Jehofa o Dira ka Boikanyego jo bo Nitameng
JAAKA GO BOLETSE PETER PALLISER
E ne e le December 1985. Re ne re itumetse tota fa re ne re fologa kwa boemadifofaneng jwa boditšhabatšhaba jwa kwa Nairobi, kwa Kenya. Fa re ntse re kgweetsa go ya kwa toropongkgolo, re ne ra simolola go gakologelwa dilo di le dintsi tsa nako e e fetileng, ka re bona dilo tse re di tlwaetseng le go utlwa medumo e re e tlwaetseng.
RE NE re tlile Kopanong ya Kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa ya “Baboloka Bothokgami” mo Kenya. Dingwaga di le 12 pelenyana, nna le mosadi wa me re ne ra patelediwa go tswa mo Kenya gonne tiro ya rona ya go rera e ne e thibetswe. Re ne re nna kwa Bethele ya gone koo, leina le le neilweng dikago tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa. A bo re ne re letetswe ke dilo tse re neng re sa di lebelela tse di itumedisang thata jang ne fa re ne re etetse gone gape!
Yo o neng a thusa go apaya dijo tsa motshegare kwa Bethele e ne e le Mosupi mongwe yo mmotlana yo re sa leng re mo itse a sa ntse a na le dingwaga tse pedi. Mo e ka nnang maloko a le marataro a lelapa la Bethele e ne e le batho ba re sa leng re ba itse ba sa ntse ba le bana. A bo go ne go itumedisa jang ne go ba bona jaanong ba godile, mmogo le malapa a bone, botlhe ba sa ntse ba le tlhaga mo bodireding! Jehofa Modimo wa rona o ne a ba tlhokometse go ya ka tsholofetso ya Baebele ya gore: “Mo go ba ba ikanyegang ka nitamo o tlaa dira ka boikanyego jo bo nitameng.” (2 Samuele 22:26, NW) A bo botshelo jo bo duelang jo basha bano ba neng ba bo tshela bo ne bo farologane thata jang ne le botshelo jwa me jo ke neng ke bo tshela fa ke sa ntse ke le mosha!
Botshelo Jwa ke sa Ntse ke le Mosha Jo bo Se Nang Boikaelelo
Ke tsholetswe kwa Scarborough, kwa Engelane, ka August 14, 1918. Dingwaga tse pedi moragonyana mmè le kgaitsadiake wa motsadi wa bobedi ba ne ba fudugela kwa Canada, ka jalo ke ne ka fetsa dingwaga tse di latelang tse tharo ke nna le rre, le mmèmogolo, le rakgadi. E rile ke le dingwaga di le tlhano, Mmè o ne a ntsaya ka dikgoka mo go rre mme a nkisa kwa Montreal, kwa Canada. Dingwaga di le nnè morago ga moo o ne a mpusetsa morago kwa Engelane gore ke ye go nna le Rre le go tsena sekolo.
Mmè le kgaitsadiake wa motsadi wa bobedi ba ne ba tlhola ba nkwalela mo e ka nnang morago ga dikgwedi dingwe le dingwe tse thataro. Fa ba feleletsa makwalo a bone, ba ne ba tlhalosa gore ba eletsa gore ke nne moagi yo o siameng, yo o ikanyegang ka nitamo mo Kgosing le mo nageng. Gongwe dikarabo tsa me di ne di ba swabisa gonne ke ne ke kwala gore ke ne ke dumela gore bosetšhaba le ntwa ga di a siama. Le fa go ntse jalo, gonne ke ne ke se na kaelo e e tlhamaletseng, ka nako ya fa ke ne ke le mo dingwageng tsa bolesome, ke ne ke itshelela fela.
E ne ya re ka July 1939, dibeke di le thataro pele ga Ntwa ya Lefatshe II e simolola, ke ne ka patelediwa go ya bosoleng jwa Boritane. Ke ne ke na le dingwaga di le 20 fela. Ka bonako fela mophato wa rona o ne wa romelwa kwa bokone jwa Fora. E rile fa sefofane sa Jeremane se re tlhasela, rona makawana re ne ra tsaya ditlhobolo tsa rona mme ra ba thunya. Go ne go tshosa tota. Re ne ra tswa ra tshaba fa pele ga masole a a neng a ntse a atamela a Jeremane, mme ke ne ka nna mongwe wa ba ba neng ba ntshiwa kwa Dunkirk ka beke ya ntlha ya June 1940. Ke sa ntse ke gakologelwa pono e e boifisang tota ya ditopo tse di neng di tletsetletse go kgabaganya losi. Ke ne ka falola tiragalo e e maswe eo mme ka fitlha kwa Harwich kwa botlhaba jwa Engelane ke palame seketswana se sennye.
Mo ngwageng o o latelang ka March 1941, ke ne ka romelwa kwa India. Koo ke ne ka thapisiwa go nna mothudi wa didirisiwa. Morago ga go nna lobaka mo bookelong ka ntlha ya go tshwaediwa ke bolwetse, ke ne ka romelwa kwa kampeng ya masole kwa Delhi, motsemoshate wa India. Ke le kgakala le legae e bile ke sa ntse ke sa ikutlwe sentle, ke ne ka simolola go akanya ka isagwe. Segolobogolo ke ne ke akanya ka gore go diragalang ka rona fa re swa.
Go Bontsha Boikanyegi jo Bosha jo bo Nitameng
Kwa Delhi ke ne ke nna le monna wa Moesemane jaaka nna e leng Bert Gale. Ka letsatsi lengwe o ne a re “bodumedi e ne e le selo sa ga Diabolo,” e leng kakgelo e e neng ya tsosa keletso ya me ya go batla go itse. Mosadi wa gagwe o ne a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme nako le nako o ne a mo romelela dikgatiso tsa Baebele. Nngwe ya tsone, e leng bukana ya Hope, e ne ya nkgatlha thata. Tsela e e neng e tlotla tsholofelo ya tsogo ka yone e ne ya dira gore ke ikutlwe ke ritibetse.
Ka nako nngwe mo masimologong a 1943, Bert o ne a bua le modirelapuso mongwe wa mo-Anglo-Indian, e bong Teddy Grubert, yo o neng a dira le rona mo kampeng ya masole. Re ne ra gakgamala thata fa re utlwa gore Teddy e ne e le Mosupi. Le fa dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa di ne di thibetswe ka 1941, o ne a re isa kwa dipokanong tsa Basupi kwa Delhi. Mo phuthegong eo e nnye ke ne ka bona botsala jwa mmatota jo bo lorato ka lekgetlho la ntlha mo botshelong jwa me. Basil Tsatos, mokaulengwe yo o godileng wa Mokeresete yo o tswang kwa Gerika, o ne a ntlhokomela fela thata mme a araba dipotso tsa me. O ne a nnaya dikarabo tse di utlwalang sentle tse di tswang mo Baebeleng tsa dipotso tse di buang ka gore ke ka ntlha yang fa re tsofala re bo re swa, tsogo ya baswi, le lefatshe le lesha la tshiamo le Modimo a le solofeditseng.—Ditiro 24:15; Baroma 5:12; 2 Petere 3:13; Tshenolo 21:3, 4.
Bukana ya Peace—Can It Last?, e e gatisitsweng ka 1942, e ne ya gapa kgatlhego ya me thata. E ne ya bontsha Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba e le ‘phologolo ya naga e e mmala wa bohibidu jo bo letlhololo.’ (Tshenolo 17:3) Fa e nopola kgaolo 17, temana 11, ya Tshenolo, bukana eo e ne ya re: “Gone jaanong go ka bolelwa gore Lekgotla leno ‘le ne le le gone, mme ga leyo.’” Fa e tswelela, e ne ya re: “Lekgotla lengwe la ditšhaba tsa lefatshe le tla tsoga gape.” Ka 1945, morago ga dingwaga tse di fetang tse tharo, go ne ga diragala sone fela seo, fa go ne go thewa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng!
Ka nako ya fa go ne go thibetswe dibuka tsa Basupi, ke ne ka kgona go thusa ditsala tsa me tse ke neng ke sa tswa go nna le tsone. E ne e re fa lebokoso la dibukana tsa Peace—Can It Last? le goroga, phuthego e bo e le nnaya gore ke le boloke. Ke mang fela yo o neng a ka akanya go batla dibuka tse di thibetsweng mo kampeng ya masole? Nako le nako fa ke ya kwa dipokanong, ke ne ke tsaya dibukana di le mmalwa ke ya go di naya bakaulengwe. Ke ne ke fitlha le dibuka tsa bone tsa Baebele tota, fa ba boifa gore go tla phuruphudiwa kwa magaeng a bone. Kgabagare ka December 11, 1944, thibelo e ne ya fela.
Boikanyegi jwa me jo bo nitameng ka dithuto tsa Bakeresete bo ne jwa lekwa fa go ne go ketekwa meletlo ya Keresemose e e neng e rulaganyeditswe setlhopha sa rona sa masole ka 1943. Ke ne ka gana go nna le seabe, e re ka ke ne ke ithutile gore Jesu gaa tsholelwa mo serameng sa December le gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa keteke Keresemose.—Bapisa Luke 2:8-12.
Fa go ne go tshwerwe Kopano ya “Bagasi ba ba Seoposengwe” kwa Jubbulpore (Jabalpur) ka December 27 go fitlha ka di 31, 1944, ke ne ke le mongwe wa ba ba neng ba le gone ba ba ka nnang 150. Batlakopanong ba ne ba tsamaya ka terena go tloga kwa Delhi, loeto lwa dikilometara tse di fetang 600. Ga nkitla ke lebala ka tsela e go neng go le monate ka teng mo lefelong leo le le neng le bulegile, moo ke neng ka bona phuthego ya ga Jehofa e dira.
Batlakopanong ba ne ba robala mo matlong a borobalo a sekolo, koo re neng re opela dipina tsa Bogosi gone e bile re itumelela bokopano jo bo itumedisang jwa Bokeresete. Mo go yone kopano eo ke ne ka simolola tiro ya go rera phatlalatsa, e leng tiro eo fa e sa le ka nako eo ke neng ka e rata thata.
Tirelo ya Nako e e Tletseng Kwa Engelane
Ka 1946 ke ne ka boela kwa Engelane mme ka bonako ka simolola go kopanela le Phuthego ya Wolverton. Le fa re ne re na le baboledi ba Bogosi ba ba ka nnang lesome fela, ba ne ba ntira gore ke ikutlwe ke phuthulogile, mme ke ne ka bona kgotsofalo e ke neng ke na le yone fa ke ne ke na le bakaulengwe ba me kwa India. Vera Clifton o ne a bonala e le motho yo o neng a le lorato tota mo phuthegong. Fa ke lemoga gore o ne a na le keletso e e tshwanang le ya me ya go nna mmulatsela, jaaka fa badiredi ba nako e e tletseng ba bidiwa, re ne ra nyalana ka May 24, 1947. Ke ne ka baakanya kharabene, kana ntlokoloi, mme ka ngwaga o o latelang, re ne ra amogela kabelo ya rona ya ntlha ya bobulatsela, kwa toropong ya naga ya Huntingdon.
Mo malatsing ao re ne re tsamaya ka dibaesekele tsa rona re ya kwa tshimong ya kwa magaeng mo mosong ka makuku. Re ne re rera letsatsi lotlhe re emisa nako e khutshwane fela fa re ja disementšhisi motshegare. Go sa kgathalesege gore phefo e ne e nna maatla go le kae, kana gore pula e ne e na thata jang fa re kgweetsa go boela gae, re ne re itumetse e bile re kgotsofetse mo tirong ya Morena.
Fa nako e ntse e tsamaya re ne ra eletsa go atolosa bodiredi jwa rona le go abelana “dikgang tse di molemo” le batho ba dinaga tse dingwe. (Mathaio 24:14) Ka jalo re ne ra tsenya kopo ya go ya kwa sekolong sa barongwa sa Gileate kwa Lansing Borwa, kwa New York, kwa U.S.A. Kgabagare re ne ra amogelwa mo setlhopheng sa bo26 sa Gileate se se neng sa aloga ka February 1956.
Bodiredi jo bo Atologileng Kwa Afrika
Re ne re abetswe go nna barongwa kwa Bokone jwa Rhodesia (e gone jaanong e bidiwang Zambia) mo Afrika. Ka bonakonyana fela fa re sena go goroga, re ne ra bilediwa go direla kwa Bethele ya lefelo leo. Ke ne ke tlhokomela makwalo a kwa Afrika Botlhaba e le karolo ya tiro ya me ya Bethele. Ka 1956, Kenya—nngwe ya dinaga tseno tsa Afrika Botlhaba—e ne e na le Basupi ba le banè fela, fa kwa Bokone jwa Rhodesia ba ne ba feta 24000. Nna le Vera re ne ra simolola go akanya gore a bo go tla nna molemo jang ne fa re ka ya go direla kwa go nang le tlhokafalo e kgolwane gone.
Go tswa foo, ke ne ka amogela taletso e nngwe ya go ya kwa Sekolong sa Gileate ke sa lebelela, jaanong e ne e le khoso ya dikgwedi di le lesome ya balebedi. Ke ne ka tlogela Vera kwa Bokone jwa Rhodesia, mme ka ya kwa New York City, kwa Sekolo sa Gileate se neng se le gone ka nako eo. Fa ke sena go fetsa khoso ka November 1962, ke ne ka abelwa kwa Kenya go ya go tlhoma ofisi ya lekala koo. Ka nako eo Kenya e ne e na le Basupi ba ba fetang lekgolo.
Fa ke boela kwa Bokone jwa Rhodesia go ya go kopana le Vera, ke ne ke tshwanetse go feta ke nna lobakanyana kwa Nairobi, kwa Kenya. Mme fa ke goroga, Bill Nisbet, moalogi wa Gileate wa setlhopha sa bo25, o ne a mpolelela dikgang tsa gore go na le tshono ya go bona tetla ya semolao ya go tsena kwa Kenya ka yone nako eo. Re ne ra ya kwa batlhankeding ba tsa bofaladi, mme ka yone nako eo, ke ne ka bona tetla ya go nna gone ka tiro ka dingwaga di le tlhano. Ka jalo ga ke a ka ka tlhola ke boela kwa Bokone jwa Rhodesia; go na le moo, Vera o ne a tla kwa Nairobi.
Morago ga go tsenela khoso ya puo ya Seswahili e e neng e rulaganyeditswe rona, re ne ra kopanela le phuthego e nnye ya Nairobi mo bodireding. Ka dinako tse dingwe e ne e re fa re sena go bala thero ya rona ya Seswahili, o utlwe mongantlo a re, “Ga ke tlhaloganye Seesemane!” Go sa kgathalesege seno, re ne ra itshoka mme ka bonya ka bonya re ne ra kgona go fenya bothata jwa puo.
Tshimo ya rona e ne e akaretsa dikago tse dikgolo thata tsa maina a Baebele a a jaaka Jerusalema le Jeriko. Kgatlhego e ne ya gola ka bonako, mme go ne ga nna le baboledi ba le bantsi ba basha ba Bogosi mo mafelong ano. A bo boammaaruri jwa Baebele bo ne jwa nna le matswela a a molemo jang ne mo bathong bano! Maikutlo a go itseela kwa godimo ka lotso a ne a fela, jaaka fa go ikanyega ka nitamo mo Bogosing go ne go dira gore batho ba ga Jehofa ba nne le kutlwano. Ba ne ba bile ba nyalana le ba ditso tse dingwe, e leng selo se se sa tlwaelegang tota mo bathong ba e seng Basupi.
Baboledi ba basha ba Bogosi ba ne ba amogela boammaaruri ka tlhoafalo. Ka sekai, Samson o ne a tlhoafaletse gore boammaaruri jwa Baebele bo fitlhe mo karolong ya gagabo mo e leng gore o ne a nna a kopa gore go romelwe babulatsela koo. Mme e bile o ne a oketsa ntlo ya gagwe e e kwa kgaolong ya Ukambani gore ba nne le lefelo le ba tla nnang mo go lone. Ka bonakonyana fela go ne ga nna le phuthego e ntšha ya baboledi ba Bogosi koo.
Ke ne ka etela bakaulengwe ba rona ka makgetlonyana a le mmalwa kwa nageng e e kwa Afrika Botlhaba kwa Ethiopia. Ba ne ba dira palogare ya diura tse di fetang tse 20 ka kgwedi mo bodireding, le fa ba ne ba tshwarwa, ba itewa, le go nna ba tlhokometswe. Ka lekgetlo lengwe go ne ga tla dibese tse pedi tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Ethiopia ba ba tsamaileng beke yotlhe, ba kgabaganya fa gare ga dithaba tse di kotsi, go tla kopanong ya kgaolo kwa Kenya. Tsela e ba neng ba kgona ka yone go rulaganya gore dibuka tsa Bogosi di nne gone kwa nageng ya bone e ne e tlhomologile. Rona kwa Kenya re ne re itumelela go ba thusa ka go ba di naya.
Ka 1973 go ne ga nna le thibelo ya semolao mo tirong ya rona kwa Kenya, mme barongwa ba ne ba patelediwa go tsamaya. Ka nako eo re ne re na le Basupi ba ba fetang 1200 kwa Kenya, mme bontsi jwa bano bo ne bo le gone kwa boemadifofaneng go re tsamaisa sentle ka tsela e e sa lebalesegeng fa re ne re tswa re tsamaya. Go nna gone ga bone go ne ga tlhotlheletsa motho yo re neng re tsamaya le ene gore a botse gore a re batho bangwe ba maemo a a rileng. Nna le Vera re ne ra boela kwa Engelane mme re ne ra abelwa gone, mme le fa go ntse jalo, re ne re eletsa go boela kwa Afrika.
Go Boela Kwa Afrika
Ka gone, dikgwedi di le mmalwa moragonyana, re ne ra amogela kabelo ya rona e ntšha ya go direla kwa Bethele ya kwa Accra, motsemoshate wa naga e e kwa Afrika bophirima kwa Ghana. Ke moo nngwe ya dikabelo tsa me e neng ya dira gore ke lebane le mathata ao bakaulengwe ba rona koo ba neng ba kopana le one. Jaaka fa ke ne ke tlhokomela go rekwa ga dijo le didirisiwa tsa lelapa la Bethele, ke ne ka gakgamadiwa ke ditlhwatlhwa tse di kwa godimodimo tsa dijo. Gantsi motho o ne a sa kgone go reka fela dilo tse a di tlhokang. Tlhaelo ya lookwane le go tlhaela ga ditshipi tsa dikoloi go ne go oketsa mathata.
Ke ne ka ithuta botlhokwa jwa go nna pelotelele, e leng selo se bakaulengwe ba rona ba Ghana ba neng ba na le sone. Go ne go kgothatsa go bona boikutlo jo ba neng ba na le jone jwa go itumela jaaka fa ba ne ba gana thaelo ya go bona dilo tse ba neng ba di tlhoka mo botshelong ka go ntsha pipa molomo. Ka gone, batho ba ga Jehofa kwa Ghana ba ne ba itsege sentle ka boikanyegi jwa bone mme ba ne ba na le leina le lentle le batlhankedi ba bantsi.
Le fa go ntse jalo, le fa ba ne ba tlhoka dilo tse di bonalang, ba ne ba gola tota mo semoyeng. Dikgatiso tsa rona tsa Baebele di ne di fitlhelwa mo e ka nnang mo legaeng lengwe le lengwe, mo nageng yotlhe. Mme re ne ra bona palo ya baboledi ba Bogosi mo Ghana e gola go tloga go 17 156 ka 1973 fa re ne re fitlha mme e ya go feta 23 000 ka 1981. Mo go one ngwaga oo, bolwetse jwa me jwa kankere ya letlalo jo kwa ntle ga pelaelo bo neng bo gakaditswe ke go nna mo letsatsing ka dingwaga tse dintsi kwa India le kwa Afrika, bo ne jwa re patelela go tswa kwa Ghana mme re ne ra boela kwa Engelane go ya go bona kalafi ya ka metlha.
Maemo a Masha Kwa Engelane
Go boela morago ga rona go ne ga ntlhoka gore ke dire diphetogo tse dikgolo mo bodireding jwa me. Ke ne ke tlwaetse go bua ke gololesegile le batho ba ba tlotlang Modimo le Baebele. Mme mo Lontone, e ne e se gantsi ke fitlhela batho ba ba nang le boikutlo joo. Ke gakgamadiwa ke boitshoko jwa bakaulengwe kwa Boritane. Seno se ne sa dira gore ke bone botlhokwa jo bogolo jwa go akanyetsa batho ba ba neng “ba sotlegile e bile ba gasame” mo semoyeng.—Mathaio 9:36.
Fa re sena go boa go tswa kwa Afrika, nna le Vera re ne ra direla mmogo kwa Bethele ya kwa Lontone go fitlha ka nako ya loso lwa gagwe ka September 1991 a na le dingwaga di le 73. Go ne go se motlhofo go latlhegelwa ke molekane yo o ikanyegang jalo yo o neng a dira ka dinako tsotlhe le nna mo bodireding ka dingwaga tse dintsi jalo. Ke mo tlhoafalela fela thata. Mme ke itumelela kgothatso e e molemo e ke e amogelang go tswa mo lelapeng la rona la Bethele le le nang le maloko a ka nna 250.
Ruri ke go tsaya e le tshiamelo go bona phuthego ya ga Jehofa e gatela pele le go bona ba bantsi ba dira bodiredi jwa nako e e tletseng tsela ya bone ya botshelo. Nka lo tlhomamisetsa fela gore, ga go na tsela epe ya botshelo e e botoka go feta eno, gonne “Jehofa . . . ga a latlhe baikanyegi ba gagwe ba ba nitameng.”—Pesalema 37:28, NW.
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Re ne re bula tsela kwa Engelane go tloga ka 1947 go fitlha ka 1955
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Ka lekgetlo la me la ntlha ke le mo bodireding ka kopano ya kwa India
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Fa re ne re le barongwa kwa Bokone jwa Rhodesia
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Ka 1985, ke na le ditsala tse re neng re sa di bona ka dingwaga di le 12