Tora ya Tebelo E Simolola
Ka July 1879 tokololo ya ntlha e ne ya re: “Jaaka leina la yone le supa, e ikaelela go lebela pele dikgang tsotlhe tse di kgatlhisang le tse di ka solegelang molemo tse di ka itsisiweng ‘lecomanyane.’” Gompieno, Tora ya Tebelo e neela dijo tsa semoya le go “boidiidi yo bogolo” jwa batho ba ba pelo e phepa bao ba lebeletseng pele go bona botshelo jo bo sa khutleng gona mono lefatsheng.—Luke 12:32; Tshenolō 7:9-17.
Ereka palo ya kgatiso ya Tora ya Tebelo e oketsegile jalo le palo ya dipuo tseo e tlhagang ka tsone e oketsegile le yone. Gompieno, dipuo tseno tsotlhe di 102. Dipego di bontsha gore dipeeletso tse disha tsa Tora ya Tebelo le makasine o o tsamaisanang le yone, Awake!, di oketsegile ka mo go tlhomolosegileng mo dingwageng tse 70 tse di fetileng. Jalo le go abiwa ga dikaelo ka bongwe mo tshimong go oketsegile. Dipalo dingwe tse di gone ke tseno:
Ngwaga Dipeeletso tse Disha Dimakasine tse di Tsamaisitsweng
1914 2 146 95 913
1944 292 258 9 293 913
1964 1 551 486 121 055 165
1984 1 812 221 287 358 064
Jaanong re filtlhelela kgatelo-pele e nngwe mo historing ya Tora ya Tebelo ya dingwaga di le 105—go gatisiwa ga yone ka nako e le nngwe ka dipuo tse di fetang 20. Ke kgolo e e itumedisang eleruri! Ekete Jehofa a ka tswelela go dirisa makasine ono ka maatla mo go itsiseng Bogosi jwa gagwe ka Keresete Jesu.
[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Swedish
Danish
Norwegian
Finnish
Sepotokisi
Sejeremane
Sepedi
Sesotho
Setsonga
Sezulu
Setswana
Sevenda
Sexhosa
Cibemba
Sedatšhe
Sefora
Sepanishi
Setadiana
Seburu
Sejapane