LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 3/15 ts. 5-8
  • Aramagedona—Keta-pele ya Paradaise!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Aramagedona—Keta-pele ya Paradaise!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsela E E Yang Go Aramagedona
  • “Mo Heloñ Ha Go Bidiwañ Hara-Magedona”
  • Moragonyana​—Paradaise ya Kagiso!
  • Lefelo la Pabalelo?
  • Hara–Magedona—E Tla Tla Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Haramagedona—Tshimologo ya Sengwe se se Itumedisang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Ntwa ya Haramagedona ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • A Aramagedona e Tla Simologa Kwa Iseraele?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
    Ditlhogo Tse Dingwe
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 3/15 ts. 5-8

Aramagedona​—Keta-pele ya Paradaise!

ISERAELE. Leina leo le umakiwa gantsi mo ditikologong tsa bodumedi fa go buisanngwa ka ntwa e kgolo ya Modimo. Ga go gakgamatse he, go bo matlho a ba le bantsi a tsepilwe kwa Botlhaba Gare! Lefa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo, Mohebera ka go tsalwa, o ne a kwala ka gore: “Gonne ga se go re, ba ba cwañ mo go Iseraela, ke Baiseraela botlhe”. . . . Ke go re, ba e leñ bana ba nama [Bajuda ba tlholego], ga se go re, ke bōnè bana ba Modimo.” Morafe wa Sejuda o ne wa latlhegelwa ke tshiamelo ya go nna “Iseraela” wa Modimo ka go gana Jesu Keresete jaaka Mesia. (Baroma 9:6-8; Mathaio 21:43) Mme kana gone, moperofeti wa Mohebera Moshe o ne a tlhagisa ka gore matswela a a botlhoko a ne a tla nna gone fa Baiseraela ba tlholego ba ne ba ka latela tsela ya go sa utlwe Jehofa Modimo.​—Duteronome 28:58-68.

Ke mang he, yo o bopang “Iseraela” yo Paulo a neng a lebisa go ene? Ene ka boene o ne a tlhalosa: “Moyuda tōta ke eo o leñ èna mo teñ; le go rupa ke ga pelo, mo go emeñ mo moeeñ.” (Baroma 2:28, 29) Dipolelelo pele tsa Aramagedona di dira segolo bogolo, eseng mo kgaolong nngwe mo Botlhaba Gare, mme mo seemong sa lefatshe lotlhe.

Tsela E E Yang Go Aramagedona

Dintwa tsa lefatshe, dithoromo tsa lefatshe, ditlhaelo tsa dijo, koketsego ya boikepo​—Jesu o ne a supa gore dilo tse di ntseng jalo di ne di tla bopa “seshupō” sa go “tla” ga gagwe mo go sa bonaleng le ga “bokhutlō yoa lehatshe.” Jaaka go ile ga supelwa go ya ka Dikwalo mo makasineng ono, re ntse re tshela mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno fa e sale ngwaga o o tshwaegang wa 1914. Tshupo e nngwe gape ya seno ke tiragatso ya segompieno ya mafoko a ga Jesu: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:3-14) Maloko a “Iseraela oa Modimo” wa mmatota a ile a etelela pele mo tirong eno ya go rera mo mafatsheng a le 205. Ka gone, “bokhutlō” bo tshwanetse jwa bo bo le gaufi thata.

Lefa go le jalo, “bokhutlō” bo tla jang? Setshwantsho se se feletseng se ka rokaganngwa mmogo ka ditlhale tsa boperofeti jo bo gasameng le Bibela.

Go tshwantsha: Jaaka Daniele a ne a bolelela pele, “kgosi ea botsheka” ya sekomanisi le motlhabantshi wa yone wa “kgosi ea borwa” e e seng ya sekomanisi ga jaanong ke tseo di betabetanelang bolaodi jwa lefatshe. Go latela eng? Daniele o ne a bonela pele gore “kgosi ea botsheka” ya sekomanisi e ne e tla re ka dikgoka a batle go ikgapela lohumo lo lo bonalang lo lo botlhokwa thata, loo lo tshwantshediwang ke “gouda,” “selefera” le “[dilo] cotlhe tse di tlhokègañ.”​—Daniele 11:40-43.a

Lefa go ntse jalo, baetapele ba lefatshe ka tsela nngwe ba tla fitlhelela tumalano. Ba tla goeletsa, “Kagishō le thagamō!” (1 Bathesalonia 5:1-3) Lefa go ntse jalo, go fafamoga mo go ntseng jalo, go tla phatlakanngwa ka pele. Baetapele ba bopolotiki ka ba tla bo ba lapisitswe ke go itshunya nko ga bodumedi jwa lefatshe, ba tla kitlanela go bo senya​—ka bofefo, gotlhe-gotlhe fela. Mme legale ke Jehofa Modimo ka boene yo o tla tlhomamisegang gore karolo eno segolo bogolo e e mokgobo ya phuthego ya ga Satane ya bodumedi jwa maaka, e nyelediwe.​—Tshenolō 17:1-18.

Lefa go ntse jalo, “Iseraela” wa mmatota, o tla falola, lefa a se ketla a tsholediwa go tlosiwa mo sebakeng sa lefatshe ka metlholo, jaaka bareri bangwe ba segompieno ba bolela. Moperofeti Esekiele o supa seo se tla diragalang, pele a tsopola Satane (yo fano o bidiwang Gogo) fa a ne a re: “Ke tla ea kwa go ba ba iketlileñ [batho ba ga Jehofa], ba agile ka thagamō.” Ereka a tlhotlhelediwa ke go tshwakgolwa ke letlhoo la “mosadi” wa Modimo, Satane o tla tlhasela Bakeresete ba boammaaruri. (Esekiele 38:2, 11, 12) Kgang-kgolo, e e boleletsweng pele makgolo a dingwaga a a fetileng, he jaanong e tla fltlha setlhoeng sa yone.

Mo karabelong ya gagwe go tlhaselo ya ga Gogo, Jehofa o tla tsaya kgato go femela batho ba Gagwe. Ba tla bolokwa, boitshepisong jwa leina je le boitshepo ja Modimo. Mme seo se tla diragala ka gobo Jehofa ka boene o ne a tlisa Aramagedona.​—Esekiele 38:18-23.

“Mo Heloñ Ha Go Bidiwañ Hara-Magedona”

Mo bukeng ya Bibela ya ga Tshenolō go ne ga bolelelwa pele gore “meōea ea badimo” e e “cwèlañ kwa dikgosiñ tsa lehatshe yeotlhe, e ea go di phuthèla kwa ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe.” Di goteditswe ke maaka a a tlhotlheleditsweng ke Satane, “dikgosi” di tla phuthelwa mmogo “mo heloñ ha go bidiwañ Hara-Magedona [“Thaba ya Megido”].”​—Tshenolō 16:13-16.

Ga go na thaba epe e e gone ya leina leo tota. Go boammaaruri, mo metlheng ya Bibela dintwa tse dintsi di ne di tlhabanelwa gaufi le motse o o neng o bidiwa Megido. Mme go ne go sena thaba koo ebile ga e teng​—ke thota fela. Lefa le eleng gone tota gore masole otlhe a lefatshe a ka hutaganngwa mo Thoteng ya Esederaelone, kwa mokgokoloseng wa Megido, jaaka bangwe ba gopola. Lefa lefoko “Hara-Magedona” go bonala le tserwe mo go Megido, bokao jwa lone bo ikgarile mo tlhalosong ya lefoko, ke gore, “thaba ya bophuthegelo jwa masole.” Se sotlhe se supa gore Aramagedona ga se lefelo, mme go na le moo, ke boemo: go phuthelwa kana go kokoanngwa ga lefatshe kgatlhanong le Jehofa Modimo le batho ba gagwe.

Ka lobaka loo, Jehofa ka boene o tla tsena mo ntweng. E tla re ‘e sa tshedile,’ kana e sa ntse e dira, mekgatlho ya bopolotiki e tla senngwa. (Tshenolō 19:20) Go tla nna tshwarang-tshwarang jaaka taolo ya bobusi e nyelela! Banni ba lefatshe ka nako eo ba tla itemogela therego e e senang bolekane jaaka Jehofa a kgatimokanya ka dibetsa tsa gagwe tse di sa tlwaelegang tse di fetang motho ka nonofo. (Esekiele 38:18-23; Sekaria 14:12, 13) “Me babolaiwa ba ga Yehofa ba tla hitlhèlwa mo motlheñ ouō mo sekhutloñ. se señwe sa lehatshe go ea sekhutloñ se señwe sa lehatshe.”​—Yeremia 25:33.

Jesu Keresete, “losika” lo logolo Iwa “mosadi” wa Modimo, kana phuthego ya selegodimo, o tla etelela masole a baengele ba ba tshiamo mo phenyong. Satane o tla fenngwa a bo a latlhelwa mo “moletiñ” wa thibelo ka dingwaga tse di sekete. (Tshenolō 20:1-3) Mme batho ba ga Jehofa ba tla bo ba itemogetse tshireletsego ya bomodimo le go bolokwa mo ntweng e kgolo ya Modimo.​—Mathaio 24:21, 22, 37-39.

Moragonyana​—Paradaise ya Kagiso!

Matswela a morago fela a Aramagedona kwantle le pelaelo e tla bo e le polanete e e kgautlhanyeng. Tiro ya go tsosolosetsa lefatshe go nna Paradaise go tla lebega e le namane e tona ya selo. Mme seno se tla fitlhelelwa tlaseng ga kaelo ya puso ya selegodimo ya Modimo. Kgabagare lefatshe lotlhe le tla tshwana ka bontle le legae la ntlha la motho, tshimo ya Edena, mme batho ba ba siameng ba tla “inatehisa mo letlotloñ ya kagishō” eo e tla bong e rena mo kgolokweng ya rona.​—Pesalema 37:11.

Kwa bofelong, lefatshe le tla nna Paradaise ka setho se ipelela masego a mantsi a semoya le a a bonalang. Aitse, ‘boago jwa Modimo bo tla bo bo le mo bathong’! Mme jaaka batho ba tla bo ba latela kaelo ya puso ya selegodimo, Modimo o tla “phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko.” (Tshenolō 21:1-4) Seemo sa boitekanelo jo bo galalelang se tla tseela bolwetse, bohutsana le eleng loso sebaka.

Lefelo la Pabalelo?

Go falola Aramagedona le go tsena mo Paradaiseng eo ya kagiso, e tshwanetse ka gone he, e nne kamego ya gago e kgolo go tsotlhe. Legale, pabalesego e ka bonwa, eseng gareng ga makoko a mantsi a bodumedi jwa lefatshe, go akareletsa le ao a La-Bodumedi. Ga a dumalane le mafoko a ga Jesu a gore balatedi ba gagwe “ga se ba lehatshe.” (Yohane 17:16) Le eleng gone go rera “Mahoko a a Molemo a, a bogosi’ go a pala. (Mathaio 24:14) Tseo go tweng ke ditumelo tsa Bokeresete di kgaogantswe ka makgolo-kgolo a makoko ebile ga di bontshe lorato loo Jesu a neng a re lo tla tshwaya balatedi ba gagwe ba boammaaruri.​—Yohane 13:35.

Lefelo la pabalesego le kae he? Le ka bonwa go “Iseraela oa Modimo” wa boammaruri. (Bagalatia 6:16) Bakeresete bano ba ba tloditsweng ga ba gasama le makoko a mantsi a La-Bodumedi mme ke karolo ya phuthego e le nngwe e e kutlwano. Bao ba kopanelang le balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu ke bao ba solofelang go falola ‘pitlagano e kgolo’ ba ba fetang kgakala 2 000 000. (Tshenolō 7:9, 14) Bagalaletsi bano ba ba rulagantsweng ba Modimo ‘ba bitsa leina la ga Jehofa’ mme ba na le tebelelo ya ‘go tswa ba babaletswe.’ (Yoele 2:32) Ee, bao ba “Iseraela” wa boammaaruri ga se gore ba bitsa fela leina la bomodimo mme le gape ba sikara leina leo jaaka Basupi ba ga Jehofa. Ka boitumelo ba tla go thusa go ithuta mo go oketsegileng ka go bolokwa mo ntweng e kgolo ya Modimo ka tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng e e kagiso.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona The Watchtower ya July 15, 1981, ditsebe 3-7.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Kgoeletso ya “Kagishõ le thagamõ!” e tla etelela pele tlhaselo e e mabetwa-e-pelo mo bodumeding!

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Aramagedona ga se kgaolo eno ya kwa Megido, mme ke seemo sa tshwantshetso sa lefatshe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela