LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 6/8 ts. 14-16
  • Ke ka Ntlha Yang ke sa Kgone go Nna le Ditsala?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ka Ntlha Yang ke sa Kgone go Nna le Ditsala?
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botsala jo bo Senyegang Motlhofo
  • Dilo Tse di Senyang Botsala
  • Botsala—A ke Go Amogela Kana go Aba?
  • Fa Mathata a Tsoga
  • O ka Ipelela Botsala jo bo Tshwarelelang!
  • Go Dira Botsala jo bo Nnelang Ruri mo Lefatsheng Le le Se Nang Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • O ka Nna le Ditsala Tse di Nnelang Ruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Kafa o ka Dirang Ditsala ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Go Tlhagolela Botsala jo bo Molemo-lemo mo Lobopong Lotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 6/8 ts. 14-16

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke ka Ntlha Yang ke sa Kgone go Nna le Ditsala?

“Nna le tsala ya me re ne re kgatlhegela dilo tse di tshwanang; re ne re ipelela go nna mmogo. Mme ka tshoganetso fela botsala jwa rona bo ne jwa simolola go tsidifalela pele. Seo ruri se ne sa ntshwenya thata mo maikutlong.”—Maria.

LABOFELO o bone tsala, mongwe yo o go tlhaloganyang le yo o sa go tshwayeng diphoso. Mme fela ka tshoganetso, botsala jwa lona bo simolola go fela. O leka go bo boloka, mme maiteko a gago ga a atlege.

Tsala e e ikanyegang e tlhwatlhwakgolo. (Diane 18:24) Mme fa e go latlhegela o ka utlwa botlhoko tota. Baebele e re bolelela gore fa Jobe a ne a latlhiwa ke ditsala tsa gagwe, o ne a khutsa jaana: “Ba losika lwa me ba tlhaetse, le ditsala tsa me tse ke tlwaelanyeng natso di ntebetse.” (Jobe 19:14) O ka nna wa ikutlwa o ngomogile pelo ka tsela e e tshwanang fa o senyegetswe ke botsala. Jaaka Patrick yo mmotlana a ne a bolela, “go nna jaaka e kete mongwe yo o mo ratang o tlhokafetse.” Mme go tweng fa botsala bongwe le bongwe fela jo o kileng wa nna le jone bo feletse bo senyegile?

Botsala jo bo Senyegang Motlhofo

Buka ya Adolescence e e kwadilweng ke Eastwood Atwater e bolela gore botsala jwa batho ba ba mo dingwageng tsa bolesome “ga bo a tlhomama, e bile bo fela go le botlhoko.” Ke eng se se dirang gore botsala jwa basha ba dingwaga tsa bolesome bo senyege motlhofo jaana? Lebaka le lengwe ke gore fa o ntse o gola, maikutlo a gago, tsela e o lebang dilo ka yone, mekgele ya gago le dilo tse o di ratang di simolola go fetoga. (Bapisa 1 Bakorinthe 13:11.) O ka nna wa iphitlhela o le kwa pele—kana o le kwa morago—ga ditsala tsa gago mo dilong dingwe.

Ka jalo fa ditsala di gola, ka dinako tse dingwe botsala jwa tsone bo fela ka bonya ka bonya—e seng ka ntlha ya go bo ba tenane, mme ka gore ba simolola go nna le mekgele e e sa tshwaneng, ba kgatlhegela dilo tse di sa tshwaneng, le mekgwa. Mme e bile ka dinako tse dingwe, go ka nna molemo gore botsala bo fele. Fa o ntse o gola mme o simolola go tsaya dilo tsa semoya masisi, o ka nna wa lemoga gore dingwe tsa ditsala tsa gago tsa pele di ne di sa go siamela. (1 Bakorinthe 15:33) O amega ka bone, mme ga o tlhole o ipelela botsala jwa bone jaaka pele.

Dilo Tse di Senyang Botsala

Mme go tweng, he, fa e le gore o nna o latlhegelwa ke ditsala—botsala jo o ratang go nna le jone? Boammaaruri ke gore, go ka nna ga raya gore o na le makoa mangwe mo bothong jwa gago a o tshwanetseng go a fenya. Lefufa, ka sekai, le senya botsala. A ko o akanye fa o na le tsala e e humileng, e e nang le bokgoni jo bo oketsegileng, e ntle go go gaisa kgotsa e e itsegeng go go gaisa. A o ila tlhokomelo e e oketsegileng e a ka nnang a e fiwa? “Bopelotshetlha [lefufa, NW] ke podiso ya marapo.” (Diane 14:30) Keenon yo mmotlana o dumela jaana: “Ruri ke ne ke fufegela go bo tsala ya me e ne e itsege le dilo tsotlhe tse e neng e na le tsone tse nna ke neng ke sena natso, mme go ne ga ama botsala jwa rona.”

Go batla go rua yo mongwe e ka nna mokgwa o mongwe o o senyang. Go tweng fa o utlwa gore tsala ya gago e dirisa nako e ntsi e na le ba bangwe mme e dirisa e potlana e na le wena? Mosha mongwe o ne a dumela jaana: “Ke ne ke fufega lefa ba bangwe ba ne ba buisana le ditsala dingwe tsa me.” O ka nna wa akanya gore fa tsala ya gago e tsalana le ba bangwe e go direla boferefere.

Go batla boitekanelo le gone go senya botsala. Ka sekai, o utlwa gore tsala ya gago e go sebile, gongwe e bolela diphiri tsa gago. (Diane 20:19) O galefa o bolela jaana, “Ga nkake ka tlhola ke mo tshepa gape!”

Botsala—A ke Go Amogela Kana go Aba?

Fa e le gore lefufa, go batla go rua batho ba bangwe kgotsa go lebelela boitekanelo mo go ba bangwe go go senyeditse botsala, ipotse jaana, ‘Ke batla eng mo botsaleng?’ A o akanya gore botsala bo akaretsa go nna le mongwe yo o go direlang sengwe le sengwe se o se batlang, motho yo o tshwanang le motlhanka yo o go direlang se o se batlang? A o batla go nna le ditsala gore o tle o nne le maemo, o itsege kgotsa o bone dilo dingwe? A o batla gore tsala ya gago e ineele ka mo go feletseng mo go wena, le sa fe ba bangwe sebaka mo botsaleng jwa lona? Fa go le jalo o tshwanetse gore o fetole tsela e o lebang botsala ka yone.

Mo Baebeleng re ithuta gore botsalano jo bo molemo le ba bangwe bo nna teng, e seng ka go amogela, mme ka go aba! Mo go Mathaio 7:12, Jesu Keresete ka boene o ne a re: “Ke gone tsotlhe tse lo ratang batho ba di lo direla, le lona lo ba direleng fela jalo.” Ke ga tlholego fela go solofela gore ditsala tsa gago di go direle dilo dingwe tse di rileng. Buka ya Understanding Relationships e dumalana jaana: “Gantsi re solofela gore tsala ya rona e nne motho yo o ikanyegang le yo o buang boammaaruri, yo o re fang lorato lo lo tswang pelong, yo o re bolelelang diphiri tsa gagwe le mathata a gagwe, yo o re thusang fa re tlhoka thuso, yo o re tshepang gape a . . . ikemiseditse go rarabolola ditlhokakutlwisisano.” Lefa go ntse jalo, ga go felele foo. Buka eo e oketsa ka gore: “Dilo tseno ke tse batho ba solofelang gore tsala ya bone e di ba direle gape ba solofela go di direla tsala ya bone ka mo go tshwanang.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.

Ela tlhoko tsela e Jesu ka boene a neng a tshwara batho ba ba neng ba atamalane le ene ka yone. O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ga ke tlhole ke lo bitsa batlhanka; gonne motlhanka ga a itse se morena wa gagwe o se dirang; mme ke lo biditse ditsala.” A mme botsala jwa ga Jesu le barutwa ba gagwe bo ne bo ikaegile ka se ba neng ba ka se mo direla? Go fapaana le seo, o ne a bolela jaana: “Ga go ope yo o nang le lorato lo lo fetang lo, fa motho a ka beela ditsala tsa gagwe botshelo jwa gagwe.” (Johane 15:13, 15) Ee, motheo wa mmatota wa botsala ke lorato lwa go intsha setlhabelo! Fa lorato e le lone motheo wa botsala, bo ka fenya dikgoreletsi le mathata.

Fa Mathata a Tsoga

Ka sekai, a ko o akanye, gore tsala ya gago e na le madi a mantsi go go gaisa, o botlhale go go gaisa, kgotsa o na le bokgoni go go gaisa. Lorato lo e seng lwa bopelotshetlha lo tla go thusa gore o ipele le tsala ya gago. Tota e bile, “lorato ga lo pelotshetlha,” Baebele e bolela jalo.—1 Bakorinthe 13:4.

A re re gongwe tsala ya gago e bua kgotsa e dira sengwe se se utlwisang maikutlo a gago botlhoko. A seo se raya gore botsala jwa lona bo senyegile? Ga go reye jalo. Moaposetoloi Paulo o ne a swabile thata fa tsala ya gagwe Mareko a ne a mo tlogela mo loetong lwa gagwe lwa borongwa. O ne a utlwile botlhoko thata mo e leng gore o ne a gana go letla Mareko gore a tsamaye le ene mo loetong lwa gagwe lo lo latelang! Paulo o ne a ba a omana le ntsalae Mareko, e bong Barenabase, ka kgang eo. Lefa go ntse jalo, dingwaga moragonyana, Paulo o ne a bua ka lorato ka Mareko, e bile a mo laletsa go tla kwa Roma go tla go mo direla. Go lebega ba ne ba rarabolotse mathata a bone.—Ditiro 15:37-39; 2 Timotheo 4:11.

Ke eng o sa leke se se tshwanang fa mathata a nna teng mo botsaleng jwa gago? O se ka wa letla mathata gore a gole. (Baefeso 4:26) Pele ga o itlhaganelela go dira ditshwetso kgotsa o mo latofatsa ka bogale, utlwa se tsala ya gago e ka se buang ka kgang eo. (Diane 18:13; 25:8, 9) Gongwe go ne ga nna le tlhokakutlwisisano. Mme gotweng fa e le gore tsala ya gago e na le molato wa gore ga e a leba dilo ka tsela e e tshwanetseng? Gakologelwa gore tsala ya gago ke motho fela, e ka dira diphoso. (Pesalema 51:5; 1 Johane 1:10) Gape rotlhe re na le molato wa go bua le go dira dilo tse moragonyana re di ikwatlhaelang.—Bapisa Moreri 7:21, 22.

Lefa go ntse jalo, o ka bua ka boammaaruri kafa dilo tse tsala ya gago e di dirileng di go utlwisitseng botlhoko ka teng. Seo se ka nna sa dira gore tsala ya gago e ikope maitshwarelo ka bopeloephepa. Ka go bo lorato “ga lo ke lo akanya bosula,” gongwe o ka nna wa lebala tiragalo eo. (1 Bakorinthe 13:5) Keenon yo mmotlana o bolela jaana fa a ne a tlhalosa ka botsalano jo bo senyegileng: “Fa go ne go ka twe ke simolole sesha, ke ka bo ke sa solofela boitekanelo mo botsaleng jwa rona. Ke ka bo ke ne ka mo reetsa ka mo go oketsegileng le go mo tshegetsa go na le go oketsa diphoso tsa gagwe. Jaanong ke tlhaloganya sentle gore se se dirang botsala jo bo atlegileng ke go dirisana sentle le diteko le dikgwetlho.”

Mme gotweng fa tsala ya gago e sa dirise nako e ntsi e na le wena jaaka pele kgotsa e ntsi jaaka o ne o ka rata? A e ka tswa e le gore o batla gore tsala ya gago e fe wena fela nako gape e akanyetse wena fela? Seno se ka fedisa botsala. Batho ba ba nang le botsalano jo bo siameng ba fana sebaka. (Bapisa Diane 25:17.) Ba fana sebaka gore batho ba bangwe le bone ba ipele! Gape, Baebele e rotloetsa Bakeresete go ‘pitlologa’ mo botsalanong jwa bone. (2 Bakorinthe 6:13) Ka jalo, fa tsala e dira seno, ga go tlhokege gore o mo lebe jaaka yo o sa ikanyegeng.

Totatota, ga se mogopolo o o molemo gore o ikaege mo go feteletseng fela ka motho mongwe a le mongwe fela. (Pesalema 146:3) Go dira botsala le batho ba ba farologaneng ba e seng balekane ba gago ka tsela e e botlhale, jaaka batsadi ba gago, bagolwane le bagolo ba bangwe ba ba amegang ba ba nang le boikarabelo. Ana o bolela jaana ka lorato: “Mmè ke tsala ya me e kgolo. Ke kgona go bua le ene ka sengwe le sengwe fela.”

O ka Ipelela Botsala jo bo Tshwarelelang!

Baebele mo go 1 Petere 3:8 e bolela jaana: “Sa bofelo, nnang maikutlo mangwe fela lotlhe, lo le pelotlhomogi, lo ratana jaaka bana ba monna, lo le pelonamagadi, le boikokobetso.” Ee, bontsha ba bangwe bopelonomi, kutlwelobotlhoko, bothokgami jwa boitshwaro, go amega ka mmatota ka ba bangwe, mme o tla nna o ntse o oka ditsala! Gone ke boammaaruri gore botsala jo bo nnelang ruri bo tlhoka maiteko le maikemisetso. Mme maduo a teng a solegela molemo.

Se se kgatlhang ke gore Baebele e re bolelela ka Dafite le Jonathane. Ba ne ba ipelela botsala jo bo tlhomologileng. (1 Samuele 18:1) Ba ne ba kgona go fenya lefufa le e seng la sepe le makoa a botho. Seno se ne sa kgonega ka gore Dafite le Jonathane ka bobedi jwa bone ba ne ba beile botsalano le go ikanyega mo go Jehofa Modimo kwa godimo ga sengwe le sengwe. Dira se se tshwanang, mme ga o na go nna le mathata a go nna le ditsala tse di boifang Modimo!

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Botsala bo a senyega fa yo mongwe a bona tsala ya gagwe e na le ditsala tse dingwe e le go tlhoka go ikanyega

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela