LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 5/1 ts. 27-31
  • Go Tlhaloganya Dibuka tse Pedi tsa Dikgosi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlhaloganya Dibuka tse Pedi tsa Dikgosi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Papiso e e sa Amogelesegeng
  • Kgalalelo ya ga Kgosi Solomone
  • Ditshedimosetso ka Baperofeti
  • Dipoeletso tse Dingwe Go Tswa go Dikgosi
  • Buka ya Bibela ya bo 11—1 Dikgosi
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Ketelo e e Nnileng le Maduo a Magolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • O Itshokile go Fitlha Kwa Bofelong
    Etsa Tumelo ya Bone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 5/1 ts. 27-31

Go Tlhaloganya Dibuka tse Pedi tsa Dikgosi

MO LOBAKENG longwe fa Jesu a ne a bua mo motseng wa ga gabo wa Nasaretha, o ne a bua sengwe seo ka mo go gakgamatsang thata se ileng sa gakatsa boikutlo. Baagi ba Nasaretha go bonala ba ne ba ipotsa gore e ne e le ka lebaka lefe a iseng a ke a dire dikgakgamatso tse dintsi gone jaaka a dirile mo metseng e mengwe. Ka go ba bolelela gore e ne e le ka ntlha yang, Jesu o ne a dirisa dikai di le pedi tsa Dikwalo. Seno ke se a ileng a se bua:

“Rure kea lo raea, Ga go moperofeti opè eo o lebosègañ mo lehatshiñ ya ga gabō. Me ke lo bolèlèla boamarure, ke re, Go no go le basadi ba ba batlhōlagadi ba le bantsi mo go Iseraela mo metlheñ ea ga Eliya, yale, ka legodimo le cwadilwe ka dinyaga di le tharo le dikgwedi di le thataro, me ga nna leuba ye legolo mo lehatshiñ yeotlhe; Me Eliya ga a ka a roñwa kwa go opè oa bōnè, ha e se kwa Sarepeta mo lehatshiñ ya Sidona, kwa mosadiñ eo e ne e le motlhōlagadi. Gapè go no go le balepero ba le bantsi mo Iseraela mo metlheñ ea moperofeti Elisha; me opè oa bōnè a se ka a ntlahadiwa ha e se Naamane oa Mosiria.” (Luke 4:24-27) Ka ntlha ya one mafoko a, ba ba neng ba mo reeditse ba tlala bogale mme ba leka go bolaya Jesu. Ke eng fa ba ne ba itshwara bosula jaana?

Go bona karabo, re na le go gadima kwa morago mo Dikwalong tsa Sehebera le go bala dipolelo tsa ga Elija le Elisha. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlwaelane thata thata le dibuka tseno, gammogo le bareetsi ba bone ba Bajuda. Mo makgetlong a le mantsinyana bakwadi ba Bibela ba Bakeresete ba ne ba lebisa go ditiragalo le batho ba ba mo dibukeng tseno tsa pele go bontsha ntlha, jaaka Jesu a dirile fano. Ditshupiso tseno tsa pele di ne tsa itsiwe ka bonako le go tlhaloganngwa ke bareetsi. Gore re tle re utlwisise dithuto tsa ga Jesu ka botlalo, re tlhoka gape go itse ditshupiso tseno.

Boammaaruri ke gore, ga go kgonagale go ka tlhaloganya Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete sentle fa fela re sa tlwaelana le Dikwalo tsa Sehebera. Dipolelo tsa baperofeti ba Jesu o neng a lebisa go bone, Elija le Elisha, di kwadilwe mo dibukeng tse pedi tsa Dikgosi. A re eleng tlhoko dibuka tseno tse pedi go supa ntlha eno le go bona ka moo kitso ya tsone e re neelang tlhaloganyo e e boteng le e e phepafetseng ya Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete ka teng.

Papiso e e sa Amogelesegeng

Santlha, ke eng fa baagi ba Nasaretha ba ne ba tenega thata fa Jesu a ne a lebisa go dikgakgamatso tse pedi tse di neng di dirilwe pelenyana dingwaga di le 900 tse di fetileng ke Elija le Elisha? Tota, ka phepafalo Jesu o ne a tshwantsha Banasaretha le Baiseraela ba bogosi jwa bokone jwa Iseraela mo metlheng ya ga Elija le Elisha, mme go ya ka dibuka tse pedi tsa Dikgosi, Iseraela e ne e se mo boemong jo bo siameng jwa semoya ka nako eo. Baiseraela ba ne ba tseneletse thata mo kobamelong ya ga Baale ebile ba ne ba bogisa baperofeti ba ga Jehofa. Tota Elija o ne a tshabile go tswa mo bathong ba lefatshe la ga bone fa motlholagadi mo Sarefatha, mo lefatsheng la seeng, a mo amogela le go mo fa dijo. E ne e le fa a ne a tla dira kgakgamatso eo Jesus a neng a lebisa go yone. (1 Dikgosi 17:17-24) Iseraela o ne a santse a itshwaragantse le kobamelo ya ga Baale fa Elisha a ne a fodisa lepero la tlhogo ya masole ya Siria Naamane.​—2 Dikgosi 5:8-14.

Baagi ba Nasaretha ba ne ba seka ba anaanela go tshwantshanngwa le Bajuda ba baheitane ba metlha eo. A tshwantshanyo ya ga Jesu e ne e utlwala? Ka phepafalo ee. Fela jaaka botshelo jwa ga Elija bo ne bo le mo kotsing mo Iseraela, jalo botshelo jwa ga Jesu jaanong bo ne bo le mo kotsing. Pego e re bolelela ka go re: “Botlhe ba ba mo tluñ ea thutō, ba re ba utlwa dilō tse, ba tlala bogale, Me ba nanoga ba mo Kgoromeletsa kwa ntlè ga motse, ba mo gōgèla kwa tlhoreñ ea thota e motse oa bonè o agilweñ mo go eōna, gore ba mo piriganyetsè ka kwa tlhatse.” Me Jehofa o ne a sireletsa Jesu, jaaka a sireleditse Elija go le pele.​—Luke 4:28-30.

Kgalalelo ya ga Kgosi Solomone

Seo ke sekai sengwe sa ka moo dibuka tse pedi tsa Dikgosi di tlhalosang ka gone, jaaka go ka bolelwa, mafoko a ga Jesu le a Bakeresete ba pele. Akanyetsa sekai se sengwe. Mo Therong ya gagwe mo Thabeng, Jesu o ne a kgothaletsa bareetsi ba gagwe go ikaega ka Jehofa mo ditlhokafalong tsa bone tsa tse di bonalang. Gare ga dilo tse dingwe, o ne a re: “Me lo itlhobaèlèlèlañ diaparō? Akanyañ dithunya tsa mashōma a naga, kaha di golañ ka gōna: ga di dihe, ga di otlhe: Leha go nntse yalo kea lo raea, le e leñ èna Solomone, mo kgalaleloñ eotlhe ea gagwè, o na a sa kgabe yaka señwe sa cōna tseuō.” (Mathaio 6:28, 29) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a lebisa go Solomone fano?

Bareetsi ba gagwe ba Bajuda ba ka bo ba ile ba itse ka gore ba ne ba tlwaelane le kgalalelo ya ga Solomone. E tlhalosiwa ka boleejana mo bukeng ya Dikgosi tsa Ntlha (ga mmogo le mo go Ditihalō tsa Bobedi). Ka sekai, ba ka nna ba bo ba ile ba gakologelwa gore dijo tsa ba ntlo ya ga Solomone ka letsatsi le le lengwe, “E ne e le dikgetse tsa setou di le mashomè mararo, le dikgetse tsa boupe di le mashomè a marataro; Dikgomo tse di nonneñ di le shomè, le dikgomo tse di cwañ kwa mahuloñ di le mashomè mabedi, le dinku di le lekgolo, le dikukama, le ditshèphè, le dikgama, le dinonyane tse di nontshicweñ.” (1 Dikgosi 4:22, 23) Tseno e ne e le dijo tse di ntsi thata.

Kwa ntle ga moo, bokete jwa gouda e e neng e tla kwa go Solomone mo ngwageng e le nngwe bo ne bo ka lopa “ditalenta tsa gouda di le makgolo a marataro, le mashomè a marataro le borataro,” tota go feta didolara di le dimilione tse 250 (U.S.) ka ditlhotlhwa tsa segompieno. Mekgabiso yotlhe ya ntlo ya ga Solomone e ne e le ya gouda. “Go no go sena dipè tsa selefera: selefera se ne se sa kaiwe sepè mo metlheñ ea ga Solomone.” (1 Dikgosi 10:14, 21) Fa Jesu a ne a ba gakolola ka dilo tse, bareetsi ba gagwe ka bonako ba ne ba tlhaloganya se a neng a se bua.

Jesu o ne a lebisa go Solomone gape ka mafoko a mangwe a a utlwalang. Bakwadi bangwe le Bafarisai ba ne ba batlile gore a dire sesupo sengwe, mme Jesu a araba: “Mohumagadi kgosi ea Borwa o tla èma mo tshekoñ, a èma le losika lo a lo sekisa: ka go bo èna o na a cwa dikhutloñ tsa lehatshe, a tla go utlwa botlhale yoa ga Solomone; me bōnañ, eo mogolo go heta Solomone o hano.” (Mathaio 12:42) Ke ka ntlha yang fa tshupiso eno e ne e le kgobo e kgolo go baetapele ba bodumedi ba ba neng ba reeditse?

