A Diphitlhelelo tsa Batho Di Ka Thibosa Matlhotlha-pelo?
“Ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.”—YEREMIA 10:23.
1, 2. Dingwe tsa diphitlhelelo tsa setho mo lekgolong leno la dingwaga la bo-20 ke dife?
MO LEKGOLONG la rona la dingwaga la bo-20, setho se fitlheletse dilo tse di gakgamatsang Go nnile le dikgatelo pele tseo di ileng tsa dirwa mo thutong, mo boitseanapeng, le mo mafelong a tsa boitseanape Gompieno bantsi ba bona melemo ya seno mo matshelong a bone a letsatsi le letsatsi. Mo mafatsheng a a farologaneng go na le didirisiwa tsa segompieno jaaka metlakase ya moteng ga matlo, le diphaephe tsa metsi, le didirisiwa tse di thusang. Gape, boitseanape jwa tsa kalafi bo thusa mo go laoleng malwetsi mangwe a a rileng, jaaka sekgwaripana, ao ka nako nngwe e neng e le dibetso.
2 Tlhaeletsano le tsa mosepele, gape, di ile tsa atlega fela thata. Ka megala, dikoloi, diterena, le difofane re tlhaeletsana kgotsa re ya mafelong ka bofefo go na le jaaka Borra-a-rona mogolo ba ne ba ka gopola. Gompieno, ditiragalo tse di diragalang mo karolong e nngwe ya lefatshe di ka fetisediwa ka bofefo go rona ka bomapotiele ba lefaufau.
Dilo tsa Konokono Ga Di A Fitlhelelwa
3, 4. Ke dilo dife tse di botlhokwa-tlhokwa tseo batho ha sa kgonang go di fitlhelela, fela jaaka boperofeti jwa Bibela bo ne jwa bolela ka papamalo?
3 Lefa go le jalo, pōpō ya ka metlha e e gone ya matlhotlha-pelo a nuklea a kadiela mo godimo ga setho, mme go na le dilo tse tota di leng botlhokwa fela thata tseo batho ba sa kgoneng go di fitlhelela. Ka sekai, a kgatelo pele mo thutong e ile ya bona kgatelo pele e e tshwanang mo go ruteng batho go ikanyega thata, go nna boammaaruri, le maitsholo mantle? Mo United States, ditatlhegelo tsa makgetho ka go tsietsa di tla mo dibilioneng tsa didolara di le 100 ngwaga le ngwaga. Mo nageng e nngwe, mo motseng mogolo o le nosi fela, bagolwane ba sepodisi ba le 17 000 go bolelwa ba ne ba lelekiwa ka ntlha ya bofafalele mo dingwageng di le supa. Boikanyologi jo bo ntseng jalo bo gakolola ka boperofeti jwa Bibela mo go 2 Timotheo kgaolo 3 koo e boleletseng pele gore mo “metlheñ ea bohèlō” batho e tla bo e le ‘baithati, barati ba madi, ba ba sa ikanyegeng, ba sa rate molemo gope.’
4 Go tswa foo go na le boitsholo jo bo sa siamang jwa mofuta mongwe wa dikobo. Kgokafalo le boaka di ile ts‘a tlwaelega thata mo eleng gore mo mafelong a mantsi ga se ga ka metlha go bona malapa a maitsholo mantle a sutšwa mo dibaesekopong, dithulaganyo tsa thelebishene, metshameko ya dirala, kgotsa dikwalonyana. Mme boitsholo jo bo sa siamang bo tlatseletsa lebakeng la gore ngwaga le ngwaga, lefatshe ka bophara, basadi ba ba ka nnang dimilione tse 55 ba senya dimpa! Eno ke tshenyo ya palo e e fetang thata ya Argentina, kgotsa Canada, kgotsa Fora, kgotsa Poland, kgotsa mafatshe a mangwe a a 145—ngwaga le ngwaga! Ka jalo fa lefapha le lengwe la boitseanape jwa tsa kalafi le tlerebetsa ka dikgatelo pele tseo di bolokang matshelo a bana bangwe, lefapha le lengwe le bolaya dimilione tsa bao ba iseng ba tsalwe. Ke fela jaaka Bibela e ne ya bolelela pele, mo “metlheñ ea bohèlō” eno batho ba bantsi ba tla bo “ba sena boithibo” mme ba “sena loratō loa tlhōlègō.”—2 Timotheo 3:3.
5. Matswela mangwe a botsogo a a leng gone gompieno a boitsholo jo bo maswe jo bo tletsetletseng ke afe?
5 Boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong bo tlisa leroborobo la malwetse a dikobo a a tshelenwang. A mefuta e mentsi jaanong a ganana le ditagi. Kanamo ya bolwetse jo bo itsiweng jaaka go ruruga ga dikamano tsa bonna le bosadi bo paletse kalafi go tla go fitlha jaana. Mme go na le kgolelo godimo mo dipalong tsa bana bao ba nang le jone, ba tsetswe jalo ba bo tsere mo go bommaabo. Mo e ka nnang halofo ya bana bano ba a swa, mme ba ba setseng, halofo ya bone e golafala mo mmeleng kgotsa mo tlhaloganyong Ga go ise go ke go bonwe kalafi epe go tla jaanong ya AIDS (Acquired Immune Deficiency Syndrome), bolwetse jo bo seru jo bo ileng jwa tseanya dingaka. AIDS e ile ya bonala bobotlana mo dinageng di le 33 “mme jaanong e tlisa pōpō ya botsogo ya kgolokwe” go bolela jalo Associated Press. Bo ile jwa ama segolo-bogolo basodoma, bo re gakolola Baroma 1:27.
6. A boitseanape jwa tsa kalafi bo ile jwa tlosa go gatela pele ga malwetsi go ralala lefatshe?
6 Boitseanape jwa tsa kalafi ga bo ka ke jwa kgona go phimola lekhubu la malwetse a mangwe a mantsi. Mo Afrika fela, dimilione di na le malaria, bolwetse jwa kotselo, lepero, le malwetse a mangwe. Mo mafatsheng a a tlhabologang kankere, bolwetse jwa pelo, jwa sukiri, komelelo sebete, le tobekano ya maikutlo di tlhatlogela godimo. Mangwe a ano a tlisiwa kgotsa a bifesiwa, ke ditlhobaelo kgotsa metswako ya mokgatlho wa segompieno wa tsa madirelo. A mangwe a nna gone ka ntlha ya mekgwa ya go tshela e e botlhaswa.
7. A go lebega gore dikgatelo pele tsa kalafi di ka re boloka re itekanetse mo botsogong ka metlha?
7 Fa e le gore go ne go ka laolwa malwetse a mantsi, a boitseanape jwa kalafi bo ne bo ka re boloka re itekanetse ka nako yotlhe? Nnyaa, go bolela jalo baitseanape ba bantsi. Ba bontsha gore fa go ne go ka lelefadiwa lobaka lwa botshelo ka dingwaga di se kaenyana, makoa a mangwe e ka nna dibolai tse dikgolo. Moitseanape yo mongwe o ne a feleletsa ka gore: “Go na le phatlha e nnye ya gore re ka oketsa tebelelo ya botshelo kgotsa go tlosolosa go tsofala mo isagweng e e fa gaufi.” Ka boammaaruri, Bibela e sale e boletse bogologolo mo go Pesalema 90:10 ka go re: “Malatsi a dinyaga tsa rona ke dinyaga di mashomè a shupa, goñwe e ka nna dinyaga di mashomè a a hèrañ mebedi ka ntlha ea thata; leha gontse yalo, boipelahaco yoa aōna ke tapishō le bohutsana hèla, gonne bo ile ka boheho, me re hohèle koñ.”
Bothata jwa Lehuma Ga Bo A Rarabololwa
8. Bibela e ne ya bolelela pele ka papamalo jang gore boitseanape ga bo ketla bo rarabolola bothata jwa lehuma?
8 Go boammaaruri, boitseanape bo ile jwa atlenegisetsa fela thata batho bangwe botshelo. Mme bantsi ga ba na madi a a lekanetseng go ka reka dilo tsa boitseanape. Kgatiso ya World Military and Social Expenditures 1983 e ne ya bega ka go re: “Batho ba ba 2 000 000 000 ba tshela ka madi a a kwa tlase ga [R800,00] ka ngwaga.” E ne ya tswelela ka go re: “Bobotlana motho a le mongwe mo go bale batlhano o kabeletswe ke lehuma la matlhabisa ditlhong, khumanego ya nta ya tlhogo ruri mo eleng moka polao e e didimetseng ya batho.” Go tswa foo e ne ya tlhalosa ka gore ngwaga le ngwaga “masea a a 11 000 000 a swa pele ga letsatsi la bone la ntlha la botsalo” ka ntlha ya tlhaelo-dikotla kgotsa bolwetse.—Tshenolō 6:5-8.
9. Ke seemo sefe se se swabisang seo se leng mo mafatsheng a mantsi?
9 Mo dinageng dingwe, go tlhalosa jalo The Detroit News, “Basadi ba bantsi ba iphitlhela ba na le bana ba bantsi mme go sena sepe seo ba ka ba tlhokomelang ka sone. . . . Ka bofefo fela, bomme ba ba ntseng jalo ba iphitlhela fela ba phuagantse ngwana yo o sa batlegeng . . . mo mmileng.” Go na le dimilione tsa bana ba ba ntseng jalo. Mo, mafelong a mangwe, batsadi ba a tlogelwa. Radikgang wa Mo-Asia o kwala ka go re: “Dikete tsa batsofe di a lelekiwa mo magaeng a tsone ka ntlha ya gore malapa a tsone ga a kgone go ba fepa jaanong. Ga go na makgotlana a tsa boipelego go baakanyetsa ka thuso. Gantsi bana ba batsofe bano ba ba tsaya ba bo ba ba tlogela mo mafelong mangwe kgotsa ba ba latlhaganya mo mafelong a maemelo diterena.” Mokwadi o oketsa ka go re: “A phetogo e e tsitsibanyang ya ngwao eo e neng e na le tlotlo e e kana-kana ya batsofe.” Ka jalo motlha wa rona o bona boammaaruri jwa ga Diane 30:11, e e reng: “Go na le losika loa batho ba ba rogañ barrabō, me ba sa segōhatsè bommabō.”
10. Seemo sa tsa madi sa lefatshe se babalesegile go le kae, se se re gakolola boperofeti bofe jwa ga Jesu?
10 Mebuso ya batho ga e ka ke ya kgona go rarabolola mathata a lehuma la kgolokwe. Mafatshe a a sa tlhabologang a na le mokgweleo o o tsitsibanyang wa dikoloto tse di kgobelanang mo ba sa kgoneng go duela. Le eleng mafatshe a a tlhabologileng a na le dikoloto tse di boifisang. Se se supang seno, dibanka di le masomenyana di paletswe mo United States ngwagatlola. Fa e nngwe ya tsone e kgolo e ne e bopelwa, ke thuso ya puso fela e e neng ya thusa ka dibilione tsa didolara go thibela seru. Poifo e ne e le gore fa e le gore banka e kgolo e e ntseng jalo e ne e ka palelwa, “seru se ne se ka anamela mo dibankeng tse dingwe ka go tshwana se bopela tsamaiso yotlhe ya madi,” go boletse jalo The New York Times. Ka gone, go ntse go nnela bokete go ya pele go thibosa matlhotlha-pelo. Tota, mo ngwageng nngwe le nngwe e e fetang temogo ya Guardian ya Ennyelane e nna le bokao jo bo nonofileng: “Lefatshe le mo losing lwa matlhotlha-pelo a setho le seru sa sepolotiki . . . Dinaga tsotlhe di ile tsa bona ditsholofelo tsa tsone tsa isagwe di nyelela.”—Luke 21:25, 26.
Matswela a Boitseanape mo Ntweng
11. Ke bothata bofe jo bongwe jo mebuso e ka se bo rarabololeng jo bo ragarageditsweng ke boitseanape?
11 Boitseanape bo ile jwa ragaragetsa fela thata sengwe seo mebuso e neng e ka se kgone go se emisa: ntwa. E ne e le boitseanape jo bo neng jwa dira Ntwa ya Lefatshe I go nna kgatlampolo ka tiriso e kgolo ya mere-kgotla-o-itirise, bo submarine, difofane tsa ntwa, dikoloi tsa ntwa le dithimotsa-molelo. Mokwadi wa Borithane Richard Rees o ne a re: “Ntwa ya 1914-18 e ne ya tlisa mabaka a mabedi mo pontsheng: sa ntlha, tlhabologo ya tsa boitseanape e ne ya fitlha ntlheng eo e ka tswelelang eseng fela ka seru mo lefatsheng le le kutlwano mme, sa bobedi, gore makgotla a a gone a sepolotiki le a loago mo lefatsheng a ne a dira kitlano ya yone go nna ditsiabadimo.” Ntwa ya Lefatshe II e ne ya rurifatsa ntlha eno, jaaka dibetsa tse disha di ne tsa bolaya batho ba ba ka nnang dimilione tse 55.
12. Ke dipōpō dife tseo di thulaneng le lelapa la setho gompieno?
12 Gompieno dibetsa tsa ntwa di kotsi go fetisa selekanyo, mme mebuso e kgakala mo go kitlaneng. Malebana le dibetsa tsa nuklea, mokwadi Herman Wouk o ne a re: “Botsipa, tiro, le lehumo leo le tshelelwang mo go yone . . . botsenwa eleruri bo tshereanya tlhaloganyo. Fa merafe e ne e ka se ithute tlhabano gope, go ne go ka se nne le sepe seo setho se neng se ka se se dire.” Molepa-dinaledi Carl Sagan o ne a re ka ntwa ya nuklea: “Ga go na pelaelo epe ya gore tlhabologo ya rona ya kgolokwe e ka se senngwe.” Mme lefa pōpō eno ya matlhotlha-pelo a lefatshe ka bophara e lepelela godimo ga lelapa la setho, ditlhabano tse dingwe tse dintsi di gapa matshelo a mantsi. Ba Lephata la Boikitsiso jwa Dibetsa mo United States ba ne ba bega gore ka 1984 go ne ga nna le dintwa tse di farologaneng di le 42 le ditsogologo tse di neng di tsweletse ka nako e e tshwanang! Mebuso ga e kake ya kgona go emisa le eleng lekhubu la bokebekwa le borukhutlhi mo mafatsheng a one, re sa umake sepe ka go tlisa kagiso ya kgolokwe.
13. A bothubaki jwa kgolokwe mo motlheng wa rona bo dumalana le boperofeti jwa Bibela?
13 Seno sotlhe se dumalana le boperofeti jwa ga Tshenolō 6:4 malebana le go pagangwa ga nngwe ya ‘dipitse tse nne tsa Tshenolō’ fa e sale 1914: “Me ga cwa pitse e ñwe e le pitse e khonou: me eo o e pagameñ a nèwa gore a tlosè kagishō mo lehatshiñ, le gore batho ba bolaanè: me a newa chaka e tona.”
Lebaka La Go Bo Maiteko a Setho a Palelwa
14, 15. Lebaka le legolo la gobo batho ba sa kgone go fitlhelela maikaelelo a bone jaanong ke lefe?
14 Ke ka baka lang fa go na le lebaka la go boifa gore diphitlhelelo tsa setho ga di ketla di thibosa matlhotlha-pelo. Eleruri, ke ka baka lang fa batho ba sa kgone go fitlhelela maikaelelo a bone? Bibela e bontsha lebaka lengwe le legolo ka go re: “Ke gōna, yaka boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetela mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.” (Baroma 5:12) Batsadi ba rona ba ntlha, Adame le Efa, ba ne bo bopiwa ba itekanetse mo mmeleng le mo tlhaloganyong Mme boitekanelo joo bo ne bo ikaegile ka go nna ga bone moteng ga melelwane ya melao e e mosola ya Modimo. Moteng ga melao eo ba ne ba filwe kgololesego e ntsi ya go ikgethela. Mme Genesise kgaolo 8 e bontsha gore batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba itshegela mogodu thata ka kgetho eo ya kgololesego. Ba ne ba eletsa go itaola mo Modimong le melaong ya gagwe, ba batla gore ba ikakanyetse ka bobone seo se neng se siame kgotsa se sa siama, thata eo e neng e le ya Modimo fela. Morago ga fa ba sena go dira kgetho eo, ba ne ba ikemela ka nosi. Bibela e bolela gore: “Yehofa o na le lona, ha lo sa nntse lo na le èna; . . . me ha lo mo latlha, le èna o tla lo latlha.” (2 Ditihalō 15:2) Ba ne ba kgaogane le Modimo, Adame le Efa ba ne ba simolola go tlhorega. Bolwetse, bohutsana, mme ya re kgabagare loso tsa fekeetsa.—Genesise 2:16, 17.
15 Morago ga fa batsadi ba rona ba ntlha ba sena go tlhoka boitekanelo, molao wa segotso o ne wa tlhomamisa gore ditlogolwana tsotlhe tsa bone di ne tsa rua boswa jwa go se itekanele. Mopesalema o go bolela ka go re: “Bōna, ke ne ka bopègèla mo boikepoñ; me mmè o ne a inthwalèla mo boleuñ.” (Pesalema 51:5) Ga go tsela epe eo ka yone boitseanape jwa tsa kalafi bo ka fenyang matswela a go ja bosaitekanelang boswa. Go batla phatlha ya go ya go tloseng bolwetse le loso ke go batla fela sengwe seo batho ba ka se se se fitlheleleng—le ka motlha.
16. Bosaitekanelang bo ile jwa ama boemo jwa tlhaloganyo jwa setho jang?
16 Go ja bosaitekanelang boswa go ne ga ama boemo jwa rona jwa tlhaloganyo. Rotlhe re tsetswe ka tshekamelo ya go dira selo se se phoso. Jaanong, seno ga se reye gore batho ga ba ka ke ba kgona go laola ditiro tsa bone. Ba ka kgona fa e le gore ba tsaya ditsela tse di siameng. Diane 3:6 e bontsha seno, ka go re: “Mo ditseleñ cotlhe tsa gago u ipolèlè èna, me o tla siamisa ditselana tsa gago.” Lefa go ntse jalo, fa batho ba tlhokomologa thapiso e e leng yone, ka jalo ba ka tsena mo mathateng a magolo. Mme fa batho le merafe ba ntse ba katogela kgakala le melao ya Modimo, ba dira dilo tse di bodileng tota, ba otla tshekamelo eo e ba tsetsweng ka yone go nna bogagapa. Malebana le seno radikgang wa New York Times o ne a akgela ka go re: “Fa o re o latlhela leitlho fela mo ditlhogong tsa gompieno ga go ka tsela epe e ka yone o ka se ipotseng gore na re lefatshe le ya kae. . . . A ke o bone fela gore go diragalang fa batho, makgotla le merafe ba baya dikgatlhego tsa bogagapa kwa pele ga sengwe le sengwe. . . . Boammaaruri jo bo mpepenene mo mafatsheng otlhe ke gore tiro ya bogagapa ga e duele ope.”
Tlhotlheletso ya Bosatane
17, 18. Ke lebaka lefe le lengwe le legolo leo le re thusang go tlhalosa gore ke eng fa batho ba sa kgone go fitlhelela maikaelelo a bone?
17 Le lengwe la mabaka a magolo le le thusang gore ke eng fa batho ba ka se kgone maikaelelo a bone le go thibosa matlhotlhapelo ke tlhotlheletso e e tlhalosiwang go 2 Bakorintha 4:4, eo e buang ka “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” Ba ba sa tlwaelanang le Bibela ba ka nna ba akanya gore modimo o go lebisiwang go one fano ke Modimo Mothatayotlhe. Mme temana eo e e tshwanang e oketsa ka gore modimo ono o ‘foufaditse megopolo ya ba ba sa dumeleng.’ Eleruri, Mmopi yo o lorato o ne a ka se dire jalo. One modimo oo go lebisitsweng go one e ntse ke one o o umakiwang mo go 1 Yohane 5:19, eo e reng: “Lehatshe yotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.”
18 One modimo ono o o laolang lefatshe la gompieno o tshwaiwa mo go Tshenolō 12:9 jaaka “yo o bidiwañ Satane le Diabolo, motsietsi oa lehatshe yeotlhe.” Leina Satane le raya “Moganetsi,” kgotsa “Mmaba.” Leina Diabolo le raya “Mopateletsi,” kgotsa “Mosebi.” Mareo ano ke a a tshwanelang ka go bo botsuolodi jwa ga Adame le Efa bo ne jwa tlhotlhelediwa ke motsuolodi yono mo sebakeng sa moya. E ne e le ene yo o neng a bolelela Efa, tota ka go re: ‘Ga o tlhoke melao ya Modimo. O ka ikakanyetsa ka bowena ka seo se siameng le se se sa siamang.’ Lefa go ntse jalo, ka go katogela kgakala le Modimo, Satane o ne a phepeana tlhaloganyo tota. Seno se ka bonwa ka ditiro tsa gagwe, ka go bo a ke o lebe fela lefatshe leo le leng tlase ga taolo ya gagwe! Ditiragalo tse dimpe, tse di bosula tsa setho di rurifatsa gore le na le tlhotlheletso e e maswe, e e bosula e e le kgwekgweetsang.
Tsholofelo Ke Eng?
19. Bangwe ba baela-dilo-tlhoko ba ne ba akantsha eng tseo eleng tsone dipheko tsa matlhoko a lefatshe leno?
19 Baela-dilo-tlhoko bangwe ba lefatshe leno le le tobekaneng ba ile ba dira dikakgelo tse di kgatlhisang ka pheko ya matlhoko a setho. The Gazette ya Montreal e ne ya re: “ditlhopha tsa bopolotiki tse di ka nnang 150 di gogela ditseleng tse di farologaneng, di kgwekgweeletsa naletsana lefatshe kwa madubedubeng. Lefa go le jalo bontsi jwa mathata a magolo a lefatshe a aname le kgolokwe ka go bo boitseanape jwa tsa mesepele le jwa tsa tlhaeletsanyo bo gaupanyeditse lefatshe go nna motsana kgotsa motse wa kgolokwe.” E ne ya re go tswa foo ya akantsha ka go re: “Sebopego sengwe sa puso ya lefatshe se tla tlhokega.” Moithuta matshelo a batho Erich Fromm o ne a bolela gore matlhoko a lefatshe leno a ka tlosiwa “fela fa tsamaiso yotlhe ya (matshelo le ya sepolotiki) jaaka e sale e nna gone mo dingwageng tse 6 000 tse di fetileng tsa ditso e ka emisediwa ka e e farologaneng gotlhelele ya konokono.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.
20. (a) Ke ka baka lang fa mekgele e e elediwang le ka motlha e ka se tle ka maiteko a batho? (b) Re tshwanetse ra lebisa ikanyo ya rona go mang malebana le isagwe?
20 Baela-dilo-tlhoko ba ba ntseng jalo ga ba go lemoge, mme tsamaiso yotlhe ya tsa matshelo le sepolotiki e tla tla go “emisediwa ka e e farologaneng ya konokono”. Go tla tloga go nna le puso ya lefatshe lotlhe go setho sotlhe! Mme ga e ka ke ya tla ka maiteko a batho. Batho ba le bosi ga ba kgone go thibela matlhotlha-pelo. Eleruri ga ba ka ke ba kgona go thibosa tsamaiso ya gompieno ya dilo ka e e botoka, jaaka ditiragalo di supile. Ga ba ka ke ba tlosa bosaitekanelang jo bo jelweng boswa, bolwetse, le loso. Mme ga ba ka ke ba kgona go tlosa Satane le badimona. Go na le moo, tsela ya bogologolo ya ditiragalo tsa motho e ne ya supa mafoko a a tlhotlheleditsweng go nna boammaaruri: “Ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.” (Yeremia 10:23) Ka gone Lefoko la Modimo le tlhagisa ka go re: “Lo se ka loa ikanya dikgosana, leha e le ñwana wa motho, eo go senañ thushō epè mo go èna.” (Pesalema 146:3) Re tshwanetse he, ra lebisa tsholofelo ya rona mo go mang? Diane 3:5 e loma-tsebe ka go re: “U ikanyè Yehofa ka pelo eotlhe ea gago, me u se ka na ikaèga tlhaloganyō ea gago hèla.” Ke ka baka lang re tshwanetse ra nna le tsholofelo e e ntseng jalo go Jehofa? Ka go bo o ka dira seo motho o ka se se direng, jaaka setlhogo se se latelang se tla supa.
[Dipotso tsa Poeletso
◻ Ke dilo dife tse di botlhokwa tseo batho ba sa kgonang go di fitlhelela?
◻ Boitseanape bo ile jwa befisa matswela a ntwa jang?
◻ Ke ka baka lang fa maiteko a batho gantsi a palelwa?
◻ Malebana le rekoto ya motho, tsela e e botlhale ke efe?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Boitseanape jwa kalafi ga bo a khumola lekhubu la bolwetsi le loso
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Mebuso ya batho ga e ka ke ya tlosa lehuma la kgolokwe