) Go farologana le Paulo, baruti ba La-Bodumedi ba iphaka ba ‘tshwanelega ka mo go lekaneng’ ka gonne ba alogile mo dikolong tsa boruti. Ka jalo ba latola gore bao eseng baalogi ba sekolo sa boruti ke badihedi ba ba tshwanelegang bao ba nang le tshwanelo ya go ruta. Mme go tsena sekolo sa Bojuda se se kgethegileng ga ga Paulo ga goa ka ga mo dira gore a tshwanelegele bodihedi jwa Bokeresete jwa kgolagano e ntšha. Le eleng gore Jesu o ne a tlhomela baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 sekolo sepe sa boruti kana ope o sele gore a se tsene. Ka mo go tshwanang le gompieno, go tshwanelegela bodihedi jwa boammaaruri jwa Bokeresete ka mo go lekaneng ga motho go tshwanetse ga tswa go Jehofa, Morutisi yo mogolo go feta botlhe. Tota, modihedi yo o ntseng jalo o ne a tla tshwanelwa ke go neela bosupi jo bo ka se latofadiweng ka gope.

“Emañ Eo O Gu Neileñ Taolō e?”

7. Baeteledi-pele ba bodumedi ba ne ba farologane ka tsela efe le Nikodimo ka mokgwa oo ba neng ba leba taolo ya ga Jesu ka one?

7 Baeteledi-pele ba bodumedi ba ile ba gwetlha le tshwanelego ya Morwa Modimo tota ya go rera mafoko a a molemo le go dira dikgakgamatso. Mo tempeleng, “baperisiti ba bagolo le bagolwane ba tla kwa go èna ka a ruta, ba re, Ana dilō tse u di diha ka taolō ehe? Me emañ eo o gu neileñ taolō e?” (Mathaio 21:23) Ba ne ba gana go dira tshwetso eo molaodi wa Bajuda Nikodimo a neng a e dira fa a ne a bolelela Jesu gore: “Rabi, rea itse ha u le moruti eo o cwañ kwa Modimoñ: ka gonne ga go motho opè eo o ka dihañ dichupō tse u di dihañ, ha Modimo o sena naè.”​—Yohane 3:1, 2.

8. Morago ga dingwaga tse di fetang tharo tsa bodihedi jwa ga Jesu, baeteledi-pele ba Bajuda ba ne ba arabela bosupi jwa go itlhaola le taolo tsa gagwe jang?

8 Jesu a ka bo a ile a bolelela bagwetlhi ba gagwe gore, ‘A ditiro tsa me di ipuelele ka botsone!’ Morago ga go feta ga dingwaga di le tharo tsa tiro ya gagwe ya phatlalatsa, baperesiti ba bagolo le banna bagolo ba ne ba na le ditshupo tse dintsi tseo ba ka thayang tshwetso e e siameng mo go tsone malebana le botho jo bo tlhomologileng jwa ga Jesu le tshwanelo ya gagwe ya go dira dikgakgamatso le go ruta boammaaruri kaga Bogosi jwa Modimo. Ba ne ba le logwadi fela go amogela bosupi jotlhe jo Jehofa a neng a bo neela go supa gore Jesu e ne e le Mesia yo o solofeditsweng.

9, 10. (a) Ke ka ntlhayang fa go sa tshwanela go gakgamatsa Basupi ba ga Jehofa go bo go tshwanelega ga bone jaaka badihedi go gwetlhiwa gompieno? (b) Jesu o ne a dirisana jang le baeteledipele ba bodumedi bao ba neng ba gwetlha taolo ya gagwe, mme seno se ile sa nna le matswela afe?

9 Mo ponong ya seo se diragetseng mo kgannyeng ya ga Jesu, ga go gakgamatse Basupi ba ga Jehofa gore tshwanelego ya bone jaaka badihedi ba ba tshwanelegang ba ga Rraagwe e gwetlhiwa ke baeteledi-pele ba bodumedi gompieno. Ereka bao ba neng ba gwetlha go tshwanelega ga ga Jesu ba ne ba tlhokomologa ditiro tsa gagwe tse dintsi tse di gakgamatsang, o ne a botsa potso eo e neng ya ba tsenya mo tlalelong. Mme barutwa ba gagwe ba gompieno ba ka dira selo se se tshwanang mo kgannyeng ya bao ba tlodisang ditiro tsa barutwa bao matlho ka boomo.

10 Fa baperesiti ba bagolo le banna bagolo ba ne ba botsa Jesu ba re, “Eman eo o gu neileñ taolō e?” o ne a seka a ba botsa potso e e thata mme a bolela jaana: “Le nna ke tla lo botsa lehoko lenwe, ye e tla ren ha lo ka le mpolèlèla, le nna ke lo bolelele taōlo e ke dihañ dilō tse ka eōna. Ana kolobeco ea ga Yohane e ne e cwa kae? a e ne e cwa legodimoñ? kgotsa mo bathuñ?” Pego eo e oketsa ka gore: “Me ba tseisanya kgañ, ba re, E tla re ha re re, E cwa Legodimoñ, a re ree a re, Me lo no lo sa mo dumeleleñ? Me ha re re, E cwa mo bathuñ, re bo re boiha batho; gonne botlhe ba kaea Yohane ha e le moperofeti. Yalo ba araba Yesu ka gore Ga re itse. Le èna a ba raea, a re, Le nna ga ke lo bolelele taolō e ke dihañ dilō tse ka eōna.” (Mathaio 21:23-27) Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba ka botsa baruti ka tsela eo e nang le matswela a a tshwanang go ya ka Dikwalo.a

11. Ke tiro efe eo Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba e dira pele ga 1914, mme baganetsi ba bone ba ne ba didimadiwa jang?

11 Go tloga ka 1876 go ya pele, batho ba ga Jehofa ba ne ba neela lefatshe tlhagiso, mme segolo-bogolo go La-Bodumedi, gore Metlha ya Baditšhaba e tla fela mo boaphelong jwa 1914. (Luke 21:24, King James Version) Baruti ba ne ba se kake ba tlhokomologa tiro eno e e tlileng pele ya mo e ka nnang dingwaga di le 40​—tiro eno e e tshwanang le ele ya ga Johane Mokolobetsi. Baruti bao ba ne ba leta ka tlhoafalo go gagolaka mokwadi wa makasine ono, fa 1914 e ne e ka feta fela go sena ditiragalo dipe tse di tlhomologileng go dumalana le tseo a neng a tlhagisitse kaga tsone. Mme, ao, abo ba ne ba didimadiwa jang ne fa ka July 28, 1914, kagiso e ne ya thubakanngwa ke go runya ga Ntwa ya Lefatshe I!

12. Ke mathata afe a a neng a patile Ntwa ya Lefatshe I le a a latetseng morago ga yone?

12 Tshenyo ya ntwa le go ikgogela morago ga banna ba le bantsi go tswa mo ditelekisong tsa temothuo di ne tsa tlisa tlhaelo ya dijo. Dithoromo tsa lefatshe di ne tsa tshikinya dikarolo tse di farologaneng tsa lefatshe, le go baka tshenyego le dipogiso tse dikgolo. Ka 1915 thoromo ya lefatshe kwa Avezzano, Italy, e ne ya bolaya ba le 29 970, mme ka 1920 thoromo e e boitshegang e ne ya bolaya ba le 200 000 mo Porofenseng ya Kansu, China. Ka 1923, ba ba fetang 140 000 ba ne ba swa mo thoromong ya lefatshe ya Great Kanto mo Japane. Morago ga ntwa ga tla Kgogodi ya Letshoromo e e neng ya nna le batswa-setlhabelo ba bantsi ka ngwaga o le mongwe ba ba fetang ba dingwaga di le nne tsa ntwa. Se se ka se tlogelweng kwa morago e ne e le go bogisiwa ga batlhanka ba ga Jehofa ka nako ya ntwa ya ntlha ya lefatshe, goo go neng ga fitlha setlhoeng ka go tsenngwa mo kgolegelong go go sa siamang ga mookamedi le mokwaledi yo o tlhokometseng tsa madi ba Watch Tower Society le ba le barataro ba badira-mmogo le bone ka sebaka sa dikgwedi di le robongwe.

13. Ke eng seo Basupi ba ga Jehofa ba se boditseng baruti ba La-Bodumedi, mme baganetsi bano ba ne ba tla tshwanelwa ke go dumela eng fa ba ne ba arabela ka boikanyego?

13 Fa esale ka Ntwa ya Lefatshe I e fela Basupi ba ga Jehofa ba ile ba botsa baruti ba La-Bodumedi go re: ‘A ditiragalo tsa masetlapelo tseo di tsentseng lefatshe la rona mo tlalelong go tloga ka 1914 go ya pele ke tiragatso ya boperofeti jwa ga Jesu go Mathaio 24:3-13?’ Fa baruti bao ba ne ba ka re ee ka boikanyego, ba ne ba tla tshwanelwa ke go dumela gore Jesu Keresete o tlile mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo ka 1914. Ka mo go tlwaelegileng, ereka Jesu a boletse gore ‘lefatshe le ne le se kitla le mmona gape’ mme jaanong ke motho yo o sa sweng wa semoya, “go tla” ga gagwe, kana “go nna teng ga gagwe,” ga go bonale. (Yohane 14:19; Mathaio 24:3, KJ; 1 Petere 3:18) Mme go dumela seno sotlhe go ne go tla itsa baruti go tsosa kgang ka ga gore ditiragalo tse di tshikinyang lefatshe tsa 1914-18 e ne e le fela thubakanyo e e tlwaelegileng ya merafe ya tshoganyetso mo tsamaong ya histori.

14. (a) Fa baeteledi-pele ba bodumedi ba ne ba dumetse ka mo go tshwanetseng, seno se ne se tla ba pateletsa go nna le seabe mo tirong efe? (b) Ba ne ba tla tshwanelwa ke go tlogelang se se emelang Bogosi ka nakwana, mme ba ile ba latela tsela efe?

14 Go feta moo, fa baruti ba La-Bodumedi ba ne ba dumela gore ditiragalo tsa 1914-18 di ne di tshwaya tshimologo ya bokhutlo jwa tsamaiso eno e kgologolo ya dilo, ba ne ba tla patelesega go dumela dikarolo tse dingwe tsa “seshupō” sa “go nna teng” ga ga Jesu mme ba ne ba tla tshwanelwa ke go tsaya karolo mo go diragatseng mafoko a gagwe: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe.” (Mathaio 24:14) Seo se ne se tla kaya go rera, eseng Efangedi eo ba e rerileng makgolo a dingwaga, mme mafoko a a molemo a Bogosi jo bo tlhomilweng kwa legodimong mo bokhutlong jwa Metlha ya Baditshaba ka 1914. Ba ne ba tla tshwanelwa ke go tlogela Kgolagano ya Merafe jaaka “boemedi jwa sepolotiki jwa Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng” le go e leba mmogo le motlhatlhami wa yone, e leng Merafe e e Kopaneng, jaaka ‘se se makgapa a a swafatsang se se emeng mo felong go go boitshepo.’ (Mathaio 24:15) Mme go tla go fitlha mo ngwageng ono wa 1985, baruti ba La-Bodumedi ba gana go tshwaya Kgolagano ya Merafe le Merafe e e Kopaneng jaaka selo se se “makgapha.”

15. Baruti ba emetswe ke isagwe e e ntseng jang, mme ke eng seo Basupi ba ga Jehofa ba se dirang?

15 Jalo baruti ba La-Bodumedi ba gana go emela Bogosi jwa ga Jehofa ka Jesu Keresete. Ba tla fedisediwa go palelwa ke go bo tshegetsa ke “sepitla se se segolo” se se fela fa pele. Mme go farologana le bone, Basupi ba ga Jehofa ba tlogetse Babelona o Mogolo, puso ya lefatshe ya bodumedi jwa maaka, mme ba rera molaetsa wa Bogosi mo mafatsheng a a 203. Tiro eno e e sa tshwaneng le epe ke karolo e e tlhomologileng ya “seshupō” seo se supang gore ka 1914 Jesu o ne a tlhongwa jaaka Kgosi ya selegodimo, go busa mo gare ga baba ba gagwe.​—Mathaio 24:3, 14, 21; Pesalema 110:1, 2; Tshenolō 18:1-5.

A Go Na le Tlhokafalo Epe ya go Hakiwa?

16. Ke dipotso dife tse di tlhagang ka ga khako, mme Paulo o ne a bolelang kaga seno?

16 A re iphaka kwantle ga motheo jaaka basupi ba ba tloditsweng ba ga Jehofa? Kana a re siamisa mabaka ka botswerere e le gore re ke re tlhomele “dinku di selè” khako e e ntseng jalo? (Yohane 10:16) Paulo ga a ka a dira selo se se ntseng jalo mme o ne a ka raya Bakorintha bao ba nnileng Bakeresete ka ntlha ya maiteko a gagwe a a sa kgaotseng jaana: “A re bile re simolola gapè go iphaka? kgotsa a le rona re tlhōka, yaka bañwe, dikwalō tse di re hakañ, tsa go ea kwa go lona ka cōna, kgotsa tsa cwa kwa go lona? ke lona lokwalō loa rona, lo lo kwadilweñ mo peduñ tsa rona, e le lo lo itsiweñ lo balwa ke batho botlhe; Ka lo bōnatshegile ha lo le lokwalō loa ga Keresete, lo lo dihilweñ ka rona, lo lo kwadilweñ e señ ka inka, e le ka Mōea oa Modimo o o tshedileñ; e señ mo matlapeñ a a dimatla, e le mo dimatleñ tse eboñ dipelo tsa nama.”​—2 Bakorintha 3:1-3.

17. Ke ka ntlhayang fa go ka bolelwa gore Paulo o ne a tshwanelegela bodihedi ka mo go lekaneng, mme mo ntlheng eno, go ka tweng ka Basupi ba ga Jehofa?

17 Ka thuso ya moya wa ga Jehofa, Paulo o kwadile dibuka di le mmalwa tsa Bibela le go sokololela ba le bantsi mo Bokereseteng. Ka jalo eleruri o ne a itshupa a tshwanelegela bodihedi jwa Bokeresete ka mo go lekaneng. Gompieno ka mo go tshwanang, segolo-bogolo fa e sale makasine ono o ne o gatisiwa lwantlha ka 1879, masalela a a tloditsweng a barutwa ba ga Jesu, lemororo ba sa tlhotlhelediwa jaaka Paulo, ba gatisitse dibuka tse dintsi tsa Bibela. Fa esale go tloga ka 1920, ba gatisitse dikete-kete tsa dimilione tsa dibuka, dibukana, dimakasine, le dipampitshana ka dipuo di le dintsi. Dibuka tseno di ile tsa phatlaladiwa ka madi a a kwa tlase, bontsi jwa tsone bo abelwa bahumanegi mahala. Mokgatlho wa Watch Tower gape o rulaganyeditse dithuto tsa Bibela tsa mahala le go romela barongwa kwa ditshimong tse di sa berekiwang go dikologa kgolokwe eno. Masome a a dikete a ile a arabela molaetsa o o gatisitsweng le wa molomo le go bontsha boineelo jwa bone go Jehofa Modimo ka go kolobediwa, segolo-bogolo fa e sale go tloga ka 1935 fa go ne go phepafadiwa lantlha gore “boidiidi yo bogolo” jo bo senang palo jwa “dinku di sele” tsa ga Jesu di ka lebelela pele go botshelo jo bo sa khutleng mo paradaiseng eo e tsosolositsweng mo lefatsheng.​—Tshenolō 7:9-17; Luke 23:43.

18. Fa ba gwetlhiwa gore ba supe tshwanelego ya bone jaaka badihedi, masalela a a tloditsweng a ka supa eng?

18 Ka gone, go tweng fa baruti ba gwetlha masalela a a tloditsweng gore a tlhagise disetifikeite jaaka Batho ba ba nang le Didikirii tsa Boruti? Aitsane, batlhanka bano ba ga Jehofa ba ka neela bosupi jo bo botlhokwa go gaisa ka mo go oketsegileng! Ba ka supa go “dinku di sele” tse di fetang dimilione di le pedi le sephatlho lefatshe ka bophara le go bolela jaana: ‘Lekwalo la rona le le re tshegetsang ke loo!’ Mme go maloko a “boidiidi yo bogolo” ba ka bua jaaka Paulo mme ba bolela jaana: “Ke lona lokwalō loa rona, lo lo kwadilweñ mo peduñ tsa rona, e le lo lo itsiweñ lo balwa ke batho botlhe.” (2 Bakorintha 3:2) A baruti ba La-Bodumedi ba bale lekwalo leo le le tshedileng le le dirilweng ke Bakeresete ba ba ineetseng, le ba ba kolobeditsweng bao ba direlang Jehofa Modimo motshegare le bosigo mo tempeleng ya gagwe le bao ba thusang go ‘rera mafoko a a molemo a bogosi mo lefatsheng lotlhe go nna tshupo mo merafeng yotlhe.’ (Mathaio 24:14) Go tshwana le masalela a a tloditsweng, ba itshupa ba tshwanelegela bodihedi jwa Bokeresete ka mo go lekaneng.

19. Ke lekwalo lefe la khako le le tlhomologileng le le tla bolokiwang go kgabaganya Hara-Magedone?

19 Lekwalo leno le le tlhomologileng la khako ga le kitla le phimolwa mo “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” mo felong ga tshwantshetso fa go bidiwang Hara-Magedona e e atamelang. (Tshenolō 16:14-16) Go na le moo, le tla dibelwa le go bolokiwa ke Modimo o o Maatlaotlhe go le bontsha mo tsamaisong ya dilo ya morago ga Hara-Magedone tlase ga Keresete Kgosi. Abo “boidiidi yo bogolo” e tla nna lekwalo le le maatla jang ne go dibilione tsa bao ba suleng bao Jehofa Modimo, ka Jesu Keresete, a tla ba tsosang mo mabitleng go dikologa lefatshe! Jalo tswelang pele lo kwala, lona masalela a a tloditsweng! Mme tswelang pele lo ba thusa, lona “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” tsa Modisa yo o molemo!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona, ka sekai, serapa sa 13 le 14 fa tlase.

O Ka Tlhalosa Jang?

◻ Basupi ba ga Jehofa ba etsa Paulo ka go sa ipapalele ka Lefoko la Modimo jang?

◻ Go tshwanelegela ga motho bodihedi jwa boammaaruri jwa Bokeresete ka mo go lekaneng go theilwe mo go eng?

◻ Fa baeteledi-pele ba bodumedi ba ne ba dumetse ka nepagalo, ba ne ba tla patelesega go nna le seabe mo tirong efe?

◻ Masalela a a tloditsweng a ka supa go lekwalo lefe le le tlhomologileng go supa gore ke badihedi ba ba tshwanelegang ka mogolekaneng?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Jesu o rutile barutwa ba gagwe go nna badihedi, mme ga a ka a tlhoma sekolo sepe sa boruti

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Jaaka badihedi ba ba tshwanelegang, Basupi ba ga Jehofa ba rera mafoko a a molemo a bogosi jo bo tlhomilweng. A o dira jalo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela