Go Tlhagolela Botsala jo bo Molemo-lemo mo Lobopong Lotlhe
“Me wèna Iseraela, motlhanka oa me, Yakobe eo ke gu ipatletseñ, losika loa ga Aberahame tsala ea me.”—ISAIA 41:8.
1. Ke eng seo se dirang gore botsala jwa mmatota bo seka jwa tlhaela le ka motlha?
A BO tsala ya boammaaruri e ratega jang ne! Mme motheo wa go nna le tsala ya mmatota e e ntseng jalo ke ofe? Motheo o o popota wa botsala jo bo nnetseng ruri ke ofe? Ke sengwe seo le ka motlha se sekeng se tlhaela, jalo tsala ya boammaaruri ga e ketla e tlhaela. Ke eng? Aitsane, ke nonofo eo moaposetoloi Paulo a neng a e umaka fa a ne a re, “Loratō ga lo ko lo tlhaèla gopè”!—1 Bakorintha 13:8.
2. Lediri leo go lone lefoko la Segerika la “tsala” le tswang gone le na le bokao bofe jo bo kgethegileng?
2 Mo Dikwalong tsa Sehebera, leina le le ranoletsweng “loratō” le tswa mo lediring leo le rayang “go rata.” (Duteronome 6:4, 5; bapisa Mathaio 22:37.) Mme mo go Septuagint Version ya Segerika, lediri le le ranoletsweng “o tshwanetse go rata” mo mokwalong wa Sehebera ke a·ga·panʹ. Lefa go ntse jalo, mo thanolelong eo ya bogologolo mme le mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete leina le le ranoletsweng “tsala” ga le a theiwa godimo ga lediri leo mme mo leineng la Segerika phiʹlos, leo le tswang mo lediring leo le rayang “go nna le kamego.” Ka jalo, go ya ka Segerika sa kwa tshimologong, kamego e e lorato e šutšwa tebang le tsala kana magareng ga ditsala. Le eleng ka puo ya Seesemane lefoko “tsala” le ntshiwa mo lediring la Se-Anglo-Saxon leo le rayang “go rata.”
3. Fa lo bapisiwa le lorato Iwa Modimo lwa lefatshe la setho, barutwa ba ga Jesu ba ne ba bofagantswe le ene ka mofuta ofe wa lorato?
3 Lediri la Segerika leo go lone “tsala” le ntshitsweng gone ka gone he le supa boikutlo jo bo bothitho le kamano e e atamalaneng go na le lorato loo lo sutswang ke lediri a·ga·panʹ, leo le bonalang mo mokwalong wa Segerika go Yohane 3:16, koo Jesu a tsopolwang a re: “Gonne Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” Ka gone lorato (Segerika, a·gaʹpe) mo letlhakoreng la ga Jehofa Modimo le atologile mo go lekaneng go ka apesa lefatshe lotlhe la setho go sa kgathalege boleo jwa lotso Iwa batho. Mme Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe ba ba 11 ba ba ikanyegang gore ba ne ba bofagantswe le ene ka mofuta wa lorato lo lo bothitho, lo lo katamelano thata.
Botsala jwa Mofuta o o Rategang Ruri
4. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba ka tswelela e le “ditsala” tsa gagwe fa ba ne ba dira eng, mme ke mo katamelanong efe seemo seno se neng se tla ba dumelela?
4 Jesu o ne a bolelela baaposetoloi bao gore ba ne ba tla tswelela go nna “ditsala” tsa gagwe fa ba ne ba tswelela ba dira dilo tseo a neng a ba laetse gore ba di dire. Go bontsha gore seno se ne se tla akareletsa tshiamelo ya go nna le katamelano ka ntlha ya tshepano ya kgomaragano, o ne a re: “Lona lo ditsala tsa me, ha lo diha dilo tse ke di lo laolèlañ. Ga ke tlhole ke lo bitsa batlhanka; gonne motlhanka ga a itse se morèna oa gagwè o se dihañ: me ke lo biditse ditsala; gonne dilō cotlhe tse ke di utlwileñ mo go Rrè, ke di lo itsisitse.” (Yohane 15:14, 15) Ka go bua jalo, Jesu o ne a dirisa lereo phiʹlos go mongwe le mongwe wa baaposetoloi bao.
5. Botsala jo bo lebisitsweng go Diane 18:24 bo itshetlegile godimo ga eng, mme kamano e e ntseng jalo e itsetsepetse go le kae?
5 Go ya ka Diane 18:24, monna yo o botlhale yo o tlhotlheleditsweng o ne a bolela ka gore: “Eo o itihèlañ ditsala di dintsi, o itihèla go itshenya: me go na le tsala e e kgomarèlañ motho bogolo go ñwana oa ga rragwè.” Botsala jo bo ntseng jalo ga bo a theiwa mo dikamanong tsa senama; bo itsetsepetse mo kanaanelong ya bomosola jwa boammaaruri jwa yo go itsalanngwang le ene. Ee, masika a ka kgaogana ka mabaka a a farologaneng a bogagapa, mme tsala e e kwenneng ga e ketla e reketla mme e tla ngaparela botsala jwa gagwe go sa kgathalesege maemo a a lekang, kana a a boima kana a a hukutsang pelo ao a ka tlhagang.
6. Re gakololwa ka botsala jwa ga mang joo bo neng bo tiile, mme Dafide e ne ya re moragonyana a gopola botsala joo jang?
6 Fano re ka akanya kaga Jonathane, morwa Kgosi Saulo yo o gannweng, le Dafide, yo Jehofa Modimo a neng a mo ikgethetse ka go mo tlotsa jaaka kgosi ya Iseraele. Botsala jwa bone jwa tswelela go fitlhelela le eleng losong Iwa ga Jonathane mo botlhabanelong. Fa a ne a utlwa dikgang tse di hutsafatsang tseo, Dafide o ne a hutsafala jaaka go begilwe go 2 Samuele 1:17-27. A bontsha kafa botsalano jwa gagwe le Jonathane bo neng bo le pelonomi ka gone, Dafide o ne a re: “Ke mo tlaleloñ kaga gago Yonathana, mogolole: mo go nna, u nntse u le natehō thata: loratō loa gago mo go nna lo no lo gakgamatsa, lo heta loratō loa basadi.” Botsalano jo bo ntseng jalo bo ne bo ka se lebalwe kana bo ka tsamaya bo sa gopolwe. Bo ne jwa dira gore Kgosi Dafide a supe bopelotlhomogi tebang le Mefiboshethe, morwa yo o falotseng wa ga Jonathane.—2 Samuele 9:1-10.
7. (a) A botsala jo bo tshwanang jwa ga Dafide le Jonathane bo nyeletse, segolo bogolo mo “bokhutlong jwa tsamaiso [eno] ya dilo”? (b) Puo ya katamelano ya botsala jo bo ntseng jalo e dumelela motho go eng, jaaka Jesu a ne a tlhalosetsa baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang?
7 Mofuta o o ntseng jalo wa botsala jo bo rategang ga o a nyelela mo godimo ga lefatshe. Gompieno, mo “bokhutlong jwa tsamaiso [eno] ya dilo” fa ‘lorato Iwa bontsi bogolo lo tsidifetse,’ bothitho jwa botsala jo bo lorato jo bo ntseng jalo bo a ikutlwatsa ka tlhamalalo gareng ga basupi ba ba ineetseng, le ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa Modimo bao ba neelang bosupi jwa Bogosi lefatshe ka bophara joo Jesu a neng a bo bolelela pele. (Mathaio 24:3-14) Ditsala di sekametse mo go ntshetsaneng diphiri ka ntlha ya tshephano e ba nang le yone mongwe go yo mongwe. Gakologelwa gore fa a ne a bua gareng ga bosigo le baaposetoloi ba ba 11 bao ba ileng ba mo kgomarela, Jesu o ne a re: “Ke lo biditse ditsala; gonne dilo cotlhe tse ke di utlwileñ mo go Rrè, ke di lo itsisitse.” (Yohane 15:14, 15) Ee, dilo tsa semoya tsa Lefoko ja Modimo tseo di tla tlogang di diragadiwa kana tseo di tla dirisiwang di ne di tla bolelelwa lwa ntlha “ditsala” tsa boammaaruri tse di itshenketsweng ka moya tsa Morena, Jesu Keresete. Go tswa foo he “ditsala” tseno di ne di tla nna le tshiamelo le boikarabelo jwa go itsise dilo tse di ntseng jalo tsa sephiri go bao ba neng ba tla batla go tsena mo dikamanong tsa botsala le Jehofa Modimo, e le ene yo dilo tsa sephiri tse di ntseng jalo di simologang le ene.
8. Jehofa o neela katamelano go mang, mme Jesu o ne a lebisa go kgolagano e e kopanyelediwang mo katamelanong e e ntseng jalo jang?
8 Ke ka tsela eo Jehofa a ileng a tswelela ka yone le baobamedi ba gagwe ba ba itshenketsweng ka moya bao ba neng ba tsenngwa mo kgolaganong ya gagwe e ntsha ka Motsereganyi, Jesu Keresete. Fa a ne a simolodisa Sejo sa Morena sa Maitseboa, Jesu o ne a re: “Senwèlo se, ke kgōlaganō e ncha mo madiñ a me, eboñ a a chololèlwañlona.” (Luke 22:20) Seno se ne se le tumalanong le Pesalema 25:14, eo e reng: “Maōma a ga Yehofa a na le ba ba mmoihañ; me o tla ba shupetsa kgōlaganō ea gagwè.” Abo bao ba tlang mo kamanong e e tsalano le Jehofa Modimo le Motsereganyi wa gagwe, Jesu Keresete ba neelwa kitso e e kwa godimodimo jang ne!
Bao Jehofa a Itsalanyang Nabo
9. A ke go ikgopola bobe ka rona go akanya ka gore Jehofa o ka dira dibopiwa tsa bathonyana go tsena mo botsaleng jwa gagwe, mme ke mekwalo efe ya Bibela eo re ka e neelang go supela karabo ya rona?
9 Ao, a mme eleruri Mogodimodimo le Modimo Mothatayotlhe e ka nna tsala ya rona ya sebele? A eleruri o ile a ikokobetsa mo go kalo go ya bokgakaleng jwa gore a nne Tsala ya rona? Go akanya jalo ga se go ikgopola bobe. Mo lokwalong loo lo kwaletsweng Baiseraele ba semoya pele ga tshenyo ya Jerusalema ka 70 C.E., Jakobe o kwadile ka gore: “Me lokwalō loa dihahala lo lo reñ, Aberahame a dumèla Modimo, me a go balèlwa e le tshiamō; me a bidiwa tsala ea [ga Jehofa].” (Yakobe 1:1; 2:23; Genesise 15:6; Bagalatia 6:16) Mo ‘lokwalong’ longwe lwa Sehebera loo go lone Jakobe koo a neng a lebisa go lone re bala ka ikuelo eno e dirwa go Modimo ke Kgosi Jehoshafate fa pabalesego ya Jerusalema e ne e bopelwa ke tlhaselo e kgolo thata: “Wèna Modimo oa rona, a ga ua lèlèka banni ba lefatshe yeno ha pele ga ba Iseraela batho ba gago, me lehatshe ua le naea losika loa ga Aberahame tsala ea gago, ka bosakhutleñ.” (2 Ditihalō 20:7) Re ka bona fano gore lefoko la motheo la Sehebera leo le ranoletsweng “tsala” le raya “morati.” Kwantle ga pelaelo, Aberahame e ne e le morati wa ga Jehofa, Modimo oo o neng a mmitsa mo Ura ya Bakaladia mme a mo tlisa mo Lefatsheng la Tsholofetso. Ka e ne e le morati yo o ntseng jalo, Aberahame e ne e le monna yo Jehofa a neng a ka itsalanya le ene, kana a mo tsenya mo botsaleng jwa Gagwe.
10. Ke mang yo o neng a ipuelela mo kgannyeng eno ya botsala mo go Isaia 41:8, mme e ne e le mo motheong wa boikutlo bofe malebana le Jehofa go bo Aberahame a ne a neelwa seemo se se kgethegileng le Modimo?
10 Lefa go ntse jalo, mo go Isaia 41:8 Jehofa o ne a ipuelelela ka boene mme a bua mafoko ano a a kgothatsang go ditlogolwana tsa ga Aberahame jaaka tšhaba: “Me wèna Iseraela, motlhanka oa me, Yakoba eo ke gu ipatletseñ, losika loa ga Aberahame tsala ea me.” Modimo Mogodimodimo o ne a tlotla botsala jono le Aberahame ka go mo abela gore a nne rraagwe mogolo Jesu Keresete yo o tlotlegang, Mmoloki wa setho sotlhe, go akareletsa le Aberahame ka boene. Setlogolwana seno sa ga Aberahame mo go Jehofa Modimo e ne e se tsala fela, ka go bo e le Morwa Modimo yo o rategang.—Yohane 3:16.
11. Ke goreng botsala le Jehofa bo tlamega go lekiwa?
11 Ka tlhaloso yotlhe e e fa godimo, re ka digela ka goreng? Gore go ka kgonega ka dibopiwa tsa batho mono mo ‘sebeong sa dinao’ sa ga Jehofa go nna ditsala tsa gagwe. (Isaia 66:1) Tota, botsala jwa rona jo bo rategang le ene mo lefatsheng leno le legologolo bo tla lekwa, ka go bo Satane Diabolo, “modimo oa lehatshe yeno,” o tla leka go bo roba.—2 Bakorintha 4:4.
12. Jaaka Jobe wa lefatshe la Usa, ke eng seo re tshwanetseng ra ititaya sehuba go se dira kaga botsala jwa rona ka sebele le Mogodimodimo?
12 Akanyetsa kgang ya monna yo o tlhomologileng wa metlha ya bogologolo yo o neng a bidiwa Jobe, yo morutwa wa Mokeresete Jakobe a neng a re: “Bōnañ, rea tle re re, go segō ba ba kileñ ba nna ba ichōka: lo utlwile kaga bopelotelele yoa ga Yobe, me lo bonye bohèlèlō yoa [ga Jehofa] yaka [Jehofa] a tletse bopelotlhomogi, me a le boutlwèlō botlhoko.” (Yakobe 5:11) Jobe e ne e se motho wa dikinane fela mme e ne e le yo o kileng a tshela tota mo lefatsheng la Usa. Diabolo o ne a belaela nonofo e e nnetseng ruri ya botsala jwa ga Jobe le Modimo, mme Jehofa o ne a tlogela Satane go leka Jobe ka teko e e botlhoko thata. Ka matlhotlhapelo a a phatlolang pelo ao a neng a a tlisa godimo ga ga Jobe, Satane o ne a gakaletse gore a itatole Jehofa. Mme Jobe o ne a gana go rotloetsa Diabolo ka go latofatsa Modimo, seo se neng se tla felela ka go swa ga ga Jobe mo letlhakoreng la ga Satane mo kganetsanong ya lobopo ya bolaodi. Se se fapaaneng, Jobe o ne a supa Satane Diabolo go nna moaki wa matlhabisa ditlhong. Mo lefatsheng, Jesu Keresete o ne a supa se se tshwanang. Mme go tweng ka rona gompieno? Bao ba tswelang pelo botsala jwa ga Jehofa ba ititeile sehuba go ngaparela letlhakore la gagwe la kganetsano ya kgatlhego ya lobopo. Mme ba tla dira jalo go fitlhelela Satane le badimona ba gagwe kgabagare ba tsenngwa mo moleting mme ba didimadiwa pele ga Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Jesu Keresete.—Tshenolō 20:1-4.
13. Botsala le Jehofa Modimo le Morwawe yo o tsetsweng a le esi bo tsamaya jang, mme ke tsela efe e re tshwanetseng go e sala morago e le gore re tle re seka ra tlhalosiwa jaaka “diaka” tsa tshwantshetso?
13 Ga go na botsala bope jo bo gone jo bo gaisang joo jwa Modimo Mogodimodimo, ebong Jehofa. Botsala le Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi bo latela joo. Kamano e e ntseng jalo e e kagiso le bone e raya botshelo jo bosakhutleng ka boitumelo jo bo letlotlo go rona. Ba batla ka tshwanelo boineelo jo bo feletseng go rona. Ga re ka ke ra itlwaelanya le lefatshe jeno je legologolo je le atlhotsweng mme ka nako e e tshwanang re be re tlhagolela botsala le bone. Fa re bua kafa semoyeng, ga re batle go kgethololwa jaaka diaka, go ya ka Yakobe 4:4, eo e bayang kgang ka papamalo e bo e re: “Basadi ba ba diaka ke lona, a ga lo itse ha botsalanō yoa lehatshe e le bobaba mo Modimoñ? Me ke gōna, eo o ratañ go nna tsala ea lehatshe, o itiha mmaba oa Modimo.” Mafoko ao a ne a lebisiwa Baiseraele ba semoya ba lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., mme gape a a dira go Basupi ba ga Jehofa ba ba tshelang mo lefatsheng leno la lekgolo la dingwaga la bo-20, kana tsamaiso ya dilo.
Befela Botsala Joo Bo Tla Phutlhamang
14. Malebana le botsala, Basupi ba ga Jehofa ba tila jang go nna le boitemogelo jo bo boleletsweng pele go Sekaria 13:4-6?
14 Ka go bo ba sa batle go itira ditsala tsa lefatshe jeno je legologolo le le bodileng le le thubakanyo, Basupi ba ga Jehofa ba buiwa leswe, ba tshwarwa makgwakgwa, le go bogisiwa. Go ne go ntse fela jalo ka mosupi yo mogolo wa ga Jehofa yo o kileng a nna gone mo lefatsheng, Jesu Keresete, ebile ga ba mo gaise ka sepe le eseng. (Tshenolō 1:5; 3:14) Ka go bo ka boikanyegi ba tswelela ka go baakanya go akanya ga bone go ya kafa Lefokong ja Tsala ya bone e e molemo-lemo, ebong Jehofa Modimo, ba ile ba nna kgakala le boitemogelo jo bo tlhalosiwang ka boperofeti mo go Sekaria 13:4-6, koo go kwadilweng ka gore: “Me go tla dihala mo motlheñ ouō, go re, baperofeti, moñwe le moñwe oa bōnè, o tla tlhaywa ke ditlhoñ ka ga pōnatshègèlō ea gagwè, mogañ o perofesañ; le gōna ga ba ketla ba apara kobō e e boboea go tsietsa: Me o tla re, Ga ke moperofeti oa sepè, ke molemi hèla oa mbu; gonne ke sa le ka ke le lekau ka dihwa motlhanka. Me moñwe o tla mo raea, a re, Dinthō tse ke dihe, tse di ha gare ga mabōgō a gago? Hoñ o tla hetola, a re, Ke tse ke di ntshicweñ mo tluñ ea ditsala tsa me.”
15. Ke goreng baruti ba La-Bodumedi ba ile ba apara diaparo tse di kgethegileng phatlalatsa, mme ba ile ba dira botsala jwa boitlotlomatso le bomang?
15 Ka makgolo a dingwaga jaanong, baruti ba La-Bodumedi ba ile ba apara ‘diaparo tsa segosi’ ka boikaelelo jwa go itlotla ka botlhalefi jwa bone jwa sedumedi mme le ka boikaelelo jwa go itlotlomatsa ka go ipharologanya le maloko a diphuthego tsa bone bao ba ba bitsang “bakereki.” Baruti bano ba dira jaana, e re ntswa go sena le fa e le bosupi jo bo kananyana jwa go supa gore Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe le baefangedi bao a neng a ba roma le ka motlha ba kile ba apara diaparo tsa sedumedi tsa segosi tsa go itlotlomatsa maemong a bone le go ikisa godimo. Jaanong re setse re tseneletse kwa teng ga ‘bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo’ eo e neng ya simolola ka bofelo jwa “metlha e e laotsweng ya merafe,” kana “metlha ea Badichaba,” ya 1914. (Mathaio 24:3; Luke 21:24, NW) Baruti ba sa le ba lekile bogologolo go nna ditsala tse dikgolo tsa dikarolo tsa lefatshe leno la tsa papadi, bosole, le sepolotiki. Ba ile ba dira seno tsholegelong ya bone ya bogagapa molemo le kwa ntle ga go jewa ke segakolodi. Mme botsala jwa bone jo bo bogagapa jwa mofuta ono bo tla khutshwafadiwa!
16. (a) Go ya ka boperofeti jwa Bibela, e tla re kgabagare “ditsala” tsa bone di direle setlhopha sa baruti eng? (b) Le eleng mo boemong jono jo bosha, ke boitemogelo bofe jwa bofelo joo baruti ba se ketlang ba bo falola?
16 Baruti le maloko a bone ka go tshwana ba iphitlhela ba le mo motlheng ono wa boitseanape jo bo tlhabolotsweng. Dikamano tsa selefatshe di a gotlhega fela thata tlaseng ga kgatelelo ya dipaka tseno. Baruti, go sa kgathalesege boemo jwa bone jo bo iphakwang le Modimo wa legodimo, ga ba a ka ba bona kamogelo go ene ya thulaganyo ya dilo tsa papadi, ya sesole, le ya sepolotiki mme ga ba baakanyetse ka kgololo epe ya seemo sa lefatshe se se senyegelang pele. Gautshwane, “ditsala” tsa bone tsa selefatshe di tla tla go lemotshiwa gore baruti ga ba na mosola, ee, ke morwalo mo go bone, ba le maaka mo dipolelelong pele tsa bone tsa dipaka tse di botoka tsa dilo tse di bonalang kwantle ga Bogosi jwa ga Jehofa ka Keresete. Eleruri, “ditsala” tseo tsa selefatshe e tla re kgabagare di tlhotlheletsege go supa kgoro ya tsone ya go latlhegelwa ke tshepho ya bone, lonyatso lwa bone, ee, letlhoo la bone. Ba tla senya baruti ka thubakanyo kana bobotlana ba ba amoge seaparo sa bone sa seruti, mme ba ba dire boesemang fela, boemo jwa batho fela, jaaka go tlhalosiwa mo go Sekaria 13:4-6. Mme phetogo eno ya maemo ga e ketla e ba falotsa mo go nyelediweng le Babelona o Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, jaaka go boleletswe pele mo go Tshenolō dikgaolo 17 le 18. “Ditsala” tsa selefatshe tsa baruti di tla ba swabisa tota-tota.
17. Ke botsala bofe jo bo tshwanelwang ke go tlhagolelwa, mme ka lobaka lo lo kae?
17 Thulanong le seno, abo go le botlhokwa jang go befela botsala jo bo bogagapa jwa mofuta o o phoso! Mme abo botsala jo bo molemo-lemo mo lobopong lotlhe bo tshwanetse jwa re kgatlha jang ne! Eleruri bo tshwanelwa ke gore re bo tlhagolele ka bosakhutleng.
O Akanya Jang Wena?
◻ Barutwa ba ga Jesu ba ka tswelela go nna ditsala tsa gagwe fa fela ba dira eng?
◻ Re itse jang gore batho ba ka ipelela botsala jwa ga Jehofa, mme o neela bomang katamelano e e ntseng jalo le ene?
◻ Ke goreng botsala le Modimo bo tlamega go lekiwa?
◻ Malebana le botsala, Basupi ba ga Jehofa ba tila jang go itemogela seo se boleletsweng pele mo go Sekaria 13:4-6?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Dafide le Jonathane ba ne ba ipelela botsala jwa pelo, jo bo rategang. Mme le wena o ka ipela.
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Aberahame e ne e le tsala ya ga Jehofa. Wena?