LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 5/1 ts. 32
  • E Baakanyetsa ka Tsholofelo e e Gakgamatsang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • E Baakanyetsa ka Tsholofelo e e Gakgamatsang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 5/1 ts. 32

E Baakanyetsa ka Tsholofelo e e Gakgamatsang

Monna mongwe yo o neng a na le bana ba le bararo ba bannye o ne a swa mo sebakeng se se fetang ngwaga mo sepateleng sengwe sa kankere sa Sloan-Kettering mo New York City. Mogolwane yo o neng a tsamaisa tirelo ya phitlho o ne a tlhalosa mo polelong ya gagwe gore dioura fela pele a tloga a swa monna yo o ne a raya mosadi wa gagwe a re a tshware buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise fa pele ga gagwe e le gore a tle a kgone gape go bala karolo e e buang kaga tsholofelo ya tsogo. Kwa bofelong jwa tirelo mogolwane o ne a re phuthego ya Basupi ba a Jehofa e ne e eletsa gore maoko a lelapa la monna yoo a nne le sekaelo sa buka eo e e neng a neela wa losika lwa bone tsholofelo e e nonofileng e e ntseng jalo. Palo e e rileng go akareletsa le motlhokomedi wa tsa diphitlho wa lefelo leo, ka tlhagafalo ba ne ba tla mme ba ikopela sekaelo. Palo ya dibuka tse 20 e ne ya tsamaisiwa mo go ba-ba neng ba le teng.

Re ikutlwa gore le wena gape o tla solegelwa molemo ke tlhaloso le neelano e e tlhotlheletsang ka tsholofelo e e gakgamatsang ya Bibela go O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Kgatiso eno e e gakgamatsang e na le ditsebe tse 256. E selekanyo sa tsebe ya makasine ono mme e tletse ka ditshwantsho tse di rutang tse di fetang 150 bontsi jwa tsone di le ka mmala o montle. Otara gone jaanong. Ke R3,50 fela.

Tswee-tswee nthomeleleng, poso e duetswe, O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Ke romela R3,50.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela