Go Nna Seoposengwe Mo Go Anamiseng Lefoko la ga Jehofa
“Go nnè pelo e le ñwe hèla mo go lona kaha sekaoñ sa ga Keresete Yesu: Gore lo galaletsè Modimo le Rra Morèna oa rona Yesu Keresete ka boñwe hèla yoa pelo, le ka molomo o le moñwe hèla.”—BAROMA 15:5, 6.
1. (a) Thulaganyo ya ga Jehofa ya go kitlanya batho ba gagwe ke efe? (b) Dikwalo di supelang jaaka motheo wa kitlanyo eno?
JEHOFA o phuthetse basupi ba gagwe mo kutlwanong e e rategang ya kgolokwe. no se tumalanong le thulaganyo ya ntlo ya Modimo eo moaposetoloi Paulo a e tlhalosang go Baefesia 1:10: “Tsamaiso mo lobakeng lo lo tletseng lwa metlha e e laotsweng, eleng, go sopanyetsa dilo tsotlhe gape kwa go Keresete, dilo tse di mo legodimong le dilo tse di mo lefatsheng.” (NW) Ba ntlha go sopanngwa ke ba “lecomanyane” la Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba tla yang legodimong, mme moragonyana ba “boidiidi yo bogolo . . . e le ba morahe moñwe le moñwe” bao ba lebeletseng pele go falolela mo ‘lefatsheng le lesha’ la tshiamo la tsholofetso ya Modimo.—Luke 12:32; Tshenolō 7:3, 4, 9, 13-17 21:1, 5.
2. Ke eng se se kgonisang Basupi ba ga Jehofa go ka bua ka “boñwe hèla yoa pelo”?
2 “Ka boñwe hèla yoa pelo”—eo ke tsela eo basupi bano ba ga Jehofa ba buelang pele molaetsa wa Bogosi jwa gagwe. Ke ka baka lang fa ba kgona go dira seno? Ke ka gobo, go dikologa kgolokwe, ba bontsha “pelo e le ñwe hèla mo go [bone] kaha sekaoñ sa ga Keresete Yesu” fa a ne a santse a le mo lefatsheng. O ne a se karolo ya lefatshe leno le le boikgodiso. Go na le moo, o ne a ikokobetsa mo go direng thato ya Modimo le mo go ageng kutlwano e e lorato e e bothito, gareng ga barutwa ba gagwe. Eno e ne e le tshimologo ya kitlanyo ya kgolokwe eo e neng e farologanya Bakeresete ba boammaaruri mo makgolong a dingwaga a a neng a santse a tla tla.—Bafilipi 2:5-8; Yohane 13:34, 35; 17:14.
3. (a) Ke phapaano efe e kgolo e e ka bonwang mo lefatsheng gompieno? (b) Dikwalo dire thusa jang go lemoga mokgatlho wa kgolokwe wa Bakeresete ba boammaaruri?
3 Kutlwano eno ya phuthego e ile ya fitlhelela polelo ya yone e e gakgamatsang segolo-bogolo mo ‘metlheng eno ya bofelo,’ e farologana gotlhelele le dikgaogano tse di tlhasetseng tsamaiso ya dilo ya ga Satane koo letlhoo le boikepo eleng ntletse-ntletse. (2 Timotheo 3:1-5, 13; Mathaio 24:3, 12) Ga go le ka motlha mo ditsong tsa setho go kileng ga nna go dikologa lefatshe la rona, mo mafatsheng a a 203, phuthego eo e utlwanang ka botlalo mo tumelong, boikaelelong le mo tirong. Mokgatlho ono wa kgolokwe wa barutwa ba ga Jesu o ka lemogwa fela ka maungo a one.—Yohane 15:8; Bahebera 13:15; Bagalatia 5:22, 23.
Kgato e e Kitlaneng
4. (a) Ke kgaruru efe e e neng ya tlhagoga mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga? (b) Go ya ka Ditihō 15:1-6, ke kgato efe ya bolegodimo eo e neng ya tsewa?
4 Kgato e e kitlaneng mo phuthegong ya ga Jehofa re e supelwa mo go Ditihō kgaolo 15. A ke o tshwantshe fela mo tlhaloganyong ya gago go phuthega ga basupi ba ba godileng ba ga Jehofa—baaposetoloi ba ba 12, banna bagolo ba bangwe ba phuthego ya Jerusalema le Paulo le Barenabase, bagolwane go tswa phuthegong ya Antioka. Mo Antioka, gape le mo Jerusalema, ba bangwe ba basokologi go tswa gareng ga Bajuda ba ne ba ganeletse mo go reng Baditšhaba ba ne ba tshwanetse go rupisiwa mme ebile ba ne ba tshwanetse go boloka Molao wa ga Moshe gore ba tle ba bolokwe. Jalo baaposetoloi le banna bagolo ba ne “ba phuthègèla kgañ e go e bua.”—Ditihō 15:1-6.
5-7. (a) “Kgañ e kgolo” e ne ya diragala ka tlhaloganyo efe?(b) Ke tshupo efe e e neng ya neelwa? (c) Dikwalo di ne tsa dirisiwa Jang go supela kgang eo? (d) Jakobe o ne a dira boikemisetso bofe jo bo godileng, go gogela phetsong efe ya bofelo? (e) Ke kgato ya mofuta ofe e e neng ya latela?
5 Go nna le puisano e e bulegileng kaga bothata, ka banna bao ba ba ineetseng ba ntsha mafatlha a bone ba le kgatlhanong le go rurifatsa seo. Ga baa tla ba feditse megopolo ya bone pele ga puisano. Ba iketleeditse go tlhatlhobisa kgang go tswa dintlheng tsotlhe. Go ne ga nna le “kgañ e kgolo,” mme go phepafetse gore ba ne ba tsepame ba bile ba reetsa dipono tsa ba bangwe ka tlotlo. Moaposetoloi Petere o neela bosupi jwa lebaka la gore Modimo o ne wa neela batho ba Baditšhaba ba ba sa rupang moya o o boitshepo -eleruri e le tlhomamiso e e tletseng gore thupiso ya nama ga e sa tlhole e le patlafalo ya bao ba tla bolokwang. Barenabase le Paulo ba tlatseletsa bosuping jono ba tlhalosa ditiro tse dintsi tse di gakgamatsang tseo Modimo a neng a di dira ka bodihedi jwa bone go Baditšhaba.—Ditihō 15:7-12.
6 Se se latelang, Jakobe o tsopola Dikwalo mo go tshegetseng kgang ya gagwe eo a neng a sa tswa go e neela. O tlhalosa gore Amose 9:11, 12 e supela pele go tsosoloso ya kamogelo ya bomodimo tlase ga Dafide yo Mogolwane, ebong Jesu Keresete, mme le go atolosetsa ga ga Jehofa bopelonomi jo bo lorato jo bo sa tshwanelang go “Merahe eotlhe e e bidiwañ ka leina ya me.” Jakobe ga a bone go tlhokafala go tshwenya basokologi ba Baditšhaba ka go ganelela mo go reng ba tshwanetse ba rupisiwa le go tlhokomela ditaelo tsotlhe tse di gobokilweng mo Molaong wa ga Moshe. Lefa go ntse jalo, go na le dilo di se kae tse di tlhokafalang: Ba tshwanetse ba ithiba mo kobamelong ya medimo ya disetwa, mo go jeng madi lefa a le ka sebopego sefe le boitsholo jo bo maswe jwa dikobo.—Ditihō 15:18-21.
7 Setlhopha se se laolang mo Jerusalema se tla mo phetsong ya bongwe fela jwa pelo. Se romela barongwa go ya phuthegong ya Antioka ka lokwalo loo lo feleletsang ka gore: “Ha lo ithibile mo go cōna, go bo go tla nna molemō mo go lona. Dumèlañ.”—Ditihō 15: 22-29.
Tsela ya Bolegodimo
8. (a) Setlhopha se se Laolang sa motlha wa segompieno se kaelwa jang mo go direng diphetso? (b) Dikgang dingwe tseo di ileng tsa phepafadiwa bosheng jaana ke dife?
8 Mo metlheng ya segompieno, Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, jaaka se emela “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” wa Morena mo lefatsheng, se latela mokgwa oo o tshwanang wa seaposetoloi. (Mathaio 24:45-47) Ka gone, boitemogelo jwa Bokeresete, kaelo go tswa Bibeleng le diketelelo pele tsa moya wa ga Jehofa di kaela setlhopha seno sa Basupi ba ba tloditsweng diphetsong tsa bolegodimo mo dikgannyeng tsa kamego e kgolo go phuthego. Ka sekai, mo dingwageng tsa bosheng jaana Setlhopha se se Laolang se ile sa latela tsela ya Dikwalo mo go phepafatseng dikgang tse di jaaka pono ya Bibela ka “badihedi,” segakolodi seo re se filweng ke Modimo, go tshola dibetsa tse di bolayang le bokgakaleng joo ka jone dikarolo tsa boperofeti jwa ga Isaia bo dirang mo Paradaiseng ya selefatshe mo isagweng. —Bapisa Yohane 14:26; 1 Bakorintha 2:10.
9. Ke tsela efe e bagolwane ba tshwanetseng go e latela mo go dirisaneng le mathata gompieno?
9 Tsela ya Ditihō kgaolo 15 e tshwanetse ya latelwa gape ke bagolwane ba phuthego mo go tshwareng mathata gompieno. Sa ntlha, a go tlhalosiwe bothata le mabaka a a amanang le jone sentle ka botlalo. Se se latelang, a basupi ba ba ikanyegang ba neele bosupi jo bo phepa, ba tshegetsa kgang ka botlalo. Batlisisa Dikwalo go bona pono ya ga Jehofa, o dirisa gape thuso eo e ka tswang e le gone go dikgatiso tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Ka thapelo dirang mmogo go fitlhelela tshwetso ya bongwe fela jwa pelo, tumalanong le thuto ya Lefoko la ga Jehofa, eo e tla solegelang phuthego molemo.—Isaia 48:17; 1 Bakorintha 14:33.
Go Ipela—Jale le Jaanong
10. (a) Jaaka mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga, diphetso tsa bolegodimo di tshwanetse tsa re ama jang gompieno? (b) Ditiragalo tsa segompieno di ne tsa gogela jang go nonotsheng le go oketseng batho ba Modimo?
10 Fa ba ne ba utlwa ka phetso ya setlhopha se se laolang, maloko a phuthego ya Antioka a ne a “itumèlèla kgomoco.” Ka mo go tshwanang gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go utlwa ka ditshwetso tsa phuthego le ditlhaloso tsa dithuto tseo di tlotlomatsang botsogo jwa semoya jwa batho ba Modimo le kgatelo pele ya tiro ya ga Jehofa. (Bapisa Tito 2:1.) Mme ga go sa tlhole go tlhokafala ka Setlhopha se se Laolang go kwala dikwalo tsa tao ka monwana le go di tsamaisa ka barongwa ba ba etang ka maoto. Ditsela tsa segompieno tsa ditlhaeletsanyo le didirisiwa tsa kgatiso mo makaleng a a fetang 30 a Watch Tower go dikologa lefatshe a ile a go kgonisa go isa ‘mafoko a a molemo a lefoko la ga Jehofa’ go dimilione.tsa batho ba Modimo mo nakong e potlanyana. Seno se dirwa segolo-bogolo ka makasine wa Tora ya Tebelo. Ka gone, diphuthego lefatshe ka bophara di tswelela pele go “kgothala mo tumeloñ, [le go] ntsihala mo paloñ ka malatsi aotlhe.”—Ditihō 15:30–16:5.
11. Jehofa o ne a dirisa Tora ya Tebelo jang mo go diragatseng Isaia 30:18-21?
11 Bao ba ileng ba bala Tom ya Tebelo mo dingwageng tse di fetileng ba ile ba ipelela gape go bona ntsifalo ya yone ya kgatiso. Mo dingwageng tse di 105 tsa kgatiso, tseno di ile tsa gola go tswa ditokololong tse 6 000 ka Seesemane gangwe ka kgwedi go ya go dikaelo tse 11 150 000 ka dipuo tse 102, dikgatiso tse dikgolo ke tsa gabedi ka kgwedi. Kwa ntle le pelaelo, Tora ya Tebelo e ile ya dirisiwa fela thata-thata ke Mokaedi yo Mogolo wa rona, ebong Jehofa Modimo, mo go diragatseng tsholofetso ya gagwe: “Go segō botlhe ba ba mo letañ. . . . Le ditsèbè tsa gago di tla utlwa lehoko sehularoñ sa gago, le re, Tsela ke e, tsamaeañ mo go eōna: ke go re, mogañ lo hapogèlañ kaha lecogoñ ye le siameñ, leha le hapogèla kaha go ya molèma.”—Isaia 30:18-21.
12. (a) Ke ka baka lang fa jaanong re na le lebaka le lengwe gape la go ipela? (b) Thulaganyo eno e ntšha e tshwanetse ya re solegela molemo jang?
12 Jaanong go na le lebaka le lengwe gape la boipelo. Go simolola ka ngwaga wa 1985, Tora ya Tebelo e gatisediwa gongwe, mabapi le diteng, ka dipuo tse 23!a Dikgatiso tseno tsotlhe di na le khabara e e tshwanang. Di tshotse ditlhogo tse di simololang tse di tshwanang ka go latelelana le ditlhogo tse di tshwanang tsa thuto. Seno se baakanyetsa ka thulaganyo ya “kotlo” ya nako e le nngwe eo e tla kitlanyang batho ba ga Jehofa mo go goleng semoeng “go tlo go tsamaeè re hitlhè rotlhe mo boñweheleñ yoa tumèlō.” E tshwanetse ya re tlhotlheletsa segolo, gore ‘ka bongwe fela jwa pelo re ka galaletsa Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete ka molomo o le mongwe.’—Baefesia 4:13; Baroma 15:6.
13. (a) Thulaganyo eno e atlabetse go le kana-kang? (b) Ka gone he go ka dirisiwa jang 1 Bakorintha 1:10?
13 Fa o tshola makasine ono mo letsogong la gago mo thutong ya beke le beke ya phuthego ya Tora ya Tebelo, a ga go go jese monate go itse gore bontsi jwa bakaulengwe ba gago lefatshe ka bophara ba tla bo ba kitlane mo go jeng dijo tsa semoya tse di tshwanang mo letsatsing le le tshwanang? Ee, seno se tla bo se diragala mo Amerika Bokone le Borwa, le bontsi jwa Yuropa, mo Japane le mo mafelong a mantsi a borwa jwa Afrika! Go akanyediwa gore ga jaanong diphesente tse di fetang 90 tsa ba ba gone mo thutong ya Tora ya Tebelo go dikologa lefatshe—batho ba ba fetang 2 500 000 beke nngwe le nngwe—jaanong ba abalana mo thulaganyong ya “kotlo” eno ya nako e le nngwe. Bano ‘ba itekanetse mmogo, mo mogopolong o le mongwe fela le mo tshekatshekong e le nngwe fela.’ (1 Bakorintha 1:10) Jaaka maemo a go dumelela, dipuo tse dingwe di tla tsenyelediwa.
14. Malapa a tla solegelwa molemo jang?
14 Ka gone, ka ntlha ya dipharologanyo tsa dipuo, maloko a lelapa le le lengwe a ka tswa a ile a sia-siana ka dikgwedi tse dintsi mo go ithuteng ditlhogo tse di rileng tsa Tom ya Tebelo. Mme jaanong ba tla kitlana mo ntlheng eno. Ka sekai, batsadi ba ba fudugileng go tswa lefelong lengwe ba ba tlwaelaneng le puo e nngwe ba ka nna ba nna mmogo le bana ba bone ba ba buang Setswana go baakanyetsa mmogo thuto ya beke eo ya Tora ya Tebelo ka dipuo tsoo-pedi. Mo malapeng a go buiwang dipuo tse pedi gone, batsadi ba tla tlhomelelwa botoka go diragatsa taelo ya Baefesia 6:4 le 2 Timotheo 3:14, 15.
15. (a) Mo bodiheding jwa rona jwa phatlalatsa re ka dirang jaanong tumalanong le Isaia 52:8, 9? (b) Ke eng seo se kgonegileng bosimologong jwa 1985 le mo isagweng?
15 Akanyetsa gape, bodihedi jwa rona jwa phatlalatsa ka dimakasine Ka tsela eno e e okeditsweng baboledi ba Bogosi go dikologa lefatshe jaanong ba ka ‘duduetsa ka kutlwano ka boitumelo’ jaaka ba neela ka boikitsiso jo bo tshwanang mo bathong botlhe ka nako e le nngwe. (Isaia 52:8, 9) Fa ba dira bosupi jwa mmila jwa dimakasine mo masimong a a dipuo dintsi, baboledi ba ka supa dimakasine tse di nang le khabara e e tshwanang ka setlhogo gongwe tse pedi kgotsa tse di fetang foo. A ke o akanye fela tlhe! Kwa tshimologong fela ya karolo ya 1985, baboledi ba Bogosi go dikologa lefatshe lotlhe ba tla bo ba neela bosupi jo bo gwetlhang jo bo kutlwano malebana le Hara-Magedona! Ka nako e e leng yone, Jehofa o ka nna a kaela batho ba gagwe go dira boipolelo jo bongwe jo bo maatla, jo bo kitlanyeng lefatshe ka bophara jaaka ba ntse ba “ganèlèla tumèlō ea Mahoko a a Molemō ka mōea o le moñwe hèla.” (Bafilipi 1:27) Kgatiso eno ya nako e le nngwe ya Tora ya Tebelo ka dipuo tse dintsi e tla kgonisa mafoko a a ntseng jalo.—Bapisa Daniele 11:44.
Go Lebela Pele
16. (a) Tora ya Tebelo eno e re bolelelang kaga tiro ya dimakasine mo ditsebeng 8, 9, le 25? (b) Ke ka baka lang fa batho ba tlhoka dimakasine tsa rona gompieno?
16 Ka ngwaga wa 1984, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba anamisa dimakasine tse pedi tsa Tora yo Tebelo le Awake! fela thata. Tiro eno e ile ya segofadiwa ke Jehofa ka mo go humileng fela thata jaaka go ka bonwa go tswa mo dipalong tse di mo ditsebeng 8, 9, le 25 tsa makasine ono. Lefatshe ka bophara, kanamiso ya tshimo ya dimakasine tsa rona ka 1984 e oketsegile ka diphesente tse 11,1 go ya go palo yotlhe ya 287 358 064, fa dikanamiso tsa dipeeletso tsa dimakasine di ne tsa oketsega ka diphesente tse 3,2 go ya go tse 1 812 221. Ga go na pelaelo epe ya gore batho ba bantsi-ntsi ba batla go itse gore ke ka baka lang fa merafe e le mo tlalelong, ‘e sa itse kgoro ya botso.’ (Luke 21:25, 26) Batsadi ba batlela bana ba bone isagwe e e itumedisang—sengwe se se botoka thata go na le lefatshe le le gadikiwang mo ntweng ke tlhabano ya nuklea. Dimakasine tsa rona di tshotse tsholofelo e e tshelang.—Mathaio 12:18, 21; Baroma 15:4.
17. Dimakasine tsa rona di tla re thusa jang go ganana le Diabolo?
17 Go tweng he, ka 1985? Molaetsa wa Tora ya Tebelo le Awake! o ntse o bua puo phaa go ya pele. Seno se tshwanetswe sa lebelelwa jaaka metlha ya bofelo ya lefatshe la ga Satane e ya bofelong. (Tshenolō 12:12) O seka wa dira phoso epe! Diabolo o tla batla go re kgoba marapo go abalana ka metlha mo tirelong ya ga Jehofa. Ee, Satane o tla batla go re kgaoganya le mmele wa batho ba Modimo le tiro ya bone, e le gore a re kometse. (1 Petere 5:8) Mme re ka ganetsana le ene ka go kopana ka metlha go tsaya kitso ya boammaaruri, le go dirisa kitso eno e e oketsegang mo go direleng Jehofa.—Baefesia 6:11, 14-16; Bakolosa 1:9-11.
18. (a) Boikarabelo jwa gago bo bogolo go le kae jaaka mmoledi wa Bogosi? (b) Re ka dirisa jang kgakololo ya ga Baroma 12:10, 11 le Rom 15:5, 6?
18 A o mmoledi wa Bogosi? Fa go ntse jalo, o tshotse boemo jo bo popota mo mokgatlhong wa segompieno wa bolegodimo. Jaaka Mokeresete yo o ineetseng, o ka tswa o na le maikarabelo a mangwe mo phuthegong Lefa go le jalo, go tshelela leina la ga Jehofa, o tshwanetse wa nna modihedi yo o tlhaga mo tirelong. Go utlwana mo loratong lwa bokaulengwe le go nna le kamego e e pepetletsang mongwe mo go yo mongwe, a rotlhe re tsweleleng ka go tuka mo moyeng jaaka ‘re direla Jehofa.’ (Baroma 12:10, 11) Go sa kgathalesege gore ke dikgatelelo dife tseo re ka di itemogelang go tswa go Satane le lefatshe la gagwe, re tshwanetse go tswelela jaaka mmele o le mongwe, ee, ‘ka pelo e le nngwe fela le ka molomo o le mongwe fela,’ go galaletsa Jehofa ka go itsise maikaelelo a gagwe a Bogosi.
19. (a) Re ka atlega jang mo go emelaneng le dipogiso le mathata a mangwe? (b) Ke kgakololo efe e Sefania 3:8, 9 e re e baakanyetsang?
19 Bontsi jwa rona bo tshwanelwa ke go lwantshana le pogiso kgotsa masimo ao a sa arabeleng thero ya rona. Lefa go ntse jalo, a re tsweleleng go bontsha boikutlo jo bo tshwanang le joo Jesu Keresete a neng a na najo. (Yohane 16:33; 1 Petere 4:1, 2) Jaaka mmele o o kutlwano a re bontsheng bopelokgale jwa boammaaruri—nonofo ya kafa teng ya semoya e e itshokang ebile e se ke e sugagana tlaseng ga kgatelelo. (Pesalema 27:14; Bafilipi 1:14) Le ka motlha re se ka ra repisa seatla mo go batleng batho ba seka-dinku. A ka metlha yotlhe re nneng re ‘lebeletse Jehofa le letsatsi la gagwe’ la ikarabelo re mo direla ka bongwe fela jwa pelo jaaka re bitsa leina la gagwe le go bua “puō e e itshekileñ” ya boammaaruri.—Sefania 3:8, 9.
20. (a) Re ka bona boitumelo jwa boammaaruri jang? (b) Isaia 11:6-9 e ile ya nna le tiragatso efe ya yone e e gakgamatsang?
20 Ka kutlwano, ekete rotlhe bao re galaletsang Modimo ‘re ka apara motho yo mosha yo o bopilweng kafa thatong ya Modimo, le mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.’ (Baefesia 4:24) Seno se felela ka boitumelo jwa boammaaruri Go tshwantshiwa go Isaia 11:6-9, eo e bolelang ka paradaise ya semoya eo e leng gone gareng ga batho ba ba tsosolositsweng ba ga Jehofa. A kagiso le tshwaragano! Abo go sena bogagapa, ditshekamelo tse di diphatsa tsa botho! Jaaka tlhaloso ya bofelo ya paradaise eno, re elatlhoko mofoko ano: “Ga di ketla di utlwisa botlhoko leha e le go senya mo thabeñ eotlhe ea me e e boitshèpō: gonne lehatshe le tla bo le tletse kicō ea go itse Yehofa, yaka metse a khurumeditse lewatlè.” ‘Thaba e e boitshepo’ ya ga Jehofa ya kobamelo e e kutlwano e tlhomilwe ka tsepamo gompieno mo lefatsheng lotlhe. Ka baka lang? Ke ka go bo Jehofa o ile a tlhotlheletsa basupi ba gagwe go galaletsa leina la gagwe ‘ka bongwe fela jwa pelo le ka molomo o le mongwe fela.’ Ka gone “lehatshe” le ile la tladiwa ka “kioō ea go itse Yehofa.”
21. Ke ka baka lang fa re tshwanetse go neela dimakasine tsa rona kanamiso e kgolo fela thata?
21 Ekete, ka nonofo eo Jehofa a e baakanyetsang, re ka neela Tora ya Tebelo le Awake! e e leng molekane wa yone kanamiso e kgolo fela thata-thata. Mme ekete re ka dira jalo ka tsholofelo ya gore dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe le malapa otlhe a merafe, di tla “gakologèlwa, di boèla go Yehofa.”—Pesalema 22:27; Tshenolō 15:4.
[ntlha e e kwa tlase]
a Dipuo tseno ke: Seburu, Sedanish, Sedatšhe, Seesemane, Sefinishi, Sefora, Sejeremane, Setadiana, Sejapane, Norwegian, Sepotokisi, Sepanishi. Swedish, le Sethai; dipuo tse di farologaneng tsa Ma-Afrika: Sepedi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sevenda, Sexhosa, le Sezulu: le dipuo tse pedi mo mafatsheng ao tiro ya Basupi ba ga Jehofa e thibetsweng gone.
Fa Re Boeletsa Setlhogo Seno—
◻ Phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne ya dira jang‘?
◻ Ke melemo efe e e tshwanetseng go nna gone ka kgatiso ya nako e le nngwe ya Tora ya Tebelo?
◻ Ke boiteko bofe jo bo molemo jwa makasine jo bo neng jwa bewa pele ka 1984?
◻ Re ka tlhogonolofala semoyeng jang, le eleng mo dinakong tsa teko?