Ka Kutlwano A Re Duduetseng Ka Boitumelo
“Pōnyègañ ka boitumèlō, lo ōpèlè mmōgō.”—ISAIA 52.9.
1. Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa jaanong ba duduetsa ‘ka kutlwano’?
KA KUTWANO! Dikišenari e tlhalosa seelana seno go raya “ka tumalano e e feletseng: e le gore go tle go nyalanwe sentle-ntle.” Basupi ba ga Jehofa ba direla ka kutlwano ka go bo ba na le mogopolo wa ga Keresete, mme ba kutlwano mo go tlotlomatseng leina la ga Jehofa.Ka ntlha ya lesego la ga Jehofa mo godimo ga bone, le eleng lefatshe la tshwantshetso le ba nnang mo go lone le ponyega ka boitumelo, karolo nngwe le nngwe ya lone e duduetsa ka boitumelo. Seno sotlhe se tumalanong le mafoko a thapelo a ga moaposetoloi Paulo: “Me yana a Modimo oa pelotelele, le oa kgomoco, o lo neè gore go nnè pelo e le ñwe hèla mo go lona kaha sekaoñ sa ga Keresete Yesu: Gore lo galaletsè Modimo le Rra Morèna oa rona Yesu Keresete ka boñwe hèla yoa pelo, le ka molomo o le moñwe hèla.”—Baroma 15:5, 6; Yohane 17:4, 6, 20, 21.
2. (a) Go ya ka 1 Bakorintha 1:10 le Baefesia 4:4-6, ke ka ntlha yang fa balebedi ba bona “ba lebanye mo matlhoñ”? (b) Ke bomang gape ba ba utlwatsang tuduetso ya boitumelo, mme jang?
2 ‘Galaletsang Modimo!’ Seo ke sone se “balebedi” ba ba kutlwano ba ga Jehofa ba se dirang gompieno. Ka gone ba diragatsa polelelo-pele: “Ba ōpèla mmōgō: gonne ba tla bōna ba lebanye mo matlhoñ, mogah Yehofa o boèlah mo Siona.” (Isaia 52:8) Ba bona ba “lebanye mo matlhoh,” ka go bo ‘ba itekanetse mmogo, le go nna mogopolo o le mongwe fela, le go nna tshekatsheko e le nngwe fela.’ (1 Bakorintha 1:10; bona gape Baefesia 4:4-6.) Mme jaanong, jaaka “boidiidi yo bogolo” bo utlwatsa ‘tuduetso ya boipelo,’ kgoeletso ya kgolokwe e tsholetsegela godimo-dimo fela thata.—Tshenolō 7:9, 10, 15.
3. Phuthego ya ga Jehofa e e mo lefatsheng e bontshitse jang boipelo jwa masomosomo a selegodimo?
3 Phuthego ya selegodimo ya Modimo, go akareletsa le ba ba “makgolo a makgolo” ba baengele ba ba boitshepo, ba tsholetsa “lencwe” la bone mo go neeleng kgalaletso go Jehofa jaaka Mmopi yo mogolo, le go “Kwana” Jesu Keresete. (Tshenolō 5:11, 12; 4:11) Ka mo go tshwanang, batho ba Modimo gompieno mo lefatsheng ba rulaganyeditswe boipelo jwa tirelo e e boitshepo. Le eleng lefatshe la tshwantshetso leo ba nnang mo go lone le ‘ponyega ka boitumelo.’ Moperofeti o bolela ka gore: “Pōnyègañ ka boitumèlō, lo ōpèlè mmōgō, lona mahelō a a kgakgabetseñ a Yerusalema; gonne Yehofa o gomoditse batho ba gagwè, o rekolotse Yerusalema.” (Isaia 52:9) Jehofa o busitse “batho ba gagwè,” baemedi ba selefatshe ba “Yerusalema o o kwa godimo,” phuthego ya selegodimo, go tswa kgakgabalong e ba neng ba e itemogela ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, mme go ‘duduetsa ka boitumelo’ ga bone ka kutlwano e e feletseng go ne ga felela ka kgolo ya kgolokwe moo go tswelelang nako kgolo ke eno!—Bagalatia 4:26, 27; Isaia 52:8.
4. Ke ka tsela efe Jehofa a setseng a “apotse lecōgō ya gagwè ye le boitshèpō,” mme se se re neela tsholofelo efe ka isagwe?
4 Polelelo-pele e tswelela ka gore: “Yehofa o apotse lecōgō ya gagwè ye le boitshèpō mo matlhoñ a merahe eotlhe; me dikhutlō cotlhe tsa lehatshe di tla bōna poloka ea Modimo oa rona.” Jehofa eleruri o ne a tsaya kgato mo boemong jwa batho ba gagwe kwa tshimologong ya ‘metlha eo ya bofelo,’ mme ka bofefo, ka Hara-Magedona, gape-gape o tla ‘apola letsogo la gagwe le le boitshepo,’ a tlisetsa batho ba gagwe ba ba rulagantsweng poloko. Ka nako eo, ‘merafe e mentsi e tla tshwanelwa ke gore e itse gore ke Jehofa.’—Isaia 52:10; 12:2; Esekiele 38:23.
5, 6. (a) Ke ka ntlha yang fa go potlakile gore tiro ya Modimo e fítlhelelwe? (b) Phuthego e ne ya tsaya kgato efe malebana le go neela bosupi jo bo atologileng?
5 Letsatsi la katlholo la ga Jehofa le gaufi! “Le gauhi le akoha thata.” (Sefania 1:14) Ga jaana, “mahoko a mantlè a a molemō” a tshwanetswe a utlwatswa kgakala-kgakala go kgabaganya lefatshe lotlhe. (Isaia 52:7) Go dira gore tiro e fitlhelelwe, phuthego ya ga Jehofa e dirisa makgotla a semolao a le mantsi, jaaka la Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, mme ano a okamela tiro ya diphuthego tsa basupi ba ga Jehofa mo makaleng a a ka nnang 94 go kgabaganya lefatshe. Mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, go ile ga nna le katoloso e kgolo thata ya magatisetso le didirisiwa tse dingwe tsa makala ano, mo eleng gore Mokgatlho o mo seemong se sentle go na le pele go ‘utlwatsa kagiso le poloko.’
6 Mo ngwageng e e fetileng, go ne ga okediwa fela thata karolo ya feketiri ya Mokgatlho kwa Watchtower Farms, kwa New York State, koo gape go okediwang Lelapa la Bethele. Go ne ga tsenngwa motshine o mogolo o o gatisang dimakasine, o o ka kgonang go gatisa bobotlana dimakasine tse 400 000 ka letsatsi. Bontsi jwa metšhine e megologolo ya Mokgatlho e e neng e kgatla ditlhaka ya M.A.N. e ne ya tlhatlhamololwa mme ya dirwa magatisetso a dikarolo tse pedi tsa offset. Eno jaanong e dirisiwa ke makala a Watch Tower go kgabaganya lefatshe, ga mmogo le Brooklyn le Watchtower Farms. Katoloso e tsweletse lefatshe ka bophara. Ka sekai, lekala la Jeremane jaanong le dirisa motshine wa bobedi wa magatisetso wa rotary o o lobelo lo logolo go feta, mme lekala la Japane le gaufi le go simolola go dira motšhine wa lone wa boraro wa magatisetso wa “rotary press,” o o ka kgonang go gatisa dimakasine tse 60 000 ka oura.
Dimakasine Kwa Pele-pele!
7. Ke kgatelo-pele efe e e gone mo go boneng dipeeletso ka 1983?
7 Ke ka ntlha yang fa go atolosiwa seno mo karolong ya magatisetso a bolegodimo? Ke ka ntlha ya tiro e e tlhagafetseng ya lona bakaulengwe botlhe ba le mo tshimong. Ngogola le ne la bona palo e kgolo thata ya dipeeletso tse disha tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Awake! dile 1 756 153, koketsego ya diphesente tse 28 go feta ngwagatlola.
8. Ke jang go lemoga bomosolajwa dimakasine tsa rona go tlisitseng matswela?
8 Molebedi wa potologo mo United States o ne a kwala ka gore tsenyeletso e e kgethegileng ka tiro ya dimakasine ya ditsebe tse nne, e e neng ya gatisiwa go Tirelo Ya Rona Ya Bogosi ya May 1983, “e ne ya nna le boikuelo jo bogolo mo go rona rotlhe.” O ne a bolela gore go ne go tlwaelegile ka setlhopha sa koloi go boa mo tirelong ba bone dipeeletso tse nne kana tlhano. Mosupi yo mongwe wa mmulatsela o ne a fenya pono ya gagwe e e sa tlhamalalang ya pele mme a bona dipeeletso di roba bongwe mo bekeng e le nngwe. Lekala la Japane le ne la bega ka gore dipeeletso tse disha tsa May le June di ne di le 70 115—fa mo dikgweding tse pedi tsa tlhabano go le pele e ne e le 49 016—lemororo tlhotlhwa ya peeletso ya ngwaga e le 1 800 yen ($7.50, U.S.)! Mme legale bomosola jwa dimakasine tsa rona bo ka se lekanngwe ka madi, le eleng ka selefera kana gouda. (Diane 8:10, 11) Ekete re ka tswelela go bontsha tlhagafalo mo go neeleng dipeeletso ka 1984!
9. Go aba dimakasine ka mo go oketsegileng go ka kgonwa jang?
9 Lefa go ntse jalo, go tweng ka kabo ya rona ya dimakasine ya gale ya 1983? E ne e le molemo, mme eno ke karolo nngwe ya tirelo ya rona e e sekang ya oketsega. Re ka dirang ka seno? Gape, kanaanelo e e boteng ya diteng tsa dimakasine tsa rona e tshwanetse go re tlhotlheletsa go di tsaya le go di neela mo pakeng nngwe le nngwe, segolo bogolo mo Letsatsing la rona la Dimakasine la beke le beke. Re re Letsatsi la Dimakasine la “beke le beke,” ka go bo bontsi jwa bakaulengwe ba rona go dikologa lefatshe ba ipelela go nna le seabe jalo ka metlha. Makala a a kgakala jaaka Kenya le Hong Kong a ne a kopa gore Matlhatso a bobedi le a bone a tiro ya dimakasine a tlosiwe mo khalantareng ya Mokgatlho, ka go bo seno se ka felela ka go fokotsa kabo ya dimakasine mo masimong a bone. Ka bojotlhe jwa rona, a mongwe le mongwe a arole mo tirelong eno e e ipedisang ka Matlhatso a bobedi le a bone, mme ke ka ntlha yang fa jaanong o sa itirele mokgele o mongwe gape wa tirelo ya dimakasine Matlhatso mongwe le mongwe—ksi ntlo le ntlo, mo mebileng le mo marekisetsong le ka ditselana tsa makasine!—Moreri 11:1.
10. Ke mosola ofe o makasine o le mongwe o neng wa o tlisetsa mmadi wa Awake!?
10 Gantsi ke makasine o le mongwe fela o o tsosang kgatlhego, ka matswela a bofelo e nna gore ‘nku’ e nngwe e oketsa “saka” ja “modisa eo o molemō.” (Yohane 10:14, 16) Boitemogelo jo bo latelang bo supela ntlha eno:
Letsatsi lengwe mmoledi wa Bogosi mo Mauritius o ne a feta fa lapeng la letagwa le le padileng fa monna yo o a ne a mmitsa. “Rraetsho, ke emisitse go nwa,” o ne a bolela jalo ka boipelo. Ereka batho ba bantsi mo Réunion ba ya sepateleng gore ba kgwesiwe bojalwa, Mosupi o ne a mmotsa ka gore, “O ne wa ya sepateleng sefe?” Monna o ne a fetola ka gore, “Ga ke a ka ka ya sepateleng; ke ne ka bala Awake! [July 8, 1982, ya botlhapelwa] mme ka emisa go nwa.” Mo dikgweding tse, ka nako ya go kwala, Mosupi o ne a tsamaisa thuto ya Bibela le lelapa leno ka buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society. Makasine o le mongwe o ka kgona go fitlhelela sone seo fela!
Seno se gogela mo kgannyeng e nngwe:
Dithuto tsa Magae tsa Bibela Di Oketsegela Pele!
11. Buka ya Tshelela Ruri e nnile le maatla a magolo go le kana kang mo tshimong ya lefatshe?
11 Ka June 1982, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa ntsha buka e e ithutiwang ya ditshwantsho O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Bogareng jwa September 1983, go ne ga gatisiwa dikaelo tsa buka eno di le 14 663 229 mo difeketiring tsa Mokgatlho go dikologa lefatshe. E gone jaanong ka dipuo di le 55. Mme buka eno e ne ya nna le matswela afe mo tshimong lefatsheng lotlhe? Matswela a a molemolemo eleruri! Lekala la Watch Tower mo Puerto Rico le kwala jaana malebana le tshimo ya Sepanishe koo:
‘Re ne ra amogela dibuka tsa Tshelela Ruri ka August di le 30 000, mme tsa fela ka pele pele, mme he ka October re ne ra amogela tse di fetang 30 000. February wa 1983 re ne re “iphotlhere fela,” mme ka March le June re ne ra amogela tse di fetang 40 000. Re na le di ka nna 10 000 fela, mme ka bofefo fela re solofetse tse di fetang 35 000.’
12. (a) Go ile ga bontshiwa kanaanelojang bakeng sa buka eno? (b) Fa o lebisa mo tšhateng e e mo ditsebeng 20-23, a o bona dinaga tseo dithuto tsa Bibela di fetang palo ya baboledi?
12 Mo Lapland monna-mogolo mongwe, yo ka boene eseng Mosupi, o ne a kwalela lekala la Watch Tower mo Finland jaana:
“Ke badile dibuka tsa bodumedi di le mmalwa. Lefa go ntse jalo, ke akanya gore, buka ya lona ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e di gaisa tsotlhe fela. Ke eletsa gore le nthomelele dikaelo tsa yone di le 11 gore ke tle ke kgone go di neela ditsala tsa me.”
Buka eno kwa ntle le pelaelo e tlatseleditse koketsegong e kgolo mo dithutong tsa magae tsa Bibela ka nako ya ngwaga wa tirelo wa 1983. Go dikologa lefatshe, dithuto tse 1 797 112 di ne tsa tshwarwa kgwedi le kgwedi le batho ba ba sa tswang go kgatlhega—koketsego ya diphesente tse 13.3 go feta dithuto tse 1 586 293 ka 1982.
13. Buka ya Tshelela Ruri e ka thusa jang bao eseng Basupi ba ba tlhaga?
13 A o batla go ithuta kafa o ka emelanang le mathata a botshelo ka teng? Ka jalo bonana le Basupi ba ga Jehofa kwa go nngwe ya Diholo tsa Bogosi tsa bone mme o kope thuto ya Bibela mo bukeng eno ya Tshelela Ruri. A ka lobaka o ntse o kgatlhegela polelelo-pele ya Bibela jaaka e tlhalosiwa ke Basupi ba ga Jehofa, mme ga jaana ga o Mosupi yo o tlhaga? Le wena gape, o tshwanetse wa ithuta buka eno le mongwe wa Basupi.
14. Basupi botlhe ba ba tlhaga ba ka dirisa ka botlalo jang buka ya Tshelela Ruri?
14 A o Mosupi yo o iseng a tsamaise thuto ya Bibela le motho yoo sa tswang go kgatlhega bosheng? Ka jalo ke ka ntlha yang fa o sa tsose kgatlhego ya mongwe ka buka eno—ka maeto a ntlo le ntlo kana bosupi jo bo sa ikaeleIwang—mme o akantshe gore le bale buka eno mmogo? Go motlhofo go dira seno ka go bala dirapa le go tlotlisana ka tsone ka thuso ya dipotso le ditshwantsho tseo di baakanyeditsweng. Fela jaaka Jesu ka boene a ne a bolela, fa re amogela jokwe ya borutwa jwa Bokeresete re ‘bonela meya ya rona tapologo’ mme boipelo jo re nang le jone bo a tsholetsega fa ka namana re nna le seabe mo go thuseng ba bangwe go nna barutwa. (Mathaio 11:29, 30; 28:19) Mme dithuto tse di ntseng jalo di tla re bulela sebaka sa gore e re moragonyana, re dirise buka ya selekanyo sa kgetse ya rona e ntšha e e nonotshang tumelo e e ithutiwang, ya Go Utlwana mo Kobamelong ya Modimo o o Osi wa Boammaaruri.
15. Bukana ya Itumelele Botshelo e nnile le maatla go le kana kang?
15 Mo ngwageng e e fetileng, bukana ya ditshwantsho ya ditsebe tse 32 Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! e ile ya nna sedirisiwa se sengwe se se maatla mo thulaganyong ya go ruta ya kgolokwe ya Basupi ba ga Jehofa. Naga e kgolo ya Afrika ya Zaire, koo tlhora e ntšha ya baboledi ba ba 28 126 e leng koketsego ya diphesente tse 14 go feta palogare ya 1982, e bega ka gore:
Bukana ya Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! mo dipuong tsa segarona tse di farologaneng e ile ya nna le matswela a a molemo thata-thata mo tirong ya go rera. Bantsi ba ile ba akgela ka gore ke sone se fela se tlhokelwang tshimo ya bone koo batho ba sa kgoneng go bala kana ba balang ka tshokolo. Diphuthego di aba dibukana tsa bone ka pele. Kereke ya Maporosetanta mo Isiro e ne ya kopa merwalo-rwalo ya tsone mo phuthegong ya lefelo leo go di dirisa mo sekolong sa bone sa Sontaga. Moruti wa Katoliki mo Medje o ne a tsamaya dimmaele tse ditelele ka LandRover ya gagwe ka maiteko a go bona merwalo-rwalo e mengwe bakeng sa sekolo sa gagwe sa lefelo leo. Go tlwaelegile go bona batsamai ba tshotse dikaelo tsa bone tsa bukana eno.
16. (a) Bukana eno e abilwe go le kana kang? (b) Tumalanong le Moreri 11:6, bananyana ba ka dirisa bukana eno jang?
16 Difeketiri tsa Watch Tower tseo di baakanyetsang ka kgatiso eno jaanong di gatisitse tse di fetang 17 000 000 ka dipuo di le 111, mme go kgabaganya lefatshe e batlega ka matlho a mahidu go na le eleng pele. Bana ba bantsi ba bone bukana eno e le thuso e e molemo mo go jaleng dipeo tsa boammaaruri le ditsala tsa sekolo, se gogela kwa dithutong tsa Bibela le bone.—Moreri 11:6.
17. Ke maitemogelo afe a a bontshang bomosola jwa go ruta jwa bukana eno le ditshwantsho tsa yone?
17 Naga eo tiro ya rona e thibetsweng e ne ya romela pego eno:
Kgaitsadi wa Mosupi yo o neng a dirisa bukana ya Itumelele Botshelo go ruta bana ba bararo o ne a sa tswa go fetsa puisano ka medimo ya disetwa. Morago ga thuto bana ba ne ba nyamelela mo kamoreng e nngwe. Ba tloga ba rotoga ka pele, diatla di kamorile dikgong tse di kgaotsweng, difapaano le dilo tse dingwe tse di farologaneng. Tseno di ne tsa bewa mo tafoleng fa pele ga Mosupi. Ka kgakgamalo, o ne a botsa gore go rileng jaanong. Mosetsana yo mogolwanyane a arabela ka gore, “Re sa tswa go ithuta gore go ya ka Bibela re senye medimo ya disetwa le ditshwantsho.”
Ivory Coast e ne ya romela kitsiso eno:
Mosadi wa molebedi wa potologo o bega ka gore o kgona go dirisa bukana eno mo go dirisaneng le ditlhogo tse di farologaneng, tse di jaaka go nyala lefufa, bonyatsi, tirisabadimo le thapelo, ka go lebisa fela mo ditshwantshong tse di utlwalang le go opa kgomo lonaka. Ee, jaaka a bolela, “Setshwantsho se ruta go feta mafoko.”
‘‘Tsamaeañ, Tsamaeañ”
18. Ke go eng segolo bogolo, batho ba ga Jehofa ba tshwanetseng ‘go tswa gone’?
18 Eseng fela mo Afrika mme go kgabaganya lefatshe, botlhe bao ba eletsang go obamela Modimo wa boammaaruri, Jehofa, ba tshwanetse ba tswe mo dithutong tsa maaka tsa Sebabelona tsa bodumedi le ditsela tsa boitsholo jo bo sa siamang tseo di ka tswang di dirwa kana di dumelelwa ke bodumedi. Moperofeti wa Modimo o re: “Tsamaeañ, tsamaeañ lo cwè gōna, lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ; tlogañ, lo cwè mo gare ga gōna, lo nnè bantlè, lona ba lo rweleñ diyana tsa ga Yehofa.”—Isaia 52:11.
19. Re tshwanetse ra itshwara jang fa batenegi ba leka go re ntsha mo tseleng ya rona ya tirelo e e boitshepo?
19 Fa e sale 1919, batho ba ga Jehofa ba ile ba ntlafadiwa mo maakeng a bodumedi jwa La-Bodumedi. Lefa go le jalo, nako le nako, mongwe o ka nna a boela kobamelong ya medimo ya disetwa mme a kgaolwa mo phuthegong. O ka nna a leka go gogela bao ba tshotseng “diyana tsa ga Yehofa”—dipaakanyetso tse di rategang tseo Modimo o di direlang tirelo e e boitshepo ka ntlo le ntlo, makasine, thuto ya Bibela le tiro epe e nngwe ya Bokeresete. Mme Basupi ba ba ikanyegang ga ba ka ke lefa go le kana ba “ama” botenegi jo bo ntseng jalo.—2 Bakorintha 6:17; 2 Yohane 9-11.
20. Lefoko la Modimo le reng mabapi le boitsholo jo bo leswe, mme re ka bo tila jang?
20 Lefa go ntse jalo, go na le leswe le lengwe leo gompieno le gapang gantsi-ntsi batlhaselwa ba bantsi go na le botenegi—leswe la boitsholo. Re tlhoka go disa kgatlhanong le dikgatelelo tsa lefatshe tsa go tshwarega mo boitsholong jo bo sa siamang! Moaposetoloi Paulo o tlhagisa gore “go le baakahadi, go le baōbamedi ba medimo ea disètwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basodoma, . . . ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo,” mme mo lenaneong la mekgwa e e bodileng o oketsa gape ka “le bomashwè, le bopèpè.” (1 Bakorintha 6.9, 10; Bagalatia 5:19-21) Ga go na phatlha ya batho ba boitsholo jo bo sa siamang mo paradaiseng ya semoya eo Jehofa a e tlhomileng gareng ga batho ba gagwe gompieno, lefa e le yone phatlha ya ba ba ntseng jalo mo Bogosing kana mo Paradaiseng ya lefatshe, eo jaanong e atametseng fela thata. A batho botlhe ba ga Jehofa ba ba itshekileng ba ngaparele lefelo la bone mo paradaiseng ya semoya ka go latela kgakololo ya ga Paulo e e tlhamaletseng: “Tshabañ boaka,” “tshabañ kōbamèlō ea medimo ea disètwa.”—1 Bakorintha 6:18; 10:14.
21. (a) Tumalanong le Isaia 52:12, re tshwanetse jaanong ra nna le tsholofelo e e kana kang? (b) Re ka bontsha jang gore re na le ‘dinao tse dintle’?
21 Fa batho ba ga Jehofa ba ba tloditsweng ba ne ba gololwa mo bokgobeng jwa bodumedi jwa Sebabelona, ba ne ba lemoga botlhokwa jo bogolo jwa mafoko a a neng a buiwa ke moperofeti wa Modimo: “Gonne ga lo ketla lo cwa ka potlakō, le gōna ga lo ketla lo tsamaea ka go tshaba: gonne Yehofa o tla lo ètèlèla pele; Modimo oa Iseraela o tla nna tshimèga ea lona.” (Isaia 52:12) Gompieno, “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” tsa Morena le bone ba ipela gape mo kgololong eno. Baboledi botlhe ba ba ikanyegang ba Bogosi ba ba 2 501 722 ba na le tsholofelo e e tletseng ya gore Jehofa o tla tswelela go ba etelela pele, le gore o tla nna tshimega ya bone, go fitlha le go kgabaganya ntwa ya makgaola-kgang ya Hara-Magedona. (Tshenolō 16:13-16) Ka gone, lona basupi ba Modimo wa boammaaruri, Jehofa, “pōnyègañ ka boitumèlō, lo ōpèlè mmōgō!” A ‘dinao tsa lona tse dintle’ di lo itlhaganedise ka pele mo go utlwatseng mafoko a a molemo a sengwe se sentle, ka go bo “Modimo oa gago oa busa!”—Isaia 52:7-9.
O ka arabelang jang tse di latelang?
◻ Jehofa o tlhomeletse batho ba gagwe jang go ‘duduetsa ka kutlwano’?
◻ Ke ka ditsela dife tse di tlhamaletseng tse re ka bontshang kanaanelo bakeng sa dimakasine tsa rona?
◻ Rotlhe re ka dirisa jang ka botlalo dikgatiso tsa bosheng tsa thuto?
◻ Re tshwanetse ra arabela jang kgakololong le kgothatsong ya ga Isaia 52:11, 12?