LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 5/1 ts. 23-26
  • Ke Itumetse Jaaka Mmulatsela yo o sa Nyalwang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Itumetse Jaaka Mmulatsela yo o sa Nyalwang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Arabela Pitso
  • Tshimo e e Atolositsweng
  • A Bodutu Bo Ne Bo Le Gone?
  • Tiro e Thibetswe! Ke Nne kana ke Tsamaye?
  • Nonofo ya ga Jehofa e e Tshegetsang E Itshupa ka Metlha
  • Jehofa o Dira ka Boikanyego jo bo Nitameng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Jehofa O Nneile Nonofo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 5/1 ts. 23-26

Ke Itumetse Jaaka Mmulatsela yo o sa Nyalwang

Jaaka go boletse Margaret Stephenson

ENE e le mo Mombasa, mo Aferika Botlhaba, ka 1958. Mogote wa boboatsatsi o ne o le bogale thata, o dira gore sengwe le sengwe se kalole matlho. Dintsi le tsone di mmokanetse ka mo go sa itumediseng Moteng ga ntlwana ya mabolokelo a dithoto e e ruletsweng ka disanka kwa boemakepeng, themperetšha e ne e atamela 40 “degrees Celsius” (104° F.). Fa ke ntse ke letile ka bopelotelele, sethitho sa keleketla mo marameng a me. Phefo e e neng e foka mo go rona e ne e le molelo o o tukang, mme moya one o hupetsa ka monko​—e ne e le o o kgamang go ka o hema. A Kenya yotlhe e tla nna fela jaana?

Ke ne ka simolola go ipotsa gore a jaana leno e ne e le lefelo le le molemo la mosadi yo o sa nyalwang. Ke ne ke tle ke bone mo ditshwantshong dithota tse dikgolo tse di tletseng diphologolo, dikgwa tse di ungwileng, le eleng dithaba tse di nang le kapoko kwa godimo, mme fano . . . “He, gatwe ke a bo ke dirileng?” Ke ne ka ipotsa. “Ke a bo ke itsentse mo gotweng mang?”

Gape go ne go farologane gotlhelele le Ottawa, mo Canada, koo ke neng ke nna teng. Loeto mo lewatleng le ne la tsaya dibeke tse tlhano. Dimmaele tse di dikete tse di lesome go tla go fitlha fa! A go na le mongwe yo o tla tlang go nkopantsha? Ke ne ke sa itse gore a jaana go ne go na le Basupi ba ga Jehofa bape mo Mombasa, ka jalo o ka akanya fela kgakgamalo le go wela dibete ga me go bona setlhopha sa difatlhego tse di rumarumang. Go ne go omosa pelo ruri! Mme abo e ne e le kamogelo e ntle ntle ruri!

Pokano ya ntlha mo bosigong jone joo gape e ne ya dira mo go golo go kokobetsa dipoifo tsa me kaga lefatshe leno le le neng le le lesha le bile le mpega boeng. Malapa a mabedi fela​—abo ba ne ba anaanela le go kgothadiwa fela thata go utlwa maitemogelo le go bona bolekane. Go na le tiro e kgolo thata go dirwa fano, ke ne ka akanya. Ke ne ke ka tlogela jang batho bano ba sekae ba ba pelokgale go e dira ka bobone fela? Bosigo joo jwa ntlha bo ne jwa nthusa fela thata go ititaya sehuba gore ke tla nna mme ke thuse kafa ke ka kgonang ka teng.

Go Arabela Pitso

“Kgabaganyetsa kwano Makedonia!” e ne e le taletso e e neng ya ntshiwa ke sebui dikgwedi tse di batlileng di nna 18 go le pele kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa mo Seattle, mo Washington, mo U.S.A., ka 1957. Rotlhe re ne ra kopiwa go akanyetsa ka bomasisi gore a jaana maemo a rona a botho a ne a ka se re dumelele go arabela pitso eo ya badiri ba ba oketsegileng mo tshimong, re thusa jaaka bareri ba mafoko a a molemo a Bogosi le eleng kwa mafatsheng a sele. Ke ne ka ithaya ka re: ‘A go na le seo tota tota se ntshwereng? A go na le lebaka lepe la gore ke eng ke ka se ka ka ithebola? Ga ke a nyalwa ebile ga go ope yo ke mo tlhokometseng Ka metlha yotlhe ke nnile motho yo o neng a rata go dira dilo ka peloyotlhe, mme kopo ke eno e e tlhamaletseng go tswa go Jehofa gore ke tshwanetse go arabela.’ Ka bofefo, ke ne ka simolola go kwala mafelo otlhe a sebui se neng se a rulaganya jaaka “bo-Makedonia” ba segompieno, mo kgakologelong ya lefelo la tlhokafalo e kgolo eo moya o o boitshepo o neng wa laleletsa moaposetoloi Paulo go lone mo lekgolong la ntlha la dingwaga.​—Ditihō 16:9, 10.

O ka ipotsa gore ke eng seo se dirang mosadi yo o godileng yo o fetang dingwaga tse 50 go nna pelokgale le go ya kwa karolong e e kgakala ya kgolokwe ka bogagagwe fela. A ke bojanala? Nnya, gotlhelele nnya; tota tota ga ke mofuta oo wa go rata bojanala. Ka gongwe e ne e le tlhotlheletso ya Kgaitsadi Bartlett yo o tsofetseng, yo ka bopelotelele le ka lorato a neng a nthuta boammaaruri go fitlhelela kolobetsong ya me ka 1954. Ka metlha yotlhe o ne a kgothaletsa tirelo ya nako e e tletseng, a gatelela maipelo le masego a yone. Mme abo seo se ne se tla raya diphetogo tse dikgolo go nna! Rre o ne a setse a supile tlotlo e e boteng ya Bibela le Tora ya Tebelo, mme le ka motlha o ne a ise a tle mo ntlheng ya gore a tseye kgato e e tsepameng ya boammaaruri jwa Bibela. Nna, gape, ke ne ka etsaetsega ka lobakanyana. Dingwaga tse pedi le halofo Kgaitsadi Bartlett o ne a leka go nkgothaletsa go nna le seabe mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo. Ke ne ke tlhaloganya gore ke goreng tiro eno e ne e tlhokafala, mme ke ne ke boifa. Labofelo, morago ga go akaretsa dibuka tse nne tse dikgolo tsa thuto ebile fa ke santse ke neela maipato a e seng a sepe, o ne a nkgothaletsa tiro ya dimakasine ya mmila. “Fa o santse o na le boikgodiso bongwe,” o ne a bolela, “seo se tla bo fedisa.” Abo Jehofa ka dikgakgamatso a re baakanyetsa rotlhe ka nonofo eo re e tlhokang go fitlhelela thato ya gagwe!​—Bafilipi 4:13.

Jaaka ke leba morago jaanong, ke itumetse fela thata gore tiro ya bobulatsela le dituelo tsa yone ka metlha yotlhe di ile tsa bewa pele ga me jaaka mokgele. Ka ke ‘lekeleditse’ le go bona gore bodihedi eleruri ke tiro e e kgotsofatsang ka boammaaruri, ka 1956 ke ne ka fetsa ka gore ke e dire nako e e tletseng jaaka mmulatsela. Ereka ke ne ke le gaufi le go tlogela tiro mo ngwageng o o tlang, ke ne ka fetsa ka gore: ‘Ke goreng ke sa e dire gone jaanong, jaanong jaana?’ Ka jalo ke ne ka go dira​—mme ke ne ka bo rata. “A ke tshwanetse go ikopela kwa sekolong sa borongwa sa Gileade?” ke ne ka botsa banyalani bangwe ba ba godileng. “Nnya” ba araba, “o tsofetse!” “Jalo he, a ke tshwanetse go ikopela tiro kwa ntlongkgolo ya Mokgatlho?” Gape ba araba, “o tsofetse, Margaret!” ‘Mm-mh,’ ke ne ka akanya, ‘ke tshwanetse ka direla fela ko tlhokafalo e leng kgolwane gone.’ Ka botlhale ba ne ba nkgothaletsa go tsamaya tsamaya mo teng ga Canada pele go bona kafa ke neng ke ka dira ka teng mme ke kgone go tsamaisana sentle le diphetogo pele ga ke leka naga e nngwe.

Morago ga go amogela kabelo, ke ne ka phutha mesobana ya me ka tsamaya dimmaele tse 2 500 (4 000 km) go tloga Vancouver go kgabaganya Canada go ya Ottawa. Koo ke ne ka kopana le Aubrey le Eunice Clarke, ba ba neng ba sa tswa Sekolong sa Gileade mme ba ya kwa Kenya. Ba ne ba tsepame mme ka bopelontle ba ithaopela go nkwalela le go mpaakanyetsa ka boikitsiso jotlhe jo ba neng ba akanya gore bo ne bo tla ntsholegela molemo. Morago ga dikwalo di le mmalwa tse di tletseng ka kgakololo e e botlhale, kgothatso, le dikakantsho le ditlhagiso, le dilo tse dingwe tse dintsi tse di neng di tla nthusa mo go akanyetseng gore a jaana ke tshwanetse ka go dira, ke ne ka emoga.

A ke ne ke tshogile? Gopenyana gope! . . . fa e se fela mo lobakanyaneng lwa fa ke goroga kwa Mombasa. Mme bothitho joo bakaulengwe ba lefelo leo ba neng ba bo mpontsha, le maiteko ao ba neng ba a dira mo goreng ke ikutlwe ke amogelesega le go batlega, di ne tsa nthusa gore ke kgone go ikutlwa ke le kwa gae. Morago ga malatsi a le mabedi fela go isa kwa lewatleng, ke ne ka ya kwa motse-mogolo, Nairobi, dimmaele tse 300 (480 km) go tloga koo.

Tshimo e e Atolositsweng

Santlha, bosupi jwa rona bo ne gantsi e le jo bo sa rulaganyediwang ebile bo le gareng ga Ma-Yuropa fela, jaaka tiro ya rona e ne e ise e dumelelwe semolao mo Kenya. Tlaseng ga maemo ano, kgwetlho e ne e le kgolo ruri. Re ne re na le batho ba bantsi fela thata go ba fitlhelela ka mafoko a a molemo mme batho ba sekae go go dira! Legale, motheo o ne wa theelwa katoloso e e oketsegileng. Abo e ne e le letsatsi je le itumedisang jang ne ka 1962 fa re ne ra dumelelwa le go amogelwa jaaka mokgatlho wa Bibela! Ka kgololesego eno e ntšha, re ne re ka tsamaya ka ntlo le ntlo le go neela batho ba lefelo leo ba Aferika bosupi.

Ka jalo re ne ra simolola, re kgana ka boitumelo jo bogolo lefa dineelano tsa rona tsa tshimo ka Seswahili tse re di gakologelwang di ne di se kalo-kalo. Karabelo eleruri e ne ya re kgothatsa. Dithuto tse dintsi tse disha tsa Bibela di ne tsa simololwa mme batho ba ne ba itumeletse go ithuta thata! Mme maemo a ne a farologane thata le seo ke neng ke se itse, mme ke gakologelwa ke akanya gore, ‘Abo, batho ba tlhoka jang molaetsa o o nayang botshelo wa boammaaruri!’

Bopelotshweu jwa batho segolo-bogolo e ne e le nonofo e e amang pelo. Gore ke dikopi tse kae tsa tee tseo re di noleng ga ke ka ke ka gakologelwa. Mme fa go ntse go ntse jalo gareng ga tsotlhe kgatlhegonyana e ne e tsosiwa, mme kanaanelo e ba basha ba neng ba e bontsha mo boammaaruring e ne e le tlhotlheletso e kgolo go rona rotlhe go ngaparela tiro ya rona.

A Bodutu Bo Ne Bo Le Gone?

A ke ne ke jewa ke bodutu jaaka motho yo o sa nyalwang yo a neng a le kgakala mo go kalo kalo le gae? Tota nnya. Go ne go na le ditsala tse dintsi fela thata le tiro e ntsi go e dira! Re ne re dira dilo mmogo, re etelana, re nna re tshwaregile Go ile ga nna le dipaka tse dintsi tsa lenyalo mo botshelong jwa me, mme tota ga ke ise ke ke ke go akanyetse mo go kalo kalo. Lefa go ntse jalo, ke ne ka kgona go dirisa kgololesego e kgolwanyane le go ya kwa le kwa mo go sa nyalwang go go dumelelang go nna ke tshwaregile mo bodiheding, mme seno se ntliseditse boipelo jo bogolo fela thata. Go bua boammaaruri, fa ke ne ke dira maeto a go boela mo malapeng a a kgatlhegelang, ke ne ke a tle ke re, ‘Tota, ke akanya gore monna o ne a ka thusa fa go ntse jaana!’ Ereka malapa a a rileng ka bopelontle a ne a ntsenyeletsa mo dilong tse ba neng ba tla di dira, ga se ka metlha yotlhe ke neng ke le esi. Fano mo Kenya ke na le lelapa la semoya le le nang le ba ba ka nnang 15 ba ba farologaneng bao ke ileng ka nna le tshiamelo ya go ba thusa go dira boineelo le kolobetso. Le eleng jaanong, jaaka ke lebelela phuthego, ke bona mongwe wa batho bano le bana ba gagwe ba batlhano ba bolela mafoko a a molemo le bone. Eleruri, seno sotlhe se dira gore go intsha setlhabelo le boiteko jo bo dirilweng e nne tse di solegileng molemo. Bano ba basha, gammogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba semoya ba me ba ba rategang, ba ile ba tlatsa thata botshelo jwa me mo eleng gore ka metlha ke na le sengwe go se dira mme go sena nako e e kalo kalo ya bodutu.

Tiro e Thibetswe! Ke Nne kana ke Tsamaye?

Abo go ne go sa solofelwa! Re santse re itebetse, fa re tsoga mo mosong mongwe ra utlwa fa tiro ya rona e thibetswe gotlhelele. Ga go na thero, dikokoano tse dikgolo, barongwa ba tloga ba lelekiwa, mme dibuka di tla gapiwa. Isagwe e ne e lebega gotlhelele e sa tlhomamisege. Ke ne ke tla dirang? Ke ne ka ya go bona mokaulengwe mongwe kwa ofising ya Lekala ya Watch Tower Society. Ene ka boene o ne a phutha go tloga a tsamaya. “A ke tsamaye kana ke tshwanetse ka nna?” ka botsa. O ne a araba ka gore: “Fa o ka kgona, go tla nna botoka gore o sale. O santse gongwe o ka kgona go thusa.” ‘Kana eu,’ ke ne ka akanya, ‘ke ne ka tla go direla batho le go rera mafoko a a molemo ka gotlhe mo ke ka go kgonang, mme ka ga me go santse go na le kgonego eo.’ Ka jalo ke ne ka nna. Mme abo e ne e le tatlhegelo e kgolo jang jaaka ke ne ke tsholeletsa barongwa seatla ke ba tsamaisa sentle kwa lebaleng la difofane! Ditsala le balekane ba bantsi ba ba molemo ba ne ba ile, mme botlhe ka nako e le nngwe! Ke ne ka ba tlhologelelwa fela thata mme ke santse ke dira.

Fa ke leba kwa morago, abo ke itumetse jang go bo ke ile ka kgona go tsaya dikgato go dira ditsala le go aga botsalano le bakaulengwe ba lefelo leo le ba bangwe bao ba neng ba sala! Fa ke ka bo ke sa ka ka dira seno, ke ka bo ke ile ka sala ke le nosi fela. Re le mmogo, re ne ra ralala matsubutsubu. Mme abo re ne ra itumela le go gololesega jang ne fa, dikgwedi di sekae moragonyana, dikgang di ne tsa phepafadiwa, thibelo e ne ya tlosiwa, mme tiro ya rona ya boa ya tsewa semolao gape!

Ka bonya, thuso e ne ya nna ya goroga. Abo seo se ile sa tlhotlheletsa tiro ya rona! Abo e ne e le boipelo go bona tiro e gatela pele! Fa ke ne ke goroga lantlha mo Kenya, go ne go na le bakaulengwe le batho ba ba kgatlhegang ba ka nna 30 bao ba neng ba leka go isa lesedi ja boammaaruri kwa bathong. Jaanong re na le baboledi ba Bogosi ba ba ka nnang 3 000 mme le dithuto tsa Bibela tse di fetang thata thata 4 000 mo nageng e. Ke ne ke itse mongwe le mongwe mo dikopanong tsa rona tse dipotlana. Mme jaaka ke leba mo go tse dikgolo, tsa ditso tsotlhe, madulo otlhe a kibane mo malatsing ano, ga ke sa kgona. Ke sa gakologelwa, gape, ofisi ya lekala e potlanyana ya ntlha. Jaanong, mo boemong jwa ofisi ya dikamore tse pedi, re na le ofisi ya lekala e ntšha e ntle le didirisiwa tsa bogatisetso.

Nonofo ya ga Jehofa e e Tshegetsang E Itshupa ka Metlha

Malobanyana jale matlho a me a ne a simolola go ntshwenya, a tlhoka gore ke ariwe maaro a magolo. Seno se ka bo se ile sa ntshwenya fela thata ka madi a me a ne a ntse a fedile gale. Ya re go ntse go ntse jalo, ka tshwanelwa ke go fetsa ka gore a ke boele kwa Canada kana ke tshwanetse go leka go nna mo kabelong ya me ya bobulatsela. Bothata jono ke ne ka bo rapelela fela thata. Ka jalo akanya fela ka kakabalo ya me fa ke ne ke utlwa dikgang tsa gore goromente wa Canada o ne a sa tswa go fetola melao go letlelela dipenshene go duelelwa banni ba naga eo le eleng fa ba ne ba sa nne mo teng ga Canada. Jehofa o ne a mpontsha tsela mme ke ne ka itumela tota, ka gobo ke ne ka dira Kenya legae la me mme ke santse ke batla go nna tota.

Kamano ya me le Jehofa e ile ya tia thata mo dingwageng Jaaka mosadi yo o sa nyalwang mo nageng ya Aferika, ke ile ka mmona jaaka Mosireletsi. Le rona gape o a re tshegetsa, ka go bo lefa ke le dingwaga tse 77 ke santse ke bulatsela mme ke ile ka dira jalo jaanong ka dingwaga tse di fetileng tse 27. Ke ile ka ithuta gape go ngaparela se se siameng fa mathata a tsoga. Kgabagare, dilo ka metlha di a fetoga; ga di nne fela jalo ka metlha. Mme abo o itumela jang he go bo o ile wa sala o ntse o ikanyega! Fa e le ka nna, tota, fa fela ke ka kgona, ke solofela go tswelela ke direla Jehofa jaaka mmulatsela yo o itumetseng.

“Go segō èna eo Modimo oa ga Yakoba e leñ thushō ea gagwè;

Eo cholohèlō ea gagwè e leñ mo go Yehofa, Modimo oa gagwè;

O o dihileñ legodimo le Iehatshe,

Lewatlè, le cotlhe tse di mo go cōna;

O o tshegetsañ boamarure ka bosakhutleñ.”

​—PESALEMA 146:5, 6.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

‘Karabelo ya dipuo tsa rona tsa tshimo tsa Seswahili e ne ya re kgatlhisa’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela