LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 3/1 ts. 5-7
  • Go Bipolola Masaitsiweng a Kimbilikiti

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bipolola Masaitsiweng a Kimbilikiti
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thaego ya Masaitseweng
  • Bogwera jwa Sephiri
  • Ba Bogiseditswe go Bua Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Batlola-Molao ba Amogela Kotlhao
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Boammaaruri le Tumelo Di A Fenya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ba Bolaetswe Tumelo ya Bone!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 3/1 ts. 5-7

Go Bipolola Masaitsiweng a Kimbilikiti

KIMBILIKITI ke tumelo ya bagologolwane ya morafe wa Rega mo kgaolong ya Kivu, e e mo botlhaba-gare jwa Zaire. Banna ba Rega ba tsoma mo dikgweng tse di kitlaneng, basadi ba tshwara ditlhapi mo dinokeng, mme malapa one a lema masimo. Mme matshelo a botlhe a gapilwe ka mo go feletseng ke Kimbilikiti, moya o mogolo wa morafe o ba tshwanetseng go o bontsha kutlo e e feletseng. Mme ebile ba tshwanetse go boloka thata-thata diphiri tsotlhe tse di amanang le go o boifa, ka jaana go senola sengwe sa tseno go ka felela ka go otlhaiwa ka loso gone fela foo. Tota, fa go ka nna le motho yoo o ka ngongoregelang loso lwa mongwe mo lapeng yo o bolailweng ke Kimbilikiti le ene o bolawa gone fela foo.

Tumelo eno e simologile jang? Go bona karabo, re tshwanetse go gadima kwa morago.

Thaego ya Masaitseweng

Go ya ka ngwao, bogologolo-tala mo ditiragalong tsa setso, ga twe monna mongwe o ne a na le bana ba basimane ba le bararo. Gatwe wa ntlha, ebong Katima Rega, o ne a hubile thata a bile a le maswe, a golafetse thata mo a neng a sa kgone go nyala. Lefa go ntse jalo, o ne a le botlhale thata mme a na le go akanyetsa dilo. O ne a ipelela go ja go feta selekanyo. Go ithusa go bona dijo kwantle ga go di berekela, o ne a simolola go dira diphalanyana fela tsa letlhaka tse di neng di ntsha melotsana e e gakgamatsang O ne gape a simolola go betla legonnyana le le sephara, le le neng le le mo setshwanong sa mokoro o o sephaphathi le bofeletswe thapo mo ntlheng e nngwe. Fa selo seno se ne se huduhutshiwa ka bofefo mo godimo ga tlhogo ya motho, se ne se tsosa modumo o mogolo, o o sa tlwaelegang.

Mosimolodi yono wa ngwao la ntlha o ne a lekeletsa maano a gagwe mo ditlogolong tsa gagwe tse pedi, a ba tlhatswa pelo ka go ba bolelela gore medumo e ne e tswa mo moyeng ka gone a ba tshosa gore ba mo utswele motsoko le dijo mo go bo morwa-rraagwe ba babedi. Fa a bona gore o tshwanetse a atolosa ditiro tsa gagwe, o ne a ya go iphitlha mo sekgweng mme a letele basadi go tla go tshwara ditlhapi le go di tsenya mo dirotong. Go tswa foo a tshikinye didirisiwa tsa gagwe, a dira gore basadi ba boele kwa motseng ka letshogo ba tlogele se ba se bapetseng.

Pele, dipego tsa basadi ba ba neng ba tsenwe ke poifo di ne tsa belaelwa. Mme fa tiragalo e e tshwanang eo e nnela go boelela kgapetsa le baagi ba motse ba sa tlhole ba bona tlhapi e ba e jang, banna ba ya go ratela “phologolo ya ledimona,” mme ba gakgamala go fitlhela e le Katima Rega. Bangwe ba ne ba batla go mmolaya gone fela foo, mme bangwe ba konela ka gore se a neng a se dirile se ne se le segolo thata mme ba tlhopha go tsaya “lentswe” jaaka moya wa morafe wa bone. Seno se ne se tla lobelwa botlhe ba ba sa rupang jaaka masaitseweng Leloko lengwe le lengwe la morafe le ne le tla obamela ditaolo, ditao, le dikatlholo tsotlhe tse di tswang mo “lentsweng,” eleng moya wa sekgwa. Mme o ne o tla bidiwang? Botlhe ba dumalana fa mogolo mongwe yo o botlhale a ne a akantsha gore go twe ke “Kimbilikiti.”

Ka gone tumelo ya morafe wa Rega e ne ya simololwa. Sebopego sotlhe sa melao, ditiro, le ditumelo-botlhodi di ne tsa thaelwa mo go seo se simologileng e se sa sepe. Fa go ntse go ya, “meya” e mengwe e meraro e e sa bonaleng e ne ya tsenngwa jaaka e e amanang le Kimbilikiti. Kabile, fa gongwe a tsewa jaaka kgaitsadie mme ka nako tse dingwe jaaka mosadi wa gagwe, e ne e le mosadi yo montle thata ebile a sa tlwaelega. Go bolelwa fa makolwane otlhe a rupisiwa fela ka kgakgamatso fa a robala le ene! Twamba, monnawe Kimbilikiti wa mosimane, go ne gotwe o na le thata e a neng a ka kgona go tsosa matsubutsubu ka yone, a dira gore matlo a we, jalo le jalo. “Lentswe” la gagwe le utlwiwa mo go tseremeng ga logonnyana lo lo tshwanang le mokoro! Moya wa boraro ke Sabikangwa, kana Mukungambulu. Ke monnawe Kimbilikiti yo mongwe wa mosimane mme o bonala a tsaya karolo ya go nna morongwa wa gagwe.

Bogwera jwa Sephiri

Mo badireding ba gagwe ba ba bonalang, Kimbilikiti o emelwa ke setlhopha sa baperesiti ba bagolo (bo-Bami ba ba botlhale). Mongwe wa bone, yo o bidiwang Mukuli, a okamela mekgwa ya thupiso. Kitumpu, moperesiti yo mongwe yo mogolo, o direla jaaka ngaka mme ke ene yo tota a rupisang makau. Wa boraro, Kilezi, o tlhokomela basimane ba eleng gone ba rupang. Karolo ya motsereganyi magareng ga bothibelelo jwa bogwera le batho fela ba motse yone e tsewa ke Bikundi, setlhopha sa bao ba setseng ba rupile.

Mekgwa ya bogwera (e e bidiwang Lutende) yone e tshwarelwa mo gare ga sekgwa, moo go tweng ke bonno jwa ga Kimbilikiti. Go na le bosephiri jo bogolo jo bo apesitseng mekgwa eno, mme, sepe fela se se namagadi (phologolo kana motho) se se tsamaelang gaufi le golo foo se kalediwa ka bonako-nako! Mo letsatsing la bogwera, go tshwarwa meletlo e megolo mo metseng e e farologaneng, ka metshameko le mebino e e sa feleng go tswa mo mosong thata. Seno se rulaganyeditswe go leka nonofo ya basimane ba babotlana ba ba tla rupisiwang. Morago, ba reetsa ditiragalo tsa ga Kimbilikiti, di feletse ka ditlhamane tsotlhe tse di ileng tsa nna tsa okediwa fa dingwaga di ntse di feta. Basimane ba bolelelwa gore ba dumele gore Kimbilikiti le Kabile mosadi wa gagwe ebile e le kgaitsadie ke batho tota. Basha bano ba bolelelwa gore ba ipaakanyetse go kgaratlha le Kabile mme e re morago ba robale le ene mme ka dikgakgamatso ba rupisiwe. Fa mongwe wa bone a ne a ka palelwa ke diteko tseno tse pedi, Kabile ka go galefa o ne a tla bolelela Kimbilikiti, yo o neng a tla bolaya mokgopisi yoo!

Lefa go ntse jalo, fa basimane ba sena go goroga mo sekgweng, ga ba fete ba bona sepe sa dilo tse ba neng ba di bolelelwa. Go na le moo, baperesiti ba bagolo ba bararo (Mukuli, Kitumpu, le Kilezi) ba a ba tsaya ba bo ba fapaanela go ba rupisa. Ba re seo ke gone go kgaratlha le Kabile! Fa mosimane a ka se fole sentle pele ga nako e a e beetsweng go boela gae, o ne a kalediwa le go fitlhwa, ka gonne boemo jo bo ntseng jalo bo ne bo tla senya tlhamane ya thupiso ya dikgakgamatso e e neng e tla ka dikamano le Kabile, yo o neng a le montle ebile a sa tlwaelega.

Go sa kgathalesege tlotla e e kalo go Kabile, mo medirong ya thupiso basimane ba rutwa mafoko a a gobololang a tsa kafa dikobong go rewa basadi, go akareletsa le bommaabo le bokgaitsadia-bone Fa baalogi ba boela kwa magaeng a bone, basadi ba patelediwa go apola mo e ka nnang gotlhe le go tsamaya ka mangole le go bina fa pele ga bone le go nna ba ba tlhapatsa ka dithogano tseo ba sa tswang go di ithuta.

Ka dinako tsa thupiso, ba-Bikundi (bao ba setseng ba rupile) ba tsamaya motse le motsana ba gapa dijo kana dithoto. Malapa a patelediwa go neelana ka sengwe le sengwe se se batlelwang Kimbilikiti le bao ba kwa bothibelelong jwa bogwera. Ditsela dia kganelwa mme ba ba fetang ba patelediwa go duela se baineedi ba Kimbilikiti ba se batlang. Gore go bo go nnetse ruri jaana ke ka ntlha ya maikaelelo a kwa tshimologong a “lentswe”​—go bona dijo kwantle ga go di fufulela.

Ka gone, sentle-ntle, Kimbilikiti ke eng? Tsietso e e theilweng ka matlhaka! Lefa go ntse jalo, go e tshegetsa, tsamaiso ya poifiso e ne ya tlhongwa go dirisiwa poifo ya loso jaaka sedirisiwa se segolo. (Bahebera 2:14, 15) Didirisiwa tse dingwe ke tumelo-botlhodi, bogagapa le matlhapa. Mme tsotlhe tseno di tshegediwa ke setlhopha sa baperesiti ba bagolo. Mme mo go ne go ka amana jang le pogiso e e itemogetsweng ke Basupi ba ga Jehofa?

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

“Diphala” tsa Kimbilikiti

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Basupi ba ba tshegeditseng bothokgami mo kgaolong ya Pangi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela