Batlola-Molao ba Amogela Kotlhao
FA dipego tsa polao e e setlhogo eo di fitlha kwa Kinshasa, balaodi ba puso ba ile ba tsaya dikgato go tlhomamisa gore tshiamo e tle e dirwe. Balaodi ba tshwanetse go akgolelwa seno.
Diteraka le mophato wa sesole di ile tsa romelwa kwa lefelong leo. Morago, batlolamolao bano ba ne ba setse ba phuthilwe le go isiwa tshekong kwa kgotla-tshekelong ya kgaolo ya Kindu, mo Kivu.
Go atlhola kgetse eo go ne go se motlhofo, gonne baatlhodi ba ile ba itemogela matshosetsi le kgatelelo tse di sa emiseng tsa gore ba sokamise tshiamo. Ba ne ba neelwa dipipa-molomo tse di boitshegang Fa go ne go ntshiwa katlholo ya go bonwa molato, ba ne ba amogela le eleng lekwalo le le sa kwalwang leina le re Kimbilikiti o tla iposolosetsa mo go bone.
Se se kgatlhisang, le eleng ka nako ya tsheko balatofadiwa ba ne ba ganelela mo go reng Kimbilikiti e ne e le moya le gore moya ono o ba tlhotlheleditse go dira. Ka nako ya tsheko, Moatlhodi Tumba o ne a rulaganya ka botlhale gore didirisiwa tsa Kimbilikiti di utlwadiwe mo kutlong ya kgotla-tshekelo. O ne a tlhalosa gore fa Kimbilikiti e ne e le moya, modumo wa didirisiwa o ka se dire batho ba Rega sepe mo kgotla-tshekelo. Phelelo? Fa medumo e e sa tlwaelegang e ne e utlwadiwa go ile ga tsoga segajaja mo kgotla-tshekelo Basadi ba ne ba betsega ka letshogo, ba boifa gore ba ka bona Kimbilikiti mme ba bolawa. Banna ba ne ba tlhoma ditlhogo ka ntlha ya ditlhong mme ba tswa mo Kgotla-tshekelo, ba tlogela balatofadiwa, batshwari ba kgotla-tshekelo, le bangwe ba babogedi bao eseng ba morafe wa Rega fela. Jalo gapegape Kimbilikiti o ne a senotswe jaaka maaka a tumela-botlhodi a a golegileng batho ba Rega mo botshwarweng
Kgotla-tshekelo ya Kindu e ne ya atlholela loso ba le barataro ba bao ba ikarabelang ka tlhamalalo mo dipolaong. Ba bangwe ba bantsi ba ne ba amogela dikatlholo tsa kgolegelo le dituediso. Go feta moo, go ile ga rulaganyediwa batlholagadi bao ba swetsweng madi a phimola-dikeledi. (Dikatlholo di ile tsa ikuelwa go kgotla-tshekelo e kgolwane kwa Bukavu, mo Kivu.)
Tiro ya boikarabelo ya balaodi e gakolola ka mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “Balaodi ga ba na go boihwa ke eo o mo tihoñ e e molemō, ha e se ke eo o mo go e e boshula hèla. . . . [Mmuso] ke modihedi oa Modimo, le mmusholosi mo go eo o dihañ boshula, go mmontsha bogale.” (Baroma 13:1-4) Jalo Basupi ba ga Jehofa ba tswelapele go dira ‘mekokotlelo, le merapelo, le merapelelo, le malebogo, a direlwa batho botlhe; a direlwa dikgosi le botlhe ba ba leng bagolo; gore re ke re tshele mo boiketlong le mo tidimalong ka poifomodimo yotlhe le ka tshisimogo.’ Paulo o okeditse jaana: “Go mo go molemō go bile goa lebosega mo matlhoñ a Modimo Moreboloki; O o ratañ gore batho botlhe ba ke ba bolokwe, mme ba hitlhe mo kicoñ ea boamarure.”—1 Timotheo 2:1-4.
Ka ntlha ya ditiragalo tseno kwa Pangi, re tlhomamisega gore batho ba bantsi ba ba pelo-di-phepa ba Rega ba tla ‘fitlha mo kitsong ya boammaaruri’ mme jalo ba tla gololwa mo bokgobeng jwa maaka a tumelabotlhodi. Basupi ba ga Jehofa ba tla tswelapele go batla bano, le batho ba bangwe ba ba dipelo di ikanyegang go dikologa lefatshe. Re itumetse eleruri, go dira ka tumelo le go arolelana boammaaruri jwa Bogosi le barati botlhe ba tshiamo, le eleng go dikarolo tse di kgakala-kgakala tsa Afrika.