Fa re tlwaelane le buka ya ntlha ya Dikgosi, re itse gore “mohumagadi kgosi ea borwa” e ne e le mohumagadi kgosi ya Sheba. Ka phepafalo e ne e le mosadi yo mogolo, mohumagadi wa bogosi jo bo mo letlotlong. Fa a ne a etela Solomone, o ne a tla ka “lekōkō ye legolo thata,” lookwane le le turu le “gouda e le kgolo, le mayana a a thata go rèkwa.” (1 Dikgosi 10:1, 2) Ditirisano tse di siameng tsa kagisano gareng ga babusi ba merafe gantsi di tshegediwa ka baemedi. Ka gone, gore mohumagadi wa Sheba, yo e neng e le mmusi, a itsamaise ka boene go ya Jerusalema go bona Kgosi Solomone go ne go sa tlwaelega. Ke ka ntlha yang a ne a go dira?

Kgosi Solomone o ne a humile thata, mme le mohumagadi wa Sheba. O ne a ka seke a tsee loeto lo lo ntseng jalo fela go ya go bona kgosi e e humileng. Lefa go ntse jalo, Solomone o ne a sa huma fela mme o ne “a gaisa dikgosi cotlhe tsa lehatshe ka dikhumō le ka botlhale.” (1 Dikgosi 10:23) Tlase ga puso ya gagwe e e botlhale “ba Yuda le ba Iseraela ba ne ba agile ka thagamō, moñwe le moñwe ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè, go cwa Dana go ea Beresheba, ka metlha eotlhe ea ga Solomone.”​—1 Dikgosi 4:25.

E ne e le botlhale jwa ga Solomone jo bo neng jwa gogela mohumagadi wa Sheba. O ne a “utlwèla tumedi ea ga Solomone kaga leina ya ga Yehofa, mohumagadi eo a tla go mo lekisa ka dipocō tse di thata.” Fa a goroga mo Jerusalema, “a hitlha kwa go Solomone a bua naè kaga dilō cotlhe tse di mo peduñ ea gagwè. Me Solomone a mmolèlèla dipocō cotlhe tsa gagwè: go no go sa hitlhèga sepè mo kgosiñ se o se kañ a se mmolèlèla.”​—1 Dikgosi 10:1-3.

Jesu le ene, o ne a na le botlhale jo bo tlhomologileng “kaga leina ya ga Yehofa.” Tota, o ne a le “mogolo go heta Solomone.” (Luke 11:31) Mohumagadi wa Sheba, yo e neng e se Mojuda, o ne a tsaya loeto, lo lo leele, lo lo lereng letsapa, e le fela go iponela Solomone ka boene le go solegelwa molemo go tswa botlhaleng jwa gagwe. Ka gone, bakwadi le Bafarasai ruri ba ka bo ba ile ba reetsa ka kanaanelo “eo mogolo go heta Solomone” fa a ne a le fa pele ga bone. Mme ga baa ka ba dira jalo. “Mohumagadi kgosi ea Borwa” o ne a anaanela botlhale jo bo neng bo tswa kwa Modimong go feta thatathata jaaka ba dirile.

Ditshedimosetso ka Baperofeti

Mo motlheng wa ditiragalo tse di akareditsweng mo dibukeng tsa Dikgosi tsa Ntlha le tsa Bobedi, babusi ba bogosi jwa ditso tse 12​—mme moragonyana ba magosi a a kgaoganeng a Iseraela le Juda—​e ne e le dikgosi. Ka nako eo baperofeti ba ga Jehofa ba ne ba tlhagafetse thata gareng ga batho ba Gagwe. Ba ba neng ba tlhomologile gareng ga bano e ne e le Elija le Elisha, bao re setseng re ile ra lebisa go bone. Tshupiso ya ga Jesu go bone mo Nasaretha e ne e se yone nako fela e ba ileng ba umakwa mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika.

Mo lokwalong lwa gagwe go Bakeresete ba Bahebera, moaposetoloi Paulo o kwadile ka tumelo ya batlhanka ba Modimo ba nako tsa pele, mme jaaka sekai sengwe sa seno, o ne a re: “Basadi ba amogèla bashwi ba bōnè ba cosiwa mo bashwiñ.” (Bahebera 11:35) Kwa ntle ga pelaelo o ne a gopotse ka Elija le Elisha, bao ka bobedi ba ileng ba dirisiwa go tsosa baswi. (1 Dikgosi 17:17-24; 2 Dikgosi 4:32-37) Fa baaposetoloi ba bararo ba ga Jesu ba nna ba ba ‘bonang ka matlho bogolo jwa ga Jesu’ mo ponatshegelong ya phetogo ya gagwe, ba ne ba bona Jesu a bua le Moshe le Elija. (2 Petere 1:16-18; Mathaio 17:1-9) Ke ka ntlha yang fa Elija a ne a tlhophilwe go emela mola wa baperofeti ba pele ga Bokeresete bao ba ileng ba supela go Jesu? Fa o ka bala pego ya Dikgosi tsa Ntlha le go bona tumelo ya gagwe e kgolo le ka tsela e e nonofileng e ka yone a neng a dirisiwa ke Jehofa, o tla tlhaloganya karabo.

Lefa go le jalo, Elija tota e ne e le motho fela yo o tlwaelegileng jaaka rona. Jakobe o ne a lebisa go tiragalo e nngwe mo go Dikgosi tsa Ntlha fa a ne a kwala ka go re: “Mokokotlèlō oa mosiami o thusa thata mo go diheñ ga ōna. Eliya e ne e le motho eo o maikutlō a a chwanañ le a rona, me a rapèla ka thata gore pula e se ne; me e se ka ea na mo lehatshiñ ka dinyaga di le tharo le dikgwedi dile thataro. Me a ba a rapèla gapè; me legodimo ya nesa pula, le lehatshe ya uñwa mauñō a yeōna.”​—Yakobe 5:16-18; 1 Dikgosi 17:1; 18:41-46.

Dipoeletso tse Dingwe Go Tswa go Dikgosi

Ditshupiso tse dingwe tse dintsi mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika di tshotse dipoeletso go tswa dibukeng tse pedi tsa Dikgosi. Setefane o ne a gakolola Ditlhogo tsa Baperesiti ba Bajuda gore Solomone o ne a agela Jehofa ntlo mo Jerusalema. (Ditihō 7:47) Bontsi jwa dipego ka ga tiro eo ya kago di mo bukeng ya ntlha ya Dikgosi. (1 Dikgosi 6:1-38) Fa Jesu a ne a bua le mosadi mongwe mo Samaria, mosadi o ne a re go ene ka kgakgamalo: “Go nntse yañ, wèna u re u le Moyuda, u lōpa go nwa mo go nna ke le mosadi oa Samaria? Gonne Bayuda ga ba ètalane le Basamaria.” (Yohane 4:9) E ne e le ka ntlha yang fa Bajuda ba ne ba sa etelane le Basamaria? Pego e e mo go Dikgosi tsa bobedi e e tlhalosang tshimologo ya batho ba e neela lesedi mo kgannyeng eno.​—2 Dikgosi 17:24-34.

Lokwalo lo lo fitlhelwang mo bukeng ya Tshenolō go phuthego ya Thiatira lo tshotse kgakololo eno e e tiileng: “Me ke gu nyaletsa seo se, go re, u leseletsa mosadi eo go tweñ Yesebele, eo o ipitsañ moperofeti oa sesadi; me oa ruta, o hepisetsa batlhanka ba me mo kgokahaloñ, le mo go yeñ dilō tse di isedicweñ medimo ea disètwa ditlhabèlō.” (Tshenolō 2:20) Jesebele e ne e le mang? E ne e le morwadie moperesiti wa ga Baale mo Ture. Jaaka buka ya ntlha ya Dikgosi e re bolelela, o ne a nyalwa ke Kgosi Ahabe wa Iseraela mme a fetoga mohumagadi wa Iseraela. Ka go gatelela monna wa gagwe, o ne a tsenya kobamelo ya ga Baale mo Iseraeleng yo e neng e setse e le wa botenegi, a tlisa bontsintsi jwa baperisiti ba ga Baale mo lefatsheng leo le go bogisa baperofeti ba ga Jehofa. Morago, o ne a swa loso lo lo botlhoko.​—1 Dikgosi 16:30-33; 18:13; 2 Dikgosi 9:30-34.

Mosadi yo o neng a bontsha moya wa ga Jesebele mo phuthegong ya Ture ka phepafalo o ne a leka go ruta phuthego go itlwaetsa boitsholo jo bo sa siamang le go tlola melao ya Modimo. Moya o o ntseng jalo o no o tshwanetswe go tlosiwa mo phuthegong, fela jaaka lelapa la ga Jesebele le ne la tshwanelwa ke go tlosiwa mo morafeng wa Iseraele.

Ee, re tlhoka Dikwalo tsa Sehebera e le gore re tlhaloganye Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika. Dipego di le dintsi di ne di tla seke di utlwale sentle fa e ne e se ka ditlhaloso tse di baakanyeditsweng ke Dikwalo tsa Sehehera. Jesu le Bakeresete ba pele, ga mmogo le Bajuda bao ba neng ba bua le bone, ba ne ba tlwaelane thata le tsone. Ke eng o sa iphe nako ka bowena go di itlwaetsa? Ka gone o tla ipapalela mosola o o tletseng wa “lokwalō loñwe le loñwe,” lo lo ‘kwadilweng ka tlhotlheletso ya Modimo lo bile lo le molemo go ruta.’​—2 Timotheo 3:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela