Ba Farologanngwa Gape Ke Boikanyegi
O NE a kgobega marapo fa a bona thekethe ya go phaka ka fa tlase ga sephimola galase sa koloi. Tefo e ne e le $25 (U.S.), mme o ne a utlwisiwa botlhoko ke gore e ne e sa tshwanela Go ne go sena matshwao a a thibelang go phaka. Se se neng se le maswe go feta e ne e le lebaka la gore o ne a tswa lefelong le le kgakala mme o ne a ka se kgone go boela kwa motseng-mogolo go ikuela kgetsi ya gagwe. Jalo he o ne a tsaya ditshwantsho tsa lefelo leo go supa gore go ne go sena ditaolo tsa tlhagiso tse di neng di beilwe gongwe. Mme ka go bo e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a kopa Mosupi ka ene go mo emela mo kgotleng-tshekelo ya pharakano.
Pego ya tsala ya gagwe ya se se diragetseng mo kgotleng-tshekelo mo mosong oo ke eno:
“Fa o bilediwa fa pele ga moatlhodi, o tshwanetse go bolela leina le aterese tsa gago. Mme ba batle gore o ikane gore o tla bua boammaaruri Pele ga ba inkanisa, mokwaledi wa kgotla-tshekelo lekau le le godileng, o ne a nkopa gore ke boeletse aterese ya mmila wa me. Fa ke re, ‘124 Columbia Heights,’ ka phepafalo o ne a e itse jaaka aterese ya ntlo-kgolo ya lefatshe ya Mokgatlho wa Watch Tower le ya Basupi ba ga Jehofa. O ne a retologela kwa go moatlhodi, mme a re: ‘Moatlhodi ga gona se o ka tshwenyegang ka sone fano. Ba ke batho ba ba molemo. Ga ba ake! Ga ba nke ba aka le ka motlha! Ga ba kake ba aka! Tumelo ya bone ga e go letlelele, mme ba e tshegetsa thata. Ga ke ise le ka motlha ke itse ope wa banna ba bone kana le eleng basadi ba bone a bua maaka. Ba ikanyega thata. Ke bone ka makgetlho a le mantsi fa ba ne ba ka kgona go falola thekethe ya go phaka ka go bua maakanyana fela, mme ba sa dire jalo.’
“Jalo he, a retologela kwa go nna a re, ‘Ke itse gore o ne o ka seke o bue maaka ka gonne o itse yo o neng a tla pitologa mo lebitleng la gagwe fa o ne o dirile jalo akere?’ ‘Ke mang yoo?’ Ke ne ka botsa. ‘Moatlhodi, Moatlhodi Rutherford [yo e kileng ya bo e le mookamedi wa Watch Tower Society],’ o ne a araba jalo. ‘Ke ne ke tlhola ke mo isetsa makwalo mo dingwageng di le 47 tse fetileng. Ke sale ke itse Basupi ba ga Jehofa pele ga ba oketsega Moatlhodi e ne e le motho yo mongwe fela!’
“Morago ga seno sotlhe, moatlhodi wa kgotlha-tshekelo a seka a itshwenya le eseng ka gore ke ikane. O ne a nkopa go neela kgetsi ya me, mo ke neng ka go dira. Katlholo ya gagwe e ne ya nna efe? ‘Ga o molato.’”
Basupi ba ga Jehofa ‘ba eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.’ (Bahebera 13:18) Mme go kgomarela boikanyegi ga bone ke tsela e nngwe ya ditsela tse dintsi tseo ba farologanang le lefatshe ka tsone.