LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 5/15 ts. 3-4
  • Ditsala Tsa Boammaaruri—Ke Eng Di Le Thata go Bonwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditsala Tsa Boammaaruri—Ke Eng Di Le Thata go Bonwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bo Ditsala tsa Boammaaruri Di Le Thata go Bonwa
  • Ditsala tse di sa Nonofang
  • Ke ka Ntlha Yang ke sa Kgone go Nna le Ditsala?
    Tsogang!—1996
  • Kafa o ka Dirang Ditsala ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Go Dira Botsala jo bo Nnelang Ruri mo Lefatsheng Le le Se Nang Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Go Kgotsofatsa Keletso ya Rona ya go Nna le Ditsala
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 5/15 ts. 3-4

Ditsala Tsa Boammaaruri​—Ke Eng Di Le Thata go Bonwa?

“KE BATLA go nna le sedikadike sa ditsala.” Go rialo pina nngwe e e tlwaelegileng mo Brazil. Mme tota tsala ke eng? Ka dinako tse dingwe lefoko “tsala” le dirisiwa fela ka tshosologo go raya mo e ka nnang motho mongwe le mongwe fela yo o tlwaelegileng yo o seng bobaba. Lefa go ntse jalo, tsala ya boammaaruri, e feta motho fela yo o tlwaelegileng. Malebana le botsala, Francis Bacon o kwadile ka gore: “Bo oketsa maipelo le go fokotsa mahutsana thata.”

Tota-tota, tsala ya boammaaruri ke yo o oketsang boitumelo jwa gago le yo, fa go tlhokafala, a go thusang go fenya kutlo-botlhoko. Ka gone, motho yo o senang ditsala, ga a ka ke a itumela gotlhelele. Lefa go le jalo, dimilione, di ngongoregela gore go bona ditsala tsa boammaaruri go thata.

Go Bo Ditsala tsa Boammaaruri Di Le Thata go Bonwa

Bibela e ne ya bolelela-pele gore gompieno banna le basadi ba tla nna “baithati, . . . le babelahadi, le baipegi, . . . le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ, Ba sena loratō loa tlhōlègō, e le ba ba sa ichwareleñ, e le bapateletsi, ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè, E le baoki, e le ba ba tlhōgōethata, e le ba ba ikgogomosañ.” (2 Timotheo 3:1-4) Jalo he, ga go gakgamatse, go bo ditsala tse di ikanyegang di le thata go bonwa! Tikologo eo batho ba golelang mo go yone e dira bothata mo go bone mo go godiseng dinonofo tseo di tlhokwang mo tsaleng.

Mme go na le mabaka a mangwe. Batho bangwe ga ba akanye sentle, ba amegile fela ka ponalo e e ka kwa ntle ya botshelo. Ba bangwe ga ba ikemisetse go dira maiteko a a tlhokafalang go aga botsalano. “O seka wa itshunya nko!” ke kgakololo e mongwe a e utlwang gantsi malatsi ano. Kgatelelo ya lefatshe mo dilong tse di bonalang e ile ya reketlisa botsala le yone. Batho gantsi ba rata dithoto​—le eleng dintša le dikatse—​go na le batho. Lorato longwe le longwe leo ba ka le bontshang batho ka bone le sekamela go nna le le seng boteng. Ke fela jaaka mosadi mongwe yo o godileng a kileng a akgela: “Ba a rata, mme e le mo e seng ga sepe.” Le eleng kwa mafelong ao mokgwa wa go tlamparelana le go atlana eleng dilo tse di tlwaelegileng tsa go supa bopelontle, go ka nna ga nna le tlhaelo ya tshegetso ya mmatota fa go ka tlhaga sengwe seo thuso e tlhokafalang thata.

Go tlhoka nako, le gone ke sekgoreletsi se se tlwaelegileng mo botsalanong. Mo lobelong lwa bone Iwa tsatsi le letsatsi, gantsi batho ba tshwaregile thata kana ba a bo ba lapile thata go ka tlhagolela botsalano. Kana bangwe ba ka ikutlwa gore ditsala di tshwanetswe gore di tlosiwe bodutu ka ditshenyegelo tse dintsi mme ka gone ba konele ka gore ga ba ka ke ba kgona ditsala!

Ditsala tse di sa Nonofang

Lefa go ntse jalo, batho ba le bantsi, ba iphaka gore ba na le ditsala. Mme dikamano tse di ntseng jalo di boteng jo bo kana kang? Gantsi motho o kgatlhegela yo mongwe ka ntlha ya se motho yoo a ka se fang, mme eseng ka ntlha ya se a leng sone. Ka gone botsalano jo bo ntseng jalo ke jo bo sa tseyeng sebaka, gonne fa “tsala” ka bonakonyana fela e khutlela go nna mosola, gone fela foo o setse a bile a latlhiwa.

Le eleng go tlhakanela dilo ga se motheo o o lekanetseng wa botsalano jo bo nnelang ruri. Brazil Herald ka nako nngwe e ile ya bolela ka ditsala tse pedi tse di atamalaneng bao ba neng ba itumelela go tlhatlologanya mafelo a borekisetso jwa bojalwa le go nwa ka mafelobeke mo go feteletseng. Lefa go ntse jalo, ka nako nngwe, ba ne ba ganetsanya gore ke mang yo o neng a le mmampudi go feta yo mongwe. Go supela boiphako jwa gagwe, yo mongwe wa bone o ne a thuntsha yo mongwe ka tlhobolo ya gagwe. Moragonyana mmolai o ne a bua a re o bolaile “tsala ya gagwe e kgolo.”

Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege mathata otlhe le dithibedi tse di mo tseleng ya botsalano, go nna go ntse go le boammaaruri gore tlholegong kafa teng ga rona, rotlhe re tlhoka ditsala. Jalo, di ka bonwa kae, mme e bile jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela