LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 4/1 ts. 16-20
  • Tswelela O Tila Serai sa Bogagaru

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tswelela O Tila Serai sa Bogagaru
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ga Go Ope Yo O Ka Iketlang
  • Go Tlhatlhoba Maikutlo a Rona
  • Go Humela Modimo
  • Tila Seru sa Bogagapa O Bo O Atlege
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • A Bogagaru Bo A Tle Bo go Tshware?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • “Motlha wa Bogagapa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Akanya Fela ka Lefatshe le le Senang Bogagapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 4/1 ts. 16-20

Tswelela O Tila Serai sa Bogagaru

“Lo itiseng, mo bogagarung jwa mofuta mongwe le mongwe, ka gobo le eleng fa motho a na le dithoto tse dintsi, letlotlo la gagwe ga le mo neele botshelo.”​—LUKE 12:15, The New English Bible.

1. Ke goreng tlhagiso ya ga Paulo kgatlhanong le bogagaru e le mo nakong?

RE TSHELA mo lefatsheng leo le obamelang tlhogonolofalo ya dithoto. Dikgatlhego tsa kgwebo ka metlha di ikuela mo bogagarung jwa batho go ikhumisa. Katlego e lekanyediwa ka bogolo jwa madi ao a amogelwang. Ka jalo, ditlhagiso tse dintsi tsa Bibela kgatlhanong le bogagaru le boatla jo bongwe jo bo nyalanang le joo jwa bopelotshetlha di mo nakong. (Bakolosa 3:5; 1 Timotheo 6:10) Go ya ka buka ya tlhaloso mantswe, bogagaru le bopelotshetlha di amogana boikutlo jwa go “nna kana go bontsha keletso e e nonofileng ya dikhumo mme segolo-bogolo dilo tse di bonalang.” Bogagaru bo ka nna masisi fela jaaka boaka kgotsa kobamelo ya medimo ya disetwa, ka go bo Paulo o ne a tlhagisa ka gore: “E tle e re ha go na le motho eo o bidiwañ modumedi, me a le moakahadi, kgotsa a le moiphetlhi [segagaru], kgotsa e le moōbamedi oa medimo ea disetwa, kgotsa a le mokgadi, kgotsa a le motagwi, kana a le seikgagapeledi; ka re, eo o nntseñ yalo, nya, lo se ka loa tlwaèlana naè, leha e le go ya naè.”​—1 Bakorintha 5:11; Baefesia 5:3, 5.

2. Jesu le Jehofa ba ne ba re neela ditlhagiso dife kgatlhanong le bobelotshetlha?

2 Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe ka go re: “Lo bo lo itisè mo bopelotshetlhèñ.” (Luke 12:15) Mme Jehofa ka boene o ne a akareletsa taolo kgatlhanong le bosula jono gareng ga Melao e e Lesome: “U se ka ua eletsa ntlo ea moñwe ka wèna, u se ka ua eletsa mosadi ua moñwe ka wèna, leha e le motlhanka oa gagwè, leha e le lelata ya gagwè, leha e le kgomo ea gagwè, leha e le esela ea gagwè, leha e le sepè se e leñ sa moñwe ka wèna.”​—Ekesodo 20:17; Baroma 13:9.

Ga Go Ope Yo O Ka Iketlang

3. Bogagaru bo ne jwa fekeetsa Efa mme moragonyana Baiseraele jang?

3 Ntlha ke gore, ga go ope yo o ka repisang tiso ya gagwe kgatlhanong le bogagaru le bopelotshetlha. Fa Efa a ne a leofa mo tshimong ya Edena, e ne e le ka ntlha ya bogagaru: “Me mosadi ea re a bōna ha setlhare se le molemō go yewa, se bile se kgatlha mo matlhoñ, le gōna . . . setlhare se eletsèga go tlhalehisa motho.” (Genesise 3:6) Mo pakeng nngwe mo magwatateng Baiseraele ba ne ba bontsha bogagaru jo bo ferosang sebete. Fa, mo karabelong ya dingongorego tsa bone kaga go ja mana a le osi fela, Jehofa o ne a baakanyetsa ka letlotlo la makutikweo, ba ne ba dira ka tsela ya digagapa mme ba ne ba otlhaiwa mo go botlhoko.​—Dipalō 11:4-6, 31-33.

4. Ke dikai dife tse dingwe tsa ditiragalo tseo di bontshang dikotsi tsa bogagaru?

4 Morago, mo ntweng ya Jeriko, e ne e le bogagaru jo bo neng jwa tlhotlheletsa Akane go utswa selefera le gouda le kobo e e tlhwatlhwa-kgolo mo dithopong tsa motse. (Yoshue 7:20, 21) Bogagaru bo ne jwa dira Gehase, motlhanka wa ga Elisha, go leka go bona madi ka phodiso ya dikgakgamatso tsa lepero la ga Naamane. (2 Dikgosi 5:20-27) Kgosi Ahabe e ne e le monna yo mongwe yo o neng a le bogagaru. O ne a letlelela mosadi wa gagwe wa moheitane, ebong Jesebele, go rera loso lwa mongwe ka ene, Nabothe, e le gore a tle a itseele tshimo ya mofine ya ga Nabothe. (1 Dikgosi 21:1-19) Kwa bofelong, Judase Isekariota, mongwe wa ditsala tse di atamalaneng le Jesu, ka bogagaru o ne a dirisa boemo jwa gagwe go utswa mo letloleng la botlhe. Mme bogagaru bo ne jwa mo gogela mo go okeng Jesu ka dipapetlana di le 30.​—Mathaio 26:14-16; Yohane 12:6.

5. Re ithutang kaga maitemogelo a mefuta ya batho ba ba farologaneng ba ba neng ba wela mo seraing sa bogagaru?

5 Bano botlhe ba ba bogagaru ba ne ba otlhaiwa. A mme o etse tlhoko mefuta ya batho ba ba farologaneng ba ba neng ba wela mo seraing sa bogagaru? Efa e ne e le mosadi yo o neng a itekanetse a tshela mo Paradaiseng. Akane le Baiseraele ba ne ka sebele ba itemogela dikgakgamatso tsa ga Jehofa. Ahabe e ne e le kgosi, ka gongwe e le monna yo o neng a humile fela thata mo lefatsheng leo. Gehasi le Judase ba ne ba segofaditswe ka bolekane jo bo humileng jwa semoya le ka ditshiamelo tse di kwa godimo tsa tirelo. Ka gone ope​—lefa a ka tswa a humile, lefa e ka tswa tshiamelo ya tirelo ya gagwe e le kwa godimo go le kae, kana boo boitemogelo jwa gagwe ke eng—​o ka wela mo serung seno. Ga go gakgamatse go bo Jesu a ile a tlhagisa ka go re: “Lo bo lo itisè mo bopelotshetlheñ”!​—Luke 12:15.

6. Ke eng seo se tlhokafalang fa e le gore re tla tila seru sa bogagaru?

6 Mme re ka dira seo jang? Ke fela ka boikgapo le ka boitlhatlhobo jwa ka metlha. Bogagaru bo simolola mo pelong. Go tila serai sa bogagaru, re tshwanetse ka metlha ra tlhatlhoba dipelo tsa rona go bona fa e le gore a go na le tshupo ya bogagaru e e melang koo. Bibela e ka re thusa go dira seo. Jang? Mme kana, e bega seo Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba se bolela ka ga bogagaru. Fa re tlhatlhoba dikakgelo tseo di tsosa dipotso dingwe tseo di gwetlhang tseo re tshwanetseng go di ipotsa go bona koo re emeng teng mo kgannyeng eno ya bogagaru.

Go Tlhatlhoba Maikutlo a Rona

7. Karabo ya ga Jesu go monna yo o neng a kopanyelediwa mo kgarurung ya boswa e re thusa go itlhatlhoba ka borona jang?

7 Tlhagiso ya ga Jesu kgatlhanong le bopelotshetlha e ne ya tlhotlhelediwa ke kopo ya mongwe wa bareetsi ba gagwe: “Moruti, bua le mogolole gore a kgaoganè boshwa le nna.” Jesu o ne a araba ka go re: “Monna, ke dihilwe emañ moatlhodi le moabi mo go lona?” (Luke 12:13, 14) Go tswa foo o ne a tswelela go tlhagisa kgatlhanong le bopelotshetlha. Jesu o ne a sa batle go tsenelela mo komanong ya dilo tse di bonalang, ka ntlha ya tiro ya semoya e e botlhokwa eo a neng a tletse go tla go e diragatsa. (Yohane 18:37) Mme puisano eno e akantsha dipotso tse di gwetlhang tseo re ka di ipotsang ka borona. A re re gongwe o ne o sa tlhoke mo go kalo kalo, mme o ne wa ikutlwa gore o na le seabe mo thotong kana mo letlotlong lengwe le le omanelwang, kana mo bosweng jo bo omanelwang. Re tla ya bokgakaleng jo bo kae re lwa gore re atlege mo kgannyeng ya rona? Re tla intsha setlhabelo go le kana kang mo tirelong ya rona go Jehofa kana mo botsalanong jwa rona le bakaulengwe ba rona go fenya seo re se lebang e le ditshwanelo tsa rona?​—Diane 20:21; 1 Bakorintha 6:7.

8. Re ka tila jang go tshwana le bakwadi ba ba umakiwang ke Jesu mo go Luke 20:46, 47?

8 Akanyetsa kakgelo e nngwe ka Jesu. O ne a tlhagisa balatedi ba gagwe: “Itiseñ mo bakwadiñ, . . . ba ba shuputsañ matlo a basadi ba ba batlhōlagadi.” (Luke 20:46, 47) A tshupo e e setlhogo ruri ya bogagaru! Bakeresete, tota, ba tlamega go tlhokomela batlholagadi, eseng go ba thukutha. (Yakobe 1:27) Lefa go ntse jalo, a re re gongwe o ne wa tla go itse ka motlholagadi mongwe yo o neng a amogela madi a le magolo a inshorense, mme o ne o tlhoka madi ka potlako ka ntlha ya seemo sa tshoganyetso A kakanyo ya gago ya ntlha e tla nna go atamela motlholagadi, o ikutlwa gore o tla nna motlhofo go tlhotlhelediwa, kana gore o tshwanetse ka go bo ‘o na le namane e tona ya madi’? Kana a re re o ne o setse o adimile madi gale, mme jaanong o na le mathata mo go a buseng. A o ne o tla ikutlwa o siame fela go sa duele motlholagadi, ka go bo ‘ga a kitla a tshwenya mo go kalo,’ kana ka gongwe ka go bo o akanya gore ‘tota ga a tlhoke madi mo go kalo’? Re tshwanetse go nna kelotlhoko go sa letlelele go akanya ga rona mo melaongmetheo go hupediwa fa re lebane le mathata a tsa madi.

9. Re ka wela jang mo serung sa ‘go tlhaola batho gore re tle re bone thuso’?

9 Jude o ne a tlhagisa tsela eo gape bogagaru bo ka re raretsang ka yone. O ne a bua kaga batho ba ba neng ba kukunela mo phuthegong ya Bokeresete mme ba e boduhatsa ka bogagaru le bopepe jwa bone, “ba itatola eo e leñ èna Muñ oa rona le Morèna oa rona eo o esi, eboñ Yesu Keresete.” (Yude 4) Ba ne ba “tlhaola batho ka go sholohèla thushō.” (Yude 16) Re ka se batle go nna jalo. Mme akanyetsa: A re iphitlhela re rata go senya nako le Bakeresete ba ba humileng mme re sa neele tlhokomelo e e kalo go ba bangwe ba ba humanegileng mo phuthegong? Fa go ntse jalo, a e ka tswa e le gore re solofetse go bona thuso ka tsela nngwe? (Bapisa Ditihō 20:33; 1 Bathesalonia 2:5.) Fa re bontsha bopelotshweu go ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong, a re dira jalo ka ntlha ya lorato, kana ka gobo re solofela ditshiamelo dingwe mo boemong jwa moo? Fa go ntse jalo ka ntlha ya bofelo, ka gongwe le rona, gape, re ‘tlhaola batho ba ba rileng gore re solofele thuso.’

10. Ke ka ditsela dife go ka kgonegang go dira poelo ka kobamelo ya rona go Jehofa? Fa re dira seno, re latela sekao sa ga mang?

10 Tshupo e nngwe ya bogagaru e e neng ya tena Jesu fela thata e ne e le fa a ne “a hitlhèla ba ba rekisañ dikgomo, le dinku le maphoi, le ba ba ananyañ madi ba dutse gōna.” Tlhoafalelo ya ntlo ya ga Jehofa e ne ya dira gore a leleke bano mo tempeleng, mme a ba tlhagisa jaana: “Se ntsheñ ntlo ea ga Rrè ntlo ea thèkèlō.” (Yohane 2:13-17) A re na le tlhoafalelo e e tshwanang? Gongwe go ka tswa go le molemo go ipotsa: A ke ka tlotla dikgang tsa kgwebo kwa Holong ya Bogosi? A ke buelela ditsela tsa kgwebo gareng ga Bakeresete ka nna ka go bo go nna ga bone bakaulengwe ba semoya go go dira bokete gore ba re nnya? A ke dirisa ditsala tse dintsi tse ke nang le tsone mo phuthegong go atolosa ditsela tsa kgwebo ya me? Eleruri, ga re a tshwanela gore ka bogagaru re bone poelo ya madi ka go ipotetsa ka kamano ya rona le bakaulengwe ba rona.

11. Ke melao-metheo efe ya Bokeresete eo e tla re thusang go boloka boikutlo jo bo tlhamaletseng fa re bonana kaga kgwebo?

11 A seo se raya gore Bakeresete le ka motlha ba ka se dire kgwebo mmogo. Ke fela gore go na le nako le lefelo la kgwebo, le gore go na le nako e nngwe gape le lefelo la kobamelo. (Moreri 3:1) Lefa go ntse jalo, fa Bakeresete ba na le dikamano tsa kgwebo ba tshwanetse go se lebale melao-metheo ya Bibela. Fa Mokeresete a dira tumalano ya kgwebo ga a tshwanela gore a batle diphatlha tsa go iphalotsa ditlamego tsa semolao tsa gagwe. (Mathaio 5:37) Lefa e le gore a ngakalale kana go ipusolosetsa fa kgwebo e wela kwa tlase mme a latlhelegelwa ke madi. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakorintha gore; “Nya, e setse e le molata hèla mo go lona, ka lo na le ditshèkisanyō. Ga lo ichokeleleñ tshiamololō bogolo? ga lo iteseleletseñ go patikwa bogolo?” (1 Bakorintha 6:7) A wena, ka ntlha fela ya phuthego o ka ikgethela gore o patikiwe go na le go ya kwa kgotla tshekelo?

12. Ke melao-metheo efe ya Bibela eo e tla thusang bao ba tseneletseng mo kgwebong go tila seru sa bogagaru?

12 Mokeresete ope fela yo o tsenelelang kgwebo o tlhoka go nna kelotlhoko tota. Gompieno mekgwa e mentsi ya kgwebo ke ya boferefetšhana, lefa go le jalo Mokeresete a ka se itshware ka tsela eo. Ga a tshwanela go lebala le ka motlha gore ke morutwa wa ga Keresete. Ga a batle maitseo a boikanyologi kana a go ganelela mo mekgweng e e bolalome. (Bapisa Diane 20:14; Isaia 33:15.) Mme le ka motlha ga aitshwanela go lebala tlhagiso ya ga Jesu ya go dira khumo modimo, kana tlhagiso ya ga Johane kgatlhanong le “thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō, le mabela a botshelō.” (1 Yohane 2:16; Mathaio 6:24) Jaaka ra-kgwebo kana ma-kgwebo wa Mokeresete, a o ka ganana le phepiso ya go ikuela mo bogagarung jwa batho ba bangwe e le gore o tle o oketse dithekiso? Kana o tla ikuela mo bolefeleng le mo boikgogomosong jwa bone go tsweledisa kgwebo ya gago? A o tsamaisa tiro ya gago ya boitshediso ka tsela eo e leng gore o ka se tlhabiwe ke ditlhong go bua le Jehofa kaga yone mo dithapelong tsa gago?​—Mathaio 6:11; Bafilipi 4:6, 7.

13, 14. (a) Ke tekatekano efe eo Bakeresete ba ba itsholetseng ba tshwanelwang ke go e boloka? Mme bao ba sa itsholelang? (b) Thapelo ya ga Diane 30:8 e re thusa jang go ithuta go wela dibete mo kgannyeng ya khumo?

13 Kwa bofelong, Paulo o kwaletse Timotheo go re: “Me ba ba eletsañ go huma ba tla wèla mo thaeloñ, le mo seruñ, le mo dithatoñ di le dintsi tsa bosilo le tse di senyañ, tse di nwetsañ batho mo tshenyegoñ le mo tatlhegoñ.” (1 Timotheo 6:9) Go huma ga se boleo, lemororo khumo ka boyone e na le mathata le dithaelo tsa yone. (Mathaio 19:24-26) Bodiphatsa ke ‘go eletsa go huma.’ Ka sekai, mogolwane mongwe o ne a re: “Bothata gantsi bo tlhaga fa monna a lebelela mokaulengwe wa gagwe wa Mokeresete yo o itsholetseng mme a bo a re: ‘Ke goreng ke ka se nne jaaka ene?’”

14 Bibela e a tlhagisa: “Lo ikgololè mo go rateñ khumō ea madi; lo nnè boitumèlō ka dilō tse lo nañ nacō: gonne go buile èna ka esi, a re, Ga nketla ke gu tlhōkahalèla gopè, le gōna ga nketla ke gu latlha gopè.” (Bahebera 13:5) Fa o itsholetse, a o leba seno jaaka mpho, sengwe seo o ka se dirisetsang tirelo ya ga Jehofa? Mo pakeng nngwe, Jesu o ne a bolelela lekawana le le neng le humile gore fa a ne a batla go mo latela, o ne a tla tshwanelwa ke gore a abe khumo yotlhe ya gagwe. Fa Jesu a ka bo a ile a go raya jalo, a o ka bo o ile wa ikgethela go boloka khumo ya gago kana go latela Jesu? (Mathaio 19:20-23) Fa o sa itsholela, a o ka kgotsofalela seo? A o ka tila seru sa bopelotshetlha? A o iketleeleditse go ikanya mo tsholofetsong ya ga Jehofa ya gore: “Ga nketla ke gu tlhōkahalèla gopè, le gōna ga nketla ke gu latlha gopè”?​—Bona gape Diane 30:8.

Go Humela Modimo

15, 16. (a) Jesu o ne a dirisa setshwantsho sefe kaga kgakololo ya gagwe ka bobelotshetlha? (b) Bothata joo eleng jone tota jwa monna yo o mo papisong ya ga Jesu e ne e le eng?

15 Fa Jesu a ne a tlhagisa bareetsi ba gagwe gore ba “itisè mo bopelotshetlheñ,” o ne a tswelela go ba bolelela ka ga molemi yo masimo a gagwe a neng a ungwa mo go golo fela thata. Monna yoo a “ithaea, a re, Ke tla dihañ, ka ke sena mo ke ka bolokèlañ mauñō a me gōna? Me a re, Ke tla diha yana: ke tla rutla matlo a me a mabolokèlō, ke aga a sele, a magolo; me ke tla bolokèla mabèlè a me, le dithoto tsa me gōna. Me ke tla raea mōea oa me, kere, Mōea, u na le dithoto di tona, di bolokecwe dinyaga di le dintsi; iketlè, u yè, u nwè, u dihè mokete.” Lefa go ntse jalo, bosigong jone joo, monna yoo o ne a swa. Khumo yotlhe e e neng ya kokoanngwa e ne ya seka ya mo thusa lefa go le kananyana. Jesu o ne a wetsa ka go re: “Le èna eo o ikhumèlañ hèla, a sa humèla Modimo o nntse hèla yalo.”​—Luke 12:16-21.

16 A monna yoo o ne a dira boleo jo bo maswe, jaaka boikgagapeledi kana bogodu? Setshwantsho ga se re o ne a dira jalo. Lefa go le jalo, o ne a sa na le bothata. O ne a ikaegile ka itsholelo ya gagwe ya bokamoso jo bo babalesegileng mme a lebala sengwe se se neng se le botlhokwa bogolo: go “humèla Modimo.” Go ntse fela jalo ka jaana Bakeresete ba boammaaruri ba dira kamano ya bone le Modimo selo sa botlhokwa mo matshelong a bone moo ba ka kgonang go tila seru sa bogagaru mme ka gone ba se nne karolo ya lefatshe.​—Yohane 17:16.

17. Mokeresete yo o tekatekano o leba jang bothata jwa go itshetsa?

17 Jesu nako nngwe o ne a kgalema ka gore: “Ke gōna se itlhobaeleleñ, loa re, Re tla ya eñ? Kgotsa, Re tla nwa eñ? Re tla apara eñ? Gonne Badichaba ba batla cōna dilō cotlhe tseuō.” (Mathaio 6:31, 32) Go boammaaruri, rotlhe re lebane le mathata a a tshwanang le ao “Badichaba” ba lebaneng nao. Bontsi jwa rona re tshwanelwa ke gore re bereke ka natla go itshedisa go reka dilo tse di tlhokafalang go ja, go nwa, le go apara. (2 Bathesalonia 3:10-12) Mme re gana go letlelela gore dikamego tse di ntseng jalo di hupetse go “humèla Modimo” ga rona.

18. Ikanyo mo go Jehofa e tla re kgonisa jang go tila serai sa bogagaru?

18 Jehofa ke motswedi wa khumo yotlhe. (Ditihō 14:15, 17) O solofeditse go tlhokomela batlhanka ba gagwe ka mo go kgethegileng. Jesu o ne a re: “Gonne Rra eno oa legodimo oa itse ha lo tlhōka dilō tse cotlhe. Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:32, 33; Pesalema 37:25) A o dumela tsholofetso eo? A o tlhatswegile pelo tota gore Jehofa o tla e diragatsa? A o tla kgotsofadiwa ke dipaakanyetso tse Jehofa a di dirang? Fa go ntse jalo, o tla kgona go tila serai sa bogagaru. (Bakolosa 3:5) Tirelo ya gago go Jehofa le kamano ya gago le ene ka metlha di tla tsaya maemo a ntlha, mme botshelo jotlhe jwa gago e tla nna tshupo ya tumelo ya gago go ene.

A O Ka Gakologelwa?

◻ Ke batho ba mofuta ofe bao ba angwang ke bogagaru?

◻ Re ka itisa jang mo bogagarung?

◻ Bogagaru bo ka itshupa jang ka dinako dingwe‘?

◻ Ke dipotso dife tseo di ka re thusang go bona fa e le gore re tila serai sa bogagaru kana nnya?

◻ Tshireletso e kgolo mo bogagarung ke efe?

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 19]

Fa ba dira kgwebo mmogo, Bakeresete ba tshwanetse le ka motlha ba se lebale melao-metheo ya Bibela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela