LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 5/15 ts. 4-7
  • Ditsala Tsa Boammaaruri—Ka Moo Di ka Bonwang ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditsala Tsa Boammaaruri—Ka Moo Di ka Bonwang ka Gone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Molemo wa Boikanyegi
  • Boitumelo Jwa Go Aba
  • Go Boloka Botsalano Jwa Rona Bo Tshela
  • Go Bona Ditsala Tsa Boammaaruri
  • Kafa o ka Dirang Ditsala ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Ke ka Ntlha Yang ke sa Kgone go Nna le Ditsala?
    Tsogang!—1996
  • Re ka Tlhopha Jang Ditsala Tse di Molemo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Go Tlhagolela Botsala jo bo Molemo-lemo mo Lobopong Lotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 5/15 ts. 4-7

Ditsala Tsa Boammaaruri​—Ka Moo Di ka Bonwang ka Gone

“TSELA e le yosi fela ya go nna le tsala ke go nna yone, ga bua jalo Ralph Waldo Emerson. Lefa go le jalo, bontsi bo itlhophetse tsela ya go nna ba le nosi. Go na le go lekela go nna tsala, ba bangwe ba kgaphela ba bangwe kwa thoko. Matswela e nne afe? “Batho bao ba senyang nako e ntsi ba le bosi ba simolola go ikutlwa ba ‘itlhobogile thata, ba sa itumela, ba tlogetswe ba le nosi mo mpaananeng,’” pampiri ya dikgang ya Brazil e ile ya tsopola mmatlisisi mongwe a rialo. O ne a tswelela a re: “Fa o sena se o ka se dirang, go sena ope yo o ka buang le ene, o sala o iphotlhere fela. Go nna motlhofo thata go tlhoma mogopolo mo mathateng a gago.”

Lefa go ntse jalo, ga o tlhoke go fitlha mo seemong seo. Mo e ka nnang motho mongwe le mongwe o ka ithuta go nna tsala mme ka gone a gape ditsala. Mme motho o ka simolola jang? Lebaka le legolo mo boitekong jwa go dira ditsala ke botho jwa rona. Seane sa bogologolo ka boammaaruri sa re: “Go gogela ga motho go ikaegile ka bopelonomi jwa gagwe.” (Diane 19:22, The Jerusalem Bible) Ka gone, botsalano jwa boammaaruri, bo bonwa ke ba ba bontshang bopelonomi. Ka sekai, fa re dira gore ba bangwe ba itse gore re a ba anaanela, ke gantsi ba tla re kgatlhegelang.

Motho yo o pelonomi gape o reetsa ba bangwe. Motho yo o buetseng ruri kana a bua mo go feteletseng ka ga gagwe o tla bona go le thata go bona mongwe yo o kgatlhegelang maikutlo a gagwe le megopolo. Bopelonomi gape bo raya go tlhokomela se re se buang le ba bangwe. “Go na le go bua ka kgakgabuelō yaka ditlhabō tsa putlèla: me loleme loa motho eo o botlhale ke phodishō.” (Diane 12:18) Go tshwantsha: O ka nna wa lemoga gore mongwe o hutsahetse kana o tshwenyegile. Seane sa re: “Go tshwenyega go ka go itumolola, mme mafoko a a bopelonomi a ka go nametsa.” (Diane 12:25, Today’s English Version) Mo pakeng e e ntseng jalo, loleme Iwa gago lo lo fodisang lo ka go gapela tsala e e ikanyegang.

Molemo wa Boikanyegi

Mokwadi wa Diane 18:24 o bontshitse temogo e e boteng mo dikamanong tsa batho fa a ne a kwala ka go re: “Ditsala dingwe di a re gobatsa, mme tsala ya 1 boammaaruri e ikanyega thata go feta ngwana wa ga Rraa-rona.” (The New American Bible) Ee, ke mang yo o batlang tsala e e lelope? Mme tlhokomela sekai sa ga Dafide le Jonathane. Jonathane o ka bo a ile a fufegela Dafide, ere ka Jonathane e ne e le moja-boswa wa setulo sa bogosi sa Iseraele mme a ne a itse sentle fa Dafide a ne a tla nna Kgosi. Lefa go le jalo Jonathane o ne a bontsha boikanyegi, eseng lefufa, mo go Dafide, le eleng ka go baya botshelo jwa gagwe mo kotsing ka ntlha ya ga Dafide.​—1 Samuele 18:1-3; 20:17, 31, 32; 2 Samuele 1:26.

Ruthe e ne e le tsala e nngwe e e ikanyegang. Go na le go itatola matsalaagwe Naomi, o ne a mo kgomarela. Tota, batlhokomedi ba boletse sentle gore Ruthe o ne a le ‘botoka go na le bana ba ba supang’ ba ga Naomi.​—Ruthe 1:16, 17; 4:15.

A o bontsha boikanyegi jo bo ntseng jalo? Ka sekai, fa o bona melato mo balekaneng ba gago, a ka go sa akanyetse o e senolela ba bangwe?

Mme gotweng fa mongwe yo o mo ratang a nna le phoso, e e batlang tlhokomelo ya ka bonako? Tsala e e ikanyegang ga e lese go bolela boammaaruri ka ntlha ya go boifa boikutlo jwa motho yo mongwe. “Ditlhabō tse di ntshicweñ ke tsala di boikañō” go rialo Bibela. (Diane 27:6) Seno, legale, ga se reye gore o tshwanetse go nna bogale kana go garolaka. Bakeresete mo Galatia wa bogologolo ba kile ba tlhoka kgakololo e e tiileng. Mme tlhokomela ka moo moaposetoloi Paulo ka botlhale a ileng a dirisana le seemo ka teng mme a botsa ka go re: “Me yalo, a ke go re, ke dihegile mmaba oa lona ka go bo ke lo bolèlèla boamarure?” (Bagalatia 4:16) Tsala ya boammaaruri e tla go ratela ‘go bua boammaaruri,’ le eleng fa e le kgakololo e e kgalemang.​—Diane 9:8.

Boitumelo Jwa Go Aba

Botsala jwa sebele, le jo bo tsayang lobaka bo tlhoka sengwe. Batho bao ka metlha ba lekang go bona sengwe kwantle ga gore le bone ba ntshe sepe ga ba ketla ba bona boitumelo jo Jesu a buileng ka jone fa a ne a re: “Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.” (Ditihō 20:35; Luke 6:31, 38) Ka gone, ithute go seka-seka se o ka se direlang batho, go na le se o ka se bapalang mo go bone.

Bibela e kgothatsa Bakeresete go ‘nna pelo-ntle,’ ‘go aba, ba iketleeletse go abalana.’ (Diane 11:25; 1 Timotheo 6:18) Dilo tsa gago tse di bonalang di ka tswa di se dintsi thata, mme go tweng ka nako ya gago? A o na le mokgwa wa gore ka metlha o bo o ntse o le mo lobelong? Botsala bo tsaya nako, mme fa e se fela motho a ka ikemisetsa go nna le nako ya ba bangwe, botsala ga bo ka ke jwa kokotlegela. Ka sekai, o ka nna wa dirisa tumediso e e itsegeng thata “O tsoga jang?” A mme o pelontle ka nako ya gago mo o ka emang le go ipaakanyetsa go reetsa karabo ya potso eno? Gakologelwa gore lefa gone Jesu Keresete a ne a tshwaregile thata, ka metlha o ne a iipha nako ya go sekegela ba ba neng ba mmatla tsebe.​—Mareko 6:31-34.

Go Boloka Botsalano Jwa Rona Bo Tshela

Gangwe fela fa botsalano bo setse bo tlhomilwe, boiteko jotlhe bo tshwanetswe go dirwa go bo boloka bo tshela. Gone go ntse jalo gore, fa lo tla bo lo ntse lo itsane, makoa mangwe a a rileng le diphoso di tla bonala. Lefa go le jalo o tla bo o dira sentle go lemoga le go itlhokomolosa makoa a e seng a sepe. Mme fa o belaela sengwe, selo se sentle go se dira ke gore o solofele gore tsala ya gago ga e na molato, o tila pelaelo e e sa tshwanelang. Iphapaanyaneng ka lorato,’ Paulo o a gakolola. Mme Petere o oketsa ka go re: “Me bogolo go dilō cotlhe, a go ratana ga lona go tukè; gonne lorato lo tlo lo bipe bontsi yoa dibe.”​—Baefesia 4:2; 1 Petere 4:8.

Mme gape, abo go le botlhale jang ne gore ditsala di seka tsa tsewa motlhofo! Le e leng ditsala tse di gaufi thata di tlhoka sebaka sengwe sa go ikhutsa. Maeto a maleele, a a feteletseng, kana a a sa solofelwang a ka nna a lapisa le gore a seka a tlhola a batlwa. Kelotlhoko le tlotlo di tla dira gore go dirwe dithulaganyo pele ga nako fa e le gore tota go a kgonagala. Diane 25:17 e a gakolola: “A lonao loa gago lo se tsene bobe mo tluñ ea oa ga eno; u ka tla ua mo lapisa, me a gu ila.”

Gape ke tsela ya botlhale go tila go tlhotlhomisa thata, go tlwaela thata thata, kana go nna pelo-tshetlha. Boikobo bo tla dira gore re tile go nna digogotlo. Ruri, botsalano ga bo re neele tshwanelo ya go pateletsa maikutlo a rona kana dikeletso tsa rona tsa botho mo go yo mongwe. Tota-tota, fa re laolwa ke “botlhale yo bo cwañ kwa godimo,” re tla nna ba ba akanyetsang.​—Yakobe 3:17.

Tshegetsa ditsala tsa gago, o latela kgakololo ya ga Paulo go Baroma 12:15: “Itumeleñ le ba ba itumèlañ lo lelè le ba ba lelañ.” Ee, iketleeletse go hutsafala, go swaba, go ipela, le go atlega le ditsala tsa gago. Mme gape, nna pelonamagadi, o ikemiseditse go itshega diphoso, e seng fela tsa ba bangwe. Dikakgelo tse di molemo le tsone di ka nna tsa thusa mo go repiseng kgagamalo mo dipakeng tse di sa itumediseng. Ee, botsala ke tiro. A mme ga bo batle boiteko?

Go Bona Ditsala Tsa Boammaaruri

Lefa go le jalo, ke kae, ko motho a ka bonang ditsala tsa boammaaruri gone? Lefelo le le siameng go simolola mo go lona e tla nna mo phuthegong ya lefelo la ga eno ya Basupi ba ga Jehofa. Bakeresete bano ba sebele ba itumelela dikamano tse di ntseng jalo tse di molemo le ba bangwe mo gantsi ba bitsanang “ditsala,” jaaka go dirile badumedi ka bone ba lekgolo la ntlha la dingwaga. (3 Yohane 14) Bao ba kgaphetse kgakala bomorafe le boikgodiso jwa lotso, dilo tse di kgaoganyang batho. Ba lekela go ikapesa kase Bibela e se bitsang “motho eo mosha.” Seno se raya go tlhagolela dinonofo tse di gogelang jaaka “pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobeco, le bonōlō, le bopelotelele.” (Bakolosa 3:10-12) Ruri o tla kgona go bona ditsala tse di eletsegang gareng ga batho ba ba dirang seno!

Ka go kopanela le Basupi ba ga Jehofa, o tla ithuta gape kafa o ka nnang tsala le Jehofa Modimo le Morwawe Jesu Keresete. Jesu o ne a re: “Lona lo ditsala tsa me, ha lo diha dilō tse ke di lo laolèlañ.” (Yohane 15:14) Mme Aberahame wa bogologolo o ne a bidiwa “tsala ea Modimo.” Aberahame o ne a bona kamano e e eletsegang eo ka ntlha ya tumelo ya gagwe le ditiro tse di siameng, mme le wena o ka dira se se tshwanang.​—Yakobe 2:23.

Jalo, lefa gone go siame go dira boiteko go tlhagolela ditsala tsa lefatshe, a re gakaleleng thata go tlhoma dikamano tsa botsalano le Tsala ya rona ya selegodimo Jehofa Modimo. O tla tloga a tsosolosa Paradaise mo lefatsheng leno, a letlelela batlhanka botlhe ba gagwe ba selefatshe go tshelela mo kagisong le mo polokesegong. Ee, banni ba lefatshe nako eo ba tla bo ba dikaganyeditswe ke didikadike tseo di tla itshupang ka bosakhutleng fa di le ditsala tsa boammaaruri.​—Luke 23:43; Tshenolō 21:3, 4; Pesalema 37:10, 11.

[Lebokoso mo go tsebe 7]

Botsalano Jo Bo Kopanyang

Basupi ba ga Jehofa ga se bakaulengwe le bokgaitsadi ba semoya fela mme gape ke ditsala. Mme ereka botsala jwa bone bo theilwe mo kutlong e e tshwanang ya ditaolo tsa ga Jesu Keresete, ga bo laolwe ke melelwane ya merafe-rafe. (Yohane 15:14) Mofuta ono wa botsala o amogela lesego la Modimo, leo le ba bolokang ba utlwana le go babalesega jaaka letsomane la dinku le le mo lesakeng la tsone.​—Mika 2:12.

Gantsi botsala le kutlwano ga di nne gone kwa setsheng sa kago. Mme gone, fa Basupi ba ga Jehofa ba phuthegela go aga Diholo tsa bone tsa Bogosi “tse di bofefo go agiwa,” moya o o itekanetseng wa tirisano le bolekane o a bonwa. Ka sekai, Basupi go tswa United States, England, le Wales ba ne ba dirisana mmogo le go abalana methale ya go aga Diholo. Matswela ya nna afe?

“Ga ke ise ke bone selo se se tshwanang le seno mo botshelong jwa me,” ga bua jalo mmei-wa-setena, Roger go tswa England. “Ga ke ise ke bone babetli ba bereka le babei ba ditena ka gonne ga go ko go diragala mo lefatsheng. Mme mo setsheng sa Holo ya Bogosi o bona bakaulengwe ba bereka mo marulelong, fa babetli le babei ba setena ba bereka kwa tlase le bapenti le ba ba alang tapeiti. Botlhe ba dira mmogo. Go gontle e le ruri!

Mike, ra-bana ba babedi, go tswa kwa Wales o ne a elatlhoko gore “mongwe le mongwe o ka nna le seabe mo bolekaneng joo.” Mme tsala ya gagwe Malcolm o ne a bolela gore ke ka baka lang, a akgela jaana: “Fa bakaulengwe botlhe ba dira ka kutlwano ba le seopo-sengwe, mo leineng la Modlmo, he o segofatsa tiro eo ka moya wa gagwe.”

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Botsala jwa boammaaruri ga bo tlhaole ka dingwaga

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Re ka gapa ditsala tsa boaammaruri ka go nna pelo-ntle, re iketleeditse go aba

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela