Botlhaba Gare—A Ke Lefelo la Hara-Magedona?
“HARA-MAGEDONA”—leina leno le le mo Bibeleng le kaya eng? Le supiwa nako nngwe le nngwe mo khabareng e e bonalang sentle, go tla nna le tlhomagano ya ditlhogo tse di rutang tseo di tla supiwang mo ditokololong di le nne tsa Tora ya Tebelo ya January le February 1985. Go solofelwa gore dipuisano tseno di tla go gomotsa ka kitso ya gore HARA-MAGEDONA tota tota ke eng.
“JAAKA lefatshe le tabogela oureng ya lone ya bofelo ya tshukatshukano, motse o o botlhokwa go o lebelela ga se New York, Moscow, Paris, Peking, kgotsa Cairo. Mo tse o o tshwanetsweng go lebelelwa ke wa Jerusalema!” Go ne ga bolela jalo baruti John F. le John E. Walvoord mo bukeng ya bone ya Armageddon, Oil and the Middle East Crisis.
Bontsi eleruri bo lebisa leitlho la bone le le bogale kwa Jerusalema le kgaolo eo e e tobekaneng eo eleng go yone. Go bolela jaana Times ya Lontone, “Botlhaba Gare bo ntse bo tshosa go ya pele.” Bangwe ba boifa gore thulano ya mo isagweng ya U.S. le Soviet e ka se ganediwe ke ope gore e tla nna koo. Ka January 1984, dikamano magareng ga mebuso e megolo eo e gaisanang di ne tsa senyegela pele fela thata moo Bulletin of the Atomic Scientists e neng ya sutisa “nako ya letsatsi la katlholo” ya yone e e tumileng (sesupo sa gore lefatshe le gaufi go le kana kang le phediso ya nuklea) metsotso e meraro pele ga bosigogare. Bulletin e ne ya bolela ka go re: “Ka gone re eme kwa lotshitshing lwa masetlapelo, mo losing lwa nako ya thulano, nako eo fa go gagautlhana mo go botlhoko mo go tlwaelegileng ga masole go bopelang go supa sebopego sefe fela sa tsela magareng ga mebuso e megolo. Eno ke tebelelo e e rerisang.”
Palo e e golang ya bareri ba konokono, baruti, le baefangele ba TV, lefa go le jalo, ba etleetsa ditiragalo tseno. Dikhuduego tse di golelang pele tsa Botlhaba Gare di ile tsa direla fela go neela pono e eketeng ya utlwala ya ditebelelo tsa bone tse di akabatsang tsa gore Hara-Magedona e tla tloga e nna gone mo lefelong leo! Mme ka go utlwatsa mokgosi mo dibukeng, mo dipolelong, le mo dithulaganyong tsa thelebishene, ba ile ba itshadisa palo e kgolo morago.
Baakgedi bano ba gogagogana kaga tlhomagano e e leng yone tota ya ditiragalo. Mme ‘sebopego sa Hara-Magedona’ e e bolelwang eo se tlhalosiwa ka tsela e: Tshimologo ya ‘khutshwafalo ya nako ya letsatsi la katlholo,’ ba a bolela, e ne e le tlhomo ya Puso ya Iseraele. Ka gone he ba ikutlwa gore seno se gotweng ke go tseelwa godimo se ka se tilwe. Go ya ka bone, ka bofefo Bakeresete ba boammaaruri ba tla tloga ka tshoganyetso ba nyelela mo lefatsheng—ba phamolelwa kwa legodimong Mo dingwageng tse supa tse di latelang tsa “pitlaganō,” baefangele ba bantsi ba bolela le eleng gore tšhaba ya lseraele e tla fetolelwa mo Bokereseteng. Bontsi jwa lotso lwa setho, lefa go le jalo, go akanngwa gore le tla tla kafa tlase ga taolo ya mokgokgontshi yo o maroka (“moganetsa Keresete”) yo o tla gogelang kwa kgolaganong ya merafe e e some. Le eleng Iseraele, ba dumela gore o tla itsalanya le ene. Mme morero wa merafe ya Arabia le e mengwe, e eteletswe pele ke Russia, e tla dira tlhaselo e e akabatsang ba Iseraele. Modimo ka dikgakgamatso o tla emisa tlhaselo eno, go bolela jalo bareri bano ba konokono. Lefa go le jalo, se se tla latelang ka bofefo, e tla nna tlhaselo e nngwe go tswa go “Moganetsa Keresete,” e gogela kwa ntweng e e feletseng kwa Botlhaba Gare—Hara-Magedona.
Ka gongwe seno se utlwala e le sengwe se se kgatlhang go bangwe. Gone kana, Bibela e bolelela pele ka go phuthiwa ga merafe go ya kwa “Hara-Magedona.” (Tshenolō 16:14-16, King James Version) A mme Bibela tota e supa gore tiragalo eno e tla diragala kwa Botlhaba Gare? Mme lefelo le la tlhabano e le na le botlhokwa bofe?
[Setshwantsho mo go tsebe 3]