Hara-magedona, Botlhaba Gare, Le Bibela
“LESEDI la konokono la boperofeti jotlhe,” go iphaka jalo mokwadi Hal Lindsey, “ke Puso ya Iseraela.” (The 1980’s: Countdown to Armageddon) Ka gone, maitshwarelelo-magolo a bareri ba konokono kaga ‘sebopego sa Hara-magedona,’ ke tumelo ya bone ya gore Modimo o na le ditirisano tse di kgethegileng le Iseraele. Ba dumela gore, Modimo o tla tsenelela fa baba ba gagwe ba batla go mo nyeletsa.
Lefa go ntse jalo, Bibela, e supa gore tšhaba ya Sejuda e ne ya latlhegelwa ke kamogelo le tshireletso ya Modimo fa ba ne ba gana Morawe, ebong Jesu Keresete. (Ditihō 3:13, 14, 19) Jesu ka boene o ne a ba bolelela ka papamalo gore; “Bogosi yoa Modimo lo tla bo tlosediwa, me bo tla newa morahe o o tla ntshañ mauñō a yōna.”—Mathaio 21:43.
Ba Gannwe Botlhe?
Baruti John F. le John E. Walvoord (ba ba neng ba nopolwa gole pele) lefa go le jalo ba ganetsa ka gore: “Moaposetoloi Paulo eleruri o ne a supa gore ditsholofetso tsa Tesetamente e Kgologolo tsa Iseraela di ne di santse di tla diragadiwa Paulo o kwadile ka go re, ‘Me yana, ke gore Modimo o latlhile batho ba ōna? A go se tualo!’ (Baroma 11:1.)” Lefa go le jalo, ba palelwa ke go tsopola temana eo yotlhe: “Gonne le nna ke Moiseraela, oa losika loa ga Abarahame, oa locō loa Banyamina.” Paulo o ne a raya eng ka seno?
Paulo o ne a ka se dumele gore Baiseraela jaaka Tšhaba ba ne ba santse ba na le lefelo le le kgethegileng le Modimo, ka gobo moaposetoloi one a supa “bohutsana yo bogolo, le botlhoko yo bo sa kokobeleñ mo peduñ ea (gagwe)” ka go sa arabele bomolemong jwa Modimo ga bone. (Baroma 9:2-5) Mo go Baroma 9:6 Paulo o oketsa ka go re: “Me e be e se go re, go chwana yaka ekete lehoko ya Modimo (go Aberahame) le nyeletse. Gonne ga se go re, ba ba cwañ mo go Iseraela [wa tlholego], ke Baiseraela botlhe.” Elatlhoko gore Paulo a re: Ka gobo Bajuda ba ile ba gana Keresete, Modimo ga o sa tlhole o ba tsaya jaaka Iseraela! Phuthego e e tloditsweng ya balatedi ba ga Jesu Keresete jaanong e ne e le ene “Iseraela,” sedirisiwa seo ka sone Modimo o neng o tla segofatsa setho sotlhe.—1 Petere 2:9; Bagalatia 3:29; 6:16; Genesise 22:18.
Lefa go le jalo, Modimo, ga wa ka wa gana batho ba Bajuda jaaka motho-ka-bongwe, ka gobo Paulo o ne a supela ka go re: “Gonne le nna ke Moiseraela.” Ee, batho ka bongwe mo morafeng wa Bajuda, jaaka Paulo, ba ne ba ka nna karolo ya lseraele wa semoya fa e le gore ba ne ba ka amogela Keresete. E ne e le “masalela” fela, palo e potlana, e e neng ya ikgethela go dira jalo.—Baroma 11:1, 5.
Tshokologo ya mo Isagweng?
Lefa go ntse jalo, bangwe, ba akanya gore go tla nna le phetogo e kgolo ya pelo mo karolong ya Baiseraela botlhe ba tlholego. “Sepitla se segolo, seo se tla latelang tsholetsego-maikutlo ya kereke,” go iphaka jalo mokwadi mongwe wa moreri wa konokono, “e tla nna tsela eo ka yone Iseraela e tla sokologelang [Bokereseteng].” Ka mo go kgatlhisang, Paulo a re mo go Baroma 11:25, 26: “Ka ntlha e ñwe, bokgwaralalō yoa pelo bo wetse Iseraela, go ba go tsamaea go tlalèdiwa ga Badichaba go tsèna pele: Me yalo ba Iseraela botlhe ba tla bolokwa.”
A Paulo o ne a bolelela pele ka tshokologo e kgolo ya Bajuda? Seo se ne se ka nna jang, ereka ka boene a ile a supa gore e ne e le masalela fela a Bajuda ao a neng a tla amogela Keresete? (Baroma 11:5) Go boammaaruri, Paulo o ne a bolela gore Bajuda ba ne ba itemogela “bokgwaralalō yoa pelo” jwa semoya go fitlhelela “go tlalèdiwa” ga Baditšhaba go tsena mo phuthegong ya Bokeresete.a Lefa go ntse jalo, moithuti wa Segerika Richard Lenski o supa gore lefoko “go tsamaea” le le fano ga le reye tota go akantsha go tshokologo ya moragonyana (Bapisa tiriso ya “go tsamaea” mo go Ditihō 7:17, 18 le Tshenolō 2:25) Paulo tota o ne a bolela gore bokgwaralalo jwa Bajuda ba tlholego bo ne bo tla sala bo ‘kgwaraletse’ go fitlhelela bokhutlo. Lefa go ntse jalo, Modimo ka botlhale o ne wa fetsa “go tlalèdiwa” ga Iseraele wa semoya (144 000) ka go tlisa Baditšhaba ba ba dumelang mo phuthegong ya Bokeresete. “Me yalo [eseng ka phetogo ya pelo ya Tšhaba ya Sejuda] ba Iseraela botlhe [ba semoya] ba tla bolokwa.”
Go Rua Lefatshe le le Solofeditsweng—“Ka Bosakhutleng”?
Gotweng he, ka lefatshe leo go lone Puso ya Iseraele e tlhomilweng go lone? A Modimo o na le kgatlhego nngwe e e kgethegileng ya mofuta o o rileng mo go lone? Bantsi, jaaka moruti wa Moporosetanta William Hurst, ba akanya jalo. Hurst o ne a re: “Ga go sekidi sepe sa naga mo godimo ga lefatshe seo se ileng sa batlwa ka matlho a mahibidu kgotsa ka metlha se ileng sa nna mo tlhokomelong ya mekgatlho ya merafe go na le naga ya Mojuda.” Fa a tsopola Genesise 13:14, 15, o re gakolola ka mo Modimo o neng wa solofetsa gore o ne o tla neela losika lwa ga Aberahame lefatshe leno ka “bosakhutleng.”—King James Version.
A Jehofa Modimo ka gone o patelesega go sireletsa lefatshe la lseraele mo tlhaselong? Fa go ntse jalo, “Hara-Magedona” ya Botlhaba Gare e ka se tilwe. Lefa go ntse jalo, Modimo o ne wa bolelela Aberahame fela gore kokomana ya gagwe e ne e tla rua lefatshe leno, eseng ka bosakhutleng mme fela ka lobaka lwa nako lo lo “sa itsiweng.”b (Genesise 13:14, 15) Ka go gana ga bone Jesu Keresete, botlhe ba ile ba latlhegelwa ke boiphako jwa lefatshe leno—le tshireletso ya Modimo.
Hara-Magedona—Ko Kae?
Mo go Tshenolō 16:14, 16 Bibela e bontsha gore maaka a a tlhotlhelediwang ke badimona a tla gogela baeta-pele ba lefatshe kwa “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe.” Mme e oketsa ka go re: “Me ea di phuthèla ha heloñ ha go bidiwañ Hara-Magedona, mo puoñ ea Sehebera.” A seno ga se supe gore ke ntwa ya bofelo kwa Botlhaba Gare? Nyaa, ka go bo ga go na lefelo lepe la naga leo le bidiwang “Hara-Magedona” (mo go rayang “Thaba ya Megido”) le le gone tota. Mo metlheng ya Bibela, go ne go na le lefelo la Botlhaba Gare le le neng le bidiwa Megido. Le ne le le mo thoteng e e supiwang mo khabareng ya tokololo eno. Gautshwane le Megido go ne ga nna le dintwa tsa botlhokwa tse di neng tsa lwelwa gone. Mme ga go ise go ke go nne le thaba epe le gone ga go ketla go nna le epe koo. “Hara-Megedona,” kgotsa “Aramagedona,” e tshwanetse ka gone ya bo ele lefelo la tshwantshetso. La tshwantshetso ya eng?
Boperofeti jwa ga Esekiele bo supa gore Hara-Magedona e tsisiwa ke tlhaselo ya masomosomo a merafe-rafe godimo ga “Iseraela.” Batlhasedi ba gogwa ke ‘Gogo wa Magogo’ yoo masomosomo a gagwe a tsubutletsang go tswa “kwa dikhutloñ tsa lehatshe tsa kwa botshèka.” “Gōga” yono ke mang? Moreri wa konokono wa thuto bodumedi Hal Lindsey ka boipelafatso oa bolela (jaaka ba bangwe ba dira): “Go na le morafe o le mongwe fela fela o o kwa sekhutlong sa botsheka’ sa lseraele—ke U.S.S.R.” Ka mo go tshwanang o tlisa kgopolo ya bao ba dirang “mashomoshomo a ga Goga” (a a bidiwang Mesheka, Tubale, Peresia, Ethiopia, Puta, Gomera, le Togarama mo Bibeleng) e tla nna dilekane tsa Soviet, segolo-bogolo merafe ya Arabia.—Esekiele 38:1-9, 15.
Merafe e e tlhatlhamantsweng jaaka dilekane tsa ga Gogo, lefa go le jalo, tota e ne e sa tuma mo go kalo mo ponong ya lefatshe mo motlheng wa ga Esekiele. Tiragatso ya boperofeti ka gone e ne ya diragala mo “dinyageñ tse di kwa pele,” fa baba ba tlholego ba Iseraele wa bogologolo ba sena go feta mo seemong sa lefatshe. (Esekiele 38:8) Ka gone, “lehatshe ya Magōga” la ga Gogo le le fitlhegileng le le kgakala-kgakala ga le ketla le tshwantshetsa Soviet Union e e tumileng ebile e se kgakala-kgakala.
Ka gone he, ke mang yo o mo lefatsheng le le ‘kgakala-kgakala’ le gona a na le letlhoo le le maswe malebana le batho ba Modimo? Mo go Tshenolō 12:7-9, 17, Bibela e araba ka gore: “Me ga nna ntwa mo legodimoñ; Mekaele le baengele ba gagwè ba bololèla kgōgèla ba ea go tlhabana naeō, . . . Me kgōgèla e kgolo, nōga ea bogologolo ea pirigañwa, eōna e e bidiwañ Diabolo le Satane.” Diabolo o ne a itshwara jang fa a ne a piriganyediwa go tswa legodimong mo seemong se se kwa tlase sa semoya? Bibela e re: “me kgōgèla ea nna bogale le mosadi, [phuthego ya selegodimo ya Modimo], ea heta e ea go tlhasela ba ba setseñ ba losika loa gagwè, ba ba nntseñ ba bolokile ditaolō tsa Modimo, ba dumetse chupō ea ga Yesu.”
Ka gone, Satane, ke “Gōga.” Ka masome a dingwaga, Satane le masomo a gagwe a badimona ba ile ba tsweledisa tlhaselo eno kgatlhanong le masalela a Iseraela wa semoya—phuthego ya Bokeresete e e tloditsweng. (Bagalatia 6:16) Bakeresete bano ba aname go ralala lefatshe; ga ba mo lefelong lengwe la konokono leo le ka tlhaselwang ke masole a a rerang Botlhaba Gare. Mme jaaka Esekiele a ne a bolelela pele, tlaseng ga tshireletso ya Modimo “ba agile ka thagamō.” (Esekiele 38:11) Iseraela wa segompieno wa tlholego, yoo o dikaganyeditsweng ke baba ba ba letlhoo mme a boga mathata a sepolotiki le a tsa loago mo teng ga gagwe, eleruri ‘ga aga ka thagamo.’
Lefa go ntse jalo, Bibela, e supa gore seemo sa lefatshe se tla nna le phetogo e kgolo. “Babelona o Mogolo,” mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, o tla tloga o senngwa. (Tshenolō, kgaolo 18) Ka seru seno sa bodumedi jwa maaka, Bakeresete ba boammaaruri ba ba setseng go ka bonala ba ka tlhaselesega, mme Satane, kgotsa “Gōga,” ga a ketla a ganana le tlhaselo ya go ba senya. O tla tlhomamisa gore tlaseng ga tlhotlheletso ya bodimona “dikgosi tsa lehatshe yeotlhe” di phuthelwa mmogo kwa “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo Mothataeotlhe” kwa Hara-Magedona.—Esekiele 38:12-16; Tshenolō 16:14, 16.
Ka gone, “Hara-Magedona,” ga se lefelo lengwe le le botlanyana mo Botlhaba Gare. Go na le moo, ke seemo sa lefatshe. Lefatshe lotlhe le tla kitlanela kganetso ya ga Jehofa Modimo le basupi ba gagwe. (Isaia 43:10-12) Ke tlhaselo e e mahehe ya ga Satane godimo ga Bakeresete ba boammaaruri—eseng ntwa gareng ga merafe kwa kgaolong ya kwa Botlhaba Gare—eo e tla tlisang tlhabano ya Modimo mo go femeleng batho ba Gagwe!—Esekiele 38:18-23; Sekaria 2:8.
Ka gone Bakeresete ba boammaaruri ba dira mo go fetang fela go leba ka go itsemeletsa kwa Batlhaba Gare. Kamego ya bone e kgolo ke go kaela batho go seo Lefoko la Modimo tota le se bolelang kaga ntwa eno e e tlang. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba gapa seemo se sentle sa lefatshe ka go nna pelokgale ka go isa molaetsa ono mo magaeng a batho. Lefa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa gore ke ka baka lang fa Modimo o o lorato o ka tlisa ntwa e e ntseng jalo? A go ka kgonagala go e falola. Ditokololo tsa rona tse pedi tsa Tora ya Tebelo tse di tlang di tla arabela tsone dipotso tse.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Dikereke tsa La-Bodumedi di palelwa ke go tlhaloganya gore palo e e lekanyeditsweng e e senotsweng mo Bibeleng go nna 144 000, e bopa Iseraele wa semoya. (Tshenoló 7:4) Ka ntlha ya gone moo, bangwe ba nna le phetso ya maaka ya gore Paulo o ne a bolela ka tshokologo ya batho ba bantsi ya Bajuda le “lefatshe lotlhe la boheitane.” (The Jerusalem Bible) Setshwantsho sa ga Paulo sa setlhare sa motlhware mo go Baroma, kgaolo 11, lefa go le jalo, ga se utlwale ka gope he fa e le gore ga se bue ka palo e e lekanyeditsweng e e akarediwang.
b Lefa lefoko la Sehebera ‘oh·lam le ranolteswe go nna “bosakhutleng” ke bangwe, go ya ka mogolwane wa Mohebera William Gesenius, le raya “lobaka lo lo hitlhegileng, ke gore le sa bonale lo bile lo le loleele, leo tshimologo kgotsa bokhutlo jwa lone bo sa tlhomamisegeng kgotsa bo sa itseweng.” Nelson’s Expository Dictionary of the Old Testament e oketsa ka gore: ”Ka lereo ‘ad, lefoko le ka raya ‘mo isagweng e e sa itseweng kwa pele.’”—Bapisa Duteronome 23:3; 1 Samuele 1:22.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
A maemo a gompieno mo Botlhaba Gare ke dikai tsa Hara-Magedona?
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
A Jerusalema ke sekopololo sa ditiragalo tse di gogelang kwa go Hara-Magedona?