LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 5/1 ts. 22
  • Go Neela Bosupi kwa Sekolong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Neela Bosupi kwa Sekolong
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sana ba Sekolo ba Basupi ba Akgotswe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ke Ka Dirisana Sentle Jang le Morutabana wa Me?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Nka Dirang Gore Nna le Morutabana Wa me Re Dirisane Sentle?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Barutabana—Ke ka Ntlha Yang Fa re Ba Tlhoka?
    Tsogang!—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 5/1 ts. 22

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Go Neela Bosupi kwa Sekolong

“U TLHŌAHALÈLÈ go ichupa u le molebosegi mo Modimoñ, u le modihi eo o senañ go tlhaywa ke ditlhoñ, u bua lehoko ya boamarure ka tshiamō,” moaposetoloi Paulo o ne a kwalela lekawana Timotheo. (2 Timotheo 2:15) Bana ba bantsi ba Basupi ba ga Jehofa ba na le sebaka sa go neela bosupi kaga mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo kwa sekolong. Ga ba tlhabiwe ke ditlhong go dira jalo mme ba anaanelwa fela thata ke baithuti ba bangwe ba bantsi.

◻ Sekai sa seno se tswa kwa Martinigue. Mosetsanyana yo o itseweng mo sekolong jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a bodiwa gantsi-ntsi ka boikutlo jwa gagwe ka dikgang tsa bodumedi ke morutabana wa gagwe. O ne a nna le metlotlo e mentsi le morutabana yono, mme morutabana a amogela dibuka dingwe tsa Watch Tower.

Letsatsi lengwe puisano ya tlhaga mo tlelaseng kaga kgotlhagano ya batho mo lefatsheng Fa go ne go tlotliwa gore go tlhatlagana mo lefatsheng go ka emisiwa jang, thibelo pelegi le tshenyo-mpa di ne tsa umakiwa. Baithuti bangwe ba ne ba bona fa tshenyo-mpa e siame ba bangwe ba le kgatlhanong le yone. Morutabana o ne a botsa kgaitsadi yo mmotlana kaga boikutlo jwa gagwe. O ne a bolela gore o ne a tla itumelela go neela tlhaloso e e tletseng mo letsatsing le le latelang. Bosigo jone joo o ne a ipaakanyetsa, mme letsatsi le le latelang a tla ka dimakasine dingwe kwa sekolong tsa Awake! tseo di neng di tlotla ka kgang ya tshenyo-mpa go ya kafa Dikwalong. Morago ga go bala boikitsiso, o ne a botsa tlelase dipotso, mme kwa bokhutlong jwa puisano “botlhe ba ba mo tlelaseng ba ne ba supa fa ba le kgatlhanong le tshenyo-mpa,” o ne a bolela. Baithuti bangwe ba ne ba beeletsa makasine wa Awake!

◻ Boitumelo jo bongwe bo tswa kwa Sweden koo bakaulengwe gantsi ba ileng ba lalediwa go neela dipuo kwa dikolong. Modihedi mongwe wa mmulatsela yo o kgethegileng wa Basupi ba ga Jehofa o ne a lalediwa go neela dipuo di le mmalwa mo tlelaseng. Morutabana o ne a re: “Re ile ra nna le baruti ba bangwe fano, mme sa bone ke go tshameka katara fela le go bolelela baithuti gore ba nne molemo. Seo se siame,” morutabana a bolela jalo, “mme ke batla baithuti ba me ba ithuta sengwe gape.” Go tswa foo o ne a dira dithulaganyetso gore Mosupi yoo a tle le go tshwara thuto ya ka metlha ya Bibela le tlelase.

Baithuti mo tlelaseng, gammogo le batho gongwe le gongwe mo lefatsheng gompieno, ba na le dipotso tse dintsi kaga maemo a lefatshe kana lelapa le mathata a tsa botshelo tseo ba batlang dikarabo tsa one. Abo e le tshiamelo ka Basupi ba ga Jehofa bao ba santseng ba le kwa sekolong gore ba iteke ka natla mo thutong ya botho le kwa dipokanong tsa phuthego, e le gore ba nne le kutlwisiso ya Bibela le go thusa ba ba ntseng jalo go bona dikarabo tsa Bibela! Seane sa Bibela se gakolola ka gore: “Ba ba chwanecweñ ke go dihèlwa molemō, u se ka ua gana ka ōna, ha go le mo thateñ ea seatla sa gago go o diha.”​—Diane 3:27.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela