Ba Bogiseditswe go Bua Boammaaruri
BASUPI BA GA JEHOFA ga ba eme ditumelo le ditlwaelo tsa Kimbilikiti nokeng, gonne tseno di thulana le melao-metheo ya Dikwalo. Basupi ba ile ba gololwa ke boammaaruri jo bo fitlhelwang mo Lefokong la Modimo Bibela. (Yohane 8:31, 32) Ka gone, ba gana go letlelela bana ba bone ba basimane go rupisiwa go ya ka mekgwa ya thupiso ya Kimbilikiti. Basupi gape ba gana go neelana ka dijo, madi, kana dithoto tse di batlwang ka dipaka tsa thupiso, mme basadi ba bone ga ba tseye karolo mo dikokoanong tse di patelediwang tsa go tshwarwa ga ditlhapi tse di rulaganyeditsweng boikaelelo jo bo tshwanang.
Ka mo go kgatlhisang, malebana le polao ya Basupi e e tlhalositsweng pelenyana, mosekisimogolo wa puso o ne a re mo kgakololong ya gagwe go lekgotla: ‘Bangwe ba Warenga bao pele ba ileng ba tsaya karolo mo mekgweng ya Kimbilikiti le go itse diphiri tsa teng jaanong ba kopanela le Basupi ba ga Jehofa. Ba senotse diphiri, segolo-bogolo tse di amanang le go sa nneng gone ga moya o o bidiwang Kimbilikiti. Jalo he, ba senotse maaka a dineo tse di batlwang ke moya o o bolelwang, oo, go ya ka Basupi ba ga Jehofa, eleng tsietso e kgolo e e rulagantsweng ke bannabagolo ba ba laolang mediro eo.’
Jaaka fa batho ba morafe wa Rega ba amogela dithuto tsa sebele tsa Bibela, tumelo-botlhodi le poifo ya loso di tseelwa sebaka ke boammaaruri le tsholofelo ya tsogo. (Yohane 5:28, 29) Tlhapatso ya bomme, basadi, le bokgaitsadi e sutela tlotlo go basadi.—Baefesia 5:21–6:4; 1 Timotheo 5:1, 2.
Mo phapaanong e e tlhomologileng, dikereke le baemedi ba tsone ba bantsi ba La-Bodumedi ba dumelela maloko a bone go tsenelela mo tumelong ya morafe tlase ga mo go ka bong go twe ke Bokeresete. Tota, baperesiti ba bantsi le baperesiti ba ba kwa godimo ba Kimbilikiti ba tsewa e le maloko a a ikanyegang le a a tlotlegang a dikereke tse di farologaneng. Abo go sa tshwane le boikutlo jwa ga moaposetoloi Paulo jang ne! O kwadile ka go re: “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ, e le mo go sa lekalekaneñ: gonne tshiamō e na le bolekane bohe le tshiamololō? kgotsa lesedi le na le kabalano ehe le lehihi? . . . Le tempela ea Modimo e na le Tumelano ehe le medimo ea disètwa?”—2 Bakorintha 6:14-16.
Gantsi thata, bao ba nang le dikamano tse di nonofileng le Kimbilikiti gammogo le dikereke tse di tlwaelegileng ba ile ba tsosetsa Basupi ba ga Jehofa mathata. Baganetsi bano ba ile ba tshwana thata fela le babetli ba ditshwantsho ba kwa Efeso wa bogologolo. Ba ne ba bona papadi ya bone e reketlisiwa ke Paulo, yo o supileng gore ‘e e dirwang ka diatla ga se medimo.’ (Ditihō 19:23-28) Molao-motheo o o tshwanang o dira mo boammaaruring jwa gore moya Kimbilikiti ga o teng.
Basupi ba ga Jehofa ba ikutlwa ba patelesega go itsise dinnete tse di tshwanang le tseno. Ee gone, ka go bua boammaaruri, fa gongwe ba ile ba tlelwa ke pogiso. Mme go ka ithutwang mo go itshokeng ga bone ka boikanyego?